LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w95 10/1 ts. 3-5
  • Dingwaga Tse 50 Tsa Maiteko a a Retetseng

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dingwaga Tse 50 Tsa Maiteko a a Retetseng
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kagiso le Polokesego—Mekgele E e Sa Fitlhelelwang
  • Tlhotlheletso ya Metswedi ya Dikgang
  • Mokgatlho wa Merafe E E Kopaneng—A Ke Tsela E E Botoka?
    Tsogang!—1991
  • Ke Eng Seo Se Diragalang kwa Mokgatlhong wa Merafe E E Kopaneng?
    Tsogang!—1991
  • Lefatshe le le Senang Ntwa—Le Tla Nna Teng Leng?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Isagwe ya Ntwa ke Efe?
    Tsogang!—1999
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
w95 10/1 ts. 3-5

Dingwaga Tse 50 Tsa Maiteko a a Retetseng

“RONA BATHO BA LEKGOTLA LA DITŠHABA TSE DI KOPANENG RE ITITEILE SEHUBA gore re sireletse dikokomana tse di tlang mo botlhokong jwa ntwa, e e neng ya tlogela batho ba le mo bohutsaneng jo bogolo morago ga gore e nne teng gabedi mo botshelong jwa rona, re bo re dire gore batho ba dumele gape mo ditshwanelong tsa bone tsa motheo, mo seriting le tsela e motho a leng botlhokwa ka yone, mo ditshwanelong tsa go lekana ga banna le basadi le tsa go lekana ga ditšhaba ka kakaretso, . . .”—Mafoko a a simololang a molaotheo wa Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng.

OCTOBER 24, 1995, e tshwaya ngwaga wa bo50 Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng le ntse le tlhomilwe. Dinaga di le 185 tsotlhe tse gone jaanong di leng maloko a lekgotla leno di tsaya melaometheo le mekgele ya kwa tshimologong ya lone e le botlhokwa thata jaaka e tlhalositswe mo molaotheong oo: go dira gore go nne go na le kagiso le polokesego mo lefatsheng lotlhe; go laola dilo tse di tlhotlheletsang ntwa tse di dirang gore kagiso ya lefatshe e se ka ya nna teng; go kgothatsa ditšhaba gore di utlwane; go sireletsa dilo tsa konokono tse di gololang batho botlhe gore ba se tlhaolwe ka lotso, bong, puo, kana bodumedi; le gore ditšhaba tsotlhe di nne seoposengwe fa go rarabololwa mathata a itsholelo, a loago le a setso.

Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng le dirile maiteko a a bonwang ke mang le mang a go lere kagiso le polokesego mo lefatsheng mo dingwageng di le 50. Ga re ganetse gore le ka tswa le thibetse ntwa ya lefatshe ya boraro, e bile ga go a ka ga ganyaolwa batho ka dibomo tsa nuklea gape. Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng le abetse dimilionemilione tsa bana dijo le kalafi. Le dirile gore go tokafadiwe maemo a botsogo mo dinageng tse dintsi, mo godimo ga dilo tse dingwe, le abetse batho metsi a a nowang a a phepa le go thibela malwetse a a kotsi. Dimilionemilione tsa batshabi di thusitswe ka tiro e e solegelang batho molemo.

Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng le abetswe Sekgele sa Nobel sa Kagiso ka makgetlho a matlhano go lebogela dilo tse le di fitlheletseng. Lefa go ntse jalo, boammaaruri jo bo hutsafatsang ke gore re santse re sa tshele mo lefatsheng le le senang ntwa.

Kagiso le Polokesego—Mekgele E e Sa Fitlhelelwang

Morago ga go leka ka dingwaga di le 50, kagiso le polokesego e santse e le mekgele e e sa fitlhelelwang. Fa poresidente ya United States e ne e bua bosheng jaana kwa kopanong ya United Nations General Assembly, o ne a bolela ka tsela e a tshwenyegileng ka yone fa a ne a re “lefa gone lekgolo leno la dingwaga le na le tsholofelo le sebaka le dilo tse di fitlheletsweng di le dintsi gape le nnile motlha wa tshenyego e kgolo le wa go felelwa ke tsholofelo.”

Fa ngwaga wa 1994 o ya bokhutlong, pampiri ya dikgang ya The New York Times e ne ya bolela jaana: “Go santse go lowa kana go na le dikgaruru tse di ka tshwarang 150 tse go swang diketekete tsa batho mo go tsone—go swa dipalo tse dintsi tsa baagi go gaisa masole—mme dikete tse di makgolo tsa batho di nna batshabi.” United Nations Department of Public Information e ne ya bega gore fa e sa le ka 1945 batho ba ba fetang dimilione tse 20 ba bolailwe mo dintweng tsa sesole. Moemedi wa United States mo Lekgotleng la Ditšhaba Tse di Kopaneng, e bong Madeleine Albright, o ne a lemoga gore “jaanong dintwa tse di mo dikgaolong di setlhogo thata ka ditsela di le dintsi.” Letsatsi le letsatsi dikgang di bega ka go sa tlotlwe ga ditshwanelo tsa batho le ka go tlhaolwa ga batho. Go lebega ditšhaba tse dintsi di kgona go itshokelana go na le gore di utlwane.

Sir David Hannay, yo o leng moemedi wa Boritane mo Lekgotleng la Ditšhaba Tse di Kopaneng, o ne a dumela gore “go tla go fitlha mo dingwageng tsa bo1980 Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng le ntse le le gaufi thata le go phutlhama e le ka boomo fela.” Mokwaledimogolo wa Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng e bong Boutros Boutros-Ghali, o ne a hutsafadiwa ke gore Dinaga tse di leng maloko di ntse di itlhokomolosa ditsamaiso tsa go tlisa kagiso e bile di dira ka go goga dinao. O ne a konela ka gore bontsi jwa maloko ano, “ga bo tseye Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng le le botlhokwa go gaisa dilo tse dingwe tsa botlhokwa.”

Tlhotlheletso ya Metswedi ya Dikgang

Go sa kgathalesege gore Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng le lebega le nonofile go le kana kang, gantsi maiteko a lone a ganediwa ke boradipolotiki le metswedi ya dikgang. Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng ga le na maatla fa le sa tshegediwe ke maloko a lone. Mme maloko a le mantsi a Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng a ka se le tshegetse fa batho ba sa dumalane le lone. Ka sekai, The Wall Street Journal e bolela gore, “dilo tse di bontshang go sa atlege kwa Somalia le kwa Bosnia tse di bonwang ke mang le mang di tlhotlheleditse batho ba le bantsi ba Amerika go dumela fa lekgotla leno le se bofafalele fela, mme gape le le kotsi tota.” Morago ga moo, boikutlo jono jwa batho bo ne jwa tlhotlheletsa boradipolotiki ba kwa Amerika go akantsha gore United States e fokotse go thusa Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng ka madi.

Makgotla a metswedi ya dikgang ga a etsaetsege go tshwaya Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng phoso mo go setlhogo. Mafoko a a tshwanang le “ga le kgone le e seng go dira ka tshwanelo,” “ga le laolesege,” “ga le na matswela” le “ga le na maatla” a ntse a dirisiwa ka tshosologo fa go tlhalosiwa dikarolo tse di farologaneng tsa ditsamaiso tsa Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng. The Washington Post National Weekly Edition e ne ya bolela bosheng gore “Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng le santse le goga dinao mo go direng melao e e ka dirang mo lefatsheng la mmatota.”

Pampiri e nngwe ya dikgang e ne ya nopola Mokwaledimogolo e bong Boutros Boutros-Ghali a bolela kafa a tshwentsweng ka teng ke go gailana ga batho ba kwa Rwanda. O ne a bolela jaana: “Ga se go sa atlege ga Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng fela; ke go sa atlege ga batho ba ditšhaba tsotlhe. Mme rotlhe re ikarabela go bo re sa atlega jalo.” Go ne ga bolelwa ka 1993 mo lenaneong le le kgethegileng la dikgang, le le tumileng la thelebishene gore Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng “le paletswe ke go fedisa dilo tse dikgolo tse di ka nnang tsa senya kagiso—e leng go anama ga dibetsa tsa nuklea.” Lenaneo leno la thelebishene le ne la bolela fa “go sa le ka go buiwa ka masomesome a dingwaga” ka Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng.

Badiredi ba Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng ba tshwentswe thata ke go bo batho ba swabile nko go feta molomo e bile seo se ba dira gore ba retelelwe le go feta. Lefa go ntse jalo, go sa kgathalesege dilo tseno tse di retetseng, go lebega ba bantsi ba na le tsholofelo e ntšha mme ba lebeletse go simolola gape sesha e re ka Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng le nna le dingwaga di le 50 le ntse le tlhomilwe. Le mororo Moemedi e bong Albright a ntse a lemoga ditlhaelo tsa Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng, o ne a bolela tsela e batho ba le bantsi ba ikutlwang ka yone fa a ne a re: “Re tshwanetse go tlogela go bua ka se re se dirileng mo nakong e e fetileng, mme re tlhoka go bua ka se re tla se dirang mo isagweng.”

Ee, lefatshe le lebile kae? A go tla tsamaya go nna le lefatshe le le senang ntwa? Fa go le jalo, ke eng se Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng le tla se dirang mo go lone? Mo godimo ga moo, fa o boifa Modimo, o tshwanetse wa botsa gore, ‘Ke eng se Modimo o tla se dirang mo go lone?’

[Lebokoso mo go tsebe 4]

MAITEKO A A RETETSENG

Go ka se nne le kagiso le polokesego fa go santse go na le ntwa, lehuma, bokebekwa le ditiro tse di seng kafa molaong. Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng bosheng jaana le ne la ntsha dipalopalo tseno tse di latelang.

Dintwa: “Mo dintweng di le 82 tse di lolweng ke masole fa gare ga ngwaga wa 1989 le wa 1992, di le 79 tsa tsone e ne e le tsa maragana teng a bana ba mpa, di le dintsi tsa tsone e ne e le go lwantshana ga merafe e e sa tshwaneng; diperesente di le 90 tsa batho ba ba neng ba swa mo dintweng tseno e ne e le baagi.”—United Nations Department of Public Information (UNDPI)

Dibetsa: “ICRC [International Committee of the Red Cross] e fopholetsa gore madirelo a a fetang 95 a a mo dinageng di le 48 a dira dibomo tsa sesole tse di fa gare ga dimilione di le 5 le 10 ngwaga le ngwaga.”—United Nations High Commissioner for Refugees (UNHCR)

“Mo Afrika, go na le dibomo tsa mo mmung di ka nna dimilione di le 30 tse di gasagasameng mo dinageng tse di fetang 18.”—UNHCR

Lehuma: “Motho a le mongwe fela mo go ba le batlhano mo lefatsheng lotlhe—le e leng batho ba ba fetang dimilione di le sekete—o humanegile, mme go fopholediwa gore go swa batho ba ka nna dimilione di le 13 go ya go tse 18 ngwaga le ngwaga ka ntlha ya lehuma.”—UNDPI

Bokebekwa: “Bokebekwa jo bo begiwang bo gola ka palogare ya diperesente di le 5 mo lefatsheng lotlhe ngwaga le ngwaga fa e sa le mo dingwageng tsa bo1980; kwa USA fela, go dirwa ditiro tsa bokebekwa di le dimilione di le 35 ngwaga le ngwaga.”—UNDPI

Ditiro Tse di Seng Kafa Molaong: “Go dira ditiro tse di seng kafa molaong go aname gongwe le gongwe. Mo dinageng tse dingwe boferefere jo bo amanang le madi bo fopholediwa go ka ja madi a diperesente di le 10 a dilo tsotlhe tse di rekisiwang di tswa mo nageng eo ngwaga le ngwaga.”—UNDPI

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela