Kereke ya Katoliki ya kwa Spain—Ke Ka Ntlhayang Fa e Tsogetswe ke Mathata?
“Ba jadile phefo, mme ba tla roba setsokotsane.”—Hosea 8:7, “The Jerusalem Bible.”
KA MAY 20, 1939, kwa kerekeng ya Santa Bárbara, Madrid, Mojenarale Franco o ne a neela Mobishopo-Mogolo Gomá, ebong mobishopo yo o okametseng Spain yotlhe, lerumo la gagwe leo a neng a bone phenyo ka lone. Mophato wa sesole le kereke di ne tsa ipelela phenyo eo mmogo eo mopapa a neng a e tlhalosa gore ke “phenyo eo Katoliki e neng e e batla.” Ntwa ya selegae e ne e fedile, mme go ne go bonala dilo di simolola go tsamaela Bokatoliki jwa Spain sentle gape.
Ereka kereke e ne e fentse e ne ya amogela tshegetso ya madi a a boitshegang go tswa mo Mmusong, e ne ya nna yone e laolang thuto ya sekolo, mme gape e ne ya neelwa maatla a se kana ka sepe a go tlhatlhoba dilo dipe fela tse di gatisiwang tseo di sa tlhotlheletseng Bokatoliki jwa bomorafe. Mme lefa go ntse jalo botlhabanela-tumelo joo jo bo neng bo tlhakantse sesole le bodumedi bo ne jwa jala dipeo tsa go wa ga kereke eo.
Mo matlhong a batho ba le bantsi ba Spain, kereke eo e ne e nnile le seabe mo dipogisong tse di setlhogo tse di neng di dirwa ke matsholo a sesole ao a neng a bone phenyo. Ke boammaaruri, mo dingwageng tse di neng tsa latela ka bonako fela morago ga ntwa, bontsi jwa baagi ba ne ba ya Mmiseng. Gore motho a bone tiro kana gore a tlhatlosiwe kwa tirong, go ne go le botlhale gore a nne Mokatoliki yo o molemo. Mme lefa go ntse jalo a tumelo ya boammaaruri e ne e patelediwa ka matsholo a a tlhometseng ka dibetsa le ka go gatelelwa ke dipolotiki?
Dingwaga di le masome a mane morago ga moo, metseletsele ya mathata e ne e tlile go araba potso eo.
Bothata mo Tumelong: Ka 1988 e ne e le batho ba le 3 fela mo go ba le 10 kwa Spain bao ba neng ba dirisa bodumedi jwa Katoliki ka metlha, mme batho ba le bantsi ba ne ba itsaya jaaka bao “ba sa tlholeng ba rata bodumedi go le kalo go na le jaaka fa ba ne ba ntse mo dingwageng di le lesome tse di fetileng.” Patlisiso, eo e neng e direlwa El Globo, eleng lekwalopaka la Spain le le tswang beke le beke, e ne ya bontsha gore lemororo bontsi jwa batho ba Spain ba dumela mo Modimong, ba ba kwa tlase ga sephatlo ba bone ba dumela gore go na le botshelo morago ga loso. Se se gakgamatsang go fetisa ke gore go ne ga lemogiwa gore ba ba kana ka 10 lekgolong ba bao ba neng ba ipitsa Makatoliki ba ne ba bolela gore ga ba dumele gore Modimo ke motho.
Bothata mo Tirong ya Boruti: Pele Spain e ne e romela baruti kwa dikhutlong tse nne tsa lefatshe. Mo dingwageng di le masome a mararo tse di fetileng, ba le 9 000 ba ne ba tlhomamisiwa jaaka baruti ka ngwaga mongwe le mongwe. Jaanong, palo eo e wetse tlase go ya go ba le sekete, mme dikolo di le dintsi tsa baruti di dutse fela di sena tiro. Ka ntlha ya seo, palogare ya dingwaga tsa bogodi tsa baruti ba Spain e a oketsega—16 lekgolong ya bone jaanong ba na le dingwaga tse di fetang 70, mme ke ba le 3 lekgolong fela ba bone bao ba nang le di le kafa tlase ga 30.
Bothata jwa go Tshegediwa ka Madi: Molaotheo o mosha wa Spain o kgaoganya Kereke le Mmuso. Pele, Mmuso o ne o thusa Kereke ya Katoliki ka madi a a seng kana ka sepe kwantle ga mathata ape. Puso ya gone jaanong e simolotse thulaganyo e ntšha eo mo go yone karolonyana e nnyane ya madi a motho a lekgetho e abelwang kereke kana sengwe sa selegae se se tshwanelwang ke seo, go ikaegile ka se motho yo o ntshang lekgetho a se ratang. Se se gakgamatsang ke gore, ke a le 1 fela mo bathong bangwe le bangwe ba le 3 ba ba ntshang lekgetho ba Spain yo o ratang gore madi a gagwe a amogelwe ke kereke. Eno e ne e se tiragalo e e jesang di welang mo balaoding ba Katoliki, bao ba neng ba solofetse gore mo e ka nnang palo eo gabedi e tla re “lekgetho [leno] la bodumedi” le ye kwa kerekeng. Seo se bolela gore kereke e e kgonang go itshegetsa ka boyone ka madi e sale kgakala le go tla.
Fa e le ga jaanong gone, go lebega puso e tla tshwanelwa ke gore e nne e tshegetse kereke ka madi a a kana ka diranta di le dimilione di le 312 ka ngwaga e tswa e sa rate. Ga se Makatoliki otlhe ao a itumelelang boemo jono. Moruti mongwe wa Spain, ebong Casiano Floristán, o ne a tlhalosa gore “kereke e e sa amogeleng meneelo e e lekaneng go tswa mo go ba ba ikanyegang ba yone ga e na ba ba ikanyegang kana ga se kereke.”
Bothata jwa go Nna Boikobo: Bothata jono bo ama baruti gammogo le batho fela ba ba tsenang kereke. Baruti le baithuta-bomodimo bao ba sa leng basha gantsi ba tshwarega mo dikgannyeng tsa loago go feta kafa ba tshwaregileng ka gone mo dikgannyeng tsa bodumedi. Ditshekamelo tsa bone tsa “go batla gore go nne le diphetogo” ga di tsamaisane le tsa setlhopha se se busang sa baruti ba Spain seo se sa batleng go utlwa sepe ka diphetogo gammogo le tsa Vatican. Sekai sa seno ke José Sánchez Luque, yo eleng moruti yo o tswang kwa Málaga, yo o ikutlwang gore “Kereke ga se yone fela e itseng boammaaruri e le nosi” le gore e tshwanetse ya “dira gore baagi ba bo tlwaele, mme e sa dire gore ba utlwe ka yone fela.”
Makatoliki a le mantsi a Spain a akanya jalo—ke nngwe-tharong fela ya Makatoliki a Spain bao ba dumalanang ka kakaretso le seo mopapa a se bolelang. Mme ebile setlhopha se se laolang sa baruti ba Spain sone ga se lebiwe ka tsela e e molemo le eleng go feta foo. Mo Makatoliking ao a ileng a botsolodiwa mo potsolotsong ya bosheng jaana, nngwe-nneng ya bone ba ne ba tlhalosa gore “ga ba kgathalele” bobishopo, mme 18 lekgolong yone e ne ya bolela gore gone tota ga ba ba tlhaloganye.
“Go Rerelwa Efangele Sesha”
Ereka bobishopo ba Spain ba lebane le boemo jono jo bo boifisang, ka 1985 ba ile ba gatisa metseletsele e e sa tlwaelegang ya maipobolo. Magareng ga tse dingwe ba ne ba dumalana gore:
“Re ile ra fitlha seo tota Modimo o leng sone
go na le gore re se senole.”
“Gongwe re ile ra golega Lefoko la Modimo.”
“Ga se botlhe ba rona bao ba ileng ba tlhalosa
molaetsa wa ga Jesu o o sa tswakwang le sepe.”
