Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
Tora ya Tebelo Jan. 15
“Mo dingwageng tsa bosheng, batho ba le bantsi ba kgatlhegela thata go itse ka baengele. A o kile wa ipotsa gore ke bomang le kafa ba amang matshelo a rona ka gone? [Mo letle gore a arabe. Morago ga moo bala Pesalema 34:7.] Makasine ono o tlotla ka se Baebele e se buang ka ditiro tsa baengele—mo nakong e e fetileng, gone jaanong le mo isagweng.”
Tsogang! Jan.
“Gompieno go na le kgakololo mo e ka nnang ka kgang nngwe le nngwe. O akanya gore re ka ikanya e kana kang? [Mo letle gore a arabe. Morago ga moo bala 2 Timotheo 3:16.] Makasine ono wa Tsogang! o bontsha lebaka la go bo re ka ikanya Baebele gore e nne yone motswedi o o ikanyegang wa botlhale jo bo mosola.” Buelela setlhogo se se simololang mo tsebe 18.
Tora ya Tebelo Feb. 1
“Rotlhe re tlhoka madi gore re kgone go tshela. Mme a o a dumalana gore go tlhokega gore re itise mo kotsing e e umakilweng fano? [Bala 1 Timotheo 6:10 mme o mo letle gore a arabe.] Makasine ono wa Tora ya Tebelo o re thusa go lemoga dikotsi dingwe tse di tlwaelegileng tsa go nna le dilo tse di bonalang mme o tlotla kafa re ka di tilang ka gone.”
Tsogang! Feb.
“Ba le bantsi ba rona ba ba nang le ba losika le ditsala tse di godileng re ipotsa gore re ka ba thusa jang go lebana le mathata a botsofe. A ga go jalo? [Mo letle gore a arabe.] Makasine ono o akantsha dilo tse re ka di dirang gore re kgone go itshokela mathata a botsofe. Gape o tlhalosa kafa boporofeti jono bo tla diragadiwang ka gone.” Bala Jobe 33:25.