Kereke ya Katoliki ya Kwa Spain—E Dirisa Maatla ka Tsela E E Setlhogo
“Fa o na le maatla a magolwane, tsela e e setlhogo e o a dirisang ka yone le yone e gola fela jalo.”—Edmund Burke.
MONNA yo o neng a na le maatla a magolo go gaisa botlhe kwa Yuropa mo lekgolong la bo-16 la dingwaga e ne e le Philip II, yoo e neng e le kgosi ya Spain ya Bokatoliki. Mafatshe a mantsi ao a neng a a busa, “ao letsatsi le neng le seka le phirima mo go one le ka motlha ope,” a ne a simologa kwa Mexico go ya go fitlha kwa Philippines, go tloga kwa Netherlands go ya go fitlha kwa Cape of Good Hope.
Mme lefa go ntse jalo dilo tseo a neng a tlhoafaletse go di fitlhelela e ne e le tsa bodumedi eseng tsa sepolotiki—eleng go femela Bokatoliki mo Yuropa le go anamisa tumelo eo mo mafatsheng otlhe ao a neng a a busa. Ereka a ne a godisitswe ke baruti, o ne a tlhatswegile pelo gore Kereke ya Katoliki e ne e le yone eo e neng e tla re kgabagare e nne kago ya phemelo ya mmuso wa gagwe le ya tlhabologo ka boyone. Mo godimo ga tsotlhe, o ne a tlhotlhelediwa thata ke kereke.
Gore a tsweletse maikaelelo a Bokatoliki pele, o ne a segofatsa mekgwa e e setlhogo eo e neng e dirisiwa ke Kgotla-Tshekelo E E Lwantshang Boikeodi; o ne a lwa kgatlhanong le Maporotesetanta kwa Netherlands le kgatlhanong le “batho ba eseng badumedi” ba Turkey kwa Mediterranean; o ne a nyala Mary Tudor a sa rate, ebong kgosigadi ya Moesemane eo e neng e lwala, ka maiteko ao a neng a itaya se fololetse a gore a mo neye moruaboswa wa Mokatoliki; morago ga moo o ne a romela mophato wa sesole o o bidiwang Armada oo “go neng go sena yo o neng a ka o fenya” oo lefa go ntse jalo o neng wa seka wa bona katlego a o romela gore o ye go golola Engelane ka kgang mo Boporotesetanteng; mme ka nako eo a suleng ka yone o ne a tlogela naga ya gagwe e wetswe ke lehuma—go sa kgathalesege gauta e e seng kana ka sepe eo e neng e tshelwa mo go yone go tswa kwa dikoloning.
Kgotla-Tshekelo E E Lwantshang Boikeodi—Makgolo a Mararo a Dingwaga tsa Kgatelelo
Yo o neng a latela kgosi, yo e neng e le monna yo o neng a na le maatla a magolo go ba feta botlhe kwa Spain e ne e le mosekisi-mogolo wa kgotla-tshekelo e e lwantshang boikeodi. Tiro ya gagwe e ne e le go dira gore Bokatoliki jwa Spain bo seka jwa itshekololwa mme bo tsamaisane le thuto ya bodumedi joo. Bao ba neng ba sa tsamaisane le thuto ya bodumedi joo ba ne ba sa tswe molomo ka dikgopolo tseo tsa bone kana ba ne ba tshela molelwane, go ikaegile ka gore badiredi ba Kgotla-Tshekelo E E Lwantshang Boikeodi e seka ya ba bona pele ga ba dira jalo. Mongwe le mongwe, gongwe kwantle ga kgosi fela, o ne a le mo kotsing ya go ka gobadiwa ke maatla a Kgotla-Tshekelo eno E E Lwantshang Boikeodi le go ka sotliwa ke yone—tota le eleng setlhopha se se busang sa baruti ba Katoliki le sone se ne se sa ikanngwe.
Mobishopo-mogolo wa Toledo o ne a tsenngwa mo kgolegelong ka dingwaga di le supa go sena bosupi bope jo bo kalo, go sa kgathalesege go bo bomopapa ba ile ba bontsha go nna kgatlhanong le seo kgapetsa kgapetsa. Go ne go sena ope kwa Spain yo o neng a ka ipeta pelo mme a mmuelela. Go ne go bolelwa gore ‘go botoka fa motho yo o senang molato a ka atlholwa go na le gore Kgotla-Tshekelo eo E E Lwantshang Boikeodi e tlontlololwe.’
