Go Fufega ka ga Kobamelo e e Itshekileng ya ga Jehofa
“Jehofa yo leina la gagwe go tweng, Kelefufa, ke Modimo o o lefufa ruri.”—EKESODO 34:14.
1. Ke nonofo efe ya Modimo e e tlhomologileng, mme e amana jang le lefufa la gagwe?
JEHOFA o itlhalosa e le “Modimo o o lefufa.” O ka nna wa ipotsa gore ke ka ntlha yang a ipitsa jalo, ka gonne “lefufa” e le lefoko le le nang le bokao jo bo sa siamang. Ke boammaaruri gore nonofo ya Modimo e e tlhomologileng ke lorato. (1 Johane 4:8) Ka gone fa a ikutlwa a le lefufa e tshwanetse ya bo e le le le solegelang batho molemo. E bile tota, re tla bona gore lefufa la Modimo le a tlhokega gore go nne le kagiso le kutlwano mo lefatsheng lotlhe.
2. Ke ditsela dife tse dingwe tsa go ranola mafoko a Sehebera a a rayang “lefufa”?
2 Mafoko a Sehebera a a tshwanang le “lefufa” a bonala ka makgetlho a a fetang 80 mo Dikwalong tsa Sehebera. Mo e ka nnang sephatlo sa ditshupiso tseno di lebisitse kwa go Jehofa Modimo. G. H. Livingston o tlhalosa jaana: “Fa go bolelwa ka lefufa la Modimo, kgopolo ya lone ga e neye kakantsho ya boikutlo jo bo bosula, mme, go na le moo, ke le le tlhotlheletsang gore go obamelwe Jehofa a le esi fela.” (The Pentateuch in Its Cultural Environment) Ka gone, ka dinako tse dingwe New World Translation e ranola leina leno la Sehebera ka gore “tlhotlheletso mo kobamelong e e feletseng.” (Esekiele 5:13, NW) Dithanolo tse dingwe tse di tshwanetseng ke “botlhaga” kana “tlhoafalo.”—Pesalema 79:5, NW; Isaia 9:7.
3. Ke ditsela dife tse ka dinako tse dingwe lefufa le ka tlhotlheletsang sengwe se se molemo ka tsone?
3 Motho o bopilwe a kgona go nna lefufa, mme go leofa ga batho ke gone go dirileng gore go nne le lefufa le le bosula. Lefa go ntse jalo, lefufa la batho le ka tlhotlheletsa sengwe se se molemo. Le ka tlhotlheletsa motho gore a sireletse motho yo a mo ratang mo dilong tse di bosula. Mo godimo ga moo, batho ba ka bontsha lefufa sentle ka ga Jehofa le kobamelo ya gagwe. (1 Dikgosi 19:10) Gore motho a tlhaloganye sentle lefufa le le nnang gone ka ga Jehofa, leina leno la Sehebera le ka nna la ranolwa e le “go sa letle ope a lepalepana” le ene.—2 Dikgosi 10:16.
Namane ya Gouta
4. Ke taolo efe e e akaretsang lefufa le le siameng e e neng e tlhomologile mo Molaong wa Modimo kwa Iseraele?
4 Sekai sa lefufa le le siameng ke se se neng sa diragala fa Baiseraele ba se na go amogela Molao kwa Thabeng ya Sinai. Ba ne ba tlhagisitswe kgapetsakgapetsa gore ba se ka ba obamela medimo e e itiretsweng ke batho. Jehofa o ne a ba bolelela jaana: “Nna, Jehofa Modimo wa gago, ke Modimo o o batlang kobamelo e e feletseng [kana, “Modimo o o lefufa (o o sa batleng go lepalepanwa le one); Modimo o o tlhoafetseng”].” (Ekesodo 20:5, NW, ntlhanyana e e kwa tlase; bapisa Ekesodo 20:22, 23; 22:20; 23:13, 24, 32, 33.) Jehofa o ne a dira kgolagano le Baiseraele, fa a ne a ba solofetsa gore o tla ba segofatsa le go ba tsenya mo Nageng e e Solofeditsweng. (Ekesodo 23:22, 31) Mme batho ba ne ba bolela jaana: “Gotlhe mo Jehofa o go buileng re tlaa go dira, re go utlwa.”—Ekesodo 24:7.
5, 6. (a) Baiseraele ba ne ba leofa jang mo go masisi fa ba ne ba thibeletse kwa Thabeng ya Sinai? (b) Jehofa mmogo le baobamedi ba gagwe ba ba ikanyegang ba ile ba bontsha lefufa le le siameng jang kwa Sinai?
5 Lefa go ntse jalo, go ise go ye kae Baiseraele ba ne ba leofela Modimo. Ba ne ba santse ba thibeletse kwa tlase ga Thaba ya Sinai. Moshe o ne a ntse a le kwa thabeng ka malatsi a le mantsi, a tsaya taelo e ntsi e e tswang kwa Modimong, mme batho ba ne ba gatelela morwaarraagwe Moshe e bong Arone, gore a ba direle modimo. Arone o ne a ineela mme a dira namane ka gouta e batho ba neng ba mo e neela. Go ne go bolelwa gore setshwantsho seno se ne se emela Jehofa. (Pesalema 106:20) Mo letsatsing le le latelang ba ne ba ntsha ditlhabelo mme ba ‘e obamela.’ Go tswa foo ba ne “ba tshameka.”—Ekesodo 32:1, 4, 6, 8, 17-19.
6 Moshe o ne a fologa kwa thabeng fa Baiseraele ba ntse ba keteka. Fa a bona boitshwaro jwa bone jo bo makgapha, o ne a goeletsa jaana: “Ke mang yo o mo ntlheng ya ga Jehofa?” (Ekesodo 32:25, 26, NW) Bomorwa Lefi ba ne ba phuthaganela kwa go Moshe, mme o ne a ba laela gore ba tseye ditšhaka mme ba bolaye baobamedi ba medimo ya disetwa. Balefi ba ne ba bolaya bomorwarraabone ba ba dirileng molato ba le 3 000, ba bontsha go fufega ka ga kobamelo e e itshekileng ya Modimo. Jehofa o ne a tshegetsa tiro eno ka go itaya ba ba neng ba falotse. (Ekesodo 32:28, 35) Morago ga moo Modimo o ne a boeletsa taolo eno: “Ga o ketla o obamela modimo ope o sele; gonne Jehofa yo leina la gagwe go tweng, Kelefufa, ke Modimo o o lefufa ruri.”—Ekesodo 34:14.
Baale wa Peore
7, 8. (a) Baiseraele ba le bantsi ba ile ba wela mo kobamelong ya medimo ya disetwa e e amanang le Baale wa Peore jang? (b) Kotlhao e e neng e tswa kwa go Jehofa e ne ya fela jang?
7 Dingwaga di le 40 morago ga moo, fa setšhaba sa Iseraele se ne se le gaufi le go tsena mo Nageng e e Solofeditsweng, basadi ba Moabe le ba Midiane ba bantle ba ne ba fepisa Baiseraele ba le bantsi gore ba ba etele mme ba itumele le bone. Banna bano ba tshwanetse ba ka bo ba ganne go ikopanya thata le baobamedi ba medimo ya maaka. (Ekesodo 34:12, 15) Go na le moo, ba ne ba tabogela teng jaaka ‘dikgomo di ya go tlhajwa,’ ba akafala le basadi bano mme ba obamela le bone Baale wa Peore.—Diane 7:21, 22; Dipalo 25:1-3.
8 Jehofa o ne a otlhaya batho ba ba neng ba kopanetse mo kobamelong eno e e tlhabisang ditlhong ya tlhakanelodikobo ka go ba bolaya. Gape Modimo o ne a laela Baiseraele ba ba neng ba sena molato gore ba bolaye bomorwarraabone ba ba molato. Kgosana nngwe ya kgotla ya Iseraele e bong Simeri o ne a tla le kgosigadi ya Momidiane mo tanteng ya gagwe gore a tlhakanele dikobo le ene, selo se se neng se le makgapha tota. Fa moperesiti yo o boifang Modimo e bong Finease a ne a bona seno, o ne a bolaya batho bano ba babedi ba ba neng ba dira boitsholo jo bo sa siamang. Morago ga moo kotlhao eo e ne ya ema, mme Modimo o ne a bolela jaana: “Finease . . . o tlositse bogale jwa me mo Baiseraeleng; o ne a ba bontsha bogale jo bo tshwanang le jwa me jo bo lefufa, mme ka jalo ke ne ka se ka ka nyeletsa Baiseraele mo lefufeng la me.” (Dipalo 25:11, The New English Bible) Le mororo setšhaba seno se ne sa se ka sa senngwa, go ka tswa go ne ga swa Baiseraele ba le 23 000. (1 Bakorinthe 10:8) Ba ne ba palelwa ke go fitlhelela se ba neng ba sa le ka ba se solofetse e leng go tsena mo Nageng e e Solofeditsweng.
Thuto e e Tlhagisang
9. Ke eng se se neng sa diragalela batho ba Iseraele le Juta ka gonne ba ne ba sa fufege ka ga kobamelo e e itshekileng ya ga Jehofa?
9 Ka maswabi, go ise go ye kae Baiseraele ba ne ba lebala dithuto tseno. Ga ba a ka ba itshupa ba fufega ka ga kobamelo e e itshekileng ya ga Jehofa. “Ba tsenya [Modimo] lefufa ka ditshwantsho tse di setilweng tsa bone.” (Pesalema 78:58) Ke gone ka moo Jehofa a neng a lesa ditso tsa Iseraele di le lesome gore di isiwe botshwarwa ke Baasiria ka 740 B.C.E. Bogosi jo bongwe jwa Juta jo bo neng bo na le ditso tse pedi le jone bo ne jwa otlhaiwa ka tsela e e tshwanang fa motsemogolo wa bone wa Jerusalema o ne o senngwa ka ngwaga wa 607 B.C.E. Go ne ga bolawa batho ba le bantsi, mme bafalodi ba ne ba isiwa botshwarwa kwa Babilone. A bo e le sekai se se tlhagisang Bakeresete botlhe jang ne gompieno!—1 Bakorinthe 10:6, 11.
10. Ke eng se se tla diragalelang baobamedi ba medimo ya disetwa ba ba sa ikotlhaeng?
10 Nngwetharong ya palo ya batho botlhe ba ba mo lefatsheng—ba ba ka nnang dimilione di le 1 900—jaanong ba bolela fa e le Bakeresete. (1994 Britannica Book of the Year) Bontsi jwa bone bo tsena dikereke tse di dirisang medimo ya disetwa, ditshwantsho le difapaano mo kobamelong ya bone. Jehofa o ne a se ka a rekegela batho ba gagwe ba ba neng ba mo tlhotlheletsa gore a nne lefufa ka gore ba obamele medimo ya disetwa. Le gone o ka se rekegele batho ba ba ipolelang e le Bakeresete ba ba obamelang ka ditshwantsho. Jesu Keresete o ne a bolela jaana: “Modimo ke Mowa; mme ba ba o obamelang ba na le go o obamela ka mowa le ka boammaaruri.” (Johane 4:24) Mo godimo ga moo, Baebele e tlhagisa Bakeresete gore ba ithibe mo kobamelong ya medimo ya disetwa. (1 Johane 5:21) Baobamedi ba medimo ya disetwa ba ba sa ikotlhayeng ke bangwe ba batho ba ba ka se keng ba rua Bogosi jwa Modimo.—Bagalatia 5:20, 21.
11. Mokeresete o ka nna le molato wa go obamela medimo ya disetwa jang lefa gone a sa ikobele modimo wa disetwa, mme ke eng se se ka thusang motho gore a tile kobamelo e e ntseng jalo ya medimo ya disetwa? (Baefeso 5:5)
11 Le mororo Mokeresete wa boammaaruri a ka se obamele modimo wa sesetwa, o tshwanetse gore a tile sepe fela se Modimo a se lebang e le kobamelo ya medimo ya disetwa, se se seng phepa e bile se le bosula. Ka sekai, Baebele e tlhagisa jaana: “Bolayang ditokololo tsa lona tse di ganelelang mo lefatsheng; ke raya boaka, le bomaswe, le dithato, le keletso e e bosula le pelotshetlha, tse e leng tirelo ya medimo ya disetwa; e le dilo tse bogale jwa Modimo bo tlang mo baneng ba ba kgopo ka ntlha ya tsone.” (Bakolosa 3:5, 6, mokwalo o o sekameng ke wa rona.) Fa motho a utlwa mafoko ano go raya gore a tile boitshwaro jo bo sa siamang. Seno se tlhoka gore motho a tile boitlosobodutu jo bo diretsweng go tsosa keletso e e leswe ya tlhakanelodikobo. Bakeresete ba boammaaruri ba a fufega ka ga kobamelo e e itshekileng ya Modimo go na le gore ba kgotsofatse keletso eo.
Dikai Tsa Morago ga Foo Tsa Lefufa la Bomodimo
12, 13. Jesu o ne a bontsha sekao se se tlhomologileng sa go fufega ka kobamelo e e itshekileng ya Modimo jang?
12 Sekai se se tlhomologileng thata sa motho yo o neng a fufega ka ga kobamelo e e itshekileng ya Modimo e ne e le Jesu Keresete. Mo ngwageng wa gagwe wa ntlha a le mo bodireding, o ne a bona barekisi ba ba bogagapa ba rekisetsa mo lelwapeng la tempele. Bajuta ba ba neng ba etile, ba ka tswa ba ne ba tlhoka baananyi ba madi gore ba ananye madi a bone a seeng ka madi a a neng a tla amogelwa e le lekgetho la tempele. Gape ba ne ba tlhoka go reka diphologolo le dinonyane e le gore ba ntshe ditlhabelo tse di tlhokegang mo Molaong wa Modimo. Kgwebo e e ntseng jalo e ne e tshwanetse e ka bo e diretswe kwantle ga malwapa a tempele. Se se neng se le maswe le go feta, go bonala barekisi ba ne ba batla gore ba solegelwe molemo ka tsela e e sa tshwanelang ke go tlhoka dilo tsa bodumedi ga bakaulengwekabone ka go ba duedisa ditlhwatlhwa tse di kwa godimo thata. Jesu o ne a dirisa seme go ntsha dinku le dikgomo ka a ne a fufega ka ga kobamelo e e itshekileng ya Modimo. Gape o ne a pitikolola ditafole tsa baananyi ba madi, a re: “Se ntsheng ntlo ya ga Rre ntlo ya thekelo.” (Johane 2:14-16) Ka gone Jesu o ne a diragatsa mafoko ano a Pesalema 69:9: “Tlhoafalelo [kana, “lefufa,” Byington] ya ntlo ya gago e njele.”
13 Dingwaga di le tharo morago ga moo Jesu o ne a bona barekisi bano ba ba bogagapa gape ba rekisetsa kwa tempeleng ya ga Jehofa. A o ne a tla e phepafatsa gape la bobedi? Ka nako eo tsela e a neng a fufega ka kobamelo e e itshekileng ya Modimo ka yone e ne e tshwana fela le fa a ne a simolola bodiredi jwa gagwe. O ne a lelekela barekisi mmogo le bareki kwa ntle. Mme o ne a neela lebaka le le nonofileng tota ka se a neng a se dira, a re: “A ga go a kwalwa ga twe: ‘Ntlo ya me e tlaa bidiwa Ntlo ya thapelelo ya merafe yotlhe’? Mme lona lo e ntshitse mongobo wa dinokwane.” (Mareko 11:17) A bo e ne e le sekao se se molemolemo jang ne sa go gagamalela go bontsha lefufa la bomodimo!
14. Go fufega ga ga Jesu ka kobamelo e e itshekileng go tshwanetse ga re ama jang?
14 Botho jwa Morena Jesu Keresete yo gone jaanong a galaleditsweng ga bo ise bo fetoge. (Bahebere 13:8) Mo lekgolong leno la bo20 la dingwaga, o santse a fufega ka ga kobamelo e e itshekileng ya ga Rraagwe fela jaaka fa a ne a le mo lefatsheng. Seno se ka bonwa mo melaetseng ya ga Jesu e e neng e ya kwa diphuthegong tse supa e e kwadilweng mo bukeng ya Tshenolo. Yone e dira thata gone jaanong, mo ‘letsatsing la Morena.’ (Tshenolo 1:10; 2:1–3:22) Mo ponatshegelong moaposetoloi Johane o ne a bona Jesu Keresete yo o galaleditsweng a na le ‘matlho a a jaaka kgabo ya molelo.’ (Tshenolo 1:14) Seno se bontsha gore ga go na sepe se Keresete a sa se boneng fa a lekola diphuthego go tlhomamisa gore di ntse di le phepa e bile di tshwanela tirelo ya ga Jehofa. Bakeresete ba motlha wa segompieno ba tlhoka go nna ba gakologetswe tlhagiso ya ga Jesu e e kgatlhanong le go leka go direla barena ba babedi—Modimo le dikhumo. (Mathaio 6:24) Jesu o ne a bolelela batho ba ba neng ba rata dikhumo jaana ba phuthego ya Laodikea: “E re ka o le motlha fela, o se molelo, o bile o se tsididi, ke tlaa go tlhatsa mo ganong la me. . . . O tlhoafale, o bo o ikwatlhaye.” (Tshenolo 3:14-19) Bagolwane ba diphuthego ba ba tlhomilweng ba tshwanetse go thusa badumedikabone ka lefoko le ka sekao sa bone gore ba tile serai sa go rata dikhumo. Gape bagolwane ba tshwanetse go sireletsa letsomane mo ditirong tse di seng kafa molaong tsa boitsholo tsa lefatshe leno le le tlwaetseng tlhakanelodikobo. Mo godimo ga moo, batho ba Modimo ba se ka ba leka go leseletsa tlhotlheletso epe fela ya ga Jesebele mo phuthegong.—Bahebere 12:14, 15; Tshenolo 2:20.
15. Moaposetoloi Paulo o ne a etsa Jesu mo go fufegeng ka kobamelo ya ga Jehofa jang?
15 Moaposetoloi Paulo e ne e le moetsi wa ga Keresete. O ne a bolela jaana gore go sirelediwe Bakeresete ba ba neng ba sa tswa go kolobediwa mo ditlhotlheletsong tse e seng tsa semoya tse di sa ageng: “Ke a fufega ka ga lona ka lefufa la bomodimo.” (2 Bakorinthe 11:2, NW) Pelenyana ga moo, lefufa la ga Paulo ka ga kobamelo e e itshekileng le ne la mo tlhotlheletsa gore a rute phuthego eno gore e kgaole mogokafadi yo o sa ikotlhaeng yo o nang le tlhotlheletso e e bosula. Dithuto tse di tlhotlheleditsweng tse di neng tsa neelwa mo tiragalong eo di thusitse bagolwane gompieno fa ba ntse ba leka gore diphuthego tse di fetang 75 500 tsa Basupi ba ga Jehofa di nne di le phepa.—1 Bakorinthe 5:1, 9-13.
Lefufa la Modimo le Solegela Batho ba Gagwe Molemo
16, 17. (a) Fa Modimo o ne o otlhaya Juta wa bogologolo, ditšhaba di ile tsa bontsha boikutlo bofe? (b) Jehofa o ne a bontsha lefufa la gagwe jang ka Jerusalema morago ga dingwaga di le 70 Juta a ntse a le kwa botshwarwa?
16 Fa Modimo o ne o otlhaya batho ba Juta ka go ba lesa gore ba isiwe botshwarwa kwa Babilone, ba ne ba sotlwa. (Pesalema 137:3) E re ka Baetome ba ne ba na le letlhoo le le nang le lefufa, ba ne ba bo ba thusa Bababilone gore ba lere matlhotlhapelo mo bathong ba Modimo, mme Jehofa o ne a lemoga seno. (Esekiele 35:11; 36:15) Bafalodi bano ba ne ba ikotlhaya fa ba ne ba le kwa botshwarwa, mme Jehofa o ne a ba busetsa kwa nageng ya bone morago ga dingwaga di le 70.
17 La ntlha, batho ba Juta ba ne ba le mo pitlaganong e kgolo. Motse wa Jerusalema le tempele ya one di ne di le marope fela. Mme ditšhaba tse di neng di ba dikologile di ne di le kgatlhanong le maiteko otlhe a go aga tempele sesha. (Esere 4:4, 23, 24) Jehofa o ne a ikutlwa jang ka seno? Lokwalo lo lo tlhotlheleditsweng lo bolela jaana: “Jehofa wa masomosomo o bua jaana, a re: ‘Ke lefufa le legolo ka ga Jerusalema le Sione. Ke itumologetse thata merafe e e ntseng ka boiketlo fela; gonne ke ne ke itumologile go le gonnye, mme ya tlhotlheletsa patiko.’ Ke gone ka moo, go bua Jehofa, a re: ‘Ke boetse mo Jerusalema ka mautlwelobotlhoko; ntlo ya me e tlaa agiwa mo go one.’ Go bua Jehofa wa masomosomo.” (Sekaria 1:14-16) Tsholofetso eno e ne ya diragadiwa ka gore tempele le motse wa Jerusalema di agiwe sesha ka katlego.
18. Ke eng se se neng sa diragalela Bakeresete ba boammaaruri ka ntwa ya ntlha ya lefatshe?
18 Phuthego ya Bakeresete ba boammaaruri e ne ya diragalelwa ke selo se se tshwanang mo lekgolong la bo20 la dingwaga. Ka ntwa ya ntlha ya lefatshe, Jehofa o ne a otlhaya batho ba gagwe ka gonne ba ne ba sa itlhaola gotlhelele mo ntweng eo ya lefatshe. (Johane 17:16) Modimo o ne a lesa mebuso ya bopolotiki gore e ba gatelele, mme baruti ba Labokeresete ba ile ba itumelela matlhotlhapelo ano. E bile tota, ke baruti ba ba neng ba di goga kwa pele gore baeteledipele ba bopolotiki ba thibele tiro ya Baithuti ba Baebele, jaaka Basupi ba ga Jehofa ba ne ba bidiwa ka nako eo.—Tshenolo 11:7, 10.
19. Jehofa o bontshitse go fufega ka kobamelo ya gagwe jang fa e sa le ka 1919?
19 Lefa go ntse jalo, Jehofa o ne a fufega ka ga kobamelo ya gagwe mme o ne a amogela gape batho ba gagwe ba ba ikotlhaileng fa ntwa e se na go fela ka ngwaga wa 1919. (Tshenolo 11:11, 12) Ke gone ka moo palo ya babaki ba ga Jehofa e oketsegileng go tloga ka ba ba neng ba le kwa tlase ga 4 000 ka 1918 go fitlha go ba ba ka nnang dimilione tse 5 gompieno. (Isaia 60:22) Go fufega ga ga Jehofa ka kobamelo ya gagwe e e itshekileng go tla tloga go bonala ka ditsela tse dintsi tse di tlhomologileng.
Ditiro Tsa mo Isagweng Tsa Lefufa la Bomodimo
20. Ke eng se Modimo o tla tlogang o se dira go bontsha lefufa la gagwe ka kobamelo e e itshekileng?
20 Ka makgolokgolo a dingwaga dikereke tsa Labokeresete di ntse di latela tsela ya Bajuta ba batenegi ba ba neng ba dira gore Jehofa a nne lefufa. (Esekiele 8:3, 17, 18) Jehofa Modimo o tla tloga a tsaya kgato ya go tsenya kgopolo e e setlhogo mo dipelong tsa maloko a Ditšhaba Tse di Kopaneng. Seno se tla tlhotlheletsa mebuso eno ya bopolotiki gore e senye Labokeresete le bodumedi jotlhe jwa maaka. (Tshenolo 17:16, 17) Baobamedi ba boammaaruri ba tla falola katlholo eo ya Modimo e e tshosang. Ba tla dumalana le mafoko a dibopiwa tsa selegodimo tse di reng: “Haleluja! . . . Gonne o sekisitse seaka se segolo [bodumedi jwa maaka], se se kileng sa bodisa lefatshe ka kgokafalo ya sone [dithuto tsa sone tsa maaka le go bo se tshegetsa dipolotiki tse di bosula], mme o lefeditse madi a batlhanka ba one mo seatleng sa sone.”—Tshenolo 19:1, 2.
21. (a) Ke eng se Satane le tsamaiso ya gagwe ba tla se dirang fa bodumedi jwa maaka bo se na go senngwa? (b) Modimo o tla tsaya kgato efe?
21 Ke eng se se tla diragalang fa mmuso wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka o se na go senngwa? Satane o tla tlhotlheletsa mebuso ya bopolotiki gore e rulaganye gore batho ba ga Jehofa ba tlhaselwe mo lefatsheng lotlhe. Modimo wa boammaaruri o tla tsaya kgato efe fa Satane a leka go nyeletsa kobamelo yotlhe ya boammaaruri mo lefatsheng? Esekiele 38:19-23 e re bolelela jaana: “Ke buile mo lefufeng la me, le mo molelong wa bogale jwa me [nna Jehofa]. . . . Ke tlaa ganetsana nae [Satane] ka kgogodi le madi; go le ene le masomosomo a gagwe a sekamerwalo ya tsie, le ditšhaba tse dintsi tse o nang natso, ke tlaa ba nesetsa lesogodi le le penologang, le sefako se segolo, le molelo, le sulefura. Ke tlaa itlotlomatsa, ke tlaa iitshepisa, ke tlaa itira gore ke itsiwe mo matlhong a merafe e le mentsi; mme ba tlaa itse fa ke le Jehofa.”—Bona gape Sefania 1:18; 3:8.
22. Re ka bontsha jang gore re a fufega ka ga kobamelo e e itshekileng ya ga Jehofa?
22 A bo go gomotsa jang ne go itse gore Molaodi wa lobopo lotlhe o amega ka baobamedi ba gagwe ba boammaaruri ka go fufega! A re ko re fufegeng ka ga kobamelo e e itshekileng ya ga Jehofa Modimo ka gonne re anaanela bopelonomi jwa gagwe jo bo sa tshwanelang. E kete re ka tswelela pele re rera mafoko a a molemo ka botlhaga mme re ntse re letetse ka tsholofelo letsatsi le legolo la fa Jehofa a galaletsa le go itshepisa leina la gagwe le legolo.—Mathaio 24:14.
Dintlha Tse re ka Tlhatlhanyang ka Tsone
◻ Go fufega ka ga Jehofa go kaya eng?
◻ Ke eng se re ka se ithutang mo sekaong se se tlhomilweng ke Baiseraele ba bogologolo?
◻ Re ka tila jang go dira gore Jehofa a nne lefufa?
◻ Modimo le Keresete ba bontshitse go fufega ka ga kobamelo e e itshekileng jang?
[Lebokoso mo go tsebe 12]
Lorato ga lo Lefufa
MOKANOKI mongwe wa Baebele e bong Albert Barnes wa mo lekgolong la bo19 la dingwaga o ne a kwala jaana malebana le letlhoo: “Ke sengwe sa dilo tse dintsi tse di tlwaelegileng thata tse di bosula, mme le bontsha sentle bosula jo bo tseneletseng thata jwa motho.” O ne a tswelela pele a bolela jaana: “Motho yo o ka latedisang gore dintwa tsotlhe le dikganetsano le dikgopolo tsa selefatshe di simologile kae—maretshwa otlhe le maikaelelo a batho ba tota ba ipolelang e le Bakeresete, a a leswefatsang bodumedi jwa bone a bo a ba dira gore ba akanye ka tsela ya lefatshe, fa a ne a ka a latedisa kwa a simologileng teng—o ne a tla gakgamadiwa ke go lemoga gore bontsi jwa one a bakilwe ke letlhoo. Re utlwisiwa botlhoko ke go bo batho ba bangwe ba humile go re feta; re eletsa go nna le dithoto tse batho ba bangwe ba nang le tsone, le mororo go sa tlhokege gore re nne le tsone; mme seno se ka felela ka gore re dire mekgwa e e farologaneng e e phoso e e ka dirang gore ba se ka ba di itumelela, kana re bo re di itseela ka borona, kana ra tlhomamisa gore ga ba nne le dithoto tse ba tshwanetseng ba ka bo ba na le tsone. . . . ka go dira jalo re tla bo re kgotsofaditse moya wa letlhoo o o mo dipelong tsa rona.”—Baroma 1:29; Jakobe 4:5.
Se se farologaneng le seo, Barnes o ne a bua mafoko a a kgatlhang a a malebana le lorato, lo lo “senang letlhoo.” (1 Bakorinthe 13:4, King James Version) O ne a kwala jaana: “Lorato ga lo tlhoe batho ba bangwe ka go bo ba itumetse; lo ipela le bone; mme fa boitumelo jwa bone bo oketsega . . . , batho ba ba tlhotlhelediwang ke lorato . . . ga ba ne ba fokotsa boitumelo jwa bone; ga ba ne ba dira gore ba tlhabiwe ke ditlhong ka dithoto tsa bone; ga ba ne ba ngotla boitumelo joo; ga ba ne ba ngongorega kana ba ikutlwa ba swabisitswe ke gore bone ga ba tseelwe kwa godimo thata. . . . Fa re ne re rata batho ba bangwe—fa re ne re itumela le bone, re ne re sa tshwanela go ba tlhoa.”
[Setshwantsho mo go tsebe 10]
Finease o ne a fufega ka ga kobamelo e e itshekileng ya ga Jehofa