Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
Tora ya Tebelo Jan. 1
“A o dumalana le se se buiwang fano? [Bala Jakobe 3:2.] Setlhogo seno se na le dikakantsho tse di molemo tse di tswang mo Baebeleng tse di ka re thusang go tila go utlwisa ba malapa a rona botlhoko ka se re se buang.” Buelela setlhogo se se simololang mo tsebeng ya 10.
Tsogang! Jan.
“Lenyalo lengwe le lengwe le na le mathata. O akanya gore banyalani ba ka ya kae go bona kgakololo e e ikanyegang? [Mo letle gore a arabe.] Ela tlhoko kaelo eno e e molemo. [Bala Baefeso 5:22, 25.] Setlhogo seno se tlhalosa gore go kaya eng gore mosadi a ikobele monna wa gagwe.” Buelela setlhogo se se simololang mo tsebeng ya 28.
Tora ya Tebelo Feb. 1
“Mo mathateng otlhe a re nang le one gompieno, a o akanya gore go a kgonega gore motho a ritibale maikutlo? [Mo letle gore a arabe.] Batho ba le bantsi ba thusitswe ke go ithuta se Baebele e se buang ka isagwe. [Bala longwe lwa dikwalo tse di mo tsebeng ya 8-9.] Makasine ono o bontsha se Baebele e se buang malebana le gore re tswa kae, gore boikaelelo jwa botshelo ke eng le gore isagwe e re tshwaretse eng.”
Tsogang! Feb.
“Batho ba le bantsi ba ikutlwa ba sa sireletsega ka ntlha ya bokebekwa jo bo ntseng bo oketsega ka lobelo lo logolo. A o akanya gore dilo di tla tsamaya di tokafala? [Mo letle gore a arabe.] Ela tlhoko boporofeti jono jo bo kgatlhang jwa Baebele. [Bala Pesalema 37:10.] Makasine ono o tlhalosa selo sa konokono se se bakang bokebekwa le tharabololo ya Baebele ya bothata jono.”