Mokgatlho wa Merafe E E Kopaneng—A Ke Tsela E E Botoka?
KETAPELE ya Molaotheo wa Mokgatlho wa Merafe E E Kopaneng o tlhalosa maikaelelo ano a one a magolo jaana: “Rona batho ba Mokgatlho wa Merafe E E Kopaneng re ikemiseditse go boloka dikokomana tse di tlang go tswa mo diphelelong tse di setlang pelo tsa ntwa, tseo gabedi re sa ntse re tshela di ileng tsa tlisetsa setho kutlobotlhoko eo e seng kana ka sepe, . . . ebile re [eletsa] go nna seoposengwe mo go bolokeng kagiso le polokesego ya merafe yotlhe, . . . re ikanne gore re tla nna seoposengwe gore re tle re fitlhelele mekgele eno.”
A Mokgatlho wa Merafe E E Kopaneng o ile wa “fitlhelela mekgele eno”? A o ile wa kgona go dira gore merafe e nne seoposengwe le go boloka kagiso le polokesego? Nnyaa, eseng go ya bokgakaleng joo, lemororo gone Mokgatlho wa Merafe E E Kopaneng o lekile ka bopeloephepa go nna sedirisiwa se se botoka sa go dira gore kagiso e nne teng go gaisa Mokgatlho wa Kgolagano ya Merafe. Lefa go ntse jalo, kokomana eo e neng e le gone fa mokgatlho ono wa kgolagano o ne o tlhongwa ka 1945 e ile ya nna ya patikwa ke dintwa, dimenolopuso, ditlhaselo, go menolwa ga dipuso ka dikgoka, le borumolano mo dikarolong tse dintsi tsa lefatshe fa esale go tloga ka yone nako eo. Mme ebile bothubaki jono bo ne bo kopanyeletsa merafe e le mentsi eo e neng e ile ya ikemisetsa go “boloka kagiso le polokesego mo merafeng yotlhe.”
Ga Se Tsela E E Botoka
Lefa go ntse jalo, batshwayadiphoso ba ba sa batleng go utlwa sepe ka Mokgatlho wa Merafe E E Kopaneng ka ntlha ya go palelwa ga one go thibela mahutsana, ba ka nna ba tswa ba lebala ntlha nngwe ya botlhokwa—thata eo mokgatlho o nang le yone e ikaegile ka maatla a go laola ao molaotheo o a nayang mokgatlho oo ebile gape e ikaegile ka gore a maloko a one a diragatsa maitlamo a a mo molaotheong wa one. Sa ntlhantlha, Molaotheo wa Mokgatlho wa Merafe E E Kopaneng ga o tlhome Mokgatlho wa Merafe E E Kopaneng jaaka puso ya lefatshe lotlhe e e nang le maatla go feta merafe eo e leng maloko a one.
Polelwana 2(7) e bolela jaana: “Ga go na sepe se se kwadilweng mo Molaongtheo ono wa gone jaanong jaana seo se tla nayang Mokgatlho wa Merafe E E Kopaneng taolo ya go tsereganya dikgang tseo tota eleng tsa puso ya selegae tsa naga epe fela.” UNCIO (United Nations Conference on International Organization), eo e neng e tshwaretse kopano kwa San Francisco go simolola ka April 25 go fitlha ka di June 26, 1945, go tla go konela molaotheo ono, e ne ya swetsa ka gore go botlhokwa “go tlhomamisa gore ka ntlha ya maemo a a leng mo lefatsheng lotlhe Mokgatlho wa Merafe E E Kopaneng ga wa tshwanela go fetela ka kwa ga ditekanyetso tse go dumalanweng ka tsone kana wa tlola ditekanyetso tse di tshwanetseng.”
A o lemogile polelwanatlhalosi eo, “ka ntlha ya maemo a a leng mo lefatsheng lotlhe”? Fa e le gore maemo ano a ne a ka fetoga, UNCIO e ne ya bolela gore taolo eno e ne e ka fetolwa gore e nne “jaaka maemo a lefatshe, tsela eo batho ka kakaretso mo lefatsheng ba akanyang ka yone, le gore go ikaega ga mmatota ga dinaga tse dingwe ka tse dingwe go dira gore seno e nne selo sa botlhokwa ebile e le se se tshwanetseng.”