“Ga re a ka ra ikanya Modimo go le kalo mme re ile ra
ikanya thata mo mebusong ya lefatshe leno.”a
Bobishopo gape ba ile ba dumalana gore naga eo e ntse e nnela e e ratang lefatshe go ya pele, kana e e sa kgathaleleng bodumedi go ya pele. Ba ne ba akantsha gore Spain e “rerelwe efangeli sesha.” Lefa go ntse jalo, ke ba sekae fela bao ba ileng ba reetsa boikuelo joo jwa bone. Bahumagatsana bangwe ba le babedi ba Makatoliki bao ba neng ba ya ka ntlo le ntlo ba ne ba nna le sengwe seo se ileng sa ba gakgamatsa. Ba ne ba dirisa nako e ntsi ba tlhalosetsa beng ba matlo gore ga se Basupi ba ga Jehofa go feta eo ba e sentseng ba neela molaetsa wa bone wa Katoliki.
Seno ga se a tshwanela go bo se ne se gakgamatsa, ka gonne Basupi ba ga Jehofa ba sentse dioura tse di fetang dimilione di le 18 ngogola ba etela magae a batho ba Spain ba rera efangeli mo morafeng otlhe ka tsela ya mmatota. Basupi botlhe—fela jaaka go ne go ntse ka Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga—ba ikutlwa ba tshwanela gore ba “dire tiro ya moefangeli.” (2 Timotheo 4:5, Revised Standard Version, Tokololo ya Katoliki) Mme lemororo ba ka nna ba fitlhela batho ba le bantsi ba sa kgatlhegele kereke ka gope, efangele, kana mafoko a a molemo a a leng malebana le Bogosi jwa Modimo, ao ba a neelang batho ga a reediwe ke bontsi.
Monna mongwe yo o tsofetseng yoo ba ileng ba kopana le ene e ne e le Benito. Fa ntwa ya selegae e ne e runya, o ne a iphitlhela a le mo lefelong leo le leng kafa tlase ga masole a a menolang puso. O ne a patelediwa gore a kwadise jaaka lesole, mme lefa go ntse jalo mo pelong ya gagwe o ne a ikutlwa gore go ne go le phoso gore a tseye dibetsa. O ne a gana go dumela gore e ne e le “ntwa e e boitshepo.” Mo boemong jwa gore a bolaye mong-ka-ene, o ne a ithuntsha ka boomo mo seatleng gore a ke a seka a kgona go goga konopo e e thuntshang ya sethunya.
Mo dingwageng di le masome a mane morago ga moo, ene le mosadi wa gagwe ba ne ba simolola go ithuta Bibela le Basupi ba ga Jehofa. Benito o ne a itumelela go itse gore Modimo ka boone o kgothaletsa batho ba one gore ba ‘thule ditšhaka tsa bone go nna megoma,’ fela jaaka fa segakolodi sa gagwe se ne se ile sa mo kgothaletsa gore a dire mo dingwageng di le dintsi tse di fetileng. (Isaia 2:4) Go sa kgathalesege makoa a gagwe a mmele, go ise go ye kae le ene o ne a setse a dira tiro ya moefangeli.
“Pudula ya Maratwa go Lejwa”
Gloria e ne e le Mokatoliki yo o neng a ineetse go obamela Modimo ka tsela e e leng ya gagwe ka boene fela. Ka dingwaga di le dintsi o ne a ile a neela botshelo jwa gagwe go kereke e le morongwa wa moitlami kwa Venezuela. Mme o ne a ile a kgobega marapo fa a ne a sa kgone go bona dikarabo tsa dipotso tsa gagwe tse di leng malebana le dithuto tsa kereke, tse di ntseng jaaka gore Maria o Ithwelwe a le Boitshepo, pakatori, le Tharo-Nngwe.
Fa a ne a kopa gore a di tlhalosediwe, ka metlha o ne a bolelelwa gore ke masaitseweng. ‘Ke ka ntlhayang fa Modimo o dira dilo gore di nne thata jaana go ka tlhaloganngwa?’ o ne a ipotsa jalo. Ka lekgetlo lengwe o ne a tlhagisiwa gore fa a ka bo a ne a tshela ka motlha wa Kgotla-Tshekelo E E Lwantshang Boikeodi, a ka bo a ile a jewa ka molelo. ‘Mme gongwe go ka bo go nnile jalo tota,’ o ne a ithaya jalo.
Ka ntlha ya go kgalwa ka bogale jalo, o ne a dikadika fa Basupi ba ga Jehofa ba ne ba mo etela. Mme e ne ya re fa a lemoga gore sengwe le sengwe seo ba neng ba se ruta ba ne ba se tshegetsa ka Dikwalo, gore labofelo o ne a ka kgona go tlhaloganya molaetsa wa Modimo go setho, o ne a ipela thata. Jaanong o senya nako e ntsi ya gagwe a rera mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo.
“Jaanong, fa ke akanya ka mekete yotlhe ya bodumedi ya Kereke ya Katoliki,” go bolela Gloria jalo, “ke di tshwantsha fela le pudula ya maratwa go lejwa, e e tsabakelang ka mebalabala, mme e le lophaka—fa o re o leka go e tlhatlhoba go ya pele, e tswa fela e nyelela.”
Benito, Gloria, le Basupi ba ga Jehofa ba le diketekete ba ba tshwanang le bone kwa Spain, ba ile ba bona tapologo ya mmatota ya semoya ka go retologela mo metsing a boammaaruri a a sa tswakwang ka sepe a a leng mo Dikwalong tse di Boitshepo. Tapologo e e ntseng jalo e ne e seo mo setheong sele se se sisimosang sa kwa Iberia, eleng kereke ya Spain—eo e tletseng ka meetlo mme e humanegile mo dilong tsa semoya, eo e neng e le maatla thata ka makgolokgolo a dingwaga mme jaanong e palelwa le ke go dira letsomane la yone le palo ya lone e ntseng e ngotlega gore le tlogele go tlhoka kgatlhego.
Jesu Keresete o kile a re, fa a ne a bua malebana le kafa go tlhokafalang ka gone gore go lemogiwe maaka a bodumedi le go a tila: “Lo itisè mo baperofetiñ ba e señ bōnè, ba ba tlañ mo go lona ba apere yaka dinku, me mo teñ e be e le diphiri tse di garolakañ. Lo tla ba itse ka mauñō a bōnè. . . . Lo tla ba itse ka louñō loa bōnè.”—Mathaio 7:15-20.
Re tlogelela mmadi gore a ikatlholele ka boene gore maungo a Bokatoliki jwa Spain ke a a ntseng jang.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Boipobolo jo bongwe bo ile jwa dirwa kwa kopanong nngwe eo go neng go kopane baruti le bobishopo kwa go yone ka 1971. Lemororo polelo eno e ile ya seka ya engwa nokeng ke bontsi jo bo kana ka pedi-tharong, go feta sephatlo sa bone ba ne ba e tshegetsa: “Re dumalana ka boikokobetso ebile re kopa tshwarelo mo go seo ya gore ga re a ka ra itse kafa re ka nnang ka gone ‘badihedi ba boammaaruri ba go boelanya batho,’ ebile re ne re sa itse gore seo se ne se tlhokafala leng mo gare ga batho ba rona bao ba neng ba kgaogantswe ke ntwa eo go neng go bolaanwa fela go sena ngwana wa rre mo go yone.”
[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 12]
Bobishopo ba Katoliki ba ne ba kopa gore Spain e rerelwe efangeli sesha. Ke ba sekae fela bao ba ileng ba reetsa kopo eo ya bone
[Setshwantsho mo go tsebe 9]
Ke batho ba Spain ba le 3 fela mo go ba le 10 bao ba nnang gone ka metlha kwa kerekeng
[Setshwantsho mo go tsebe 10]
Kereke ya Sagrada Familia ya kwa Barcelona e santse e ise e fediwe morago ga dingwaga di le lekgolo e agiwa gape go ntse go kopiwa le dikatso
[Motswedi wa Setshwantsho]
Photo: Godo-Foto