LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w92 6/15 ts. 8-11
  • Bibela ya Se-Spain E Kgaratlhela go Nna Teng

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Bibela ya Se-Spain E Kgaratlhela go Nna Teng
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Dirwa ga Bibela ya Se-Spain
  • Go Rarabologelwa ga Nakwana
  • Bibela ya Se-Spain E A Fitlhwa
  • Dikgoro Tse Di Thibetseng Metsi Di A Bulega
  • Go Tlhomamisiwa Gore E Fentse
  • Go Dira Gore Lefoko la Modimo le Itsiwe mo Metlheng ya Bogare Kwa Spain
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
  • Kgaratlho ya ga Casiodoro de Reina Gore go Nne le Baebele ya Se-Spain
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Kereke ya Katoliki ya Kwa Spain—E Dirisa Maatla ka Tsela E E Setlhogo
    Tsogang!—1990
  • Kafa Baebele e Tlileng Mo go Rona ka Teng
    Tsogang!—2007
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
w92 6/15 ts. 8-11

Bibela ya Se-Spain E Kgaratlhela go Nna Teng

LETSATSI lengwe Bakatoliki ba kwa Spain ba ka nna 200 000 ba ne ba oologela kwa toropong e e kwa bokone ya Valladolid ka October 1559. Ba ne ba ya go lebelela tiragalo e mo go yone go bolawang baikeodi, mme koo “batho ba le babedi ba ne ba fisiwa ka molelo ba ntse ba tshela, ba le lesome ba ne ba kalediwa.” E ne e le “baikeodi.”

Kgosi e e rategang ebong Philip II yo mmotlana o ne a okametse tiragalo eno ka boene. Fa monna mongwe yo o atlhotsweng a ne a kopa gore a utlwelwe botlhoko, kgosi e ne ya mo araba ka go re: “Fa morwaake e ne e le motho yo o bosula jaaka wena jaana, nna ka bonna ke ne nka rwala dikgong go ya go mo fisa.” Motho yono yo o tlhokileng lesego o ne a dirile molato wa eng? Selo seo a neng a se dirile fela e ne e le go bala Bibela.

Ka nako yone eo, lekgotla la Kgotlatshekelo ya Katoliki ya go Lwantsha Boikeodi le ne le tshwaregile kwa toropong ya Seville ya kwa Andalusia. Gone koo, setlhopha sa baitlami kwa lefelong la baitlami la San Isidro del Campo, se ne se sa tswa go amogela Dibibela tse di rometsweng ka sephiri tsa Se-Spain. A balomatsebe ba ne ba tla ba lomeletsa? Bangwe ba batho bao ba neng ba lemoga gore ba ne ba le mo kotsing e e masisi ba ne ba tswa ba tshaba mo nageng eo. Mme lefa go ntse jalo ba le 40 mo go bao ba neng ba sala ba ne ba tlhoka lesego mme ba fisiwa ba pegilwe mo dikoteng, go akaretsa le ene monna yo o neng a tlisitse Dibibela mo nageng eo ka bokukuntshwane. Mo lekgolong la bolesome le borataro la dingwaga Spain e ne e le lefelo le le diphatsa mo bathong ba ba balang Bibela—ke ba sekae fela bao ba neng ba falola Kgotlatshekelo E E Lwantshang Boikeodi.

Mongwe wa ba ba seng kae bao e ne e le mongwe yo pele e neng e le moitlami, Casiodoro de Reina (c. 1520-94). O ne a tshabela kwa Lontone, mme le gone koo go ne go sa sireletsega. Kgotlatshekelo E E Lwantshang Boikeodi e ne ya solofetsa gore e tla duela motho ope fela yo o neng a ka mo tshwara, mme moemedi wa Spain mo kgotleng ya Engelane o ne a loga leano la go mo raela gore a boele lefelong le le laolwang ke Spain a dirisa maretshwa a boferefere kana mokgwa ope fela o siame kana o sa siama. Erile morago ga lobaka lo lokhutshwane, moitlami yono o ne a patelesega gore a tswe mo Engelane ka gonne a ne a latofadiwa ka maaka gore o dira boaka le bosodoma.

La ntlha o ne a tshabela kwa Frankfurt, a na le madinyana a mannye thata le lelapa le le neng le ntse le gola leo a neng a tshwanetse go le tlamela. Moragonyana, o ne a tshwanelwa ke go ya kwa Fora, Holland, la bofelo a bo a ya le kwa Switzerland a batla kwa a ka tshabelang gone ka ntlha ya bodumedi. Lefa go ntse jalo, nako eno yotlhe o ne a nna a tshwaregile. ‘Kwantle ga fa ke ne ke lwala kana ke le mo mosepeleng, . . . pene e ne e se ke e tswa mo seatleng sa me,’ o ne a tlhalosa jalo. O ne a senya dingwaga di le dintsi a ranolela Bibela mo puong ya Se-Spain. Kgabagare ka 1568 go ne ga simololwa go gatisa dikaelo di le 2 600 tsa Bibela ya ga Reina kwa Switzerland mme ga wediwa ka 1569. Sengwe se se tlhomologileng ka thanolo ya ga Reina ke gore o ne a dirisitse Iehoua (Jehová) mo boemong jwa Señor (Morena) fa a ranola Tetragrammaton, ditlhaka tse nne tsa Sehebera tsa leina la Modimo ka namana.

Go Dirwa ga Bibela ya Se-Spain

Go ne go gakgamatsa gore, ka nako eo ka yone Dibibela di neng di ata kwa Yuropa ka thuso ya go ribololwa ga metšhine e e gatisang, kwa Spain gone di ne di bonwa ka sewelo. Pele ga foo go ne go ntse go sa nna jalo. Go ne go fetile makgolokgolo a dingwaga Bibela e le yone buka e e gasiwang go di feta tsotlhe kwa Spain. Dikaelo tse di kwadilweng ka seatla di ne di le teng ka Selatine, mme tsa ba tsa nna teng gape ka puo ya Se-Goth, ka lobaka lwa makgolo a sekae a dingwaga. Rahisitori mongwe o ne a tlhalosa gore mo Metlheng ya Bogare, “Bibela—eo e tlhotlheletsang ebile e le yone go utlwiwang ka yone, eo e tlhomang melao ya tumelo le boitshwaro—e ne e tlhomologile thata kwa Spain go feta kwa Jeremane kana kwa Engelane.” Mo motlheng oo dipego tsa ditiragalo tse di farologaneng tsa Bibela, Di-Psalter (kana, Dipesalema), ditlhaloso tsa mafoko a a kgethegileng, dipolelo tse di rutang boitshwaro, le mekwalo e e ntseng jalo e ne ya nna tsone di rekwang thata mo motlheng oo.

Batho ba ba thapiseditsweng go kopolola ba ne ba dira boiteko jwa go kwala mekwalo ya Dibibela ya boemo jo bo kwa godimo ka kelotlhoko. Le mororo go ne go tsaya bakwadi ba le 20 ngwaga otlhe go kwala mokwalo o le mongwe fela wa boemo jo bo kwa godimo, Dibibela di le dintsi tsa Selatine le mekwalo e le diketekete e e akgelang ka Bibela ya Selatine di ne di le teng kwa Spain ka lekgolo la bo 15 la dingwaga.

Mo godimo ga moo, fa puo ya Se-Spain e ntse e tlhabololwa, go ne ga kgatlhegelwa gore Bibela e nne teng ka puo eo e neng e buiwa koo. Bibela e ne ya ranolelwa mo puong ya Se-Romance, kana Se-Spain sa bogologolo, puo eo e neng e buiwa ke batho fela, mo e ka nnang ka lekgolo la bo 12 la dingwaga.

Go Rarabologelwa ga Nakwana

Mme lefa go ntse jalo go rarabologelwa gono go ne go sa tle go tsaya lobaka lo loleele. Fa Ba-Waldo, Ba-Lollard, le Ba-Huss ba ne ba dirisa Dikwalo go buelela dilo tseo ba neng ba di dumela, go ne ga tsewa kgato ka bofefo ebile e le kgato e e setlhogo. Bagogi ba Katoliki ba ne ba belaela go balwa ga Bibela, mme dithanolo tse di neng di santse di simologa mo dipuong tse di tlwaelegileng di ne tsa kgalwa ka tlhamalalo fela.

Lekgotla la Katoliki la Toulouse (Fora), leo le neng la kopana ka 1229, le ne la bolela jaana: “Re kganela gore motho ope wa maemo a a kwa tlase a ka nna le dibuka tsa Kgolagano E Kgologolo kana E Ntšha tse di ranoletsweng mo puong e e tlwaelegileng. Fa motho mongwe yo o ratang bodumedi a batla, a ka nna le Di-Psalter kana Breviary [buka ya difela le dithapelo] . . . mme lefa go ntse jalo le ka motlha a se ka a bo a nna le dibuka tse di umakilweng fa godimo di ranoletswe mo puong ya Se-Romance.” Dingwaga di le nne morago ga foo, James I wa Aragon (kgosi eo e neng e busa karolo e kgolo ya naga eo e batlileng e dikologiwa ke metsi ntlheng tsotlhe) o ne a neela botlhe bao ba neng ba na le Bibela ka puo e e tlwaelegileng malatsi a le robedi fela gore ba di ise kwa mobishopong wa lefelo leo gore di fisiwe. Motho yo o neng a ka gana go dira jalo o ne a ka belaelelwa gore ke moikeodi, lefa e le moruti kgotsa e le motho fela.

Le mororo dithibelo tseno di ne di le teng—tseo di neng di sa obamelwe thata ka metlha—kwa bofelong jwa Metlha ya Bogare batho bangwe ba kwa Spain ba ne ba ka ikgantsha ka gore ba na le Bibela ya Se-Romance. Seno se ne sa khutla ka tshoganetso fa go ne go tlhomiwa Kgotlatshekelo ya Spain E E Lwantshang Boikeodi ka 1478 fa go ne go busa Mohumagadi Isabella le Kgosi Ferdinand. Ka 1492, kwa toropong ya Salamanca fela, go ne ga fisiwa dikaelo tse di tlhwatlhwakgolo tse di kwadilweng ka seatla tsa Bibela di le 20. Mekwalo e le yosi ya Se-Romance ya Bibela eo e neng ya falola ke eo e neng e beilwe mo metlobong ya dibuka ya kgosi kana ya bahumi ba sekae ba ba nang le maatla bao ba neng ba ka se ka ba belaelwa.

Mo dingwageng tse di makgolo a mabedi tse di neng tsa latela, Bibela ya Katoliki e le yosi eo e neng ya phasaladiwa kwa Spain kafa molaong—kwantle ga Latin Vulgate—e ne e le Complutensian Polyglott, Bibela ya ntlha ya dipuo tse di farologaneng, eo e neng e tshegediwa ke Mokadinale Cisneros. Kwantle ga pelaelo e ne e le mokwalo wa barutegi, o o neng o sa direlwa batho fela. Go ne ga dirwa dikaelo di le 600 fela, mme ke ba sekae fela bao ba neng ba ka e tlhaloganya ka gonne e ne e na le ditemana tsa Bibela ka Sehebera, Searamaika, Segerika, le Selatine—eseng ka Se-Spain. Mo godimo ga moo, tlhwatlhwa ya yone e ne e boitshega. E ne e lopa dipapetlana tsa madi a gouta di le tharo (e le madi a a lekanang le tuelo ya dikgwedi di le thataro ya modiri fela wa maemo a a kwa tlase).

Bibela ya Se-Spain E A Fitlhwa

Kwa tshimologong ya lekgolo la bo 16 la dingwaga, go ne go na le motho mongwe wa kwa Spain yo o neng a tshwana le “Tyndale” go twe ke Francisco de Enzinas. E ne e le morwa monna mongwe yo o humileng wa Mo-Spain, mme o ne a simolola go ranolela Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika mo puong ya Se-Spain e santse e le moithuti fela yo mmotlana. Moragonyana o ne a dira gore thanolo eno e gatisiwe kwa Netherlands, mme ka 1544 o ne a leka ka bopelokgale gore a bone tetla ya gore thanolo eno e anamisiwe kwa Spain. Mmusimogolo wa Spain, Charles I, o ne a le kwa Brussels ka nako eo, mme Enzinas o ne a sola tshono eno molemo a kopa tetla mo bogosing gore a dire seo a neng a rulagantse go se dira.

Tsela e e sa tlwaelegang eo banna bano ba neng ba buisana ka yone e ile ya begwa jaana: “Buka eno ke buka ya mofuta mang?” go ne ga botsa jalo mmusimogolo. Enzinas o ne a fetola ka gore: “Ke karolo ya Dikwalo tse di Boitshepo e e bidiwang Tesetamente E Ntšha.” O ne a bodiwa ka go re, “Ke mang yo o kwadileng buka eno?” A araba ka go re, “Ke moya o o boitshepo.”

Mmusimogolo o ne a letla gore e phasaladiwe mme lefa go ntse jalo e ne e ka phasaladiwa fela fa go diragaditswe lebaka lengwe—fa mogakolodi wa gagwe ka namana yo a ipolelang ditlolo mo go ene, moitlami wa Mo-Spain, le ene a ka go letla. Ka maswabi Enzinas, ga a ka a bona tetla eo, mme e ne ya re go ise go ye kae a iphitlhela a latlhetswe mo kgolegelong ke Kgotlatshekelo E E Lwantshang Boikeodi. O ne a kgona go thoba morago ga dingwaga di le pedi.

Dingwaga di sekae morago ga foo, go ne ga gatisiwa kgatiso e e tokafaditsweng ya thanolo eno kwa Venice, kwa Italy, mme Julián Hernández o ne a isa ka go iphitlha Dikwalo thanolo tsa yone e kwa Seville, kwa Spain. Mme lefa go ntse jalo o ne a tshwarwa, ya ba ya re morago ga go bogisiwa le go tsenngwa mo kgolegelong dingwaga di le pedi, ene le baithuti ka ene ba Bibela ba ne ba bolawa.a

Kwa Lekgotleng la Trent (1545-63), Kereke ya Katoliki e ne ya boeletsa mafoko a yone a go kgala go ranolelwa ga Dibibela mo puong ya koo. Le ne la phasalatsa tlhatlhamano ya dibuka tse di thibetsweng, go akaretsa dithanolo tsotlhe tsa Bibela tseo di neng di tlhagisitswe kwantle ga go letliwa ke kereke. Seno tota se ne se raya gore Dibibela tsotlhe tsa puo e e neng e buiwa kwa Spain di ne di sa letliwa kafa molaong le gore go nna le tsone fela go ne go ka felela ka gore go nne le lebaka le motho a ka le bolaelwang.

Dingwaga di sekae morago ga go phasaladiwa ga thanolo eno ya ga Reina, e ne ya tokafadiwa ke motho yo mongwe yo o kileng ya bo e le moitlami yo o neng a falotse bogale jwa Kgotlatshekelo E E Lwantshang Boikeodi kwa Seville ebong Cipriano de Valera. Thanolo eno e ne ya gatisiwa kwa Amsterdam ka 1602 C.E., mme dikaelo dingwe tsa yone di ne tsa isiwa kwa Spain. Bontsi jwa Baporotesetanta ba ba buang Se-Spain ba santse ba dirisa Bibela ya ga Reina le Valera, thanolo ya ntlhantlha le e e tokafaditsweng.

Dikgoro Tse Di Thibetseng Metsi Di A Bulega

Kgabagare, ka 1782 Kgotlatshekelo E E Lwantshang Boikeodi e ne ya atlhola gore Bibela e ne e ka phasaladiwa fa fela e na le dikakgelo tse di bolelang ka hisitori le dithuto tsa motheo. Ka 1790 bishopo wa Katoliki wa kwa Segovia eleng Felipe Scio de San Miguel, o ne a ranolela Bibela mo puong ya Se-Spain a dirisa thanolo ya Selatine ya Vulgate. Ka maswabi, e ne e tura—di-real tse 1 300, ka nako eo e ne e le tlhwatlhwa e e kwa godimo mo go feteletseng—gape mafoko a yone a le thata go a tlhaloganya, mo e leng gore rahisitori mongwe wa kwa Spain o ne a e tlhalosa ka gore “e tlhokile lesego tota.”

Morago ga dingwaga di le mmalwa, kgosi ya Spain Fernando VII o ne a laela bishopo wa Astorga, Félix Torres Amat, gore a dire thanolo e e botoka, le yone e thailwe mo thanolong ya Selatine ya Vulgate. Thanolo eno e ne ya tswa ka 1823 mme ya anamisiwa thata go feta thanolo ya ga Scio. Lefa go ntse jalo, ereka e ne e sa ranolwa go tswa mo Sehebereng le mo Segerikeng tsa ntlhantlha, e ne e na le dikarolo tse di ganediwang tse ka tlwaelo di nnang teng mo thanolong e e ranotsweng go tswa mo thanolong e nngwe.

