Ke Eng Seo Se Diragalang kwa Mokgatlhong wa Merafe E E Kopaneng?
GO NA le sengwe seo se diragalang kwa Mokgatlhong wa Merafe E E Kopaneng. Go diragala dilo tse di jesang kgakge tseo di tlileng go ama isagwe ya gago. Baeteledipele ba lefatshe ba na le tsholofelo e e seng kana ka sepe mo dilong tseno. A o ko o akanye ka mafoko ano a bone:
“Dingwaga di le masome a mane le botlhano morago ga o sena go nna gone, morago ga o sena go nna jaaka ekete ga o yo ka lobaka lo loleele, mokgatlho wa [Merafe E E Kopaneng] o fetoga re ntse re o lebile, mme jaanong o tlhaga o tshwana le moatlhodi wa boammaaruri, yo o tlhomang molao a bo a leka ka natla gore o bolokiwe.”—Tautona wa Fora ebong François Mitterrand a eme kopano ya bo 45 ya Kokoanokakaretso ya Mokgatlho wa Merafe E E Kopaneng ka lefoko ka di 24 tsa September 1990.
Mo go yone kokoano eno, Tona ya pele ya Merero ya Dinaga Di Sele ya Soviet ebong Eduard Shevardnadze o ne a bolela gore “ga go na sepe seo motho a ka se dirang fa e se go kgotsofadiwa ke kutlwano eo e leng teng mo Lekgotleng la Polokesego la [Mokgatlho wa Merafe E E Kopaneng] eo go senang epe ya go tshwana nayo eo e kileng ya tsamaya ya nna teng pele . . . Maemo ao maloko a mokgatlho wa [Merafe E E Kopaneng] a leng mo go one a naya Lekgotla la Polokesego taolo ya gore le tseye kgato go ya bokgakaleng joo go tlhokegang ka gone gore go ke go nne le kagiso mo lefatsheng.”
Malatsi a le mmalwa moragonyana ga moo, Tautona ya United States ebong George Bush o ne a ema Kokoanokakaretso ya Mokgatlho wa Merafe E E Kopaneng ka lefoko. Diphetogo tseo a di boneng di ne tsa mo tlhotlheletsa gore a bolele jaana: “Ga go na nako epe e sele fa e se go tloga ka 1945 fela re ileng ra bona tsela ya mmatota eo Mokgatlho wa Merafe E E Kopaneng o ka dirisediwang ka yone boikaelelo jo o neng o bo tlhametswe—eleng boikaelelo jwa gore e nne lefelo la konokono leo merafe yotlhe e dirang e le seoposengwe mo go lone gore go nne le polokesego.” O ne a bolela seno ka gonne “Mokgatlho wa Merafe E E Kopaneng” o ne wa tsiboga o le maikutlo mangwe fela mmogo le ka go ikemisetsa ka tsela e e tlhomologileng o tsibogela bothata jwa kwa Kgogometsong ya Persia. “Lekgotla la Polokesego la Mokgatlho wa Merafe E E Kopaneng le simolola go dira seo le neng le tlhametswe go tla go se dira, e le lekgetlo la ntlha le dira jalo.” Gape o ne a bolela jaana: “Mokgatlho wa Merafe E E Kopaneng o ka thusa go tlisa motlha o mosha” fa maloko a one ‘a ka tlogela go dirisa dibetsa.’ Ka go dira seno, ba ka kgona go fitlha kwa bokhutlong jwa “maiteko a bone a a tlhomologileng ao ba ntseng ba a dira a go dira gore go nne le thulaganyo ya lefatshe le lesha le kwa motlha o o tla nnang ka lobaka lo loleele wa kagiso.”
Tautona ya Kokoanokakaretso ya Mokgatlho wa Merafe E E Kopaneng ebong Rre Guido de Marco, le ene o ne a na le tsholofelo eno. O ne a bolela jaana ka boitumelo jo bogolo: “Go simolola ga tsamaiso e ntšha e e theilweng mo botsalanong le mo tirisanongmmogo fa gare ga mebuso e megolo go atametse. . . . Ditiragalo tseno di tsentse Mokgatlho wa Merafe E E Kopaneng botshelo.” O ne a bolela gore “seabe sa Kokoanokakaretso seo eleng sa go direla jaaka lefelo la konokono leo merafe yotlhe e tshwarelang dipuisano gone le go sekaseka dikgang, se tlhomamisitswe bosha ka mo go kgatlhisang.” Ka ntlha ya seno, o ne a tswelela pele go bolela jaana: “Lefatshe ga le sa tlhole le tshelela mo poifong ya Hara–Magedona eo e ka nnang ya tla e bakiwa ke kgaisano ya botlhajana jwa sepolotiki.”
Ke dife “ditiragalo tseno” tseo ka ponyo ya leitlho di ileng tsa dira gore Mokgatlho wa Merafe E E Kopaneng o nne mo boemong jono joo bo sa bolong go solofelwa jwa go tuma le go nna le tlhotlheletso? Ke eng seo se ileng sa baka tsholofelo e e ntseng jalo eo e neng ya tlhotlheletsa baeteledipele ba lefatshe gore ba bue ba na le tsholofelo ka “lefatshe le lesha le motlha wa kagiso o o tla tsayang lobaka lo loleele” oo go tla bong go sena kotsi ya Hara–Magedona ya nuklea mo go one?
Ke Eng Seo Se Tlisitseng Phetogo Eno?
“Go khutla ga ntwa ya molomo [kwa Yuropa],” go ne ga araba jalo Mokwaledimogolo wa Mokgatlho wa Merafe E E Kopaneng ebong Javier Pérez de Cuéllar mo pegong ya gagwe ya 1990 e e neng e le malebana le tiro ya Mokgatlho wa Merafe E E Kopaneng. Ka dingwaga di le masomesome boemo jo bo tlhobaetsang joo “bo ne jwa baka gore go nne le go sa ikanyane ka lobaka lo loleele mmogo le poifo ebile gape bo ne jwa kgaoganya lefatshe ka ditlhopha tsa majelathoko.” O ne a akgela ka gore “mogopolo wa go bolokesega o o simolotseng go bonala ke one tota oo Mokgatlho wa Merafe E E Kopaneng o ntseng o bolela ka one go ralala dingwaga.”
Ee, go ne go lebega jaaka ekete kgabagare merafe e ne e lemoga gore “go tlhola e akantse ka go itshireletsa ka tsela ya sesole ka dinako tsotlhe go felela ka kgaisano e e sa khutleng ya dibetsa, . . . go kgoreletsa ditherisano tsa sepolotiki go nna gone, . . . ebile gape go dira gore go ikutlwa ga merafe yotlhe e sa sireletsega go etegele,” mokwaledimogolo o ne a bolela jalo. Mme boikutlo jo bosha jono bo ne jwa felela ka eng?
Moya wa go dirisana mmogo ka lorato le go ikanyana o ne wa simolola go rena mo dikokoanongkhuduthamaga tsa mebuso e megolo ya lefatshe. Jaaka fa moya ono o ne o ntse o gola, ba ne ba bona go sa tlhole go tlhokega gore ba nne le palo eo ba neng ba na le yone ya masole a a tlhomeletseng eletota ka dibetsa ao a neng a direla jaaka bathibelatlhaselo mo mafelong a a rileng a botlhokwa kwa Yuropa. Lebota la kwa Berlin le ne la wa. Jeremane e ne ya fetoga naga e le nngwe fela. Dinaga di le mmalwa tsa kwa Yuropa Botlhaba di ne tsa tlhoma dipuso tse disha, di naya baagi ba tsone kgololesego eo ba neng ba ise ba ko ba tsamaye ba nne le yone pele. Melelwane eo e neng e ntse e tswetswe e ne ya bulelwa bojanala, go ananya dilo tsa setso, papatso, le kgwebisano. Mme go feta tsotlhe, Soviet Union le United States di ne tsa simolola go baka Mokgatlho wa Merafe E E Kopaneng le go tlhaba mokgosi malebana le kafa go tlhokafalang ka gone gore o dirisiwe jaaka selo seo se ka kgonang go tlhotlheletsa lefatshe mo maitekong a lone a gore go nne le kagiso le polokesego.
Go Leba Dilo ka Tsela Eo Di Leng ka Gone ka Mmatota
A o ile wa gakgamadiwa ke diphetogo tseno tseo di ileng tsa diragala ka tshoganyetso? A o ile wa simolola go akanya gore kagiso le polokesego tsa bo tsa tsamaya tsa nna gaufi, le gore Mokgatlho wa Merafe E E Kopaneng o tlile go nna le seabe se segolo mo go direng gore mekgele e e ntseng jalo e fitlhelelwe? Malebana le seo se diragetseng, re a tlhaloganya gore ke ka ntlha yang fa go na le tsholofelo e e kanakana. Mme lefa go ntse jalo, botlhale le hisitori di re bolelela gore re lebe kgonagalo ya seno ka tsela eo e leng ka teng ka mmatota.
Ela tlhoko seo Rre Pérez de Cuéllar a ileng a se bolela mo pegong ya gagwe: “Ka makgetlo a le mabedi mo lekgolong leno la dingwaga, morago ga dintwa di le pedi tseo di neng tsa dira tshenyo e e seng kana ka sepe, re ne re sa lemoge ka botlalo dilo tseo di neng di ka dira gore go kgonagale go ka aga thulaganyo ya lefatshe le le nang le kagiso.” Tautona Bush o ne a dirisa mafoko a a batlang a tshwana le ano fa a ne a eme kokoanokakaretso ya Kongerese ya U.S. ka lefoko ka di 6 tsa March 1991. “Makgetlo a le mabedi mo nakong e e fetileng mo lekgolong leno la dingwaga, lefatshe lotlhe le ne la amiwa mo go botlhoko ke ntwa. Go ile ga tlhaga tsholofelo ya kagiso e e nnetseng ruri ka makgetlo a le mabedi mo lekgolong leno la dingwaga, morago ga ntwa e e tsitlisang marapo. Ka makgetlo a le mabedi mo nakong e e fetileng, ditsholofelo tseo di ne tsa itshupa e le dilo tseo di se kitlang di tsamaya di diragala, le gone e le dilo tseo motho a ka se kang a tsamaya a di fitlhelela.”
Mokwaledi wa Naga wa U.S. ebong James Baker o ne a tobile dintlha fa a ne a eme Lekgotla la Polokesego la Mokgatlho wa Merafe E E Kopaneng ka lefoko. Fa a ne a kopa Mokgatlho wa Merafe E E Kopaneng gore o ba letlelele go dirisa ntwa kwa Kgogometsong ya Persia, o ne a gakolola badiri ka ene gore “boikuelo” jwa Ethiopia jwa 1936 “joo bo neng bo dirwa go Mokgatlho wa Kgolagano ya Merafe e ne ya re kgabagare jwa se ka jwa reediwa. Maiteko a Mokgatlho wa Kgolagano a go fedisa seo se neng se baka kgotlhang a ne a palelwa mme tlhakatlhakano mo merafeng yotlhe mmogo le ntwa di ne tsa itelekela.” Morago ga moo Rre Baker o ne a ikuela jaana: “Re se ka ra ba ra letlelela Mokgatlho wa Merafe E E Kopaneng gore o dire jaaka fa Mokgatlho wa Kgolagano ya Merafe o ne wa dira.”
Mokgatlho wa Kgolagano ya Merafe e ne e le eng? Ke ka ntlha yang fa o ne wa tlhomiwa? Ke ka ntlha yang fa o ile wa palelwa? Dikarabo tsa dipotso tseno di tla re thusa go lemoga diphetogo tseo di diragalang kwa Mokgatlhong wa Merafe E E Kopaneng.