Boikaelelo jo bo mo molaotheong wa Mokgatlho wa Merafe E E Kopaneng eleng jwa go boloka “kagiso le polokesego mo merafeng yotlhe” bo tlhalosa mokgele o o eletswang ke batho botlhe. Ruri lefatshe le ka bo le sireletsegile go feta fa merafe e ne e ka utlwa Polelwana 2(4) ya Molaotheo wa Mokgatlho wa Merafe E E Kopaneng e e reng: “Maloko otlhe a tla ikgapa . . . mo go tshosetseng kana mo go diriseng dibetsa kgatlhanong le lefatshe le eleng la naga epe fela kana kgatlhanong le go ikemela ga yone ka nosi mo dipolotiking.” Mme lefa go ntse jalo go itšheba e le yosi fela ga merafe eo e leng maloko a one mokgatlho ono go ile ga dira gore Mokgatlho wa Merafe E E Kopaneng o iteye se fololetse gangwe le gape fa o re o leka go fitlhelela boikaelelo jwa one. Go na le gore merafe e tshelele maitlamo a yone mo Mokgatlhong wa Merafe E E Kopaneng ao eleng a go “rarabolola dikgotlhang tsa meraferafe tsa yone ka kagiso,” gantsi merafe kana ditlhopha tsotlhe tsa merafe di ile tsa itlhobogela mo ntweng, di bolela gore ‘kgang eo tota e ne e wela mo taolong ya yone ya selegae fela.’—Polelwana 2(3,7).
Ga se fela gore merafe e ile ya tlhokomologa mekgwa ya Mokgatlho wa Merafe E E Kopaneng ya go boloka kagiso mme mo godimo ga moo e ile ya nyatsa melao ya one ya go rarabolola dikgotlhang ya bo ya gana phatlalatsa go e utlwa. Mme ebile baeteledipele ba yone ba ile ba nna ba pagama gangwe le gape mo seraleng sa Mokgatlho wa Merafe E E Kopaneng ba neela dipuo tse ditelele ba leka go buelela ditiro tsa bone tsa borumolano. Go dirisa maano ka maiteko a go tila go ikobela melao e e neng e tlhometswe go boloka kagiso gono go ile ga dira gore Mokgatlho wa Merafe E E Kopaneng o nne o palelwe gangwe le gape mo dinakong tseo o neng o tlhokafala thata mo go tsone ebile go ile ga dira gore o se ka wa tlhola o ikanngwa gotlhelele. Gantsi batlhankedi ba Mokgatlho wa Merafe E E Kopaneng ba ba nnang gone mo dithulaganyong tse di ntseng jalo ba tlhakanngwa tlhogo. Kwa bokhutlong, gantsi puo e e ntseng jalo e itshupa e le phoraetso fela e e sa reng sepe eo maiteko a yone eleng go dira gore bothubaki joo bo lebege e se sepe se se kalo kana e le go bo buelela mmogo le tshololo ya madi e e diragalang. Ga go gakgamatse go bo Mokwaledimogolo wa Mokgatlho wa Merafe E E Kopaneng ebong Javier Pérez de Cuéllar a ile a bolela gore Mokgatlho wa Merafe E E Kopaneng “kwa mafelong mangwe o ne o lejwa jaaka tora ya Babela mme mo maemong a a molemo thata o lejwa jaaka lefelo leo gantsi go tshwarelwang dipuisano tsa bodipolomatiki kwa go lone kwantle ga matswela ape.”
Go na le lebaka le lengwe gape la go bo Mokgatlho wa Merafe E E Kopaneng o ile wa nna le bothata mo go itshupeng fa e le tsela e e botoka go le kalo. E ne ya re fa o ne o simologa ka October 24, 1945, Pérez de Cuéllar a bolela gore “go ne go sa lolamisiwa thulaganyo epe ya kagiso.” Kwantle ga seno, Mokgatlho wa Merafe E E Kopaneng o ne o ka kgona jang go nna selo se se kgonang go tlhotlheletsa gore go bolokiwe kagiso mo lefatsheng lotlhe eleng seo go neng go ikaeletswe gore o se dire?
O Ne O Ka Kgona go Dira Gore go Nne le Kagiso ya Mofuta Ofe?
Pérez de Cuéllar o araba jaana: “Kagiso ga e kitla e khutlisa kgotlhang yotlhe. Seo e tla se kgonang fela ke gore e tla dira gore dikgotlhang di kgone go ka bewa kafa tlase ga taolo eseng ka ntwa kana ka go tshosetsa. . . . Mokgatlho wa Merafe E E Kopaneng o batla go re ruta gore re nne le pono e e siameng mo ntlheng eno.” Ka gone kagiso eo Mokgatlho wa Merafe E E Kopaneng o ka kgonang go dira gore e nne gone fela ke go laolwa ga bothubaki.
A totatota eno ke kagiso eo e nang le polokesego? Ke boammaaruri gore, “dinaga tsotlhe tseo di ratang kagiso . . . di gololesegile go ka nna maloko a Mokgatlho wa Merafe E E Kopaneng.” (Polelwana 4(1)) Mme lefa go ntse jalo a morafe o o ratang kagiso ka nako eo o fetogang leloko la Mokgatlho wa Merafe E E Kopaneng o tla nnela ruri jalo o ntse o rata kagiso? Go fetoga ga dipuso, le babusi ba basha ba dira gore go nne le melao e mesha. Go tweng fa leloko lengwe la one le simolola go dira diphetogo tse dikgolo tsa sepolotiki, le simolola go nna le maitlhomo a a feteletseng a bomorafe le go tswela mafatshe ao a seng a lone pelo ka ntlha ya bopelotshetlha? Mme go tweng fa leloko leo le simolola go itlhomelela ka dibetsa tsa dikhemikale le tsa nuklea? Mokgatlho wa Merafe E E Kopaneng jaanong o tla bo o tshwere bomo mo diatleng tsa one eo e ka thunyang nako nngwe le nngwe fela. Lefa go ntse jalo, jaaka fa ditiragalo tsa bosheng jaana tsa kwa Botlhabagare di bontsha, fa ditiragalo di simolola di diragala ka tsela e e ntseng jalo seo e ka nna ya nna sone selo seo se ka tlhotlheletsang merafe gore e neye Mokgatlho wa Merafe E E Kopaneng taolo ya gore o fedise matshosetsi ano e le gore e tle e bolokesege.
A Merafe E Ka O Dira Tsela E E Botoka?
Go feta le fa e le leng pele, merafe e tswelela pele go lemoga seo UNCIO e neng ya se bitsa gore ke “go ikaega ga mmatota ga dinaga tse dingwe ka tse dingwe.” Ga go naga epe eo e ka tlholang e itshelela ka boyone fela. Merafe yotlhe ke maloko a puso e le nngwe ya meraferafe. Yotlhe fela e lwantshana le mathata a le mantsi a a tshwanang: diphelelo tse di dirang tshenyo e e seng kana ka sepe tsa go kgotlhelwa ga tlholego, lehuma, malwetsi a a koafatsang, kgwebisano ya diokobatsi tse di sa siamang mo kontinenteng nngwe le nngwe, borukutlhi, dibetsa tse di kotsi go gaisa tsa nuklea tse di mo mabolokelong a dibetsa a merafe e le mentsintsi. Mabaka ano a pateletsa merafe gore e batle kagiso le polokesego ka thuso le tshegetso ya Mokgatlho wa Merafe E E Kopaneng kana a e pateletsa gore e ipolae yotlhe fela.
Tona ya pele ya merero ya dinaga di sele ya Soviet ebong Shevardnadze o ne a bolela jaana: “Mokgatlho wa Merafe E E Kopaneng o ka kgona go dira ka katlego fa fela o newa taolo ke maloko a one, fa fela dinaga di dumalana go ithaopela go o naya karolonyana fela ya ditshwanelo tsa puso ya tsone ka nakwana le go o abela gore o dire ditiro dingwe tse di rileng tseo di direlwang bontsi jwa merafe.” O ne a oketsa jaana: “Ke ka tsela eno fela re ka kgonang go dira gore kagiso e nnele ruri le gore re se ka ra tlhola re boela morago.”
Fa go ne go ka dirwa seno, taolo ya Mokgatlho wa Merafe E E Kopaneng e ne e tla kgona go bona morafe ope fela o o tshosetsang kagiso ya lefatshe molato. Ereka o ne o tla bo o neetswe taolo ya mmatota, o ne o ka kgona go emisa merafe e e ntseng jalo e e ratang go rumolana le gone o ne o ka dira jalo ka bonako. A mme gone merafe eo e leng maloko a Mokgatlho wa Merafe E E Kopaneng e tla tsamaya e naya Mokgatlho wa Merafe E E Kopaneng taolo eno, ‘e ntsha masole a yone a a tlhomeletseng, e ntsha thuso mmogo le didirisiwa tsa yone’ go boloka kagiso? (Polelwana 43(1)) E ka nna ya dira jalo—fa go lebega bothata joo e le jo bo nyatsang motheo ka boone oo dipuso tsa yone tsa semorafe tse di ikemetseng ka nosi di dutseng mo godimo ga one. Fa e le gore merafe e bona gore ‘go nna seoposengwe mo go bolokeng kagiso ya meraferafe le polokesego’ ka go thusiwa le go tshegediwa ke Mokgatlho wa Merafe E E Kopaneng go ka kgona go tlosa matshosetsi a a ntseng jalo, seno se ne se ka dira gore merafe e o tlotle le go feta.
