Go Sekisiwa ga Baikeodi Kwa Mexico—Go Nnile Teng Jang?
AKANYA fela o le fa pele ga kgotlatshekelo ya bodumedi e e go pateletsang gore o dumele dithuto tsa bodumedi joo. Ga o itse yo o go latofatsang kana se o latofadiwang ka sone. Go na le gore ba go bolelele, o patelediwa go tlhalosa dilo ka tsela e e tla ba nayang lebaka la go bo ba go tshwere, go tlhalosa gore o akanya gore ke eng se o latofadiwang ka sone le gore ke mang yo o go latofatsang.
Nna kelotlhoko fa o araba—o ka nna wa iphitlhela o ipone molato ka selo se o sa latofadiweng ka sone mme o itsenya mo kotsing le go feta! Gape o ka tloga wa dira gore batho ba ba sa amaneng ka gope le kgang e o latofadiwang ka yone ba nne kgatlhanong le wena.
Fa o sa bolele molato wa gago, o ka nna wa utlwisiwa botlhoko ka go kgangwa ka metsi. Kana ba ka nna ba golega maoto le matsogo a gago mo tafoleng ya pogisetso go fitlha o utlwa botlhoko thata. Kgotlatshekelo e setse e gapile dilwana tsa gago, mme e bile gongwe ga o ne o tlhola o di bona. Dilo tseno tsotlhe di dirwa mo sephiring. Fa o ka bonwa molato, o ka nna wa lelekwa mo nageng ya gaeno kana wa fesiwa ka molelo o ntse o tshela.
Mo lekgolong leno la bo20 la dingwaga, go ka nna thata gore o dumele gore go kile ga nna le bosetlhogo jo bo jaaka jono jo bo neng bo dirwa ke bodumedi. Lefa go ntse jalo, masetlapelo a a ntseng jalo a ne a direga makgolo a dingwaga a a fetileng kwa Mexico.
“Go Sokolola” Batho Ba Ba Tsaletsweng Koo
Ka nako ya fa se jaanong e leng Mexico se ne se gapiwa ke Spain mo lekgolong la bo16 la dingwaga, se ne sa gapiwa gape le ka bodumedi. Batho ba ba tsaletsweng koo ba ne ba sokololwa fela ka gore go fetolwe melao ya setso sa bone le ngwaokobamelo ya bone e re ka baruti ba bantsi ba Katoliki ba ne ba sa itshwenye thata ka go ba ruta Baebele. Ba ne ba sa tseye matsapa a go ithuta puo ya batho ba ba nnang koo kana go ba ruta Selatine, se se neng se dirisiwa go ruta dithuto tsa bone tsa bodumedi.
Lefa go ntse jalo, batho ba bangwe ba ne ba akanya gore Baindia ba ne ba tshwanetse go rutwa bodumedi. Lefa go ntse jalo, bangwe bone ba ne ba na le mogopolo o o tshwanang le wa ga Moitlami Domingo de Betanzos, yo go ya ka Richard E. Greenleaf mo bukeng ya gagwe ya Zumárraga and the Mexican Inquisition, a neng a “dumelana le gore Baindia ba se ka ba rutiwa Selatine ka gonne seno se ne se tla dira gore ba lemoge kafa baruti ba neng ba sa itse sepe ka teng.”
Go Sekisiwa ga Baikeodi Ba Ba Tsaletsweng Koo
Fa batho ba ba tsaletsweng kwa Mexico ba ne ba gana bodumedi jono jo bosha, go ne go twe ke baobamedi ba medimo ya disetwa mme ba ne ba bogisiwa setlhogo. Ka sekai, mongwe wa bone o ne a itewa dithupa di le lekgolo phatlalatsa ka gonne a ne a obamela medingwana ya seheitene ya disetwa e a neng a e fitlhile kafa tlase ga modingwana wa sesetwa wa Labokeresete a dira e kete o obamela ono wa “Sekeresete.”
Kafa letlhakoreng le lengwe, Don Carlos Ometochtzin, kgosi ya kwa Texcoco e bile e le morwakgosi Netzahualcóyotl, wa Ba-Aztec, o ne a tlhasela kereke ka go e kgala. Greenleaf o tlhalosa gore “Don Carlos o ne a kgopisa Kereke ka gonne a ile a rerela batho ba ba tsaletsweng koo ka ditiro tse di maswe tse baruti ba neng ba di dira.”
E ne ya re fa Moitlami Juan de Zumárraga, yo e neng e le mosekisi ka nako eo, a utlwa ka seo, a laela gore Don Carlos a tshwarwe. Don Carlos o ne a fisediwa mo koteng ka November 30, 1539 ka ntlha ya go pegwa molato wa gore “ke moikeodi yo o rutang dikgopolo tsa gagwe.” Batho ba koo ba bangwe ba ne ba otlhaiwa ka gonne go ne go twe ke baloi.
Go Sekisiwa ga Baikeodi Ba Batswakwa
Batswakwa ba ba neng ba nna kwa Mexico ba ba neng ba gana bodumedi jwa Katoliki ba ne ba latofadiwa ka gore ke baikeodi, Malutere, kana babueledi ba tumelo ya Sejuda. Bangwe ba ba neng ba dirwa jalo ke lelapa lengwe la Bapotokisi loora Carvajal. Mo e ka nnang botlhe fela ba ne ba ketekiwa ke Kgotla E E Sekisang Baikeodi ka ntlha ya go pegwa molato wa gore ba ne ba dira dilo tsa bodumedi jwa Sejuda. Katlholo eno e e latelang ya mo lelapeng leo e bontsha kafa dilo di neng di le maswe ka teng: “[Ke] atlhola gore Doña Mariana de Carvajal yono a . . . tsenngwe mo garrote [selo se se dirisiwang go kgama motho] go fitlha a swa, morago ga moo a latlhelwe mo kgabong ya molelo go fitlha a sala e le molora fela gore ope a se ka a tlhola a bo a mo gopola.” Go ne ga nna fela jalo.
Fa motswakwa mongwe fela a ne a gwetlha moruti, o ne a sekisiwa. Monna mongwe yo o bidiwang Don Guillén Lombardo de Guzman o ne a latofadiwa ka gore o lwela kgololesego ya batho ba Mexico. Lefa go ntse jalo, Holy Office yone e ne ya re o sekisediwa gore ke molepadinaledi le gore ke moikeodi wa lekoko la ga Calvin. Ka nako ya fa a tshwerwe o ne a nna setsenwa. Kgabagare o ne a tshubiwa ka molelo a le mo koteng ka November 6, 1659.
Buka ya Inquisition and Crimes, ya ga Don Artemio de Valle-Arizpe, e tlhalosa tiragalo eo jaana: “Ba ne ba golega balatofadiwa bao, ba ba golegela mo koteng ka tshipi mo thamong go dikologa mometso. . . . Namane e tona ya molelo o o boitshepo e bo e simolola go kuelela e tlhakane le mosi. Don Guillén . . . o ne a lepelela mme tshipi e e neng e mo golegile mo thamong e ne ya mo kgama, mmele wa gagwe ka iketlo wa komediwa ke molelo ono o o boitshegang. O ne a swa jalo morago ga go fetsa dingwaga di le lesomesupa a ntse a bogisiwa setlhogo e bile a tsenngwa mo dikgolegelong tse di lefifi tsa Holy Office. Molelo ono o o boitshegang o ne wa swa ka iketlo, dikgabo tsa one di fokotsega mme fa di sena go tima go ne go sala fela magala a mahibidu a lala a tuka bosigo.”
Go Ne ga Tlhongwa “Holy Office”
Jaaka fa go setse go boletswe, batho ba le bantsi ba ba tsaletsweng kwa Mexico le ba ba tsaletsweng go sele ba ne ba otlhaiwa mme bangwe ba ne ba bolaelwa gore ba tshwaya diphoso kana ba gana go amogela bodumedi jo bosha. Seno se ne sa dira gore baruti le bobishopo ba tlhame dikgotla tse di sekisang baikeodi. Lefa go ntse jalo, Mojenerale wa ntlha wa Kgotla E E Sekisang Baikeodi, Don Pedro Moya de Contreras, o ne a tla go tlhoma Tribunal of the Holy Office of Inquisition semolao kwa Mexico ka 1571 a tswa kwa Spain. Kgotla eno e ne ya tlogela tiro eno ya yone ka 1820. Ka gone, batho ba ba neng ba gana bodumedi jwa Katoliki ba ne ba sotliwa, ba ketekiwa le go bolawa ka dingwaga di ka nna makgolo a le mararo go tloga ka 1539.
Fa mongwe a ne a pegwa molato mongwe, o ne a ketekiwa go fitlha a ipolela molato. Kgotla e ne e mo laela gore a bolele gore o tlogela ditiro tsotlhe tsa gagwe tse di kgatlhanong le Bokatoliki mme a bo a dumele dithuto tsa kereke eno. Molatofadiwa o ne a gololwa fela fa a ne a ka supa gore ga a na molato, fa go sa bonwe bosupi bope jwa gore o dirile molato oo, kana, sa bofelo, fa e le gore o ipone molato a bo a ikwatlhaya. Mo ntlheng eno ya bofelo, o ne a kwadisiwa pego ya gore o tlhoile molato o a o dirileng e bile o ikaeletse go baakanya se a se dirileng mme e bo e balelwa batho phatlalatsa. Go sa kgathalasege gore seemo ke sefe, o ne a gapelwa dilwana tsa gagwe e bile a duedisiwa madi a a kwa godimo. Fa a ne a fitlhelwa a le molato, o ne a isiwa kwa balaoding ba puso gore a otlhaiwe. Gantsi go ne go felela ka gore a fisediwe mo koteng, a santse a tshela kgotsa fela fa a sena go bolawa.
Go ne go phuthiwa batho ba bantsi gore ba tle go utlwa katlholo ya gago e balwa phatlalatsa. Go ne go itsisiwe mo motsemogolong otlhe gore batho ba itse gore seno se tlile go direga leng le gone kae. Mo letsatsing leo, balatofadiwa ba ne ba ntshiwa mo dikgolegelong tsa Tribunal of the Holy Office ba apesitswe sambenito (seaparo se se senang mabogo), ba tshwarisitswe dikhantlele ka diatla, ba golegilwe ka kgole mo thamong, ba rwesitswe coroza (hutshe e e setlopo). Morago ga gore go balwe dilo tse ba leofetseng tumelo ya Katoliki ka tsone, ba ne ba bolelelwa katlholo tsa bone ka go latelana.
Batho ba le bantsi ba ne ba bonwa molato le go otlhaiwa ka tsela eno ka ntlha ya bodumedi. Batho ba ba neng ba tlile go leba jaaka fa balatofadiwa ba bolaelwa mo dikoteng ba ne ba kgona go bona bosetlhogo le letlhoo la baruti.
Go Nna Kgatlhanong le Bokeresete ka Tlhamalalo
Keresete Jesu o ne a laela balatedi ba gagwe gore ba sokololele batho mo Bokereseteng jwa boammaaruri. O ne a re: “Ke gone tsamayang, lo dire merafe yotlhe barutwa, lo ba kolobetse mo ineng la Rara, le la Morwa, le la Mowa o o Boitshepo. Lo ba rute go tlhokomela dilo tsotlhe tse ke di lo laoletseng.”—Mathaio 28:19, 20.
Lefa go ntse jalo, Jesu ga a ka a re batho ba sokololwe ka dikgoka. Go na le moo, Jesu o ne a re: “Le fa e le bomang ba ba se ketlang ba lo tshola, le fa e le go reetsa mafoko a lona, e re lo tswa mo ntlong eo, kgotsa mo motseng oo, lo itlhotlhore dithole mo dinaong tsa lona.” (Mathaio 10:14) Modimo Mothatayotlhe, Jehofa ke ene yo o tla atlholang batho bano ka motlha wa bofelo, mme Bakeresete bone ga ba kitla ba nna le seabe sepe mo go yone.
Kwantle ga pelaelo, dilo tse di neng di laotswe ke Kgotla E E Sekisang Baikeodi mo lefatsheng di ne di le kgatlhanong le melaometheo ya Bokeresete.
Tsela e batho ba madumedi a a farologaneng ba amogelanang ka yone gone jaanong kwa Mexico e letla batho go itlhophela tsela e ba batlang go obamela Modimo ka yone. Lefa go ntse jalo, batho ga ba kitla ba bo ba lebala makgolo a dingwaga a se se bidiwang Kgotla E E Boitshepo E E Sekisang Baikeodi ya Kereke ya Katoliki kwa Mexico.