Kgotla-Tshekelo eno E E Lwantshang Boikeodi e ne ya pata bathopi go ya kwa dikoloning tsa Spain tsa kwa Dinageng Tse Di Kopaneng tsa Amerika. Ka 1539, dingwaga di sekae fela morago ga go senwa go gapiwa Mexico, kgosi ya Aztec ebong Ometochtzin o ne a latofadiwa ka gore o obamela medimo ya disetwa, bosupi jwa seo bo tswa mo ngwaneng wa gagwe wa mosimane yo o nang le dingwaga di le lesome. Go sa kgathalesege boikuelo jwa gagwe jwa gore a fiwe kgololesego ya segakolodi, o ne a atlholelwa loso. Kwa dikoloning, fela jaaka fa go ne go ntse kwa Spain, go ne go ilediwa gore Bibela e nne gone ka dipuo tseo di buiwang koo. Jerónimo López o ne a kwala jaana ka 1541: “Ke phoso e e diphatsa go gaisa tsotlhe go ka ruta Ma-India saense mme ebile ke phoso e e diphatsa go feta moo go ka tsenya Bibela . . . mo diatleng tsa bone. . . . Re latlhegetswe ke batho ba le bantsi mo Spain mono ka yone tsela eo.”
Ka dingwaga di le makgolo a le mararo Kgotla-Tshekelo eno E E Lwantshang Boikeodi e ne ya nna e disitse Spain le mafatshe otlhe ao a neng a busiwa ke Spain gore a seka a rokgonyega le go rokgonyega go fitlhelela kgabagare e felelwa ke madi le ke batho ba e ka sotlang ka bone. Mme ereka e ne e sena batho ba ba dirileng molato, bao ba neng ba patelesega go duela madi a a kwa godimodimo, thulaganyo eno yotlhe e ne ya phutlhagana.a
Setsuatsue sa Diphetogo
Erile fa Kgotla-Tshekelo E E Lwantshang Boikeodi e ne e sena go wa, Spain ya lekgolo la bo-19 la dingwaga e ne ya nna le go gola ga moya wa kgololesego le go wela tlase ga maatla a Katoliki. Mafatshe a kereke—go tla go fitlha ka nako eo a ne a bopa nngwe-tharong ya lefatshe lotlhe le le lengwang—a ne a tsewa ka dikgoka ke dipuso ka go latelana ga tsone. Ka bo-1930, tonakgolo ya bososhialise ebong Azaña o ne a bolela jaana: “Spain ga e tlhole e le ya Bokatoliki,” mme puso ya gagwe e ne ya agela mafoko ao a gagwe mosako.
Kereke e ne ya kgaoganngwa gotlhelele le Mmuso, mme madi ao go neng go thusiwa baruti ka one a ne a nyelediwa. Thuto ya sekolo e ne ya tshwanela gore e seka ya tlhola e nna le bodumedi kafa gare, mme ebile go ne ga simololwa go nyadisiwa ke molao le go tlhadisiwa ke one. Mokadinale Segura o ne a utlwisiwa botlhoko ke ‘petso eno e e botlhoko’ mme o ne a boifa gore a morafe o ne o tla tswela pele o le gone. Go ne go lebega Bokatoliki bo ne bo se kake jwa tila go wa ga jone fa, ka 1936, morafe o ne o tlhaselwa ke go tsosa dikhuduego ga mophato wa sesole.
Ntwa ya Selegae—Mokgatlho O O Setlhogo wa go Tlhabanela Tumelo
Baeteledipele ba mophato wa sesole bao ba neng ba di goga kwa pele mo go menolweng goo ga puso ba ne ba tlhotlhelediwa ke dikakanyo tsa sepolotiki, mme ka bonako ntwa eo e ne ya nna ya bodumedi. Mo dibekeng di sekae fela dikhuduego tseo di sena go simologa, kereke, eo maatla a yone a neng a setse a digilwe ke molao o o neng o sa tswa go tlhongwa, ka bonako fela e ne ya iphitlhela e le yone e tlhaselwang mo mafelong a le mantsi ka bogale.b Baruti ba le diketekete le baitlami ba ne ba bolawa ke baganetsi bao ba neng ba sa batle go utlwa sepe ba mophato wa sesole o o neng o menola puso, bao ba neng ba tsaya kereke ya Spain jaaka selo se le sengwe fela le bokgokgontshi. Dikereke le mo baitlami ba nnang teng di ne tsa thopiwa le go jewa ka molemo. Mo dikarolong dingwe tsa Spain, go apara seaparo sa moruti fela go ne go lekane go ka dira gore go saenelwe gore motho a atlholelwe loso. Go ne go ntse jaaka ekete o ka re modingwana wa Kgotla-Tshekelo E E Lwantshang Boikeodi o ne o boile go tswa kwa lebitleng gore o tle go tsaya bana ba one botlhe.
