Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
Tora ya Tebelo Feb. 15
“Fa o ne o ka tlhopha mongwe gore a buse lefatshe, o ne o tla tlhopha mang? [Mo letle gore a arabe.] Makasine ono wa Tora ya Tebelo o tlotla ka se se dirang gore Mesia e nne ene yo o tshwanelegang, yo Modimo a mo tlhophileng gore a buse lefatshe. Gape o tlhalosa se puso ya gagwe e tla se direlang batho.” Bala Isaia 9:6, 7.
Tsogang! Feb.
“Go na le medimo e le mentsi e batho ba e obamelang gompieno. Le fa go ntse jalo, ela tlhoko gore Jesu o ne a reng mo thapelong fa a rapela Rraagwe yo o kwa legodimong. [Bala Johane 17:3.] Fa go na le Modimo a le esi fela wa boammaaruri, go tweng ka medimo e mengwe yotlhe? [Mo letle gore a arabe.] Setlhogo seno se tlhalosa gore Baebele ya reng ka kgang eno.” Buelela setlhogo se se mo tsebe 28-9.
Tora ya Tebelo Mar. 1
“Batho ba le bantsi ba a dumela gore re tshwanetse go ratana, fela jaaka Jesu a laetse mo temaneng eno. [Bala Johane 13:34, 35.] Le fa go le jalo, re ka bona kae batho ba ba dirisang dithuto tsa ga Jesu mo matshelong a bone? [Mo letle gore a arabe.] Makasine ono o tlotla kafa re ka lemogang Bakeresete ba mmatota ka gone gompieno.”
Tsogang! Mar.
“Lorato lo botlhokwa gore re itumele le go nna le botsogo jo bo siameng. Le fa go ntse jalo, mo bathong ba le bantsi, go thata go bona lorato lwa mmatota. O akanya gore ke ka ntlha yang fa go le jalo? [Mo letle gore a arabe.] Selo se le sengwe sa go bona lorato lwa mmatota ke go ithuta go bontsha ba bangwe lorato lo e seng lwa bopelotshetlha. Makasine ono o tlotla gore seo se akaretsang.” Bala 1 Bakorintha 13:4-7.