LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 3/09 ts. 3
  • DVD ya The Bible—A Book of Fact and Prophecy

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • DVD ya The Bible—A Book of Fact and Prophecy
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2009
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Bidio ya The Bible—Its Power in Your Life
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2010
  • Kafa Baebele e Tlileng mo go Rona ka Teng—Karolo 2
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Kgaratlho ya ga Casiodoro de Reina Gore go Nne le Baebele ya Se-Spain
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Bona Maatla a Baebele!
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1999
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2009
km 3/09 ts. 3

DVD ya The Bible—A Book of Fact and Prophecy

Bidio ya Mankind’s Oldest Modern Book ke ya ntlha mo go tse tharo tse di farologaneng tse di mo go DVD ya The Bible—A Book of Fact and Prophecy. Fa o sena go lebelela bidio eno, araba dipotso tse di latelang:

(1) Baebele e dumalana ka ditsela dife le saense ya segompieno? (2) Re ka tlhomamisega jang gore Dibaebele tsa rona tse re nang le tsone gompieno di tlhalosa mekwalo ya ntlhantlha fela jaaka e ntse? (3) Ke eng se se tlhomologileng mo ditemaneng tsa mekwalo ya bogologolo ya seatla ya Baebele? (4) John Wycliffe, Johannes Gutenberg, William Tyndale, John Hus, Martin Luther, Casiodoro de Reina le Charles Taze Russell ba ile ba thusa jang go anamisa Lefoko la Modimo go ralala lefatshe, mme kereke e ile ya ganetsa Baebele jang ka tsela e e setlhogo? (5) Kgakololo e e molemo ya Baebele e ile ya thusa batho jang go lebana le mathata a botsogo (Pes. 34:8), go betšha ka tsela e e sa laolesegeng (1 Tim. 6:9, 10), go kgaogana mo lenyalong le go sa ikanyege (1 Bakor. 13:4, 5; Baef. 5:28-33), le go rata dikhumo thata (Math. 16:26)? (6) Go na le bosupi bofe jwa gore fa motho a dirisa melaometheo ya Dikwalo a ka kgona go fenya letlhoo la bosetšhaba, la setso le la bomorafe (Luke 10:27)? (7) Go latela melaometheo ya Baebele go dirile jang gore o nne le boitumelo jo bogolwane? (8) O ka dirisa jang bidio eno go thusa ba bangwe?—Bona Tirelo ya Rona ya Bogosi ya February 2006, tsebe 8.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela