Lefatshe le le Senang Ntwa—Le Tla Nna Teng Leng?
MOLAOTHEO wa Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng o ne wa simolola go dira ka October 24, 1945. Ke leano le legolo fela thata le le kileng la dirwa ke batho gore ba lere kagiso mo lefatsheng. Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng le ne la nna lone le legolo go a feta otlhe a a kileng a nna gone mo hisitoring ya lefatshe, le simolotse le na le Dinaga di le 51 e le maloko a lone. Gape, e ne e le la ntlhantlha lekgotla la ditšhaba tsotlhe le nna le thata ya go dirisa masole mangwe le mangwe fela gore le lere kagiso le polokesego le gore le lere lefatshe le le senang ntwa.
Gompieno Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng le nonofile go feta le e leng pele ka Dinaga di le 185 tse e leng maloko a lone. Ke ka ntlha yang he, fa lekgotla le le nonofileng thata mo ditšhabeng tsotlhe mo hisitoring le paletswe ke go fitlhelela ka botlalo maikaelelo a lone a a kwa godimo?
Bodumedi—Sekgoreletsi se Segolo
Selo se sengwe se se thatafatsang dilo ke se bodumedi bo se dirang mo dikgannyeng tsa lefatshe. Ke boammaaruri gore fa e sa le Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng le tlhomiwa, bodumedi jo bogolo jwa lefatshe bo ntse bo tshegeditse lekgotla leo. Mopapa John Paul II o ne a bolela ka Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng a re “ke sedirisiwa se se molemolemo sa go rotloetsa kagiso le go e sireletsa” fa a ne a bolela ka ngwaga wa lone wa bo50 le ntse le tlhomilwe. Baeteledipele ba lefatshe lotlhe ba bodumedi ba dumalana le maikutlo a gagwe. Mme go utlwana ga bodumedi le puso mo go botlhale jaana go ka se fitlhe lebaka la gore bodumedi bo ne bo ntse bo le sekgoreletsi e bile bo tshwenya Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng.
Mo makgolokgolong a dingwaga bodumedi bo ntse bo na le seabe se segolo sa go rotloetsa kana go ema nokeng letlhoo, dintwa tsa semorafe le go ganyaolwa ga batho. Mo dingwageng tsa bosheng jaana, baagisani ba ntse ba bolaana ba tlhotlhelediwa ke bodumedi ka tsela e e bofitlhanyana. Mafoko a a reng “go ganyaolwa ga merafe” a dirisitswe thata malebana le dintwa tsa dinaga tsa Balkan. Lefa go ntse jalo, go tlhoana mo gogolo ga batho ba le bantsi ba gone koo go bakilwe ke bodumedi thata go na le lotso, e re ka bontsi jwa bone e le batho ba morafe o le mongwe fela. Ee, bodumedi bo tshwanetse jwa ikarabela mo tshololong ya madi kwa nageng e pele e neng e bidiwa Yugoslavia, e Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng le paletsweng ke go e emisa.
Ka mo go tshwanetseng, porofesa nngwe ya kholetšhe ya bodumedi o ne a bolela bosheng jaana gore “mo lefatsheng le pele go neng go lowa ntwa ya molomo mo go lone mme jaanong go oketsega dintwa tsa bodumedi, go tlhatlhobiwa ga bodumedi le go ganyaolwa ga batho e ka nna sengwe se re se tseelang kwa godimo thata, lefa gone go sa jese diwelang.” Go sa tswa go lemogiwa bosheng jaana kafa bodumedi bo kgoreletsang ka gone maiteko a go lere kagiso ya lefatshe.
Maiphako a 1981 a Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng a ne a bolela jaana: “Re Tshwentswe ke bosetlhogo le letlhoo mo dikgannyeng tsa bodumedi kana tsa ditumelo tse di santseng di bonala mo dikarolong dingwe tsa lefatshe, re Ititeile sehuba gore re tseye dikgato dipe tse di tlhokegang gore re nyeletse bosetlhogo joo ka bonako le dilo tse di bo bontshang le go bo thibela le go lwantsha letlhoo le le mo bodumeding kana mo ditumelong.”
Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng le boletse fa 1995 e le Ngwaga wa Kutlwano go dumalana le maiphako a lone. Lefa go ntse jalo, fa re bua puo pha, a go tla tsamaya go kgonega gore re bone kagiso le polokesego mo lefatsheng le le kgaoganeng jaana ka bodumedi?
Isagwe ya Bodumedi
Boperofeti jo bo mo bukeng ya Baebele ya Tshenolo bo re neela karabo. Bo bolela ka “seaka se segolo” sa tshwantshetso se se dutseng e le “kgosi mohumagadi” mme se ‘busa dikgosi tsa lefatshe.’ Seaka seno se “hoahoega” fela mme se itsalantse le dipuso tsa lefatshe. Dipuso tseno di tshwantshiwa e le “sebatana sengwe se se mmala o bohibidu jo bo letlhololo,” se seaka seno se di palameng se le kwa ga mothakga. (Tshenolo 17:1-5, 18; 18:7) Mosadi yono wa seaka le yo o nonofileng o itsiwe e le “Babilone o mogolo,” yo o teilweng leina ka Babilone wa bogologolo, koo bodumedi jwa medimo ya disetwa bo simologileng teng. Ka mo go tshwanetseng, gompieno seaka se emela bodumedi jotlhe jwa lefatshe, jo bo inaakantseng le dikgang tsa dipuso.
Pego eno e tswelela pele e bontsha gore fa nako e ntse e ya, Modimo o tla dira gore masole a sebatana a tseye kgato. A “tlaa ila seaka seo, [a] tlaa se dira tshwafatso le bosaikatega, [a] tlaa ja nama ya sone, [a] se fisetsa ruri ka molelo.” (Tshenolo 17:16)a Ka gone Jehofa Modimo ka boene o tla bo a tsere kgato pele ka go tlhotlheletsa ditšhaba tse di nonofileng gore di tsene mo letsholong la go tlosa bodumedi jwa maaka. Tsamaiso ya bodumedi ya lefatshe lotlhe, le ditempele tse di magasigasi le mafelo a kobamelo a yone di tla nyelediwa gotlhelele. Jaanong ba tla bo ba sentse bodumedi jo bo ntseng bo kgoreletsa kagiso le polokesego. Mme le ka yone nako eo, a go tla bo go na le kagiso le polokesego tsa mmatota mo lefatsheng?
Go sa Itekanela ga Motho
A re ka tlhomamisa gore tota go senngwa ga bodumedi go tla lere lefatshe le le senang ntwa? Nnyaa. Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng le tla nna le kopana le maemo a a thata. Mo letlhakoreng le lengwe, batho ba batla kagiso le polokesego. Lefa go ntse jalo, mo letlhakoreng le lengwe, ke batho ka bobone ba ba dirang gore kagiso le polokesego di se ka tsa nna teng gotlhelele. Letlhoo, boikgogomoso, go itseela kwa godimo thata, bogagapa le go tlhoka kitso, ke mekgwa e batho ba nang le yone e e bakang dikgotlhang le dintwa tseno tsotlhe.—Jakobe 4:1-4.
Baebele e ne ya bolelela pele gore mo motlheng wa rona batho ba ne ba tla nna “baithati, le barati ba madi, le babelafadi, le baipegi, le bakgadi, le ba ba sa utlweng batsadi ba bone, le ba ba sa lebogeng, le ba ba sa itshepang. Ba se na lorato lwa tlholego, e le ba ba sa itshwareleng, e le bapateletsi, ba se na boithibo, ba le bogale, e se barati ba molemo gope; e le baoki, e le ba ba tlhogoethata, e le ba ba ikgogomosang.”—2 Timotheo 3:1-4.
Mokwaledimogolo e bong Boutros Boutros-Ghali o ne a dumela gore “lefatshe le na le mathata a loago le a boitsholo a a leng magolo fela thata mo ditšhabeng di le dintsi.” Ga go na mekgatlho epe e e botlhale thata e e ka thibelang mekgwa eno e e utlwisang botlhoko ya batho ba ba sa itekanelang.—Bapisa Genesise 8:21; Jeremia 17:9.
Jesu Keresete—Kgosana ya Kagiso
Go phepafetse gore Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng ga le kgone go lere kagiso ya lefatshe lotlhe. Maloko le batshegetsi ba lone botlhe ke batho ba ba sa itekanelang, go sa kgathalesege mekgele ya lone e e kwa godimo. Baebele e bolela gore “tsela ya motho [ga e] mo go ene ka esi; ga goyo mo mothong yo o tsamayang ka dinao go siamisa dikgato tsa gagwe.” (Jeremia 10:23) Mo godimo ga moo, Modimo o tlhagisa jaana: “Lo se ka lwa ikanya dikgosana, le fa e le ngwana wa motho yo go se nang thuso epe mo go ene.”—Pesalema 146:3.
Baebele e bolelela pele se Jehofa o tla se fitlhelelang ka Morwawe, “Kgosana ya Kagiso.” Isaia 9:6, 7 e bolela jaana: “Ngwana re mo tsaletswe, ngwana wa mosimane re mo neilwe, mme puso e tlaa nna mo leruding la gagwe; leina la gagwe le tlaa bidiwa: ‘Kgakgamatso, Mogakolodi, Modimo Mothata, Rara wa Bosakhutleng, Kgosana ya Kagiso.’ Ga go tota ga puso ya gagwe, le ga kagiso ga go ketla go nna le bokhutlo.”
Ditšhaba tsa lefatshe di swabile nko go feta molomo ka dingwaga tse 50 tsa maiteko a a retetseng. Go ise go ye kae di tla senya mekgatlho ya bodumedi ya sekaseaka. Morago ga moo Jesu Keresete, “Kgosi ya Dikgosi, le Morena wa Barena,” le masole a gagwe a selegodimo a tla nyeletsa dipuso tsotlhe tsa batho le go bolaya batho botlhe ba ba sa batleng bolaodi jwa Modimo. (Tshenolo 19:11-21; bapisa Daniele 2:44.) Jehofa Modimo o tla lere lefatshe le le senang ntwa ka go diragatsa seno.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Go ithuta mo go oketsegileng ka boperofeti jwa Tshenolo jo bo malebana le Babilone o Mogolo, bona dikgaolo 33 go ya go 37 tsa buka ya Tshenolō—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!, e e gatisitsweng ka 1988 ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
[Lebokoso mo go tsebe 7]
TSELA E BAKERESETE BA LEBANG LEKGOTLA LA DITŠHABA TSE DI KOPANENG KA YONE
Mo boperofeting jwa Baebele, gantsi dipuso tsa batho di tshwantshiwa le dibatana. (Daniele 7:6, 12, 23; 8:20-22) Ka gone, ka masomesome a dingwaga makasine wa Tora ya Tebelo o ntse o tshwantsha dibatana tsa Tshenolo kgaolo 13 le 17 le dipuso tsa gompieno tsa lefatshe. Seno se akaretsa Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng, le mo go Tshenolo kgaolo 17 le tshwantshiwang le sebatana se se mmala o bohibidu jo bo letlhololo se se nang le ditlhogo di le supa le dinaka di le lesome.
Lefa go ntse jalo, tlhaloso eno ya Dikwalo ga e reye gore re tlontlolole dipuso kana badiredi ba tsone ka tsela epe. Baebele e bolela jaana ka phepafalo: “A motho mongwe le mongwe a ineele mo go utlweng babusi ba bagolo; gonne ga go na mmuso ope fa e se o o tswang mo Modimong; mme babusi ba ba leng teng, ba beilwe ke Modimo. Ke gone, yo o ganang mmuso, o gana molao wa Modimo; mme ba ba ganang ba tlaa iponela tshekiso.”—Baroma 13:1, 2.
Ka gone, Basupi ba ga Jehofa, ba ba ikgaogantseng gotlhelele le dipolotiki, ga ba itshunye nko mo dipusong tsa batho. Ga ba ke ba tlhotlheletsa botsuolodi kana go nna le seabe mo mekgweng ya go tlhoka kutlo ga baagi. Go na le moo, ba lemoga gore go tlhokega mofuta mongwe wa puso e le gore batho ba boloke molao le gore go nne le thulaganyo mo setšhabeng.—Baroma 13:1-7; Tito 3:1.
Basupi ba ga Jehofa ba leba Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng fela jaaka makgotla a mangwe a dipuso tsa lefatshe. Ba lemoga gore Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng le letleletswe ke Modimo gore le tswelele pele le le teng. Go dumalana le Baebele, Basupi ba ga Jehofa ba tlotla dipuso tsotlhe ka tsela e e tshwanetseng le go di utlwa fa fela di sa ba dire gore ba leofele Modimo.—Ditiro 5:29.