Le mororo go ne go gatelwa pele jaana, kereke le babusi ba naga eno ba ne ba ntse ba ise ba dumele gore Dikwalo di tshwanetse go balwa ke batho fela ba maemo a a kwa tlase. Fa George Borrow, moemedi wa British and Foreign Bible Society, a ne a kopa tetla ka bo-1830 ya gore a gatise Dibibela kwa Spain, o ne a bolelelwa jaana ke mogolwane wa puso Mendizábal: “Rra wee, ga re batle Dibibela, mme go na le moo re batla ditlhobolo le mosidi wa ditlhobolo, gore re fenye ditsuolodi ka tsone, mme mo godimo ga tsotlhe, re batla madi, gore re duele masole.” Borrow o ne a tswelela pele a ranolela Efangele ya ga Luke mo puong ya Ma-Gypsy a Spain, mme ka 1837 o ne a latlhelwa mo kgolegelong ka ntlha ya maiteko ano a gagwe!

Kgabagare, go ntsifala ga Dibibela go ne go sa tlhole go kgonwa go thibelwa. Ka 1944 kereke ya Spain e ne ya gatisa thanolo ya yone ya ntlha ya Dikwalo Tse Di Boitshepo e ranotswe go tswa mo dipuong tsa ntlhantlha—dingwaga di ka nna 375 morago ga thanolo ya ga Casiodoro de Reina. E ne e ranotswe ke baithuti ba Makatoliki ebong Nácar le Colunga. Eno e ne ya salwa morago ke thanolo ya ga Bover le Cantera ka 1947. Fa e sale go tloga foo dithanolo tsa Bibela tsa Se-Spain di ntse di thelesegela.

Go Tlhomamisiwa Gore E Fentse

Le mororo Bibela ya Se-Spain e tsere makgolokgolo a dingwaga e kgaratlhela go nna gone, kgabagare ntwa e ne ya fenngwa. Ditiro tse dikgolo tsa baranodi ba ba pelokgale ba ba tshwanang le bo Reina ruri ga di a ka tsa direlwa lefela. Ke batho ba le bakae gompieno bao e reng ba reka Bibela ba bo ba ema ba akanya kaga nako eo ka yone go nna le Bibela go neng go ileditswe?

Gompieno, Bibela ke buka e e rekwang thata go di feta tsotlhe kwa Spain le kwa dinageng tse dingwe tse go buiwang Se-Spain kwa go tsone, ebile go na le dithanolo di le dintsi. Dingwe tsa tsone ke Versión Moderna (Modern Version, 1893), eo gantsi e dirisang leina la Modimo, Jehová; Pauline Edition of the Bible (1964), eo e dirisang leina Yavé mo Dikwalong tsa Sehebera; Nueva Biblia Española (New Spanish Bible, 1975), eo ka maswabi e sa diriseng Jehová lefa e le Yavé; le Traducción del Nuevo Mundo (New World Translation, 1967), eo e phasaladitsweng ke Mokgatlho wa Watch Tower, ebile e dirisa Jehová.

Beke le beke Basupi ba ga Jehofa ba etela magae a batho ba ba buang Se-Spain a le dimilionemilione gore ba kgone go ba thusa go lemoga kafa Bibela E E Boitshepo e leng botlhokwa ka gone—buka e e botlhokwa mo e leng gore o ka e swela, buka e e botlhokwa mo e leng gore o ka tshela ka yone. Ebile tota, pego e e tlhalosang kafa Bibela ya Se-Spain e kgaratlhileng ka gone gore e nne teng ke bosupi jo bongwe jo bo oketsegileng jwa gore “lehoko ya Modimo oa rona le tla èma ka bosakhutleñ.”—Isaia 40:8.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Ka nako eo go ne go sena buka epe fela eo e neng e ka tlisiwa mo nageng eo kwantle ga tetla e e kgethegileng, ebile motlhokomedi ope wa laeborari o ne a ka se ka a bula dibuka dipe tse di rometsweng a sa letliwa semmuso ke Kantoro e e Boitshepo (Kgotlatshekelo E E Lwantshang Boikeodi).

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Complutensian Polyglott e gatisitswe sesha mme ka jalo e ka kgona go kelekwa motlhofo. (Bona tsebe 8)

[Motswedi wa Setshwantsho]

Courtesy of the Biblioteca Nacional, Madrid, Spain

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela