Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
Tora ya Tebelo Jan. 15
“Rotlhe re eletsa gore rona le bana ba rona re tshele botshelo jo bo botoka, mme batho ba le bantsi ba akanya gore ga ba ka ke ba kgona go dira jalo. A o akanya gore re ka laola isagwe ya rona? [Mo letle gore a arabe.] Makasine ono o bontsha go tswa mo Baebeleng gore ga se gore ga go na se re ka se dirang, mme isagwe ya rona e ikaegile ka ditshwetso tse re di dirang gone jaanong.” Bala Duteronome 30:19.
Tora ya Tebelo Feb. 1
“A ga go utlwise botlhoko go bo batho ba le bantsi jaana gompieno ba gatelelwa le go amiwa ke thubakanyo? [Umaka tiragalo nngwe ya bosheng e e itsegeng mo lefelong la lona, mme o mo letle gore a arabe.] Makasine ono o tlotla ka tsela e Modimo a lebang botshelo jwa motho ka yone. E tlhalosa gape kafa a tla re gololang ka gone mo pogong e re lebaneng le yone gompieno.” Bala Pesalema 72:12-14.
Tsogang! Feb. 8
“Fa re lwala, rotlhe re anaanela ngaka e e akanyetsang kafa re ikutlwang ka gone. Mme gone a o akanya gore balwetse ba le bantsi ba akanyetsa maikutlo a dingaka tsa bone? [Mo letle gore a arabe.] Makasine ono o tlotla ka dikgwetlho tse dingaka di lebaneng le tsone le se se tla diregang mo go tsa kalafi mo nakong e e tlang.” Bala Isaia 33:24.
“Bongwe jwa bothata jo bogolo jo re lebaneng le jone gompieno ke go gatelelwa thata mo maikutlong. A ga o dumalane le seo? [Mo letle gore arabe.] Baebele e ne ya bolelela pele sentle gore go ne go tla nna jalo. [Bala 2 Timotheo 3:1.] Makasine ono o na le dikakantsho tse di molemo tse di ka thusang wena le lelapa la gago go itshokela go gatelelwa thata mo maikutlong.”