Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
Tora ya Tebelo Jan. 15
“Gompieno go tlwaelegile gore batho ba se ka ba diragatsa ditsholofetso tsa bone, mme seo se dira gore ba le bantsi ba se ka ba ikanya ope. A o akanya gore go na le mongwe yo re ka ikanyang ditsholofetso tsa gagwe? [Mo letle gore a arabe. Go tswa foo o bo o bala Joshua 23:14.] Makasine ono o bontsha kafa re ka ithutang go ikanya ditsholofetso tsa Modimo tse di kwadilweng mo Baebeleng ka teng.”
Tora ya Tebelo Feb. 1
“Bontsi jwa rona re leka go tlhokomela botsogo jwa rona. Le fa go ntse jalo, dipatlisiso tsa bosheng di bontsha gore botsogo jwa rona bo amiwa le ke bomoya jwa rona. A o akanya gore seo se ka direga? [Mo letle gore a arabe. O bo o bala Mathaio 5:3.] Makasine ono wa Tora ya Tebelo o bontsha kafa re ka bonang dilo tse re di tlhokang semoyeng ka teng.”
Tsogang! Feb. 8
“Leina la Modimo le lebega jaana ka puo ya Sehebera. [Mmontshe makasine kafa ntle.] Batho bangwe ba dumela thata gore leina leno le ka motlha ga le a tshwanela go buelwa kwa godimo. Ba bangwe bone ba le dirisa fela ka kgololesego. Makasine ono wa Tsogang! o sekaseka kganetsano eno. Gape o tlhalosa gore re ka itse Modimo ka leina jang.” Bala Pesalema 83:18.
“Batho ba le bantsi gompieno ba nna ba tshwaregile ka tiro mme ba tlhoka go ikhutsa. Gongwe o tla dumalana le mafoko ano a a kwadilweng dingwaga di feta 3 000 tse di fetileng. [Bala Moreri 4:6. Go tswa foo o mo letle a arabe.] Makasine ono wa Tsogang! o na le tshedimosetso e e mosola malebana le go lemoga le go lepalepana le bothata jwa go se robale mo go lekaneng.”