Gongwe o ipotsa gore, ‘A seabe seo Mokgatlho wa Merafe E E Kopaneng o neng wa nna le sone ka nako ya fa go ne go tsogile bothata kwa Kgogometsong ya Persia e ne e le kgato ya ntlha ya go dira dilo ka tsela eno?’ Go ka tswa go ntse jalo. Merafe e le mentsi e ne e lebanwe ke matlhotlhapelo ao a neng a ka nna gone a go phutlhama ga itsholelo ya yone. Mme fa itsholelo ya yone eo eleng selo se le sengwe fela e ne e ka phutlhama, ya lefatshe lotlhe le yone e ne e tla phutlhama. Ka gone merafe e ne ya nna seoposengwe fela kafa tlase ga Mokgatlho wa Merafe E E Kopaneng. Lekgotla la Polokesego le ne la rebola maitlamo a le mmalwa a Mokgatlho wa Merafe E E Kopaneng gore go fedisiwe bothata jono ka kagiso, mme erile fa seno se ne se itaya se fololetse, le ne la tshegetsa maitlamo a Mokgatlho wa Merafe E E Kopaneng a go dirisa maatla a sesole kwa Kgogometsong.
Fa a ne a buelela maitlamo ano, Mokwaledi wa naga ya U.S. ebong James Baker o ne a bolela jaana: “Jaanong hisitori e re file sebaka se sengwe gape. Ereka jaanong go sa tlhole go na le ntwa ya molomo, re na le sebaka jaanong sa go aga lefatshe leo batho ba ba theileng . . . Mokgatlho wa Merafe E E Kopaneng ba neng ba akantse ka lone. Re na le sebaka sa go dira gore Lekgotla leno la Polokesego le Mokgatlho ono wa Merafe E E Kopaneng di nne didirisiwa tsa boammaaruri tsa go dira gore go nne le kagiso le tshiamiso go kgabaganya lefatshe lotlhe. . . . Re tshwanetse gore re diragatse seo re neng re se bonela pele eleng lefatshe le le nang le kagiso la morago ga ntwa ya molomo.” Mme o ne a bolela jaana malebana le puisano ya bone ya go dirisa maatla a sesole kwa Kgogometsong: “Ke akanya gore [e] tla nna jaaka nngwe ya dintwa tse di botlhokwa thata go di gaisa tsotlhe mo hisitoring ya Mokgatlho wa Merafe E E Kopaneng. Ruri e tla dira go le gontsi go tlhomamisa gore isagwe ya mokgatlho ono e lebile kae.”
Basupi ba ga Jehofa ba dumela ka mo go tiileng gore mo sebakeng se se sa fediseng pelo Mokgatlho wa Merafe E E Kopaneng o tlile go nna le seabe se segolo mo ditiragalong tsa lefatshe. Ga go na pelaelo epe gore ditiragalo tseno e tla nna tse di kgatlhang eletota. Ebile diphelelo tsa teng di tla ama botshelo jwa gago ka tsela e kgolwane. Re go rotloetsa gore o botse Basupi ba ga Jehofa ba ba gaufi nao gore ba go lome tsebe ka mo go oketsegileng malebana le kgang eno. Bibela e tlhalosa ka phepafalo go bontsha gore go ise go e kae Mokgatlho wa Merafe E E Kopaneng o tla newa puso le taolo. Morago ga moo Mokgatlho ono wa Merafe E E Kopaneng o tla dira dilo tse di gakgamatsang eletota tseo le wena di tla go jesang kgakge. Mme ebile o tla itumelela go itse gore go sa ntse go na le tsela nngwe e e botoka eo e setseng e ntse e gorogile eo ruri e tla lereng kagiso e e sa khutleng le polokesego!
[Setshwantsho mo go tsebe 9]
Guido de Marco, tautona ya Kokoanokakaretso ya Mokgatlho wa Merafe E E Kopaneng (kafa mojeng), le Mokwaledimogolo wa one ebong Pérez de Cuéllar kwa kopanong ya bo 45 ya Kokoano eno
[Motswedi wa Setshwantsho]
UN photo 176104/Milton Grant