Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
Tora ya Tebelo Feb. 1
“O akanya gore kgakololo eno e ka ama malapa jang fa a ne a ka e dirisa? [Bala Baefeso 4:31. Mo letle gore a arabe.] Setlhogo seno se na le dikakantsho tse di molemo tse di tswang mo Baebeleng tse di thusang malapa go rarabolola dikgotlhang le go boloka boitumelo mo lenyalong.” Buelela setlhogo se se simololang mo tsebeng ya 18.
Tsogang! Feb.
“Batho bangwe ba dumela gore Modimo o ela tlhoko phoso nngwe le nngwe e re e dirang. Bangwe ba dumela gore o itshwarela maleo otlhe go sa re sepe gore a masisi go le kana kang. Wena o akanyang? [Mo letle gore a arabe. Go tswa foo bala Ditiro 3:19.] Setlhogo seno se tlhalosa dikgato tse tharo tse di umakwang mo Baebeleng tse di ka dirang gore Modimo a re itshwarele maleo.” Buelela setlhogo se se simololang mo tsebeng ya 10.
Tora ya Tebelo Mar. 1
“Nka rata go utlwa gore o ikutlwa jang ka temana eno e e itsegeng thata. [Bala Johane 3:16.] A ga o ise o ipotse gore loso lwa motho a le mongwe lo ka dira jang gore batho ba bangwe ba bone botshelo jo bo sa khutleng? [Mo letle gore a arabe.] Makasine ono o tlhalosa sentle le ka tsela e e kgotsofatsang kafa loso lwa ga Jesu lo ka re solegelang molemo ka gone.”
Tsogang! Mar.
“A o akanya gore madumedi otlhe a siame? [Mo letle gore a arabe.] Ela tlhoko gore Baebele ya reng ka kobamelo ya batho bangwe. [Bala Mareko 7:7.] Motho a ka itse jang fa bodumedi bo ruta boammaaruri mme e seng ‘ditaelo tsa batho’? A mme go a kgonega gore batho ba bone boammaaruri mo dilong tsa bodumedi? Makasine ono o araba dipotso tseno.”