Kereke ya Katoliki ya Kwa Spain—Dikganetsano tsa Yone
Ka mokwaledi wa Tsogang! go tswa kwa Spain
“Dilo gantsi ga di ka tsela eo di lebegang ka yone.” Kakgelo eno e e dirilweng ke Sir William Gilbert e tlhalosa tempele ya Sagrada Familia ya kwa Barcelona fela jaaka e ntse (eo setshwantsho sa yone se leng mo tsebeng 10). Ditora tsa yone tse di boitshegang di fitlha kafa e leng lephaka ka gone kafa gare—morago ga dingwaga di le lekgolo e ntse e agilwe, tempele eno e santse e le logapa fela lo lo senang sepe. Bokatoliki jwa Spain le jone ke maatla a a tlhakaneng le go nna lephaka eleng selo se se sa tlwaelegang, jaaka fa dikakgelo tse di dirilweng ke motho yono wa Spain di bontsha:
“John XXIII? Ekete leina leo ke a le itse. A e ne e le kgosi kana?” go ne ga bolela jalo Cristina, eleng mosha wa kwa Spain, yo o neng a ise a ko a bo a tsamaye a utlwe ka mopapa yoo yo o tumileng.
Mokgweetsi wa tekesi wa kwa Madrid ebong José Luis le mosadi wa gagwe, ebong Isabel, ba ne ba tlhaga kwa kerekeng morago ga ba sena go ngosela ka lobaka lo lotelele gore ngwana wa bone a ke a kolobediwe. “Ke ka ntlhayang fa lo batla go kolobetsa ngwana wa lona?” ba ne ba bodiwa jalo. “Ka gonne re Makatoliki,” rre o ne a araba jalo. Lefa go ntse jalo, fa a ne a tlhomiwa matlho o ne a dumela gore lebaka le legolo e ne e le gore lelapa la gagwe le seka la nna le mathata.
FA MOTHO a etela kwa Spain ka nako ya Beke E E Boitshepo a ka kgatlhiwa thata ke mekoloko eo e nnang gone mo metseng go ralala naga eo yotlhe. Mme le fa go ntse jalo batho bangwe ba Spain—segolo-bogolo basha ba gone—ba ka ne ba itse go se kae fela, fa e le gore gone ba itse sengwe, malebana le bodumedi jono jo ba bolelang gore ke jwa bone.
Go sa itse sepe ka bodumedi gantsi go tsamaisana le go sa kgathalele bodumedi. Lemororo batho ba le bantsi ba Spain ba kolobediwa ke kereke eno, e ba nyadisa, le go ba fitlha—mme ebile eleruri ba iteba jaaka Makatoliki—go tshela go ya ka melao ya Roma ke kgang e nngwe.
Batsadi ba ka nna ba kolobetsa bana ba bone mme ga se gantsi ba ikutlwang ba patelesega gore ba ba rute thuto ya Katoliki. Gongwe banyalani ba dira gore ba ikanisiwe ke kereke mme ga se gantsi ba ikutlwang ba patelesega gore ba latele thuto ya kereke malebana le dilo tsa lenyalo. Mme 10 lekgolong ya bao ba bolelang gore ke Makatoliki ga ba dumele le go dumela gore Modimo ke motho.
Boemo jono ga bo gakgamatse thata, fa motho a akanya ka kamano ya Spain le kereke eno eleng kamano e e sa bolong go nna teng mme lefa go ntse jalo e le e e nang le dikganetso. Spain eo e kileng ya tlhalosiwa jaaka “lesedi [la lekgotla] la Trent, hamore ya baikeodi le lerumo la Roma,” gape ke yone e bakileng “bontsi jwa pogiso ya go tsholola madi eo Kereke ya Katoliki e ileng ya nna le yone mo nakong yotlhe ya go nna gone ga yone,” go bolela jalo moporofesara wa hisitori ya segompieno kwa Yunibesithing ya Deusto, kwa Vizcaya.
Mo lekgolong la dingwaga la bo-16, madi a Spain le masole a Spain a ne a lwela Bokatoliki jwa Yuropa kgatlhanong le Boporotesetanta, mme lefa go ntse jalo ka 1527 Roma le Vatican ka boyone di ile tsa thopiwa setlhogo ke mophato wa sesole wa kgosi ya Spain le mmusisi wa Roma yo o Boitshepo ebong Charles V.a Charles, jaaka balaodi-bagolo ba bangwe ba Spain, o ne a itlhokomolosa molao ope fela ka boomo wa Vatican oo a neng a sa o rate.
Mofuta wa Bokatoliki jwa kwa Spain eleng jo bo ikemetseng ka nosi mme lefa go le jalo e le jwa mofuta wa jone fela bo na le dikganetsano tseno ka ntlha ya kamano eo e leng ya mofuta wa yone fela ya Kereke le Mmuso, eleng eo e bopilweng ka nako ya fa ka bobedi jwa tsone di ne di le kwa setlhoeng sa puso ya tsone.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Morago ga fa Roma e ne e sena go thopiwa ka 1527, Charles o ne a dira gore Mopapa Clement VII a nne mo ntlong mo a neng a batla a tshwana fela le legolegwa la mo ntlong kwa Castel Sant’ Angelo, Roma, ka dikgwedi di le supa.