Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
Tora ya Tebelo Feb. 15
“Ka dinako tse dingwe re utlwa dipego tse mo go tsone go tweng go diragetse kgakgamatso. [Umaka sekai sengwe.] Batho bangwe ba dumela dipego tseno. Ba bangwe ba a di belaela. Makasine ono o sekaseka gore a tota dikgakgamatso tse di kwadilweng mo Baebeleng di ile tsa direga le gore a dilo tse di ntseng jalo di a direga gompieno.” Bala Jeremia 32:21.
Tora ya Tebelo Mar. 1
“A o akanya gore lefatshe le ka bo le le botoka fa mongwe le mongwe a ne a dirisa kgakololo eno? [Bala Baroma 12:17, 18. Morago ga moo, mo letle gore a arabe.] Ka maswabi, ka dinako tse dingwe batho ga ba utlwane. Makasine ono o bontsha kafa go dirisa kgakololo ya Baebele go ka re thusang go rarabolola dikgotlhang ka gone le go dira kagiso.”
Tsogang! Mar. 8
“Mo dinakong tsa bogologolo, Modimo o ne a laela bana gore ba tlotle bommaabone mmogo le borraabone. [Bala Ekesodo 20:12.] A o akanya gore bommè ba tlotlwa ka tsela e e tshwanetseng gompieno? [Mo letle gore a arabe.] Makasine ono o sekaseka dikgwetlho tse bommè ba ba mo dinageng tse di farologaneng ba lebaneng le tsone le kafa ba lepalepanang le tsone ka teng.”
“Ngwaga le ngwaga, batho ba tlhoka maatla a a oketsegileng a motlakase. O akanya gore go ne go tla diregang fa letsatsi lengwe maatla otlhe a motlakase a re a tlhokang a ne a ka fela? [Mo letle gore a arabe.] Makasine ono o bua ka kgatelopele e e dirilweng go dira gore go nne le metswedi e e phepa ya maatla ano. E tlhalosa gape gore Motswedi wa maatla otlhe ke mang.” Bala Isaia 40:26.