Bidio ya The Bible—Its Power in Your Life
Baebele e thusitse dimilione tsa batho gore ba fetole matshelo a bone gore a nne botoka. Ke melaometheo efe ya Baebele, e fa re e dirisa e ka re thusang go lebana le mathata a gompieno? Ga go pelaelo gore o tla itumelela go bona karabo ya potso eno ka go lebelela bidio ya The Bible—Its Power in Your Life, e leng bidio ya bobedi mo go tse tharo tse di mo DVD ya The Bible—A Book of Fact and Prophecy. Morago ga go lebelela bidio eno, a o ka araba dipotso tseno?
(1) Ke ka ntlha yang fa re ka re Baebele ga se buka fela e e molemo? (Baheb. 4:12) (2) Fa e le gore Baebele e ka thusa batho go tokafatsa matshelo a bone, ke eng fa batho ba na le mathata a mantsi thata jaana? (3) Setlhogo sa konokono sa Baebele ke eng? (4) Ke ditemana dife tsa Baebele tse di umakilweng tse di ka thusang banyalani (a) go tokafatsa puisano ya bone le (b) go laola bogale jwa bone? (5) Tsela e Bakeresete ba lebang lenyalo ka yone e dira jang gore botshelo jwa lelapa bo nne botoka? (Baef. 5:28, 29) (6) Jehofa o tlhometse batsadi sekao se se molemo jang? (Mar. 1:9-11) (7) Batsadi ba ka dira jang gore thuto ya lelapa e nne e e kgatlhang? (8) Kwantle ga thuto ya Baebele, ke eng gape se Lefoko la Modimo le kgothaletsang batsadi go se direla bana ba bone? (9) Kgakololo ya Baebele e ka thusa malapa jang go lebana le mathata a tsa ikonomi? (10) Ke melaometheo efe ya Dikwalo e e ka ga bophepa, go sa dirise diokobatsi le bojalwa sentle le go ngomoga pelo, e fa e dirisiwa e ka thusang go fokotsa mathata a botsogo? (11) Ke ditsholofetso dife tsa Baebele tse di ka re nonotshang? (Jobe 33:25; Pes. 145:16) (12) Dithuto tse di mo Lefokong la Modimo di go thusitse jang go tokafatsa botshelo jwa gago? (13) O ka dirisa bidio eno jang go thusa batho ba bangwe?