Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
Tora ya Tebelo Feb. 15
“Batho ba le bantsi ba tshwenngwa ke dilo tse di maswe tse di dirwang di letlelelwa ke bodumedi. Bangwe ba dumela gore bodumedi ke jone bo bakang mathata a batho. A o kile wa akanya ka kgang eno? [Mo letle a arabe. Go tswa foo o bo o bala Tshenolo 18:24.] Makasine ono o tlhalosa se Baebele e se bolelang ka kgang eno.”
Tora ya Tebelo Mar. 1
“Jesu Keresete o kile a bodiwa jaana: ‘Taelo ya ntlha mo go tsone tsotlhe ke efe?’ Bona gore o ne a araba jang. [Bala Mareko 12:29, 30.] A o kile wa ipotsa gore Jesu o ne a rayang fa a rialo? [Mo letle a arabe.] Setlhogo se se reng ‘Kafa re Bontshang ka Teng Gore re Rata Modimo’ se tlhalosa bokao jwa mafoko ao a a itsegeng thata.”
Tsogang! Mar. 8
“Batho ba le bantsi ba rata go ithuta ka diphologolo, mme ba bangwe ba rata go di rua. [Mo letle gore a akgele.] Makasine ono o tlhalosa mangwe a mathata a go nna le diruiwa tsa mo gae. Gape o tlhalosa ka tsholofetso ya Modimo ya gore nako nngwe diphologolo tsotlhe di tla bo di agisane mmogo e bile di agisane le batho.” Bala Isaia 11:6-9.
“Go na le nako e ka yone batho ba le bantsi ba neng ba tshelela mo poifong ya ntwa ya nuklea. A o akanya gore ntwa ya nuklea e ka runya gompieno? [Mo letle a arabe.] Makasine ono o sekaseka ditiragalo tsa gone jaanong tse di re amang rotlhe. Gape o tlhalosa tsholofetso e e mo Baebeleng ya gore nako nngwe poifo e tla bo e sa tlhole e le teng mo lefatsheng.” Bala Sefania 3:13.