LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 1/03 ts. 4
  • Se re Ka se Buang ka Dimakasine

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Se re Ka se Buang ka Dimakasine
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2003
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2004
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2006
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2007
  • Se re Ka se Buang ka Dimakasine
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2002
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2003
km 1/03 ts. 4

Se re Ka se Buang ka Dimakasine

Tsogang! Jan. 8

“Makasine ono wa Tsogang! o botsa potso eno e e kgatlhang: A Bakeresete ba Tshwanetse go Humanega? O akanyang? (Mo letle go araba) Gompieno batho ba le bantsi ba humanegile. Mme gone, Modimo o leba jang batho ba ba humanegileng le ba ba humileng? [Bala 1 Tim. 2:4] Botlhe ba na le tshono ya go amogelwa ke Modimo le go bona botshelo jo bo sa khutleng, fa fela ba na le kitso e e leng yone ya boammaaruri ba bo ba e dirisa mo matshelong a bone. O tla itumelela go bala ka potso eno e e dirang gore motho a akanye mo makasineng ono.

Tora ya Tebelo Jan. 15

“Fa re lebelela tsela e batho ba tshololang madi a ba bangwe ka yone, a o akanya gore bosula bo fentse molemo? [Mo letle go araba.] Ela tlhoko se Baebele e se bolelang ka Modimo. [Bala Pesalema 83:18b.] E re ka Modimo e le Mogodimodimo e bile a okametse lefatshe, a tota bosula bo ka fenya? [Mo letle go araba.] Makasine ono wa Tora ya Tebelo o re neela karabo e e kgotsofatsang ya potso eno.”

Tora ya Tebelo Feb. 1

“Batho ba le bantsi gompieno ba tshwenyegile ka botlhokatiro, mme ba bangwe ba gatelelwa fela thata kwa tirong. A o akanya gore go ka kgonega gore motho a ikutlwe a itumetse e bile a babalesegile kwa tirong? [Mo letle go araba. Morago ga moo, bala Isaia 65:21-23.] Makasine ono wa Tora ya Tebelo o bua ka nako ya fa batho botlhe ba tla bo ba na le tiro e e itumedisang.”

Tsogang! Feb. 8

“Makasine ono wa Tsogang! o bega ka selo se se utlwisang botlhoko se se diregang mo motlheng wa rona—go dira bana diaka. Mokgwa ono o o maswe wa go sotla bana ke sengwe sa dilo tse Baebele e solofetsang gore di tla fela gautshwane. [Bala Diane 2:21, 22.] Makasine ono o bontsha gore ke eng se se dirang gore bana ba dirisiwe ka tsela eno le kafa seno se tla fedisiwang ka gone.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela