Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
Tora Ya Tebelo Mar. 15
“Bangwe ba akanya gore batho ba senya lefatshe. A o a tle o tshwenyege ka seo? [Mo letle gore a arabe.] Ela tlhoko tsholofetso eno e e kgothatsang. [Bala Tshenolo 11:18.] Makasine ono o na le tshedimosetso ya gore ke eng se se dirang gore polanete eno e se ka ya tshwana le epe. Gape o bontsha se Baebele e se bolelang ka isagwe ya lefatshe.”
Tsogang! Feb.
“A o akanya gore leno ke lone lebaka la go bo re bona matshwenyego a le mantsi jaana mo lefatsheng? [Bala 1 Johane 5:19. Morago ga moo mo letle gore a arabe.] Setlhogo seno se bontsha gore Baebele ya re ‘yo o boikepo’ ke mang le gore re ka tila jang tlhotlheletso ya gagwe e e maatla.” Buelela setlhogo se se simololang mo tsebeng ya 12.
Tora Ya Tebelo Mar. 1
“Batho ba le bantsi ba tsaya gore madumedi otlhe a obamela Modimo. A o akanya gore go a kgathalesega gore motho o tlhopha bodumedi bofe? [Mo letle gore a arabe.] Ela tlhoko kgakololo eno. [Bala 1 Johane 4:1.] Makasine ono o tlhalosa kafa re ka tlhatlhobang dithuto ka gone go bona gore a di tswa kwa Modimong. Gape o tlhalosa kafa madumedi a a farologaneng a simologileng ka gone.”
Tsogang! Mar.
“Go ya kafa o akanyang ka gone, ke mathata afe a basha ba lebaneng le one gompieno? [Mo letle gore a arabe.] Temana eno e gatelela bothata bo le bongwe—go nna le ditsala tse di siameng. [Bala Diane 13:20.] Makasine ono o tlotla ka dikotsi tsa go dirisa Internet go batla ditsala le kafa basha ba ka sirelediwang ka gone.”