Kgaratlho ya ga Casiodoro de Reina Gore go Nne le Baebele ya Se-Spain
MO LEKGOLONG la bo16 la dingwaga, go ne go le kotsi thata go bala Baebele kwa Spain. Kereke ya Katoliki e ne ya laela Kgotlatshekelo e e Kgatlhanong le Boikeodi gore e time lefa e le tlhasenyana ya go sa direng tumalanong le dithuto tsa motheo tsa bodumedi. Mme go ne go na le lekawana lengwe kwa borwa jwa Spain leo le neng le sa bale Dikwalo fela mme gape le ne le ikanne gore le tla di ranolela mo puong ya gagwe gore motho mongwe le mongwe wa Mo-Spain a tle a kgone go di bala. Leina la gagwe e ne e le Casiodoro de Reina.
Reina o ne a kgatlhegela Baebele ka dingwaga tsa fa a ne a nna kwa lefelong la baitlami kwa San Isidro del Campo, kwa karolong e e kwa thoko ya Seville kwa Spain. Mo dingwageng tsa bo 1550, bontsi jwa baitlami mo lefelong leno le le sa tlwaelegang la baitlami ba ne ba dirisa diura tse dintsi ba bala Dikwalo go na le go dira ditiro tsa bone tseo ba di abetsweng. Mme molaetsa wa Baebele o ne wa fetola dikakanyo tsa bone. Ba ne ba gana dithuto tsa Bokatoliki tsa go dirisa ditshwantsho le go dumela mo pakatoring. Eleruri, tsela e ba neng ba leba dilo ka yone e ne ya lemogiwa mo lefelong leo, mme ka ntlha ya go bo ba ne ba boifa gore ba tla tshwarwa ke Kgotlatshekelo e e Kgatlhanong le Boikeodi ya kwa Spain, ba ne ba swetsa gore ba tshabe mo lefelong leo. Reina e ne e le mongwe wa bano ba ba 12 bao ba neng ba kgona go ngwegela kwa Geneva, kwa Switzerland.
Morago ga go falola jalo ka tshoba la mogodu, o ne a etela ditoropo tsa Yuropa ka go latelana, ka tsela nngwe a kgona go relela fela mo dinaleng tsa babogisi bano ba gagwe. Ka 1562 kgotlatshekelo e e tshwenyegileng thata e e kgatlhanong le boikeodi e ne ya fisa kwa Seville setshwantsho sa gagwe se se dirilweng, mme tota le eleng matshosetsi ano a a setlhogo ga a ka a dira gore Reina a tlogele tiro ya gagwe ya go ranola Dikwalo. Lefa babogisi ba gagwe ba ne ba solofeditse gore ba tla duela motho ope fela yo o neng a ka mo tshwara mme e bile a tshelela mo poifong ya gore o tla tshwarwa, o ne a bereka a sa kgaotse ka thanolo ya gagwe ya Se-Spain. “Kwantle ga fa ke ne ke lwala kana ke le mo mosepeleng, . . . pene e ne e se ke e tswa mo seatleng sa me,” o ne a tlhalosa jalo.
Mo dingwageng tse di lesome ke fa Reina a feditse tiro ya gagwe. Ka 1569 thanolo ya gagwe ya Baebele yotlhe e ne ya gatisiwa kwa Basel, kwa Switzerland. Tiro eno e e tlhomologileng e ne e le thanolo ya ntlha e e feletseng ya Se-Spain e e dirilweng go tswa mo dipuong tsa ntlhantlha. Baebele ya Selatine e ne e ntse e le gone ka makgolokgolo a dingwaga, mme Selatine e ne e le puo ya batho ba maemo a a kwa godimo fela. Reina o ne a dumela gore Baebele e tshwanetse go tlhaloganngwa ke batho botlhe, mme o ne a baya botshelo jwa gagwe mo kotsing e le gore a tsweletse mokgele oo.
Mo ketapeleng ya thanolo ya gagwe, o ne a tlhalosa lebaka la gagwe. “Go thibela go kwalwa ga Dikwalo Tse di Boitshepo ka puo e e tlwaelegileng, eleruri ke go tlhapatsa Modimo mo go feteletseng e bile go senya boitekanelo jwa batho. Thibelo e e ntseng jalo ka phepafalo fela ke tiro ya ga Satane le bao a ba laolang. . . . E re ka Modimo o neile batho Lefoko la gagwe, o batla gore botlhe ba le tlhaloganye mme ba le dirise, yo o tla le thibelang gore le kwalwe ka puo lefa e le epe ga a ka ke a bo a na le boitlhomo jo bo siameng.”
Polelo eno e ne e le e e bontshang bopelokgale, e re ka e ne ya tla dingwaga tse 18 fela morago ga gore Kaedi ya Kgotlatshekelo e e Kgatlhanong le Boikeodi ya Spain e thibele ka mo go kgethegileng Baebele “ka Se-Castile [Se-Spain] kana ka loleme lengwe fela le le tlwaelegileng.” Ka phepafalo, Reina ga a ka a letlelela gore go boifa batho go thibele go rata boammaaruri ga gagwe.
Ntle le go tlhagafalela go rata go dira gore Baebele e bonwe ke batho botlhe ba ba buang Se-Spain, Reina gape o ne a batla gore a dire thanolo e e boammaaruri kafa go ka kgonegang ka gone. Mo ketapeleng ya gagwe, o ne a tlhalosa melemo ya go ranola ka tlhamalalo go tswa mo dipuong tsa ntlhantlha. Diphoso dingwe di ne di kukunetse mo thanolong ya Selatine ya Vulgate, Reina o ne a tlhalosa jalo. Nngwe ya tse di utlwisang botlhoko le go feta tsa tsone e ne e le go ntshiwa ga leina la Modimo.
Leina la Modimo mo Dithanolong Tsa Se-Spain
Reina o ne a lemoga gore leina la Modimo, e leng Jehofa, le tshwanetse go nna gone mo thanolong nngwe le nngwe ya Baebele e e ranotsweng ka fa tshwanelong, jaaka fa le tlhaga mo mekwalong ya ntlhantlha. O ne a gana go latela mokgwa wa go emisetsa leina la Modimo ka direto tse di tshwanang le “Modimo” kana “Morena.” Mo matsenong a thanolo ya gagwe, o ne a tlhalosa mabaka a gagwe a sa fitlhe sepe.
“Re bolokile leina (Iehoua), gonne re na le mabaka a a utlwalang. Santlha, gonne gongwe le gongwe kwa le ka fitlhelwang gone mo thanolong ya rona, le fitlhelwa le mo dikwalong tsa Sehebere, mme re ne ra tlhokomela gore fa re le tlhokomologa kana re le fetola re tla bo re sa ikanyege e bile re tla bo re tlola molao wa Modimo, o o laelang gore go se ka ga fokodiwa sepe lefa e le go oketsa sepe. . . . Tlwaelo [ya go se diriseng leina], e tlisitswe ke Diabolo, e tlhagile mo tumelokgweleng ya borabi ba segompieno bao lefa ba iphaka gore ba a le tlotla, tota ba neng ba fitlhile leina la Gagwe le le boitshepo, ba dira gore batho ba Modimo ba lebale leina leo a ratang gore a farologanngwe le medimo . . . e mengwe ka lone.”
Keletso ya ga Reina e e molemo ya go galaletsa leina la Modimo e ne ya nna le matswela a magolo. Go tla go fitlha gompieno, bontsi jwa dithanolo tsa Se-Spain—tsa Katoliki le Porotesetanta—di lateletse thulaganyo eno, di dirisa leina la Modimo gotlhe. Mo e ka nnang mmadi mongwe le mongwe wa thanolo ya Baebele ya Se-Spain a ka kgona go lemoga gore Modimo o na le leina leo le mo farologanyang le medimo e mengwe, mme seno sotlhe ke ka ntlha ya ga Reina.
Se se tlhokomelesegang ke gore leina la ga Jehofa ka Sehebere le bonala sentle mo tsebeng ya setlhogo ya Baebele ya ga Reina. Reina o ne a neela botshelo jwa gagwe go dira tiro e e molemolemo ya go boloka Lefoko la Modimo, a dira gore le nne gone ka puo eo dimilione tsa batho di tla kgonang go le bala ka yone.