Kereke ya Katoliki ya Kwa Spain—Maatla le Tshiamelo ya Yone
“Morena ga a tlogelela Petere gore a buse Kereke fela mme gore a buse lefatshe lotlhe.”—Pope Innocent III.
FA INNOCENT III a ne a kwala mafoko ao mo masimologong a lekgolo la dingwaga la bo-13, Kereke ya Katoliki ya dingwaga tsa bogareng e ne e fitlhile kwa setlhoeng sa maatla a yone. Mme e ne e betletswe tsela eo ya go fitlha mo maatleng ao a nakwana ke ditsala tsa yone tsa sepolotiki eseng tsa semoya. Seno se ne se ntse jalo kwa Spain go feta gope go sele.
Kereke ya Spain e ne ya bona maatla ano a go busa mmogo le tshiamelo eno ka go nna seoposengwe le Mmuso.
Go Nna Seoposengwe ga Bodumedi Ke Sedirisiwa Sa Sepolotiki
Ka 1479, morago ga go busiwa ke magosi ao a neng a se seoposengwe ebile a le manathoganyane, mo e ka nnang Spain yotlhe e ile ya nna seoposengwe kafa tlase ga puso ya ga Ferdinand le Isabella. Mme morafe ono o o neng o sa tswa go bopiwa o ne o ka nna seoposengwe jang ka mogopolo le ka boikaelelo? Ferdinand o ne a bona kemonokeng ya kereke. Ka 1478 go ne go ile ga tlhongwa Kgotla-Tshekelo E E Lwantshang Boikeodi e engwe nokeng ke mopapa. Jaanong, ereka e ne e laolwa ke kgosi mme e tsamaisiwa ke kereke, e ne ya itshupa e le nngwe ya dibetsa tse di maatla go gaisa tsotlhe tseo di kileng tsa dirwa di direlwa go thibela go tlhoka kutlwano mo bodumeding le mo dipolotiking. Ereka Makatoliki otlhe a a kolobeditsweng a Spain a ile a ineela ka bonako mo jokweng ya yone, sekgoreletsi se le sengwe fela seo se neng se setse seo se neng se dira gore go seka ga nna le kutlwano e ne e le dimilione di le mmalwa tsa batho ba ba sa kolobediwang—ebong Bajuda le Ba-Moor.
Ka 1492, ka ntlha ya go patelediwa ke Mosekisi-Mogolo wa Kgotla-Tshekelo eo E E Lwantshang Boikeodi ebong Torquemada, Ferdinand le Isabella ba ne ba laela gore Bajuda botlhe bao ba neng ba sa kolobediwa ba lelekiwe mo Spain. Mo dingwageng di le lesome moragonyana ga moo, Ba-Moor botlhe bao ba neng ba gana go fetoga Makatoliki le bone ba ne ba lelekwa. Moruti Bleda o ne a tlhalosa go lelekwa ka kgang gono ga Mamoseleme a re ke “tiragalo e e galalelang go gaisa tsotlhe mo Spain fa e sale go tloga ka motlha wa Baaposetoloi.” O ne a oketsa jaana: “Jaanong kutlwano ya bodumedi e fitlheletswe, mme motlha wa kgatelopele ruri o gaufi le go goroga.” La España Católica (Spain, ya Katoliki) e ne e fetogile selo sa mmatota, mme go bontsha tlotlo mo go seo Mopapa Alexander VI o ne a bitsa Isabella le Ferdinand a re ke “Balaodi-Bagolo ba Katoliki.”
Ereka kutlwano ya bodumedi e ne e fitlheletswe kwa gae, kereke ya Spain e ne ya atolosa melelwane ya yone. Columbus, a tshegediwa ka madi ke mmuso wa Spain, o ne a sa tswa go bona mafatshe a masha le batho ba basha kwa Dinageng Tse Di Kopaneng tsa Amerika. Baruti ba Dominican le Franciscan ba ne ba leba kwa Lefatsheng leo le Lesha ba patilwe ke ba ba thopang, maikaelelo magolo a bone e ne e le gore ba tlise baheitane mo kerekeng gore ba bone tshireletso.
Cortés, eleng ene yo o neng a gapa Mexico, o ne a bolelelwa gore mokgele o mogolo wa loeto lwa gagwe e ne e le gore a direle Modimo le gore a anamise tumelo ya Bokeresete. Go sa kgathalesege seo, o ne a bua boammaaruri fela ka go dumalana jaana: “Ke tletse go batla gauta.” Gongwe bontsi jwa batho bao ba ba thopang ba ne ba na le maikaelelo a a tlhakatlhakaneng, a a tshwanang le ao a neng a bontshiwa ke mongwe wa bone jaana: “Re tletse kwano go tla go direla Modimo mme gape le gore re hume.”
Pele ga batho bano ba ba thopang ba thopa kgaolo e e rileng, ba ne ba ba balela lekwalo lengwe le le rileng kwa godimo leo le neng le na le setlhogo se se reng Los requisitos—ba le balela kwa godimo jalo baagi ba kgaolo eo ba utlwa kana ba sa utlwe—leo go ya ka lone baagi ba kgaolo eo go neng go batlega gore ba amogele ntlha ya gore kereke e busa lefatshe lotlhe le gore kgosi ya Spain e ne e le moemedi wa yone. Fa o ne o ka gana go amogela seo go ne go lekane gore go tsewe gore go dirisa masole go fetola kgaolo eo gore e nne kolone ke “ntwa e e siameng.”
Go ne ga kolobediwa baagi ba le dimilionemilione, ba le bantsi ba bone ba ne ba kolobediwa ka bonako fela morago ga ba sena go gapiwa. Morago ga moo, baperesiti le baruti ba ne ba dirisana mmogo le dikgosi tsa Spain mo go buseng dikoloni tseo. Fela jaaka fa rrahisitori wa kereke ebong Paul Johnson a ne a akgela jaana: “Kereke ya Katoliki e ne e le lefapha la puso ya Spain, mme e ne e ntse jalo segolo-bogolo mo Dinageng Tse Di Kopaneng tsa Amerika. . . . Jaaka tuelo ya yone, Kereke e ne ya batla gore e sirelediwe, e nne le tshiamelo, le gore mmuso-mogolo o ineele mo tumelong ya kereke eo o sa reketle.”
Ka gone, fa lekgolo la dingwaga la bo-16 le ne le fela, kereke ya kwa Spain e ne e fetogile kereke ya morafe e e maatla go di gaisa tsotlhe mo go La-Bodumedi. Go ne go utlwiwa ka yone fela go ralala Spain yotlhe le mo karolong e kgolo ya Lefatshe le Lesha. Mme lefa go ntse jalo maatla ao le tshiamelo tseo e neng e na le tsone e le nosi kwantle ga pelaelo a ile a dira gore e a dirise ka tsela e e setlhogo thata go feta mo mafatsheng a mangwe.
[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 5]
“Re tletse fano go tla go direla Modimo mme gape le gore re hume”