Lorato lo Fenya Lefufa Le le Sa Siamang
“Lorato ga lo lefufa.”—1 BAKORINTHE 13:4, NW.
1, 2. (a) Ke eng se Jesu a neng a se bolelela barutwa ba gagwe malebana le lorato? (b) A go a kgonega gore motho a nne lorato a bo a nne lefufa ka nako e le nngwe fela, mme ke ka ntlha yang fa o araba jalo?
LORATO ke letshwao la Bokeresete jwa boammaaruri. Jesu Keresete o ne a bolela jaana: “Batho botlhe ba tlaa itse fa lo le barutwa ba me ka mo, fa lo ratana.” (Johane 13:35) Moaposetoloi Paulo o ne a tlhotlheleditswe go tlhalosa kafa lorato lo tshwanetseng lwa ama botsalano jwa Bokeresete ka teng. Mo godimo ga dilo tse dingwe, o ne a kwala jaana: “Lorato ga lo lefufa.”—1 Bakorinthe 13:4, NW.
2 Fa Paulo a ne a kwala mafoko ao, o ne a bolela ka lefufa le le sa siamang. E seng jalo o ka bo a sa bolelela phuthego eo jaana: “Ke a fufega ka ntlha ya lona ka lefufa la bomodimo.” (2 Bakorinthe 11:2, NW) O ne a nna le “lefufa la bomodimo” ka go bo go ne go na le batho ba ba neng ba na le tlhotlheletso e e bosula mo phuthegong. Seno se ne sa tlhotlheletsa Paulo gore a kwalele Bakeresete ba Korintha lekwalo la bobedi le le tlhotlheleditsweng le le nang le kgakololo e e lorato thata.—2 Bakorinthe 11:3-5.
Lefufa mo Bakereseteng
3. Bothata jo bo malebana le lefufa bo ne jwa simologa jang mo Bakereseteng ba kwa Korintha?
3 Mo lekwalong la ga Paulo la ntlha le a neng a le kwalela Bakorintha, o ne a tshwanelwa ke go rarabolola bothata bongwe jo bo neng bo kgoreletsa Bakeresete bano ba ba neng ba sa tswa go kopanela gore ba utlwane. Ba ne ba tlotlomatsa banna bangwe, ba ‘belafala ka yo mongwe mme ba nyatse yo mongwe.’ Seno se ne sa felela ka gore go nne le dikgaogano mo phuthegong, batho ba bangwe ba bolela jaana: “Nna ke oo rra Paulo,” “Nna ke oo rra Apolose,” “Nna ke oo rra Kefase.” (1 Bakorinthe 1:12; 4:6) Moaposetoloi Paulo o ne a kgona go fitlha kwa moding wa bothata jono a kaelwa ke moya o o boitshepo. Bakorintha ba ne ba dira dilo jaaka batho ba ba akanyang ka tsela ya senama, e seng jaaka “basemowa.” Ka gone, Paulo o ne a kwala jaana: “Gompieno lo sa le basenama. Gonne e re ka go na le lefufa le kgang mo go lona, a ga lo basenama, mme lo sepela ka fa mokgweng wa botho?”—1 Bakorinthe 3:1-3.
4. Ke setshwantsho sefe se Paulo a neng a se dirisa gore a thuse bakaulengwekaene gore ba utlwane sentle, mme ke eng se re ka se ithutang mo go seno?
4 Paulo o ne a thusa Bakorintha gore ba nne le kgopolo e e siameng ka ditalenta tsa batho ba ba farologaneng mo phuthegong le ditsela tsa bone tsa go kgona go dira dilo. O ne a botsa jaana: “Mang yo o go tshwanolotseng le yo mongwe? Mme o na le eng se o se kang wa se newa fela? Mme fa o se neilwe, o belafalelang, jaaka e kete ga o a se newa?” (1 Bakorinthe 4:7) Mo go 1 Bakorinthe kgaolo 12, Paulo o ne a tlhalosa gore batho ba ba neng ba le mo phuthegong ba ne ba tshwana le ditokololo tse di farologaneng tsa mmele wa motho, tse di jaaka seatla, leitlho le tsebe. O ne a tlhalosa gore Modimo o dirile ditokololo tsa mmele ka tsela ya gore di thusane. Gape Paulo o ne a kwala jaana: “Fa tokololo nngwe e tlotlwa, ditokololo tsotlhe di itumela nayo.” (1 Bakorinthe 12:26) Batlhanka botlhe ba Modimo gompieno ba tshwanetse go dirisa molaomotheo ono mo tseleng e ba dirisanang le ba bangwe ka yone. Go na le gore re fufegele motho yo mongwe ka ntlha ya kabelo ya gagwe kana ka dilo tse a di fitlheletseng mo tirelong ya Modimo, re tshwanetse go itumela le ene.
5. Ke eng se se senotsweng mo go Jakobe 4:5, mme Dikwalo di tlhomolola boammaaruri jwa mafoko ano jang?
5 Ke boammaaruri gore go motlhofo go bua seno go na le go se dira. Mokwadi wa Baebele e bong Jakobe o re gakolola gore go “lemalela go nna le letlhoo” go mo mothong mongwe le mongwe yo o leofileng. (Jakobe 4:5, NW) Go swa ga ntlha ga motho go diragetse ka gonne Kaine a ne a nna le lefufa le le sa siamang. Bafilisitia ba ne ba bogisa Isake ka gonne ba ne ba mo tlhoetse dikhumo tsa gagwe tse di neng di oketsega. Ragele o ne a fufegela mogoloe ka a ne a kgona go tshola bana. Bomorwa Jakobe ba ne ba fufegela morwarraabone yo mmotlana e bong Josefa ka a ne a ratiwa thata. Go bonala Miriame a ne a fufegela mosadi wa ga kgaitsadie yo o neng a se Moiseraele. Kora, Dathane le Abirame ba ne ba rera Moshe le Arone ka ba ne ba ba tlhoile. Kgosi Saule o ne a fufegela Dafite ka a ne a atlega mo dintweng. Ga go belaetse gore ke lefufa le le neng la dira gore barutwa ba ga Jesu ba nne ba ganetsana ka gore ke mang yo o mogolo mo go bone. Ntlha ke gore ga go na motho ope yo o sa itekanelang yo o sa “lemalela[ng] go nna le letlhoo” le le bosula gotlhelele.—Genesise 4:4-8; 26:14; 30:1; 37:11; Dipalo 12:1, 2; 16:1-3; Pesalema 106:16; 1 Samuele 18:7-9; Mathaio 20:21, 24; Mareko 9:33, 34; Luke 22:24.
Mo Phuthegong
6. Bagolwane ba ka laola jang temalo ya go nna letlhoo?
6 Bakeresete botlhe ba tlhoka go tila gore ba nne le letlhoo le lefufa le le sa siamang. Seno se akaretsa ditlhopha tsa bagolwane ba ba tlhomilweng gore ba tlhokomele diphuthego tsa batho ba Modimo. Fa mogolwane a na le boikokobetso jwa pelo, a ka se leke go gaisa ba bangwe ka tsela ya boikgodiso. Mo letlhakoreng le lengwe, fa mogolwane mongwe a na le bokgoni jo bo tlhomologileng jwa go rulaganya kana a le sebui sa phatlalatsa, ba bangwe ba tla itumelela seo, ba tsaya gore phuthego e segofaditswe. (Baroma 12:15, 16) Mokaulengwe o ka tswa a gatetse pele sentle, a bontsha fa a na le leungo la moya wa Modimo mo botshelong jwa gagwe. Bagolwane ga ba a tshwanela gore ba tlotlomatse diphosonyana dingwe tsa gagwe, fa ba sekaseka ditshwanelego tsa gagwe, ba direla gore ba se ka ba mmuelela go nna motlhanka wa bodiredi kana go nna mogolwane. Seo se tla bo se bontsha go tlhoka lorato le go sa akanyetse ba bangwe.
7. Ke bothata bofe jo bo ka nnang jwa tlhaga fa Mokeresete mongwe a neelwa kabelo nngwe ya puso ya Modimo?
7 Fa mongwe a neelwa kabelo ya puso ya Modimo kana a segofadiwa semoyeng, ba bangwe mo phuthegong ba tlhoka gore ba tile go nna le letlhoo. Ka sekai, go ka nna ga dirisiwa kgaitsadi mongwe yo o setswerere gantsi go gaisa yo mongwe gore a dire dipontsho kwa dipokanong tsa Bokeresete. Seno se ka nna sa dira gore bokgaitsadi ba bangwe ba fufege. Bothata jono bo ka tswa bo ne bo le teng fa gare ga Euodia le Senthuke ba kwa phuthegong ya Filipi. Basadi ba ba ntseng jalo ba motlha wa segompieno ba tlhoka gore bagolwane ba ba kgothatse ka tsela e e bonolo gore ba ikokobetse le go nna “pelo nngwe fela mo Moreneng.”—Bafilipi 2:2, 3; 4:2, 3.
8. Lefufa le ka re dirisa ditiro dife tse di bosula?
8 Mokeresete mongwe o ka nna a bo a itse gore motho yo jaanong a segofaditsweng ka ditshiamelo dingwe mo phuthegong o ne a dirile phoso nngwe mo nakong e e fetileng. (Jakobe 3:2) O ka nna a raelesega go bua le ba bangwe ka ga yone ka go bo a fufega mme a dira gore ba belaele kabelo ya motho yoo mo phuthegong. Seno se ne se ka se bontshe lorato, lo lo “bip[ang] bontsi jwa dibe.” (1 Petere 4:8) Go bua mo go nang le lefufa go ka senya kutlwano e e leng teng mo phuthegong. Morutwa Jakobe o ne a tlhagisa jaana: “Fa lo na le lefufa le le galakang, le kgang mo pelong tsa lona, lo se ka lwa ipelafatsa, lo se ka lwa aketsa boammaaruri. Botlhale jo, ga se jo bo fologang kwa godimo, ke jwa selefatshe, jwa senama, jwa mewa e e maswe.”—Jakobe 3:14, 15.
Mo Lelapeng la Gago
9. Banyalani ba ka laola jang maikutlo a lefufa?
9 Manyalo a le mantsi ga a atlege ka ntlha ya lefufa le le sa siamang. O tla bo o sa bontshe lorato fa o sa ikanye motho yo o nyalaneng le ene. (1 Bakorinthe 13:7) Mo letlhakoreng le lengwe, monna kana mosadi o ka nna a se ka a lemoga gore mogatse o a fufega. Ka sekai, mosadi o ka nna a fufega ka gonne monna wa gagwe a tlhokometse mosadi o sele fela. Kana monna o ka nna a fufega ka gonne mosadi wa gagwe a dirisa nako e ntsi a tlhokometse wa lesika yo o humanegileng. Banyalani ba ka nna ba se ka ba buisana ka gone mme ba bontsha go tshwenyega ka ditsela tse di raraanyang bothata le go feta ka ba tlhabiwa ke ditlhong go ntsha maikutlo ao. Go na le moo, monna kana mosadi yo o fufegang o tshwanetse gore a bue ka tshosologo ka fa a ikutlwang ka gone. Ka gone, mongwe wa bone yo o dirileng gore go nne le lefufa leno o tlhoka gore a bontshe gore o a tlhaloganya a bo a mo tlhomamisetse gore o a mo rata. (Baefeso 5:28, 29) Boobabedi ba ka nna ba tlhoka go fokotsa maikutlo a go fufega ka go tila maemo a a ka a tlhotlheletsang. Ka dinako tse dingwe molebedi wa Mokeresete o ka nna a tlhoka go thusa mosadi wa gagwe go tlhaloganya gore ga a neele basadi ba bangwe tlhokomelo e e kalokalo, le gore ke e e tshwanetseng gore a diragatse boikarabelo jwa gagwe e le modisa wa letsomane la Modimo. (Isaia 32:2) Ke boammaaruri gore mogolwane o tshwanetse a tlhokomele gore ga a dire gore mosadi wa gagwe a nne le lebaka lepe le le utlwalang la gore a fufege. Seno se tlhoka go lekalekanya dilo, a tlhomamisa gore o tsaya nako a nonotsha botsalano jwa lenyalo la gagwe.—1 Timotheo 3:5; 5:1, 2.
10. Batsadi ba ka thusa bana ba bone jang gore ba laole maikutlo a lefufa?
10 Batsadi le bone ba tshwanetse gore ba thuse bana ba bone go tlhaloganya kgopolo ya lefufa le le sa siamang. Gantsi bana ba nna le dikomang tse di tsalang dintwa. Gangwe le gape seno se bakiwa ke lefufa. Bana ba ka se tshwarwe ka tsela e e tshwanang ka gonne dilo tse ngwana mongwe le mongwe a di tlhokang di farologane le tsa yo mongwe. Mo godimo ga moo, bana ba tlhoka go tlhaloganya gore mongwe le mongwe wa bone o na le dinonofo le makoa a a farologaneng. Fa ka dinako tsotlhe ngwana yo mongwe a kgothadiwa go dira dilo sentle fela jaaka yo mongwe, seno se ka nna sa mo dira gore a mo tlhoe mme yo mongwe ene a mo ikgogomosetse. Ka gone, batsadi ba tshwanetse go thapisa bana ba bone gore ba sekaseke kgatelo pele ya bone ka go leba dikai tse di mo Lefokong la Modimo, e seng ka go gaisana. Baebele e bolela jaana: “A re se nne boipelafatso fela, re se ka ra rumolana, ra direlana ka bopelotshetlha.” Go na le moo, “a motho mongwe le mongwe a sekaseke e e leng tiro ya gagwe, foo o tlaa bona go ipelafatsa ka ga gagwe ka esi, e seng ka ga wa ga gabo.” (Bagalatia 5:26; 6:4) Se se botlhokwa thata ke gore batsadi ba Bakeresete ba tlhoka gore ba thuse bana ba bone ka go ithuta le bone Baebele ka metlha, ba tlhomolola dikai tse di molemo le tse di bosula tse di leng mo Lefokong la Modimo.—2 Timotheo 3:15.
Dikai Tsa go Laola Lefufa
11. Moshe e ne e le sekao se se molemo mo go rarabololeng lefufa jang?
11 E re ka a ne a farologane le baeteledipele ba lefatshe leno ba ba ratang go busa, “Moše, [o ne] a le boikokobetso thata go feta batho botlhe ba ba neng ba le mo lefatsheng.” (Dipalo 12:3) Fa Moshe a ne a imelwa ke go etelela pele Baiseraele a le esi, Jehofa o ne a dira gore moya wa Gagwe o tsene mo Baiseraeleng ba bangwe ba le 70, o ba naya maatla gore ba thuse Moshe. Fa banna ba babedi ba bone ba ne ba simolola go nna baperofeti, Joshua o ne a ikutlwa gore seno se nyatsa boeteledipele jwa ga Moshe ka tsela e e sa tshwanelang. Joshua o ne a batla go thibela banna bano, mme Moshe o ne a mo neela mabaka ano ka boikokobetso: “A o lefufa ka ntlha ya me? Modimo o ka ka wa mma batho botlhe ba ga Jehofa ba perofese, le gore Jehofa a beye mowa wa gagwe mo go bone.” (Dipalo 11:29) Ee, Moshe o ne a itumela fa ba bangwe ba amogela ditshiamelo tsa tirelo. O ne a sa batle go ikgalaletsa ka tsela e e lefufa.
12. Ke eng se se neng sa thusa Jonathane gore a tile maikutlo a lefufa?
12 Jonathane, morwa Kgosi Saule wa Iseraele, o ne a bontsha sekao se se molemo sa kafa lorato lo ka fenyang maikutlo a a sa siamang a lefufa ka gone. Jonathane e ne e le ene yo o neng a tlile go tsaya bogosi mo go rraagwe, mme Jehofa o ne a tlhophile Dafite, morwa Jese, gore e nne ene kgosi morago ga ga Saule. Batho ba le bantsi fa ba ne ba le mo boemong jwa ga Jonathane ba ka bo ba fufegetse Dafite, ba mo tsaya e le mmaba. Lefa go ntse jalo, tsela e Jonathane a neng a rata Dafite ka yone e ne ya thibela boikutlo jo bo ntseng jalo gore bo mo fekeetse. Dafite o ne a ka bolela jaana fa a se na go utlwa ka loso lwa ga Jonathane: “Ke mo tlalelong ka ga gago Jonathane, mogolole; mo go nna, o ntse o le natefo thata; lorato lwa gago mo go nna lo ne lo gakgamatsa lo feta lorato lwa basadi.”—2 Samuele 1:26.
