LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Dirisa Dibidio Tse di Rutang
    Tirelo ya Bogosi—2006 | February
    • Dirisa Dibidio Tse di Rutang

      1. Jehofa o ne a dirisa jang dilo tse batho ba kgonang go di bona go ruta batlhanka ba gagwe ba bogologolo, mme diphelelo e ne ya nna eng?

      1 Jehofa ka dinako tse dingwe o ne a dirisa diponatshegelo le ditoro go bolelela batlhanka ba gagwe ba bogologolo tshedimosetso e e botlhokwa. Akanya ka ponatshegelo ya ga Esekiele ya koloi ya ga Jehofa ya selegodimo. (Esek. 1:1-28) Akanya kafa Daniele a ileng a ikutlwa ka teng fa a sena go amogela toro ya boporofeti e e bontshang go latelana ga mebuso ya lefatshe. (Dan. 7:1-15, 28) Mme go tweng ka tshenolo e e itumedisang e e neetsweng moaposetoloi Johane “ka ditshupo” malebana le dilo tse di tla diragalang mo “letsatsing la Morena”? (Tshen. 1:1, 10) Jehofa o ne a ba ruta a dirisa ditshwantsho tse di bonalang sentle le ditiro mme seo se ile sa dira gore di nnele ruri mo megopolong ya bone.

      2. Ke dilo dife tse re ka di dirisang go ruta ba bangwe dithuto tsa Baebele?

      2 Fa re batla go tlhalosetsa batho ba bangwe dithuto tsa Baebele ka tsela e ba se kitlang ba e lebala, re ka dirisa dibidio tsa rona go ruta. Dibidio tsa rona di tlotla ka dilo di le dintsi e bile di dira gore re ikanye Baebele, re ikanye phuthego ya ga Jehofa, le melaometheo e e re thusang go tshela jaaka Bakeresete. Akanya ka ditsela di le mmalwa tse ka tsone re ka dirisang dibidio tsa rona go ruta. Dibidio tse di latelang ke dikai tsa tse di ka dirisiwang.

      3. O ka dirisa eng go kaela moithuti wa Baebele kwa phuthegong?

      3 Mo Bodireding: A o ntse o bolelela moithuti wa Baebele ka bokaulengwe jwa rona jwa Bokeresete jwa lefatshe lotlhe? Mmontshe bidio ya Our Whole Association of Brothers. O ka nna wa mo adima yone gore a e lebelele pele ga thuto ya lona e e latelang kgotsa lo e lebelele mmogo mo thutong e e latelang. Morago ga moo tlotlang ka dipotso tse di mo kgatisong ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya October 2002.

      4. Ke didirisiwa dife tse di rutang tse mosha wa Mosupi a ka di dirisang kwa sekolong?

      4 Basha, lo ka nna lwa buisana le barutabana ba lona lo ba botse gore a lo ka bontsha tlelase ya lona bidio ya Jehovah’s Witnesses Stand Firm Against Nazi Assault kgotsa Faithful Under Trials—Jehovah’s Witnesses in the Soviet Union. Ba boleleleng gore lo ka rata go rulaganya dipotso, lo bo lo dira gore dipotso tse di mo kgatisong ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya February 2003 di tshwanele motlotlo wa mo tlelaseng.

      5. Ke eng se batsadi ba ka se dirisang mo thutong ya lelapa?

      5 O na Le ba Lelapa le Ditsala: Batsadi, akanyang gore bana ba lona ba godile go le kana kang fa e sa le bidio ya Young People Ask—How Can I Make Real Friends? e ne e gololwa la ntlha. Ke ka ntlha yang fa lo sa e lebelele gape mo thutong ya lona e e latelang ya lelapa? Tirelo ya Rona ya Bogosi ya April 2002 e na le dipotso tse di ka dirang gore go nne le motlotlo o o kgatlhang.

      6. O ka rulaganya jang go nna le nako e e itumedisang le ditsala?

      6 A go na le ditsala mo phuthegong tse o batlang go di laletsa kwa legaeng la gago? Go lebelela mmogo bidio ya Respect Jehovah’s Authority go tla dira gore lo nne le maitiso a a agang, segolobogolo fa lo tlotla ka dithuto tse re ithutang tsone mo bidiong eno, lo dirisa dipotso tse di mo kgatisong ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya September 2004.

      7. O ka akanya ka ditsela dife tse dingwe tse o ka dirisang dibidio tsa rona ka tsone?

      7 Ditshono Tse Dingwe: O ka dirisa dibidio tsa rona tse 20 ka ditsela dife gape? A go bontsha mongwe yo o mo etelang ka metlha bidio e le nngwe kgotsa di le pedi go tla mo thusa gore a gatele pele semoyeng? A o ka ithaopa go bontsha batho ba ba nnang kwa lefelong la bagodi dibidio tseno? A dibidio tseno di ka kgatlha ba losika la gago ba e seng Basupi, baagelani le badirimmogo? Dibidio tsa rona di a kgatlha, di a ruta e bile di na le matswela. Di dirise go ruta.

  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
    Tirelo ya Bogosi—2006 | February
    • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone

      Tora ya Tebelo Feb. 15

      “Fa o ne o ka tlhopha mongwe gore a buse lefatshe, o ne o tla tlhopha mang? [Mo letle gore a arabe.] Makasine ono wa Tora ya Tebelo o tlotla ka se se dirang gore Mesia e nne ene yo o tshwanelegang, yo Modimo a mo tlhophileng gore a buse lefatshe. Gape o tlhalosa se puso ya gagwe e tla se direlang batho.” Bala Isaia 9:6, 7.

      Tsogang! Feb.

      “Go na le medimo e le mentsi e batho ba e obamelang gompieno. Le fa go ntse jalo, ela tlhoko gore Jesu o ne a reng mo thapelong fa a rapela Rraagwe yo o kwa legodimong. [Bala Johane 17:3.] Fa go na le Modimo a le esi fela wa boammaaruri, go tweng ka medimo e mengwe yotlhe? [Mo letle gore a arabe.] Setlhogo seno se tlhalosa gore Baebele ya reng ka kgang eno.” Buelela setlhogo se se mo tsebe 28-9.

      Tora ya Tebelo Mar. 1

      “Batho ba le bantsi ba a dumela gore re tshwanetse go ratana, fela jaaka Jesu a laetse mo temaneng eno. [Bala Johane 13:34, 35.] Le fa go le jalo, re ka bona kae batho ba ba dirisang dithuto tsa ga Jesu mo matshelong a bone? [Mo letle gore a arabe.] Makasine ono o tlotla kafa re ka lemogang Bakeresete ba mmatota ka gone gompieno.”

      Tsogang! Mar.

      “Lorato lo botlhokwa gore re itumele le go nna le botsogo jo bo siameng. Le fa go ntse jalo, mo bathong ba le bantsi, go thata go bona lorato lwa mmatota. O akanya gore ke ka ntlha yang fa go le jalo? [Mo letle gore a arabe.] Selo se le sengwe sa go bona lorato lwa mmatota ke go ithuta go bontsha ba bangwe lorato lo e seng lwa bopelotshetlha. Makasine ono o tlotla gore seo se akaretsang.” Bala 1 Bakorintha 13:4-7.

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela