Go Etela ga Mopapa Kwa Lekgotleng la Ditšhaba Tse Di Kopaneng—Go Thusitse ka Eng?
FA A ne a le mo sefofaneng a kgabaganya Atlantic a ya go ema lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng ka lefoko kwa New York City, Mopapa John Paul II o ne a tsaya mosepele o fa o kopanngwa le yotlhe e a kileng a e tsaya o tshwarang dikilometara di le 1000 000. E ne e le ka October 4, 1995, mme e ne e le lekgetlho la bo68 a etela go sele fa e sale e le mopapa. Ga go na pelaelo ya gore ke mopapa yo o ileng a tsaya mesepele e mentsi thata go gaisa botlhe mo hisitoring ya Kereke ya Roma Katoliki.
O ne a goroga kwa Newark International Airport kwa New Jersey ka Laboraro pula e na, a diretswe dithulaganyo tse di gagametseng fela thata tsa tshireletso go gaisa tsotlhe tse di kileng tsa direlwa motho ope fela wa maemo. Go ile ga fopholediwa gore mo e ka nnang baofisire ba feterale le ba toropokgolo ba ka nna 8000 ba ne ba abelwa go sireletsa mopapa. Pego nngwe e ne ya bitsa seno gore ke “lebota le le boitshegang la tshireletso,” go dirisiwa boradihelikopotara le bashapi ba ba itseng go shapa kafa tlase ga metsi.
Ke Eng Fa a Ne A Etile?
Mo puong ya gagwe kwa boemadifofaneng, o ne a gakolola batho gore mopapa yo o tlileng pele ga gagwe e bong Mopapa Paul VI, o ne a kile a ema UN General Assembly ka lefoko ka boikuelo jono jwa kagiso: “Go se ka ga tlhola go nna le ntwa, e se ka ya bo ya tlhola e nna gone!” Mopapa John Paul II o ne a re o boetse koo “go tla go tlhalosa tumelo [ya gagwe] e e tlhomameng ya gore megopolo le maikaelelo a a dirileng gore go nne le lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng mo sephatlong se se fetileng sa lekgolo la dingwaga a tlhokega thata go feta lefa e le leng pele mo lefatsheng leno le le batlang go diragatsa maikaelelo a a molemo.”
Kwa merapelong ya maitseboa kwa Sacred Heart Cathedral kwa Newark, mopapa o ne a supa gape kafa a emeng lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng nokeng ka teng ka go re: “Lekgotla leno le tlhametswe go leretse batho molemo o botlhe ba o tlhokang, mme ka gone, go a tshwanela gore mopapa a ye go bua koo go neela bosupi jwa tsholofelo ya Efangele.” O ne a oketsa jaana: “Ka gone, thapelo ya rona ya kagiso gape e rapelela le Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng. Moitshepi Francis wa kwa Assisi . . . o itsege thata ka go nna moemanokeng yo mogolo wa kagiso le morulaganyi wa yone. A re rapeleleng lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng ka merapelo ya gagwe gore le kgone go tlisa tshiamiso le kagiso mo lefatsheng lotlhe.”
Mo puong ya gagwe kwa lekgotleng la Ditšhaba Tse di Kopaneng o ne a akgola diphetogo tsa sepolotiki tse e seng tsa thubakanyo tsa 1989 kwa Yuropa Botlhaba koo dinaga di sekae tsa teng di neng tsa bona kgololesego gape. O ile a kgothaletsa batho go nna le “boratanaga jwa mmatota” e seng “go tlhaolana le bosetšhaba jwa tlhaolele.” O ile a bua ka tshiamololo e e diregang mo tsamaisong ya jaanong, a re: “Fa dimilionemilione tsa batho di boga ka ntlha ya lehuma le le dirang gore go nne le tlala, phepelotlase, bolwetse, go sa itse go bala le go kwala le tlontlologo, re tshwanetse . . . go gakologelwa gore ga go na ope yo o nang le tshwanelo ya go sotla yo mongwe gore a solegelwe molemo.”
Morago ga moo a bo a re: “Fa re ntse re lebane le dikgwetlho tse di boitshegang jaana, go tla jang gore re itlhokomolose seabe sa Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng?” O ile a re lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng le tshwanetse go nna “pinagare ya maitsholo mo ditšhaba tsa lefatshe di ka ikutlwang di amogelegile teng.” O ile a gatelela gore go tlhokega thata gore go kgothadiwe “batho botlhe go nna seoposengwe.”
Kagiso ya Mmatota—E Tla Tswa Kae?
Kwantle ga pelaelo o ne a bua dikakgelo di le dintsi tse di molemo. Lefa go ntse jalo, mo puong eo ya gagwe e telele, a o ne a gakolola baeteledipele ba lefatshe go ikanya se Modimo a tla se dirisang go rarabolola mathata a batho—Bogosi jwa gagwe ka Keresete Jesu? (Mathaio 6:10) Nnyaa. Tota e bile, ga go le ka motlha a ileng a nopola Baebele mo puong ya gagwe kwa lekgotleng la Ditšhaba Tse di Kopaneng. Go na le moo, o ne a re “ka tshwaro ya Modimo, re ka kgona gore mo lekgolong le le tlang la dingwaga le mo mileniamong o o tlang, re age mokgwa wa botshelo o o tshwanelang batho, ngwao ya mmatota ya kgololesego.” Mo baithuting ba Baebele, kakgelo e e ntseng jalo e ka utlwala e tshwana fela le nngwe e e kileng ya buiwa ke batho ba kwa Babela wa bogologolo dingwaga tse 4000 tse di fetileng ba ba neng ba akanya gore ka maano a batho ba ka kgona go dira gore batho ba age ba le mmogo: “Tlang re ikageleng motse, le kago e e godileng e setlhowa sa yone se tlaa fitlhang kwa legodimong, mme a re itireleng leina; e se re kgotsa ra phatlalalela mo lefatsheng lotlhe.” (Genesise 11:4) Ka jalo, batho bangwe ba akanya gore baeteledipele ba dipolotiki ba ba emelwang ke lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng, ke bone ba ka agang mokgwa o mosha wa botshelo o o ikaegileng ka kgololesego.
Lefa go ntse jalo, ke eng se Baebele e se bolelelang pele malebana le se se tla diragalelang puso ya batho ya dipolotiki le lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng ka bolone? Buka ya Daniele le ya Tshenolo di tlhalosa ponatshegelo e e utlwalang sentle malebana le se se tla ba diragalelang. Daniele o ne a porofeta gore mo metlheng ya bofelo, Modimo o ne a tla tlhoma puso ya gagwe ya Bogosi jaaka lefika le legolo le ‘kabotswe e seng ka diatla tsa motho.’ E tla tsaya kgato efe? “E tlaa re mo metlheng ya dikgosi tseo, Modimo wa legodimo o tlaa tlhoma bogosi jo bo se ketlang bo senngwa gope, . . . bo tlaa thubaganya bo nyeletsa magosi ao otlhe, mme bo tlaa ema ka bosakhutleng.” Dipuso tsa batho di tla tseelwa maemo ke puso e e nosi e e tla busang batho botlhe.—Daniele 2:44, 45.
Go tla diragalang ka lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng? Tshenolo kgaolo 17 e tlhalosa lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng (le motlapele wa yone yo o neng a tsaya lobaka lo lokhutshwane e bong lekgotla la Kgolagano ya Ditšhaba) e le sebatana se se mmala o o bohibidu jo bo letlhololo “se ya tatlhegong.” (Tshenolo 17:8)a Jehofa ga a ne a dirisa mokgatlho ope wa batho go tlisa kagiso ya mmatota, go sa kgathalasege gore balatedi ba one ba tlhoafetse go le kana kang. Kagiso ya mmatota e tla tlisiwa ke Bogosi jwa Modimo jo re bo solofeditsweng ka Keresete Jesu yo o tsositsweng yo o kwa magodimong. Seno ke sone se se tla diragatsang tsholofetso ya Modimo e e mo go Tshenolo 21:3, 4: “Bonang, boago jwa Modimo bo mo bathong, o tlaa aga nabo, ba tlaa nna batho ba one, le Modimo ka osi o tlaa nna nabo, o tlaa nna Modimo wa bone. O tlaa phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone; ga go ketla go tlhola go le loso; le gone ga go ketla go tlhola go le bohutsana, le fa e le selelo, le fa e le botlhoko; dilo tsa pele di fetetse ruri.”
Leeto Leo—Le Thusitse go le Kana Kang?
Fa mopapa a ne a umaka sengwe se se mo Baebeleng mo dipuong tsa gagwe, a balatedi ba Katoliki ba ne ba kgothadiwa go ntsha Dibaebele tsa bone le go leba ditemana tse di umakiwang? Ka maswabi, bontsintsi jwa bone ba ne ba sa tshola le yone Baebele. E ne e le ka sewelo mopapa a neng a umaka temana nngwe ka tlhamalalo go dira gore bareetsi ba gagwe ba bale Baebele.
Sekai sengwe ke fa a ne a bua le batho ba le 83000 kwa Giants Stadium, kwa New Jersey, a re: “Re emetse go bowa ga Morena a tla go atlhola batshedi le baswi. Re letetse go tla ga gagwe ka kgalalelo, go tla ga bogosi jwa Modimo ka botlalo. Seno ke se dipesalema di re laletsang gore re se dire ka metlha: ‘Letela Morena ka bopelokgale; nna pelothata mme o letele Morena.’” Mme gone, o ne a nopola temana efe mo dipesalemeng? Gone o ne a bua ka Morena ofe—Jesu kana Modimo? (Bapisa Pesalema 110:1.) Go ya ka kgatiso ya beke le beke ya Vatican ya L’Osservatore Romano, o ne a nopola Pesalema 27:14, e e balegang sentle jaana: “Solofela mo go Yahweh, o nne thata, nna pelokgale, solofela mo go Yahweh.” (The Jerusalem Bible) Ee, re tshwanetse go baya tsholofelo ya rona mo go Yahweh, kana Jehofa, Modimo wa ga Morena Jesu.—Johane 20:17.
Go ralala ditiragalo, a baruti le baeteledipele ba Katoliki ba ile ba rotloetsa ditšhaba go tshedisana ka kagiso? A dithuto tsa Katoliki di rarabolotse dikgotlhang tse di bakwang ke go farologana ka setso, setšhaba le morafe? Go gailwa ga batho ka 1994 kwa Rwanda, kwa botlhaba jo bo fa gare jwa Afrika, le dintwa tse di setlhogo mo dingwageng di sekae tse di fetileng kwa go se e kileng ya bo e le Yugoslavia, tsotlhe di supa gore ka kakaretso, ditumelo tsa bodumedi di palelwa ke go fedisa letlhoo le legolo le maikutlo a a sa siamang ka ba bangwe tse di nweleletseng mo dipelong tsa batho. Seomodiro sa go ipolelwa ga dibe beke le beke le go ya kwa Mmiseng ga di kitla di fetola maikutlo a batho le ditiro tsa bone. Batho ba tshwanetse go tlhotlhelediwa ke maikutlo a a kwa teng a a nnang gone fela fa Lefoko la Modimo le letlwa go nwelelela mo pelong le mo mogopolong wa modumedi.
Mokeresete wa boammaaruri ga a fetole boitshwaro jwa gagwe ka ntlha ya go tseega maikutlo go go bakwang ke tirelo nngwe ya bodumedi, go na le moo, e nna ka ntlha ya go bo a tlhaloganya sentle se Modimo a batlang mongwe le mongwe a se dira. Moaposetoloi Paulo o ne a bolela jaana: “Lo se ka lwa bopega jaaka lefatshe leno; mme lo fetolwe ke bošafatso jwa pelo tsa lona, gore lo lemoge mo e leng go rata ga Modimo, mo go molemo, le mo go lebosegang, le mo go itekanetseng.” (Baroma 12:1, 2) O kgona go itshwara jalo ka tsela e ntšha ka ntlha ya go ithuta Lefoko la Modimo mo go dirang gore a nne le kitso e e tlhomameng ya thato ya gagwe. E dira gore go nne le maatla mangwe a semoya a a tlhotlheletsang mogopolo wa gagwe gore a itshware ka tsela ya Bokeresete.—Baefeso 4:23; Bakolosa 1:9, 10.
A Kereke e mo “Tlalelong e Kgolo”?
Lekwalodikgang la Spain la El País le tlhalosa gore Mopapa John Paul II o na le “maatla a a boitshegang a go gapa maikutlo a batho” fa o akanya gore o na le dingwaga tse 75, mme lekwalodikgang lengwe la United States le ne la mmitsa gore ke “mankge wa metswedi ya dikgang.” O na le botswerere jwa go buisana le baanamisi ba dikgang le matshutitshuti a batho le bana ba bone. Mo mesepeleng ya gagwe, o emela Ofisi ya Mopapa e e kwa Vatican City ka botswerere. Lefa gone Vatican e tsewa tsia semolao kwa lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng, tsela e mopapa a emang mokgatlho oo nokeng ka yone ga e kitla e dira gore Jehofa Modimo a o eme nokeng.
Batho ba ile ba tsibogela leeto leo la mopapa ka ditsela tse di sa tshwaneng. Bontsi jwa Bakatoliki ba ba neng ba bona dithekete tsa go ya Mmiseng e e neng e tshwaretswe mo lefelong le le bulegileng ba ne ba ikutlwa ba nonotshitswe maikutlo ke tiragalo eo. Lefa go ntse jalo, baeteledipele bangwe ba Katoliki ba ne ba se ka ba itumedisiwa ke leeto leo le se e ka nnang ditlamorago tsa lone. The New York Times e ne ya nopola Timothy B. Ragan, poresidente wa Catholic National Center for Pastoral Leadership a bolela gore “Mopapa ga a ka a dirisa tshono ya leeto la gagwe sentle. Lefa gone leeto leo ‘le ne le tlhotlheletsa e bile batho ba ile ba jela sakaramente mo phatlalatseng e leng selo se se neng sa kgatlha batho ba le bantsi,’” mo baeteledipeleng ba le bantsi ba Katoliki, ga le a ka la “dira gore a reetse le go dira gore go refosanwe dikakanyo.” Bakatoliki ba le bantsi ba akanya gore mo dikgannyeng tse di jaaka go se nyale, thibelapelegi le tlhalo ba ne ba sa newe tshono ya go tlhalosa maikutlo a bone.
Balaodi bangwe ba Katoliki ba bolela gore “kereke e mo tlalelong e kgolo,” mme ba boifa gore bontsi jwa Bakatoliki, “segolobogolo basha, ga ba kitla ba tlhola ba itse bokao jwa mmatota jwa go nna Mokatoliki.” James Hitchcock yo e leng molatedi yo mogolo wa Katoliki, “o bona bothata joo e le ntwa e e boitshegang ya molomo gareng ga ditlhopha tse di ntseng di gola tsa baruti ba ba gagamaletseng mekgwa ya bogologolo le ‘baeteledipele ba maemo a a fa gare’ ba ba batlang ba letlelela sengwe le sengwe.”
Malebana le gore leeto leo la mopapa le tla ama jang mathata a a tlhagileng mo boeteledipeleng jwa kereke, Hitchcock o ne a re: “O tla fano, a fitlha a tlotlomadiwa, a bo a boela gae—a sa dira sepesepe fela. Nna ke bona seno se swabisa tota.” Ruri mopapa o tlogetse tshono ya go bolelela baeteledipele ba dipolotiki ba lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng kwa kagiso ya mmatota e tla tswang teng.
Lefa Tumalano ya lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng le dipuo tsa lefela tsa batho di tlotlomatsa mokgele wa yone wa go tlisa “kagiso le polokesego,” o se ka wa tsiediwa. Baebele e tlhagisa jaana: “E tle e re ba ntse ba re: ‘Kagiso le thagamo,’ foo tshenyego ya tshoganetso e ba wele, jaaka pelegi e tle e tlele mosadi yo o moimana; mme ga ba ketla ba falola gope.” (1 Bathesalonika 5:3) Kagiso ya mmatota e tla nna teng fela ka thato ya Modimo le ka tsela ya gagwe—ka puso ya Bogosi jwa gagwe e seng ka lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Go bona tshedimosetso e e oketsegileng kaga boporofeti jono jwa Tshenolo, bona buka ya Tshenolō—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!, ditsebe 240-51, e e gatisitsweng ka 1988 ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 22]
UN photos