Erile fa kereke ya Spain e lebana le bothata jono, ya boela gape ya retologela mo mebusong ya lefatshe—mo lekgetlong leno e ne ya retologela mo masoleng—gore e kgone go ka lwela maikaelelo a yone le gore e busetse morafe mo thutong ya Katoliki. Mme sa ntlha ntwa eo ya selegae e ne e tshwanelwa ke gore e itshepisiwe jaaka “ntwa e e boitshepo,” “batlhabanela-tumelo” ba ba lwelang go femela Bokeresete.
Mokadinale Gomá, mobishopo-mogolo wa Toledo le mobishopo wa Spain, o ne a kwala jaana: “A ntwa ya mo Spain ke ntwa ya selegae? Nnyaa. Ke ntwa ya bao ba senang Modimo . . . kgatlhanong le Spain ya mmatota, kgatlhanong le bodumedi jwa Katoliki.” O ne a bitsa Mojenerale Franco, ebong moeteledipele wa bamenola-puso, a re ke “sedirisiwa se se dirisediwang maikaelelo a Modimo mo lefatsheng.” Bobishopo ba bangwe ba Spain ba ne ba ntsha maikutlo a a ntseng jalo.
Jaaka fa re itse, boammaaruri bo ne bo se motlhofo jalo. Ba le bantsi bao ba neng ba ema le Repaboliki mo ntweng eo le bone e ne e le Makatoliki a a pelo-e-phepa, segolo-bogolo kwa kgaolong ya Basque, eleng yone eo ka tlwaelo Bokatoliki bo neng bo itsetsepetse mo go yone. Ka gone, mo ntweng eo ya selegae go ne ga fitlhelwa Makatoliki a tlhabana le Makatoliki—seo sotlhe se diragala ka ntlha ya Bokatoliki jwa Spain, go ya kafa bobishopo ba neng ba tlhalosa ntwa eo ka gone.c
E ne ya re kgabagare fa matsholo a sesole a ga Franco a ne a tlhasela Diporofense tsa kwa Basque, a ne a bolaya baruti ba le 14 mme ba tsenya ba bangwe ba le bantsi mo kgolegelong. Rramatlhale wa Mofora ebong Jacques Maritain, fa a ne a kwala malebana le ditiro tsa bosetlhogo tse di neng tsa dirwa kgatlhanong le Makatoliki a kwa Basque, o ne a akgela gore “Ntwa E E Boitshepo e ila badumedi bao ba sa e direleng ka tlhoafalo go phala bao eseng badumedi.”
Morago ga dingwaga di le tharo tsa go bogisana setlhogo le tsa tshololo ya madi, ntwa eo ya selegae e ne ya khutla, phenyo e bonwe ke matsholo a sesole a ga Franco. Go ne ga swa batho ba Spain ba tloga go 600 000 go ya go 800 000, bontsi jwa bone e le ka ntlha ya go ipusolosetsa ka bogale ga matsholo a sesole ao a neng a bone phenyo.d Go se letsapa le le mo fisang pelo, Mokadinale Gomá o ne a bolela jaana mo lekwalong lengwe la baruti: “Ga go na ope yo o ka ganelang gore maatla a a dirileng gore ntwa eno e fele ke Modimo ka boone, bodumedi jwa one, melawana ya one, molao wa one, go nna gone ga one, le tlhotlheletso ya one e e nnang e ipoeletsa mo hisitoring ya rona.”
Go tloga ka nako eo Kgotla-Tshekelo E E Lwantshang Boikeodi e neng ya tlhongwa ka yone mo lekgolong la bo-15 la dingwaga go ya go fitlha ka Ntwa ya Selegae ya Spain (1936-39), kwantle ga dipharologanyo di sekae fela, Kereke le Mmuso di ne di na le maikaelelo a le mangwe fela. Kwantle ga pelaelo, kamano eno e e sa itshekang e ne e dirile gore di kgone go fitlhelela dikgatlhego tsa tsone. Lefa go ntse jalo, dingwaga di le makgolo a matlhano tsa maatla ano a nakwana—le go a dirisa ka tsela e e setlhogo goo go neng go tsamaisana le one—di ne di koafaditse taolo ya semoya ya kereke eo fela thata, jaaka fa setlhogo sa rona se se latelang se tla bontsha.
Dintlha tse di kwa tlase
a Motho wa bofelo yo o neng a bonwa molato e ne e le mogokgo wa modimo wa sekolo yo o neng a kalediwa kwa Valencia ka 1826 e le ka ntlha ya gore a ne a dirisitse polelwana e e reng “A go bakwe Modimo” mo boemong jwa e e reng “Bakang Maria” mo dithapelong tsa kwa sekolong.
b Go ya ka pego nngwe ya kereke e e neetsweng ke Canon Arboleya ka 1933, motho yo o berekang o ne a tsaya kereke jaaka karolo ya konokono ya batho ba ba humileng le ya setlhopha sa batho ba ba nang le ditshiamelo bao ba neng ba itirela jaaka fa ba rata ka ene. Arboleya o ne a tlhalosa jaana: “Batho ba le bantsi ba ne ba tshaba kwa Kerekeng ka gonne ba ne ba e tsaya jaaka mmaba wa bone yo mogolo.”
c Baruti bangwe ba Katoliki ba ne ba bo ba lwa le go lwa mo mophatong wa sesole wa ga Franco. Moruti wa kereke wa kwa Zafra, ebong Extremadura, o ne a tumile thata ka bosetlhogo jwa gagwe. Kafa letlhakoreng le lengwe, baruti ba sekae ba ne ba ntsha ngongorego ka bopelokgale kgatlhanong le go bolawa ga batho bao go neng go belaelwa gore ba ema le Repaboliki—mme bobotlana a le mongwe wa bone o ne a bolawa ka ntlha ya lebaka leno. Mokadinale Vidal y Barraquer, yo o neng a leka go nna a itlhaotse mo ntweng eo yotlhe, o ne a patelediwa ke puso ya ga Franco gore a nne kwa a neng a tsheletse molelwane gone go fitlhela a swa ka 1943.
d Ga go kgonagale go ka bona dipalo tse eleng tsone tota, mme dipalo tse di neetsweng ke tse di phopholediwang.
[Lebokoso mo go tsebe 8]
Ntwa Ya Selegae Ya Spain—Dipolelo Tsa Bobishopo
Ka bonako fela morago ga ntwa e sena go runya (1936), Mokadinale Gomá o ne a tlhalosa ntwa eo jaaka ntwa magareng ga “Spain le bao ba leng kgatlhanong le Spain, magareng ga bodumedi le bolatola-Modimo, magareng ga tlhabologo ya Bokeresete le botlhoka-tlhabologo.”
La Guerra de España, 1936-1939, tsebe 261.
Bishopo wa Cartagena o ne a bolela jaana: “Go sego dikanono, fa Efangele e bona katlego mo magagong ao a budilweng ke tsone.”
La Guerra de España, 1936-1939, ditsebe 264-5.
Ka July 1, 1937, bobishopo ba Spain ba ne ba ntsha lekwalo leo ba neng ba le kopanetse leo le neng le bontsha gore Katoliki e eme kae mo ntweng eo ya selegae. Magareng ga dilo tse dingwe, le ne la bolela se se latelang:
“Kereke, go sa kgathalesege moya wa yone wa kagiso, . . . ga e kake ya nna fela e sa kgathalele ntwa. . . . Kwa Spain go ne go sena tsela epe e nngwe ya go ka dira gore go boele go nne le tshiamo, kagiso, le melemo eo e nnang teng ka ntlha ya tsone fa e se ka go dirisa Mokgatlho wa Semorafe fela [eleng matsholo a Bokgokgontshi a ga Franco].”
“Re dumela gore leina Mokgatlho wa Semorafe ke le le tshwanetseng, sa ntlha ke ka ntlha ya moya wa lone, eleng leo le bontshang tsela eo bontsi jwa batho ba Spain ba akanyang ka yone, mme ke yone fela tsholofelo ya morafe otlhe.”
Enciclopedia Espasa-Calpe, tsenyeletso ya ka 1936-1939, ditsebe 1553-5.
Bobishopo ba Katoliki ba kwa dinageng tse dingwe ba ne ba akofa ba ema badiri-ka-bone ba kwa Spain nokeng ba sa tlhole ba re ka moso. Mokadinale Verdier, ebong mobishopo-mogolo wa Paris, o ne a tlhalosa ntwa eo ya selegae a re ke “ntwa magareng ga tlhabologo ya Bokeresete le . . . tlhabologo ya bolatola-modimo,” fa Mokadinale Faulhaber wa kwa Jeremane ene kafa letlhakoreng le lengwe a ne a kgothaletsa Majeremane otlhe gore a rapelele bao ba “lwelang ditshwanelo tse di boitshepo tsa Modimo, gore O neye bao ba lwang mo ntweng [eno] e e boitshepo phenyo.”
Enciclopedia Espasa-Calpe, tsenyeletso ya ka 1936-1939, ditsebe 1556-7.
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
Go tswa mo tikatikweng eno ya moshate o go nnang baitlami mo go one wa kwa San Lorenzo del Escorial, Philip II o ne a busa mafatshe ao a neng a le kafa tlase ga gagwe, “ao letsatsi le neng le seka le phirima mo go one le ka motlha ope”