LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • re kgao. 34 ts. 246-251
  • Go Rarabololwa ga Bosaitsiweng jo bo Boitshegang

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Rarabololwa ga Bosaitsiweng jo bo Boitshegang
  • Tshenolo—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Tlhatloga mo Moleteng
  • Kagiso le Polokesego—Ke Tsholofelo ya Lefela
  • Mokgatlho wa Merafe E E Kopaneng—A Ke Tsela E E Botoka?
    Tsogang!—1991
  • Karolo 8—Kgwanto e Telele ya Mebuso ya Lefatshe e Tloga e Khutla
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Sebatana se se Mmala wa Bohibidu jo bo Letlhololo se go Buiwang ka Sone mo go Tshenolo 17 ke Eng?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Go Etela ga Mopapa Kwa Lekgotleng la Ditšhaba Tse Di Kopaneng—Go Thusitse ka Eng?
    Tsogang!—1996
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tshenolo—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!
re kgao. 34 ts. 246-251

Kgaolo 34

Go Rarabololwa ga Bosaitsiweng jo bo Boitshegang

1. (a) Johane o itshwara jang fa a bona seaka se segolo le selo se se tshosang se a se pagameng, mme ka ntlha yang? (b) Setlhopha sa Johane gompieno se itshwara jang fa ditiragalo di ntse di diragatsa ponatshegelo ya polelelopele?

JOHANE o itshwara jang fa a bona seaka se segolo le selo se se se pagameng se se tshabegang? Ene ka boene o a araba: “Ebu, ya re ke tshogana ka ke mmona, ka gakgamala ka kgakgamalo e kgolo.” (Tshenolo 17:6b) Ga go mogopolo ope wa motho o o neng o ka ikakanyetsa ponalo e e ntseng jalo. Le fa go le jalo, ke seo—kgakala fela mo gare ga naga—seaka se se tlhabisang ditlhong se se pagameng sebatana se se boitshegang se se mmala o o bohibidu jo bo letlhololo! (Tshenolo 17:3) Setlhopha sa Johane le sone se gakgamala ka kgakgamalo e kgolo fa ditiragalo di ntse di senoga tsa ponatshegelo eo ya polelelopele. Fa batho ba ba mo lefatsheng ba ne ba ka bona seo, ba ne ba tla khutsa ba re, ‘Ga re dumele!’ mme babusi ba lefatshe ba ne ba tla tlhaba mokgosi ba re, ‘A ruri?’ Mme ponatshegelo eno e nna selo se se diragalang ka tsela e e tsitlisang marapo gompieno. Batho ba Modimo ba setse ba nnile le seabe se segolo mo tiragatsong ya ponatshegelo eo, mme seno se ba tlhomamisetsa gore polelelopele e tla tswelela pele go ya fela kwa bofelelong jwa yone jo bo jesang kgakge.

2. (a) Fa a tsibogela kgakgamalo ya ga Johane, ke eng se moengele a se mmolelelang? (b) Ke eng se setlhopha sa Johane se ileng sa se senolelwa, mme seno se ne sa dirwa jang?

2 Moengele o lemoga kafa Johane a gakgametseng ka gone. Johane o a tswelela: “Mme jalo moengele a nthaya a re: ‘Ke ka ntlha yang o ne o gakgamala? Ke tla go bolelela bosaitsiweng jwa mosadi yono le jwa sebatana se se mo pegileng e bile e le se se nang le ditlhogo di le supa le dinaka di le lesome.’” (Tshenolo 17:7) Ahee, jaanong moengele o tla senola bosaitsiweng jo! O tlhalosetsa Johane yo o gotolotseng matlho dikarolo tse di farologaneng tsa ponatshegelo eno le ditiragalo tse dikgolo tse di tla tlogang di diragala. Ka tsela e e tshwanang, fa setlhopha se se kelotlhoko sa Johane se ntse se dira ka go kaelwa ke baengele gompieno, se ile sa senolelwa go tlhaloganya polelelopele eno. “A diphuthololo ga se tsa Modimo?” Fela jaaka Josefa yo o ikanyegang, re dumela gore ke tsa gagwe. (Genesise 40:8; bapisa Daniele 2:29, 30.) Go ntse jaaka e kete batho ba Modimo ba eme fa gare ga ditiragalo fa Jehofa a ntse a ba phuthololela se se kaiwang ke ponatshegelo le kafa se amang matshelo a bone ka teng. (Pesalema 25:14) Gone fela mo nakong, o ba thusitse go tlhaloganya bosaitsiweng jwa gore mosadi ke mang le jwa sebatana.—Pesalema 32:8.

3, 4. (a) Ke puo efe ya phatlalatsa e e neng ya neelwa ke N. H. Knorr ka 1942, mme e ne ya tlhalosa gore sebatana se se mmala o o bohibidu jo bo letlhololo ke eng? (b) Ke mafoko afe a moengele a neng a a bolelela Johane a a neng a tlhalosiwa ke N. H. Knorr?

3 Go tswa ka September 18 go ya go 20, 1942, fa Ntwa ya Lefatshe II e ntse e fagile, Basupi ba ga Jehofa kwa United States ba ne ba tshwara Kopano ya Puso ya Modimo ya Lefatshe le Lesha. Motsemogolo wa yone, Cleveland, kwa Ohio, o ne wa golaganngwa ka difouno le metse e mengwe e le 50 ya dikopano, mme ya nna le palokakaretso ya batho ba ba nnileng gone ba le 129 699. Koo maemo a ntwa a neng a dumela seo, dikopano tse dingwe di ne tsa boeletsa thulaganyo eo mo lefatsheng lotlhe. Ka nako eo, bontsi jwa batho ba ga Jehofa ba ne ba lebeletse gore ntwa eo e ne e tla felela ka ntwa ya Modimo ya Haramagedona; ka jalo setlhogo sa puo ya phatlalatsa se se neng se re, “Kagiso—A e Ka Nnela Ruri?,” se ne sa tsosa kgatlhego e ntsi thata. Mookamedi yo mosha wa Mokgatlho wa Watch Tower, N. H. Knorr, o ne a tla buelela jang kagiso fa go ne go lebega go se na tsholofelo epe ya kagiso mo ditšhabeng?a Lebaka ke gore setlhopha sa Johane se ne se ‘etse tlhoko thata go feta kafa go tlwaelegileng ka teng’ Lefoko la Modimo la polelelopele.—Bahebera 2:1; 2 Petere 1:19.

4 Puo eo e e reng “Kagiso—A e Ka Nnela Ruri?” e ne ya ntsha tshedimosetso efe ka boporofeti? Fa a ne a tlhalosa sentle gore sebatana se se mmala o o bohibidu jo bo letlhololo sa Tshenolo 17:3 e ne e le lekgotla la Kgolagano ya Ditšhaba, N. H. Knorr o ne a tswelela pele go tlhalosa ka tiro ya lone e e boima a theile mo mafokong a a latelang a moengele o a boleletseng Johane: “Sebatana se o se boneng se ne se le gone, mme ga se yo, le fa go ntse jalo se tloga se tlhatloga mo moleteng o o se nang bolekanngo, mme se tla ya kwa tshenyegong.”—Tshenolo 17:8a.

5. (a) Ke jang go ka tweng “sebatana . . . se ne se le gone,” mme go tswa foo ga twe, “ga se yo”? (b) N. H. Knorr o ne a araba jang potso e e neng e re, “A Kgolagano e tla nnela ruri mo moleteng?”

5 “Sebatana . . . se ne se le gone.” Ee, se ne se le teng jaaka lekgotla la Kgolagano ya Ditšhaba go tloga ka January 10, 1920, go ya pele, se kopanetswe ke ditšhaba di le 63 ka dinako tse di farologaneng. Mme, morago ga moo, Japane, Jeremane, le Italy di ne tsa intsha mo go lone, mme naga e pele e neng e le Soviet Union e ne ya ntshiwa mo Kgolaganong. Ka September 1939 mmusaesi wa Bonasi wa Jeremane o ne a simolola Ntwa ya Lefatshe II.b Fa le sena go palelwa ke go boloka kagiso mo lefatsheng, lekgotla la Kgolagano ya Ditšhaba go ka twe le ne la wela mo moleteng wa go sa tlhole le dira. Ka 1942 le ne le le leo le kileng la nna teng. Go ne go ise go diragale pele ga motlha oo kana morago ga one—mme go ne ga diragala ka yone nako eo e e botlhokwa—gore Jehofa a phuthololele batho ba gagwe boteng jo bo tletseng jwa se se bolelwang ke ponatshegelo eo! Kwa Kopanong ya Puso ya Modimo ya Lefatshe le Lesha, N. H. Knorr o ne a bua jaana tumalanong le polelelopele, a re “sebatana . . . ga se yo.” Go tswa foo o ne a botsa potso e e reng, “A Kgolagano e tla nnela ruri mo moleteng?” Fa a tsopola Tshenolo 17:8, o ne a araba a re: “Mokgatlho wa ditšhaba tsa lefatshe o tla tlhatloga gape.” Go ne ga nna fela jalo—seo e le go tlotlomatsa Lefoko la polelelopele la ga Jehofa!

Go Tlhatloga mo Moleteng

6. (a) Sebatana se se mmala o o bohibidu jo bo letlhololo se ne sa tlhatloga leng mo moleteng, mme se bidiwa ka leina lefe le lesha? (b) Ke ka ntlha yang fa lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng totatota e le sebatana se se mmala o o bohibidu jo bo letlhololo se se tsosolositsweng?

6 Sebatana se se mmala o o bohibidu jo bo letlhololo eleruri se ne sa tlhatloga mo moleteng. Ka June 26, 1945, ka mekgosi e mentsintsi mo San Francisco, U.S.A., ditšhaba di le 50 di ne tsa dumalana gore di amogela Maitlamo a lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng. Lekoko leno le ne le tshwanetse “go boloka kagiso ya ditšhaba tsotlhe le polokesego.” Go ne go na le ditshwano di le dintsi fa gare ga Kgolagano le lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng. The World Book Encyclopedia e tlhalosa jaana: “Ka ditsela dingwe, Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng le tshwana fela le Kgolagano ya Ditšhaba, e e neng ya tlhangwa morago ga Ntwa ya Lefatshe I . . . Bontsi jwa ditšhaba tse di neng tsa thaya Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng e ne e le tsone di thaileng Kgolagano. Fela jaaka Kgolagano, lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng le ne la tlhomelwa go thusa go boloka kagiso mo ditšhabeng. Maloko a magolo a lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng a tshwana fela le a Kgolagano.” Ka jalo, lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng tota ke tsosoloso ya sebatana se se mmala o o bohibidu jo bo letlhololo. Maloko a lone a ditšhaba di ka nna 190 a feta kgakalakgakala a Kgolagano a a neng a le 63; mme gape le nnile le maikarabelo a mantsi thata go feta motlapele wa lone.

7. (a) Baagi ba lefatshe ba ne ba gakgamala le go kgatlhegela jang sebatana se se mmala o o bohibidu jo bo letlhololo? (b) Ke mokgele ofe o o paletseng lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng mme ke eng se motsamaisimogolo wa lone a neng a se bua mabapi le seo?

7 Kwa tshimologong, go ne ga solofelwa thata mo lekgotleng la Ditšhaba Tse di Kopaneng. Seno e ne e le tiragatso ya mafoko a moengele a a neng a re: “Mme fa ba bona kafa sebatana se nnileng gone ka gone, mme se seyo, mme le fa go ntse jalo se tla nna gone, ba ba nnang mo lefatsheng ba tla gakgamala ba kgatlhega, mme maina a bone ga a a kwalwa mo lokwalong lwa momeno lwa botshelo go tloga fa e sa le lefatshe le thaiwa.” (Tshenolo 17:8b) Banni ba lefatshe ba ile ba kgatlhegela selo seno se sesha, se se dirang se le kwa ntlokgolong ya sone e e boitshegang kwa New York kwa East River. Mme lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng ga le a kgona go fitlhelela kagiso ya boammaaruri le polokesego. Mo karolong e kgolo ya lekgolo la bo20 la dingwaga, kagiso ya lefatshe e ne ya nna gone fela ka ntlha ya matshosetsi a “mutual assured destruction”—MAD, jaaka go khutshwafadiwa—mme kgaisano ya dibetsa e ile ya tswelela go ya magoletsa ka selekanyo se se tshosang. Morago ga dingwaga tse di ka nnang 40 lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng le ntse le dira maiteko, yo e neng e le motsamaisimogolo wa lone ka nako eo, e bong Javier Pérez de Cuéllar, o ne a supa kutlobotlhoko ya gagwe ka 1985, fa a ne a re: “Re tshela mo motlheng o mongwe gape wa batho ba ba tseegang maikutlo thata, mme ga re itse se re ka se dirang.”