Dikai Tse di Tlhomologileng Thata
13. Ke mang yo a leng sekao se segolo mo kgannyeng ya lefufa, mme ka ntlha yang?
13 Jehofa Modimo ke sekao se se tlhomologileng thata sa motho yo o kgonang go laola le lone lefufa le le siameng tota. O kgona go laola maikutlo a a ntseng jalo sentlentle. Ka metlha go bontsha lefufa lepe fela la bomodimo ka tsela e e nonofileng go dumalana le lorato lwa Modimo, tshiamiso le botlhale.—Isaia 42:13, 14.
14. Jesu o ne a tlhoma sekao sefe se se farologaneng le sa ga Satane?
14 Sekao sa bobedi se se tlhomologileng sa motho yo o kgonang go laola lefufa ke sa Morwa Modimo yo o rategang, Jesu Keresete. Jesu “o e rileng a le mo tshwanong ya Modimo, a se ka a kaya fa go lekana le Modimo e le se se ka huparelwang.” (Bafilipi 2:6) A bo a ne a farologane jang ne le tsela e e neng ya tsewa ke moengele yo o boikgodiso yo o neng a itira Satane Diabolo! Fela jaaka “kgosi ya Babilone,” (NW) Satane o ne a eletsa go “tshwana le Mogodimodimo” ka tsela e e lefufa ka gore a itire modimo o o leng mmaba wa ga Jehofa. (Isaia 14:4, 14; 2 Bakorinthe 4:4) Tota Satane o ne a ba a leka go dira gore Jesu ‘a wele fa fatshe a mo obamele.’ (Mathaio 4:9) Mme go ne go se na sepe se se neng se ka faposa Jesu mo tseleng ya gagwe ya go ikokobeletsa bolaodi jwa ga Jehofa. Jesu o farologane le Satane ka go bo a ne a “ikhudula, a tsaya tshwano ya motlhanka, ka a dirwa mo tshwanong ya batho. Mme o rile a fitlhelwa a le mo popegong ya motho, a ikokobetsa, a ineela fela le mo losong, e bong e e leng loso lwa mokgoro.” Jesu o ne a tshegetsa puso ya ga Rraagwe e e siameng, ka gore a gane tsela ya ga Diabolo e e boikgodiso le e e lefufa gotlhelele. Ka ntlha ya boikanyegi jwa ga Jesu, “Modimo le one o mo [godisitse] thata, mme wa mo naya lone leina le le fetang maina a otlhe; gore mangole otlhe a khubame ka leina la ga Jesu, e bong a dilo tse di kwa legodimong, le a dilo tse di mo lefatsheng, le a dilo tse di kwa tlase ga lefatshe, le gore diteme tsotlhe di bolele fa Jesu Keresete e le Morena, kgalaletsong ya Modimo Rara.”—Bafilipi 2:7-11.
Go Laola Lefufa la Gago
15. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go nna kelotlhoko gore re laole maikutlo a lefufa?
15 Bakeresete ga ba a itekanela, ga ba tshwane le Modimo le Keresete. E re ka ba leofile, ka dinako tse dingwe ba ka nna ba tlhotlhelediwa ke lefufa le le bosula. Ka gone, go botlhokwa gore re tlhatlhanye ka mafoko ano a a tlhotlheleditsweng go na le gore re lese lefufa le re tlhotlheletse go tshwaya modumedikarona phoso ka phosonyana e e seng ya sepe kana ka phoso nngwe e motho a e itlhametseng fela: “O se ka wa nna tshiamo ya mo go feteletseng; le gone o se ka wa itira botlhale jwa mo go feteletseng; ana o ka bo o itshenyetsang?”—Moreri 7:16.
16. Ke kgakololo efe e e molemo e e malebana le lefufa e go builweng ka yone mo setlhogong se se fetileng sa makasine ono?
16 Makasine wa The Watch Tower wa March 15, 1911, o ne wa tlhagisa jaana malebana le kgang ya lefufa: “Lefa gone re tshwanetse go nna tlhaga thata, go nna lefufa thata mo boikaelelong jwa Morena, lefa go ntse jalo re tshwanetse go tlhomamisa gore ga se kgang ya motho ka namana; mme re tshwanetse go itlhatlhoba re bone gore a re ‘itshunya nko mo dilong tsa batho’ kana nnyaa. Go tswa foo le rona re tshwanetse go sekaseka gore a e tla bo e le selo se se siameng gore bagolwane ba e rarabolole le gore a e tla bo e le boikarabelo jwa rona gore re ye kwa bagolwaneng kana nnyaa. Rotlhe re tshwanetse ra nna le lefufa le legolo ka ntlha ya boikaelelo jwa Morena le tiro ya Morena, mme re ele tlhoko thata gore ga se lefufa le le botlhoko . . . ka mafoko a mangwe, re tshwanetse ra tlhomamisa tota gore ga se go fufegela yo mongwe, mme ke go fufega ka ga yo mongwe, ka ga dikgatlhego tsa gagwe le go mo eleletsa matlhogonolo.”—1 Petere 4:15.
17. Re ka tila ditiro tse di bosula tsa lefufa jang?
17 Jaaka re le Bakeresete re ka tila boikgodiso, lefufa le letlhoo jang? Tharabololo ke go letla gore moya o o boitshepo wa Modimo o dire mo matshelong a rona. Ka sekai, re tlhoka go rapela re kopa moya wa Modimo le go thusiwa go bontsha leungo la one le le molemo. (Luke 11:13) Re tlhoka go nna gone kwa dipokanong tsa Bokeresete, tse di bulwang ka thapelo le tse di nang le moya wa Modimo le tse a di segofaditseng. Mo godimo ga moo, re tlhoka go ithuta Baebele, e e tlhotlheleditsweng ke Modimo. (2 Timotheo 3:16) Gape re tlhoka go nna le seabe mo tirong ya go rera ka Bogosi e e dirwang ka maatla a moya o o boitshepo wa ga Jehofa. (Ditiro 1:8) Tsela e nngwe ya go ineela mo tlhotlheletsong e e siameng ya moya wa Modimo ke go thusa Bakeresetekarona ba ba kgobilweng marapo ke tiragalo nngwe e e bosula. (Isaia 57:15; 1 Johane 3:15-17) Fa re dira dilo tseno tsotlhe tse Mokeresete a tshwanetseng go di dira ka tlhagafalo go tla re thusa go re sireletsa go dira mekgwa e e bosula ya lefufa, ka gonne Lefoko la Modimo le bolela jaana: “Sepelang ka Mowa, mme ga lo ketla lo dirafatsa thato ya nama.”—Bagalatia 5:16.
18. Ke ka ntlha yang fa re se kitla re tshwanela go lwa kgatlhanong le maikutlo a a sa siamang a lefufa go ya go ile?
18 Lorato ke lone lo lo kwadilweng pele mo maungong a moya o o boitshepo wa Modimo. (Bagalatia 5:22, 23) Go nna le lorato go tla re thusa gore re laole ditiro tsa boleo tse re lemaletseng go di dira gone jaanong. Mme re ka reng ka isagwe? Dimilionemilione tsa batlhanka ba ga Jehofa ba solofetse go tshela mo Paradaiseng ya selefatshe e e tlang, koo ba ka lebelelang go bona boitekanelo jwa batho. Mo lefatsheng leo le lesha, go tla bo go laola lorato mme go tla bo go se na ope yo o ineelang go nna le maikutlo a a sa siamang a lefufa, ka gonne “lobopo le lone lo tlaa gololwa mo botlhankeng jwa go bola, lo isiwa mo kgololesegong ya kgalalelo ya bana ba Modimo.”—Baroma 8:21.
Dintlha Tse re ka Tlhatlhanyang ka Tsone
◻ Ke setshwantsho sefe se Paulo a neng a se dirisa go re thusa go fenya lefufa?
◻ Lefufa le ka senya kutlwano e e leng teng mo phuthegong jang?
◻ Batsadi ba ka thapisa bana ba bone jang gore ba itshokele lefufa?
◻ Re ka tila ditiro tse di bosula tsa lefufa jang?
[Setshwantsho mo go tsebe 16]
O se ka wa lesa lefufa le senya kutlwano e e leng teng mo phuthegong
[Setshwantsho mo go tsebe 17]
Batsadi ba ka thapisa bana ba bone gore ba itshokele maikutlo a lefufa