Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
Tora ya Tebelo Jan. 15
“O akanya gore banyalani ba ka bona kae kgakololo e e ikanyegang? [Mo letle gore a arabe.] Ela tlhoko gore ke mang yo o simolotseng lenyalo. [Bala Genesise 2:22.] Gape Modimo o re neile ditaelo ka seabe se se tlotlegang sa monna le mosadi. Makasine ono o tlhalosa ditaelo tseo.”
Tsogang! Jan.
“A o lemogile gore batho ba le bantsi ba ba ipitsang Bakeresete ga ba latele dithuto tsa ga Jesu? [Mo letle gore a arabe.] Ka sekai, ba le bantsi ga ba latele mafoko a ga Jesu a a kwadilweng mono. [Bala Johane 13:35.] Setlhogo seno se sekaseka pharologanyo fa gare ga se Jesu a se rutileng le pono e batho ba le bantsi ba ba ipitsang Bakeresete ba nang le yone.” Buelela setlhogo se se simololang mo tsebeng ya 18.
Tora ya Tebelo Feb. 1
“A o akanya gore tikologo ya rona e ka bo e le lefelo le le botoka fa mongwe le mongwe a ka bo a dirisa mafoko ano? [Bala Baefeso 4:25. Morago ga moo mo letle gore a arabe.] Batho ba le bantsi ba akanya gore go bua maaka go siame mo maemong mangwe. Makasine ono o tlhalosa melemo ya go bua boammaaruri ka dinako tsotlhe.”
Tsogang! Feb.
“Tsela e batho bangwe ba lebang bodumedi ka yone e lebega e fetoga. A o akanya gore dikereke ga di tlhole di na le tlhotlheletso? [Mo letle gore a arabe.] Mafoko ano a ga moaposetoloi Paulo a tlhalosa lebaka la go bo bangwe ba sa tlhole ba ikanya bodumedi. [Bala Ditiro 20:29, 30.] Makasine ono o bontsha se Baebele e se bolelang ka isagwe ya Bokeresete.”