8, 9. (a) Ke ka ntlha yang fa lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng le se na ditharabololo tsa mathata a lefatshe, mme ke eng se se tla akofang se le diragalela go ya ka taelo ya Modimo? (b) Ke ka ntlha yang fa maina a batho ba ba thaileng lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng le ba ba le kgatlhegelang a se mo “lokwalong lwa momeno lwa botshelo”? (c) Ke eng se Bogosi jwa ga Jehofa bo tla se fitlhelelang ka katlego?

8 Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng ga le a tshola dikarabo. Ka ntlha yang? Ka go bo Monei wa botshelo wa batho botlhe ga se moneibotshelo wa lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng. Botshelo jwa lone bo tla khutshwafala, ka go bo go ya kafa taolong ya Modimo, “se tla ya kwa tshenyegong.” Bathei ba lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng le bakgatlhegedi ba lone ga ba a kwalwa maina mo lokwalong lwa momeno lwa botshelo lwa Modimo. Batho ba ba leofileng, ba ba swang, ba bontsi jwa bone ba tlhapatsang leina la Modimo, ba ka fitlhelela jang ka lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng se Jehofa Modimo a boletseng gore o tla tloga a se dira, e seng ka nonofo ya motho, mme e leng ka Bogosi jwa gagwe ka Keresete wa gagwe?—Daniele 7:27; Tshenolo 11:15.

9 Totatota lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng ke setshosa fela se se tlhapatsang sa Bogosi jwa Modimo jwa ga Mesia ka Kgosana ya gagwe ya Kagiso, e bong Jesu Keresete—yo go busa ga gagwe e le kgosana go se kitlang go fela. (Isaia 9:6, 7) Le e leng fa lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng le ne le ka lere kagiso ka nakwana, dintwa di ne di tla tsoga gape. Selo seno se mo mading a batho ba ba leofileng. “Maina a bone ga a a kwalwa mo lokwalong lwa momeno lwa botshelo go tloga fa e sa le lefatshe le thaiwa.” Bogosi jwa ga Jehofa ka Keresete ga bo ne bo tlisa fela kagiso ya go ya go ile mo lefatsheng mme, mo motheong wa setlhabelo sa thekololo sa ga Jesu, bo tla tsosa baswi, basiami le basiamolodi ba Modimo a ba gakologelwang. (Johane 5:28, 29; Ditiro 24:15) Seno se akareletsa mongwe le mongwe yo o ileng a ema a tiile go sa kgathalesege ditlhaselo tsa ga Satane le losika lwa gagwe, le ba bangwe ba ba sa ntseng ba tla itshupa ba le kutlo. Ga go pelaelo gore, lokwalo lwa Modimo lwa momeno lwa botshelo ga lo ne lo nna le maina a bangaparedi ba ba tlhogoethata ba Babelona o Mogolo kana ba ba tswelelang pele go obamela sebatana.—Ekesodo 32:33; Pesalema 86:8-10; Johane 17:3; Tshenolo 16:2; 17:5.

Kagiso le Polokesego—Ke Tsholofelo ya Lefela

10, 11. (a) Ke eng se lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng le neng la se bolela ka 1986, mme karabelo e ne ya nna efe? (b) Ke “ditlhopha tsa bodumedi” di le kae tse di neng di kokoane kwa Assisi, Italy, go rapelela kagiso, mme a Modimo o araba dithapelo tseo? Tlhalosa.

10 Ka maiteko a go tshegetsa tsholofelo ya batho, lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng le ne la bolela 1986 e le “Ngwaga wa Kagiso ya Ditšhabatšhaba,” ka setlhogo se se reng “Go Sireletsa Kagiso le Isagwe ya Batho.” Go ne ga ikuelwa mo ditšhabeng tse di lwang gore di beye dibetsa tsa tsone fa fatshe, bogolo ka ngwaga o le mongwe fela. Di ne tsa arabela jang? Go ya ka pego e e neng ya ntshiwa ke International Peace Research Institute, batho ba ka nna dimilione tse tlhano ba ne ba swa ka ntlha ya dintwa ka 1986 fela! Le mororo go ne ga dirwa madi a ditshipi a a kgethegileng le ditempe tsa segopotso, ditšhaba ka bontsi ga di a ka tsa dira sepe go tshegetsa mogopolo wa kagiso mo ngwageng oo. Le fa go le jalo, ditumelo tsa lefatshe—tse ka metlha di ntseng di tlhologeletswe go nna le boemo jo bontle mo lekgotleng la Ditšhaba Tse di Kopaneng—di ne tsa ema ka dinao go anamisa ngwaga oo ka ditsela tse di farologaneng. Ka January 1, 1986, Mopapa John Paul II o ne a galaletsa tiro ya lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng mme a tlhogonolofatsa ngwaga o mosha wa kagiso. Ka October 27, o ne a kokoanya baeteledipele ba ditumelo di le dintsi tsa lefatshe kwa Assisi, Italy, go rapelela kagiso.

11 A Modimo o araba dithapelo tse di ntseng jalo tsa kagiso? Mme kana, baeteledipele bao ba bodumedi ba ne ba rapela Modimo ofe? Fa o ne o ka ba botsa, setlhopha sengwe le sengwe se ne se ka fa karabo e e farologaneng. A go na le medimo e e dimilione eo e ka utlwang ya bo ya diragatsa dikopo tse di dirwang ka ditsela tse dintsi tse di farologaneng? Bontsi jwa ba ba neng ba le gone ba ne ba obamela Tharonngwe ya dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete.c Babuda, Bahindu, le ba bangwe, ba ne ba dumaduma dithapelo tse di yang kwa medimong e e se nang palo. Mo palokakaretsong, go ne ga kokoana “ditlhopha tsa bodumedi” di le 12 tse di neng di emetswe ke batlotlegi ba ba jaaka Archbishop of Canterbury wa Anglican, Dalai Lama wa Buda, motlotlomadi wa Russian Orthodox, mookamedi wa Shinto Shrine Association wa Tokyo, ba ba dumelang mo meyeng e e sa sweng ba Maafrika, le Maindia a Amerika a le mabedi ba ba neng ba ikgabisitse ka dirwalo tsa tlhogo tsa diphuka. Go ka bolelwa ga twe e ne e le setlhopha se se mebalabala, se se neng sa dira gore dikgang tsa thelebishene di kgatlhe thata. Setlhopha sengwe se ne sa rapela kwantle ga go khutla ka diura di le 12 ka nako e nngwe. (Bapisa Luke 20:45-47.) A mme dithapelo dipe mo go tseo di ile tsa fitlha ka kwa ga maru a pula a a neng a okametse kokoano eo? Nnyaa, ka ntlha ya mabaka a a latelang:

12. Ke ka ntlha yang fa Modimo a ne a se ka a araba dithapelo tsa kagiso tsa baeteledipele ba bodumedi ba lefatshe?

12 Ka go farologana le ba ba ‘tsamayang mo leineng la ga Jehofa,’ ga go ope wa badumedi bao yo o neng a rapela Jehofa, Modimo o o tshedileng, yo leina la gagwe le bonalang ga 7 000 mo mokwalong wa pele wa Baebele. (Mika 4:5; Isaia 42:8, 12)d Jaaka setlhopha, ba ne ba se ka ba rapela Modimo mo leineng la ga Jesu, bontsi jwa bone e bile ba sa dumele le mo go ene Jesu Keresete tota. (Johane 14:13; 15:16) Ga go ope mo go bone yo o dirang thato ya Modimo mo nakong ya gompieno, e bong go bolela kaga Bogosi jwa Modimo jo bo tlang mo lefatsheng lotlhe—e seng lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng—gore ke yone tsholofelo e le yosi mo bathong. (Mathaio 7:21-23; 24:14; Mareko 13:10) Diphuthego tsa bone tsa bodumedi di ile tsa senya nako e ntsi mo dintweng tse di tshololang madi mo hisitoring yotlhe, go akareletsa le dintwa tse pedi tsa lefatshe mo lekgolong leno la bo20 la dingwaga. Batho bao, Modimo o ba raya a re: “Le fa lo dira dithapelo tse dintsi, ga ke a reetsa; diatla tsa lona di tletse tshololo ya madi.”—Isaia 1:15; 59:1-3.

13. (a) Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa go bo baeteledipele ba ditumelo tsa lefatshe ba ikopanya le lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng mo maikuelong a kagiso? (b) Mekgosi ya kagiso e tla felela mo tiragalong efe e e boleletsweng pele ke Modimo?

13 Gape, ke selo se se botlhokwa thata go bo baeteledipele ba ditumelo tsa lefatshe ba ikopantse le lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng mo maikuelong a go batla kagiso a nako eno. Go rata ga bone ke gore ba tlhotlheletse lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng gore ba tle ba solegelwe molemo, segolobogolo mo motlheng ono wa segompieno fa batho ba le bantsi ba bone ba ntse ba furalela bodumedi. Fela jaaka baeteledipele ba ba sa ikanyegeng mo Iseraele wa bogologolo, ba ntse ba goeletsa ba re, “‘Go na le kagiso! Go na le kagiso!’ mme go se na kagiso.” (Jeremia 6:14) Kwantle ga pelaelo mekgosi ya bone ya kagiso e tla tswelela e gola gore e fitlhe go se moaposetoloi Paulo a neng a bolelela pele ka sone fa a ne a re: “Letsatsi la ga Jehofa le a tla fela jaaka legodu bosigo. Motlhang ba reng: ‘Kagiso le polokesego!’ foo tshenyego ya tshoganyetso e tla ba wela ka ponyo ya leitlho fela jaaka setlhabi sa tlalelo mo mosading yo o moimana; mme ga ba kitla ba falola ka gope.”—1 Bathesalonika 5:2, 3.

14. Mokgosi wa “Kagiso le polokesego” o ka nna ka tsela efe, mme motho o ka tila jang gore a se timediwe ke one?

14 Mo dingwageng tsa bosheng jaana, ba bopolotiki ba ile ba dirisa mafoko a a reng “kagiso le polokesego” go tlhalosa dithulaganyo tse di farologaneng tsa batho. A maiteko a a ntseng jalo a baeteledipele ba lefatshe a bontsha gore mafoko a 1 Bathesalonika 5:3 e simolola go diragadiwa? Kgotsa Paulo o ne a bua ka tiragalo nngwe e e rileng e e tla bong e le kgolo mo e tla bonalang mo lefatsheng lotlhe? E re ka dipolelelopele tsa Baebele gantsi di tlhaloganngwa fela fa di sena go diragadiwa kgotsa fa di ntse di diragadiwa, re tla tshwanelwa ke go leta gore re tle re bone gore mafoko ano a tla diragadiwa jang. Mme fa a ise a diragadiwe, Bakeresete ba a itse gore le fa ditšhaba di ka lebega di na le kagiso le polokesego go le kana kang, tota go tla bo go sa fetoga sepe. Bopelotshetlha, kilo, bokebekwa, go thubega ga malapa, boitsholo jo bo sa siamang, bolwetse, bohutsana le loso di tla bo di sa ntse di le gone. Ke sone se wena o sa tshwanelang go tsiediwa ke mokgosi ope wa “kagiso le polokesego,” fa o ka nna o tlhokometse bokao jwa ditiragalo tsa lefatshe mme o ikobela ditlhagiso tsa boporofeti tse di mo Lefokong la Modimo.—Mareko 13:32-37; Luke 21:34-36.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a J. F. Rutherford o ne a tlhokafala ka January 8, 1942, mme N. H. Knorr o ne a mo tlhatlhama go nna mookamedi wa Mokgatlho wa Watch Tower.

b Ka November 20, 1940, Jeremane, Italy, Japane, le Hungary ba ne ba saenela go nna gone ga “lekgotla le lesha la Kgolagano ya Ditšhaba,” mme morago ga malatsi a le manè go ne ga latela kanamiso ya Vatican ya Mmisa le thapelo ya gore go nne kagiso ya sedumedi le thulaganyo e ntšha ya dilo. “Kgolagano e ntšha’’ eo e ne ya se ka ya nna gone.

c Mogopolo wa Tharonngwe o simologile kwa Babelona wa bogologolo, koo modimo wa letsatsi Shamash, modimo wa kgwedi Sin, le modimo wa dinaledi Ishtar ba neng ba obamelwa gone jaaka medimo e e ditlhogo di tharo. Egepeto o ne a latela sekai se se tshwanang, a obamela Osiris, Isis, le Horus. Modimo o mogolo wa Asiria, Asshur, o supiwa a le ditlhogo di le tharo. Ka go latela sekai se se tshwanang, mo dikerekeng tsa Katoliki go na le ditshwantsho tse di tshwantshitsweng Modimo a le ditlhogo di le tharo.

d Webster’s Third New International Dictionary ya 1993 e tlhalosa Jehofa Modimo jaaka “Modimo o mogolo o o itseweng le Modimo o o osi o o obamelwang ke Basupi ba ga Jehofa.”

[Lebokoso mo go tsebe 250]

“Kagiso” e e sa Diragalang

Le mororo 1986 a ne a bolelwa ke lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng gore ke Ngwaga wa Kagiso ya Ditšhabatšhaba, kgaisano ya dibetsa tsa go ipolaya e ne ya ya magoletsa. World Military and Social Expenditures 1986 e ne ya ntsha dintlha tseno tse di tsitsibanyang mmele:

Ka 1986 ditshenyegelo mo sesoleng tsa lefatshe lotlhe di ne tsa fitlha go diranta di le dimilione di le dikete tse 1 800.

Ditshenyegelo tsa sesole mo lefatsheng lotlhe mo ureng e le nngwe di ne di ka lekana go thibela malwetse mo bathong ba le dimilione di le 3,5 ba ba neng ba swa ngwaga le ngwaga ka ntlha ya malwetse a a tshelanwang a a ka thibelwang.

Mo lefatsheng lotlhe, motho a le mongwe mo go ba le batlhano o ne a tshelela mo lehumeng le le ngomolang pelo. Batho bao botlhe ba ba neng ba bolawa ke tlala ba ne ba ka bona dijo tsa ngwaga otlhe tsa madi ao a a neng a senngwa ke lefatshe mo dibetseng ka malatsi fela a le mabedi.

Maatla a go thunya a a neng a le mo dibetseng tsa nuklea tse di kokoantsweng a ne a feta a go thunya mo go diragetseng kwa Chernobyl, a a feta go menagane ga 160 000 000.

Bomo ya nuklea e ne e ka thuntshiwa ke e e nonofo ya bogolo jo bo fetang bomo e e latlhetsweng mo Hiroshima ka 1945 ka makgetlo a le 500.

Mabolokelo a dibetsa tsa nuklea a ne a na le selekanyo se se fetang Bo-Hiroshima ba le milione. A na le maatla a go thunya a a fetang a a dirisitsweng ka Ntwa ya Lefatshe II ka makgetlo a le 2 700 moo go neng ga swa batho ba le dimilione tse 38.

Dintwa di ne tsa ntsifala thata le go nna setlhogo go feta. Palo yotlhe ya batho ba ba bolailweng ke ntwa e ne e le dimilione di le 4,4 mo lekgolong la dingwaga la bo18, ba nna dimilione di le 8,3 mo lekgolong la dingwaga la bo19, ba nna dimilione di le 98,8 mo dingwageng tsa ntlha tse 86 tsa lekgolo la dingwaga la bo20. Fa e sale tshimologong ya lekgolo la dingwaga la bo18, batho ba ba bolailweng ke ntwa ba ile ba oketsega ka makgetlo a a fetang a marataro ka bofefo jo bo fetang jwa go tsalwa ga batho mo lefatsheng. Go ne ga swa batho ba le bantsi mo ntweng e le nngwe mo lekgolong la bo20 la dingwaga go feta ba ba suleng mo dintweng tsa lekgolo la bo19 la dingwaga ka makgetlo a le lesome.

[Ditshwantsho mo go tsebe 247]

Jaaka go ne ga bolelelwa pele kaga sebatana se se mmala o o bohibidu jo bo letlhololo, lekgotla la Kgolagano ya Ditšhaba le ne la tsenngwa mo moleteng ka Ntwa ya Lefatshe II mme la tsoga gape e le lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng

[Ditshwantsho mo go tsebe 249]

Ka go tshegetsa “Ngwaga wa Kagiso” wa lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng, baemedi ba ditumelo tsa lefatshe ba ne ba rapela dithapelo tse di tlhakatlhakaneng kwa Assisi, Italy, mme ga go ope wa bone yo o neng a rapela Modimo o o tshelang, Jehofa

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela