LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w97 5/1 ts. 13-18
  • Barongwa ba Maaka Ga ba Na Kagiso!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Barongwa ba Maaka Ga ba Na Kagiso!
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Barongwa ba Kagiso ba e Seng Bone
  • A Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng ke Modirakagiso?
  • Mabaka a go ‘Lela Botlhoko’
  • Mokgatlho wa Merafe E E Kopaneng—A Ke Tsela E E Botoka?
    Tsogang!—1991
  • Go Rarabololwa ga Bosaitsiweng jo bo Boitshegang
    Tshenolo—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!
  • Go Etela ga Mopapa Kwa Lekgotleng la Ditšhaba Tse Di Kopaneng—Go Thusitse ka Eng?
    Tsogang!—1996
  • Go Direla Jaaka Barongwa ba Kagiso ya Bomodimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
w97 5/1 ts. 13-18

Barongwa ba Maaka Ga ba Na Kagiso!

“Badirabosula ba tlaa kgaolwa . . . Bapelonomi ba tlaa rua lefatshe; ba tlaa inatefisa mo letlotlong la kagiso.”—PESALEMA 37:9, 11.

1. Ke ka ntlha yang fa re ka solofela go bona barongwa ba boammaaruri mmogo le ba maaka mo “motlheng wa bokhutlo”?

BARONGWA—ba maaka kana ba boammaaruri? Go ne go na le mefuta eno ka bobedi mo metlheng ya go kwalwa ga Baebele. Mme go tweng ka motlha wa rona? Mo go Daniele 12:9, 10 re bala ka morongwa mongwe wa selegodimo a bolelela moporofeti wa Modimo jaana: “Mafoko a tswaletswe, a kaneletswe go ya go fitlha mo motlheng wa bokhutlo. Batho bantsi ba tlaa iitshepisa, ba itshweufatsa, mme ba tlaa itshekisiwa; baikepi ba tlaa dira ka boikepo; mme ga go na ope wa baikepi yo o tlaa tlhaloganyang; ba ba [nang le temogo, NW] bone, ba tlaa tlhaloganya.” Gone jaanong re tshela mo “motlheng [oo] wa bokhutlo.” A re bona pharologano e kgolo fa gare ga “baikepi” le ba ba “nang le temogo”? Ruri go ntse jalo!

2. Isaia 57:20, 21 e diragadiwa jang gompieno?

2 Mo go kgaolo 57, ditemana 20 le 21, re bala mafoko ano a morongwa wa Modimo e bong Isaia: “Baikepi ba ntse jaaka lewatle le le kgaphaselang, gonne ga le kake la iketla, metsi a lone a bilola seretse le matlakala fela. Ga go na kagiso epe e e leng ya baikepi, go bua Modimo wa me.” A bo mafoko ano a tlhalosa lefatshe leno sentle jang ne jaaka fa le ntse le atamela lekgolo la bo21 la dingwaga! Bangwe ba tle ba botse jaana, ‘A ruri re tla tsamaya re fitlha mo lekgolong leo la dingwaga?’ Barongwa ba ba nang le temogo ba reng?

3. (a) Go dirwa pharologano efe mo go 1 Johane 5:19? (b) Ba ba “nang le temogo” ba tlhalosiwa jang mo go Tshenolo kgaolo 7?

3 Moaposetoloi Johane o ne a na le temogo e e tlhotlheleditsweng ke Modimo. Mo go 1 Johane 5:19, go bolelwa jaana: “Re itse gore re thaega mo Modimong, mme lefatshe lotlhe le namaletse mo maatleng a yo o boikepo.” Go farologana le lefatshe leno go na le Baiseraele ba semoya ba ba 144-000, masalela a a tsofetseng a a sa ntseng a na le rona. Ba ba kopanelang le bone gompieno ke “boidiidi jo bogolo, jo go seng motho ope yo o neng a kgona go bo bala, bo tswa mo merafeng yotlhe le ditso le batho le diteme,” bao gone jaanong ba fetang dimilione di le tlhano, bao le bone ba nang le temogo. “Bano ke bone ba ba tswang mo pitlaganong e kgolo.” Mme ke ka ntlha yang fa ba duelwa? Ka gonne le bone ba “tlhatswitse dipurapura tsa bone ba ba ba di sweufatsa mo mading a Kwana” ka go nna le tumelo mo thekololong ya ga Jesu. Jaaka barongwa ba lesedi, le bone ba “direla [Modimo] tirelo e e boitshepo motshegare le bosigo.”—Tshenolo 7:4, 9, 14, 15.

Barongwa ba Kagiso ba e Seng Bone

4. (a) Ke ka ntlha yang fa barongwa ba e seng bone ba kagiso ba lefatshe la ga Satane ba tla palelwa? (b) Baefeso 4:18, 19 e dira jang gompieno?

4 Le fa go ntse jalo, go tweng ka barongwa ba kagiso ba e seng bone ba tsamaiso ya ga Satane ya lefatshe? Mo go Isaia kgaolo 33, temana 7, re bala jaana: “Bonang, bapelotona ba bone ba goa ba le kwa ntle, ba ba romilweng kagiso ba lela mo go botlhoko.” A bo seno se le boammaaruri ka bao ba kgarakgatshegang go tswa mo motsemegolong o mongwe wa lefatshe go ya go o mongwe, ba leka go lere kagiso! Ruri ba itshenyetsa nako! Ka ntlha yang? Ka gonne ba leka go rarabolola fela dilo tse e leng matshwao a mathata a lefatshe go na le go itebaganya le dilo tse e leng tsone di bakang mathata ao. Sa ntlha, ga ba lemoge gore Satane o teng, ene yo moaposetoloi Paulo a mo tlhalosang e le “modimo wa tsamaiso eno ya dilo.” (2 Bakorintha 4:4) Satane o jadile peo ya boikepo mo bathong, mo go dirileng gore bontsi jwa bone, go akaretsa le bontsi jwa babusi, ba tshwanele tlhaloso eno ya Baefeso 4:18, 19: “Ba le mo lefifing mo mogopolong, e bile ba le baeng mo botshelong jo e leng jwa Modimo, ka ntlha ya bosenangkitso jo bo mo go bone, ka ntlha ya go kgwaralala ga dipelo tsa bone. Ka ba sa tlhole ba na le boikutlo ka gope ka boitshwaro, ba ne ba ineela mo boitshwarong jo bo repileng go dira bosengphepa jwa mofuta mongwe le mongwe ka bogagaru.”

5. (a) Ke ka ntlha yang fa baemedi ba batho ba palelwa ke go dira kagiso? (b) Pesalema 37 e re neela molaetsa ofe o o gomotsang?

5 Ga go na moemedi ope wa batho ba ba sa itekanelang yo o ka kgonang go khumola bogagapa, bopelotshetlha le letlhoo le le tletseng thata jaana gompieno mo dipelong tsa batho. Ke Mmopi, Morena Molaodi Jehofa wa rona fela yo a ka kgonang go dira jalo! Mo godimo ga moo, ke bapelonomi fela, ba sekaenyana fela fa gare ga batho, ba ba ratang go ikobela kaelo ya gagwe. Pesalema 37:9-11 e farologanya diphelelo tsa batho ba bapelonomi le ba ba bosula ba lefatshe leno jaana: “Badirabosula ba tlaa kgaolwa; mme ba ba lebeletseng mo go Jehofa ba tlaa rua lefatshe. Gonne e tlaa re kwa pelenyana, moikepi a bo a sa tlhole a le gone. . . . Bapelonomi ba tlaa rua lefatshe; ba tlaa inatefisa mo letlotlong la kagiso.”

6, 7. Ke rekoto efe ya bodumedi jwa lefatshe e e supang gore bo paletswe ke go nna barongwa ba kagiso?

6 Jalo he, a barongwa ba kagiso ba teng mo bodumeding jwa lefatshe leno le le lwalang? Mme gone, rekoto ya bodumedi e supa eng gompieno? Hisitori e supa gore bodumedi bo nnile le seabe, ebu, tota e bile bo ile jwa tlhotlheletsa bontsi jwa tshololo ya madi go ralala makgolo a dingwaga. Ka sekai, makasine wa Christian Century wa beke ya August 30, 1995, fa o ne o bega ka pheretlhego ya kwa go se e kileng ya bo e le Yugoslavia, o ne wa bolela jaana: “Kwa Bosnia e e laolwang ke Ba-Serb, baruti ba nna mo ditulong tse di kwa pele mo palamenteng e e rulagantsweng ka tsela ya bone, mme gape ba itlhoma kwa pele kwa mafelong a botlhabanelo koo masole tota le dibetsa di rapelelwang teng pele ga ntwa.”

7 Lekgolo la dingwaga la tiro ya borongwa ya Labokeresete mo Afrika ga le a tokafatsa dilo ka gope jaaka go lemotshega sentle ka Rwanda, naga e e itsegeng ka gore diperesente di le 80 tsa batho ba teng ke Bakatoliki. Lokwalodikgang lwa The New York Times lwa July 7, 1995, lo ne lwa bega jaana: “Golias e leng makasine o o buang ka kgololesego le o e seng wa baruti wa Katoliki o o gatisiwang kwa Lyons [kwa Fora] o ikaeletse go bolela ka maina baruti ba bangwe ba le 27 ba Rwanda le baitlami ba le banè ba o bolelang gore ba ne ba bolaya kana ba rotloetsa dipolao tsa kwa Rwanda ngogola.” Mokgatlho wa kwa Lontone wa ditshwanelo tsa botho wa African Rights, o bolela jaana: “Le fa gone dikereke di ile tsa itidimalela fela, di tshwanetse go rwala maikarabelo a seabe se segolo se baruti le baitlami ba tsone ba nnileng le sone mo kgailong eo ya morafe.” Seno se tshwana le se se neng sa direga kwa Iseraele se morongwa wa boammaaruri wa ga Jehofa e bong Jeremia a neng a re ke ‘matlhabisaditlhong’ a Iseraele le babusi ba gagwe, baperesiti le baporofeti ba gagwe, a bo a oketsa ka gore: “Mo dikojeng tsa diaparo tsa gago go fitlhelwa madi a bahumanegi ba ba se nang molato.”—Jeremia 2:26, 34.

8. Ke ka ntlha yang fa go ka twe Jeremia e ne e le morongwa wa kagiso?

8 Gantsi Jeremia o ile a bidiwa moporofeti yo o bolelang tshenyego, mme gape o ne a bidiwa morongwa wa Modimo wa kagiso. O ne a bua ka kagiso ka makgetlho a le mantsi fela jaaka Isaia yo o neng a tlile pele ga gagwe. Jehofa o ne a dirisa Jeremia go itsise ka katlholo ya Jerusalema a bolela jaana: “Motse o e ne e ntse e le tlhotlheletso ya bogale jwa me, le ya tšararego ya me, go simolola ka ronotlha o ba o agileng ka one go tla mo lobakeng lwa gompieno; go ba ke tla ke o tlosa fa pele ga me; ka ntlha ya bosula jotlhe jwa bana ba Iseraele le jwa bana ba Juta, jo ba bo dirileng go tla ba ntlhotlheleletsa bogaleng, bone, le dikgosi tsa bone, le dikgosana tsa bone, le baperesiti ba bone, le baperofeti ba bone, le banna ba Juta, le banni ba Jerusalema.” (Jeremia 32:31, 32) Seno se ne se tshwantshetsa tsela e Jehofa a neng a tla atlhola babusi le baruti ba Labokeresete ka yone gompieno. Gore kagiso ya boammaaruri e nne teng, batlhotlheletsi bano ba ba boikepo le thubakanyo ba tshwanetse go nyelediwa! Ruri ga se barongwa ba kagiso.

A Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng ke Modirakagiso?

9. Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng le ne la bolela jang gore ke morongwa wa kagiso?

9 A lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng ga le a ka la nna morongwa wa boammaaruri wa kagiso? Kana e bile, ketapele ya tumalano ya teng e e neng ya kwalwa ka June 1945, malatsi a le 41 fela pele ga bomo ya atomo e phamphamolola Hiroshima, e ne ya bolela maikaelelo a lone jaana: “go namola dikokomana tse di latelang mo sebetsong sa ntwa.” Dinaga tse 50 tse di neng di tlile go nna maloko a lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng di ne di tla “kopanya nonofo ya [tsone] go dira gore go nne le kagiso le polokesego ya boditšhabatšhaba.” Gompieno lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng ke dinaga di le 185, tse go tweng di ineetse go diragatsa seo.

10, 11. (a) Baeteledipele ba bodumedi ba supile jang gore ba tshegetsa lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng? (b) Bomopapa ba ile ba tlhalosa “Dikgang Tse di Molemo Tsa Bogosi Jwa Modimo” jang ka tsela e e sa tshwanelang?

10 Go ralala dingwaga, lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng le ile la tlotlomadiwa segolobogolo ke baeteledipele ba bodumedi. Ka April 11, 1963, Mopapa John XXIII o ne a saena lekwalokakaretso la setlhogo se se reng “Pacem in Terris” (Kagiso mo Lefatsheng) le mo go lone a neng a bolela jaana: “Re eletsa thata gore lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng—ka popego ya lone le dilo tse le di dirisang—le ka kgona go diragatsa tiro ya lone e kgolo le e e boitshegang.” Moragonyana ka June 1965, baeteledipele ba bodumedi ba go neng go twe ba emela bontlhanngwe jwa baagi botlhe ba lefatshe, ba ne ba keteka ngwaga wa bo20 wa go nna gone ga lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng kwa San Francisco. Gape ka 1965, fa Mopapa Paul VI a ne a etetse lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng o ne a le tlhalosa e le “tsholofelo ya bofelo ya kutlwano le kagiso.” Ka 1986, Mopapa John Paul II o ne a thusa mo go rotloetseng Ngwaga wa Kagiso wa Boditšhabatšhaba wa lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng.

11 Mme gape fa mopapa a ne a etile ka October 1995, o ne a bolela jaana: “Gompieno re keteka Dikgang Tse di Molemo tsa Bogosi jwa Modimo.” A mme gone ke morongwa wa Modimo wa dikgang tse di molemo tsa Bogosi? Fa a ne a bua ka mathata a lefatshe, o ne a tswelela pele a re: “Fa re ntse re lebane le dikgwetlho tse di boitshegang tseno, go tla jang gore re lebale seabe sa Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng?” Mopapa o itlhophela lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng go na le go tlhopha Bogosi jwa Modimo.

Mabaka a go ‘Lela Botlhoko’

12, 13. (a) Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng le ile la itshwara jang ka tsela e e tlhalosiwang mo go Jeremia 6:14? (b) Ke ka ntlha yang fa boeteledipele jwa lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng bo akarediwa mo tlhalosong ya Isaia 33:7?

12 Go ketekiwa ngwaga wa bo50 wa go nna gone ga lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng ga go a ka ga dira gore go nne le “kagiso ya lefatshe” e e neng e solofeditswe. Mokwadi mongwe o ne a supa lengwe la mabaka a seno mo lokwalodikgannyeng lwa The Toronto Star lwa Canada fa a ne a kwala jaana: “Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng ke tau e e se nang meno, e e rorang fa e tlhasetswe ke batlhasedi ba ba bogale, mme e bo e ema e letela maloko a yone go tla go e tsenya menonyana a e seng a mmatota pele ga e loma.” Gantsi go loma goo e a bo e se ga sepe. Barongwa ba kagiso mo tsamaisong eno ya lefatshe, mme segolo jang ba Labokeresete, ba ntse ba dira dilo ka tsela e e dumalanang le mafoko a ga Jeremia 6:14: “Ba bile ba fodisitse thobego ya batho ba me go le gonnye fela, ba re: ‘Kagiso, kagiso;’ le mororo go se na kagiso.”

13 Bakwaledikakaretso ba lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng ka go tlhomagana ga bone ba ile ba dira ka natla, mme kwantle ga pelaelo e le ka tlhoafalo, go dira gore lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng le atlege. Le fa go ntse jalo, go ngangisana go go sa feleng fa gare ga maloko a lone a le 185 ka ga mekgwa ya go fokotsa dintwa, go tlhoma melaometheo le go dirisa madi, go kgoreleditse katlego e e solofetsweng. Mo pegong ya gagwe ya ngwaga le ngwaga ya 1995, mokwaledikakaretso wa nako eo o ne a kwala ka go fokotsega ga “matshosetsi a masetlapelo a lefatshe lotlhe a nuklea” a re ke tsela e ka yone “dinaga di tla dirisanang mmogo go dira gore batho botlhe ba gatele pele mo go tsa ikonomi le tsa loago.” Mme o ne a oketsa jaana: “Ka maswabi, rekoto ya ditiragalo tsa lefatshe tsa dingwaga di sekae tse di fetileng e ile ya supa sengwe se se farologaneng thata le dilo tseo tse di neng di solofeditswe.” Eleruri, selo seno se go neng go ka twe ke morongwa wa kagiso se ‘lela botlhoko.’

14. (a) Ke ka ntlha yang fa go ka twe lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng le phutlhame mo go tsa madi le boitsholo? (b) Jeremia 8:15 e diragadiwa jang?

14 Setlhogo sengwe sa The Orange County Register ya California se balega jaana: “Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng le Phutlhame mo go Tsa Madi le Boitsholo.” Setlhogo seo se ne sa bolela gore fa gare ga 1945 le 1990, go ile ga nna le dintwa di le 80 tse di neng tsa bolaya batho ba le dimilione tse 30. Se ne sa nopola mokwadi mongwe wa Reader’s Digest ya October 1995 yo o “tlhalosang sesole sa lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng se itsege ka go nna le ‘balaolamasole ba ba sa tshwanelegeng, masole a a sa laolesegeng, go tsalana le bailagokgotlhwa, le go palelwa ke go kganela pogisego e bile ka dinako dingwe le dira gore go nne le poifo.’ Mo godimo ga moo, ‘selekanyo sa tshenyo ya dilo, tsietso le go sotla se kwa godimo thata.’” Mo karolong ya setlhogo se se reng “Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng le Tshwara 50,” The New York Times e ne e na le setlhogwana se se reng “Go se Laole Dilo Sentle le Tshenyo go Kgoreletsa Maikaelelo a a Molemo a lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng.” The Times ya Lontone, Kwa Engelane, e ne e na le setlhogo sa mafoko a a reng, “Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng—Le Tshwara 50 Mme le Bokoa le tlhoka thulaganyo e e ka le thusang go nonofa.” Go ya ka mabaka mangwe, go ntse fela jaaka re bala mo go Jeremia kgaolo 8, temana 15: “Ra lebelela kagiso, mme ga se ka ga tla molemo ope; ra lebelela motlha wa go fola, mme bonang ga nna tseano fela!” Mme gone batho ba sa ntse ba lebaganwe ke matshosetsi a masetlapelo a nuklea. Go bonala sentle fela gore lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng ga se morongwa wa kagiso yo batho ba mo tlhokang.

15. Babilone wa bogologolo le mokgatlho wa gagwe o ne wa itshupa jang o senya e bile o tsenya batho mo maibing?

15 Dilo tseno tsotlhe di tla felela ka eng? Lefoko la ga Jehofa la boporofeti le re tlhalosetsa dilo ka phepafalo. Sa ntlha, ke eng se se tla diragalelang bodumedi jwa maaka jwa lefatshe jo bo ileng jwa tsalana thata jaana le lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng? Bo simologa kwa Babilone wa bogologolo wa medimo ya disetwa. Bo tlhalosiwa sentle mo go Tshenolo 17:5 e le “Babelona o Mogolo, mmadiaka le mmadilo tse di ferosang sebete tsa lefatshe.” Jeremia o ne a tlhalosa tshenyego ya mokgatlho ono wa boitimokanyo. Jaaka seaka, o ile wa akafala le boradipolotiki ba lefatshe, o ile wa raela boradipolotiki ba lefatshe, wa tsietsa lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng le go nna le dikamano tse di leswe le maloko a teng a bopolotiki. O nnile le seabe se segolo mo dintweng tsa hisitori. Moakgedi mongwe o ne a bua jaana malebana le dintwa tsa bodumedi kwa India: “Karl Marx o ne a re bodumedi ke seokobatsi mo bathong. Mme mafoko ao ga a boammaaruri go le kalo ka gonne seokobatsi se a taga, se a otsedisa, se dira gore motho a nne mo maibing. Nnyaa, bodumedi bo tshwana thata le khokeine ya maemo a a kwa godimo. Bo baka thubakanyo e kgolo e bile bo senya thata.” Mokwadi le ene ga a bue boammaaruri mo go kalo. Bodumedi jwa maaka bo tsenya batho mo maibing e bile gape bo a senya.

16. Ke ka ntlha yang fa batho ba ba dipelo tse di ikanyegang ba tshwanetse go tswa mo go Babilone o Mogolo gone jaanong? (Bona gape le Tshenolo 18:4, 5.)

16 Ka jalo he, batho ba ba dipelo tse di ikanyegang ba tshwanetse go dira eng? Morongwa wa Modimo Jeremia o re naya karabo: “Kudubitlegang lo tswe mo gare ga Babilone, mme a mongwe le mongwe a phedise botshelo jwa gagwe. . . . Gonne ke motlha wa pusoloso ya ga Jehofa.” Re itumela go bo dimilione tsa batho di tshabile go tswa mo go Babilone o Mogolo e leng bodumedi jwa lefatshe lotlhe jwa maaka. A o mongwe wa bone? Fa go ntse jalo he, o tshwanetse wa bo o tlhaloganya sentle kafa Babilone o Mogolo a amileng ditšhaba tsa lefatshe ka teng: “Merafe e nole bojalwa jwa mofine jwa gagwe; ke gone ka moo merafe e tsenwang.”—Jeremia 51:6, 7.

17. Ke katlholo efe e e tla tlogang e wela Babilone o Mogolo, mme ke eng se se tla diragalang morago ga foo?

17 Go ise go ye kae, Jehofa o tla dira gore maloko a lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng a a “tsenwang” a tlhasele bodumedi jwa maaka, jaaka go tlhalositswe jaana mo go Tshenolo 17:16: “Di tla tlhoa seaka mme di tla se senyetsa ruri di bo di se dira se se sa ikategang, mme di tla ja dikarolo tsa sone tse di dinama di di fetsa di ba di se ja ka molelo mo go feletseng.” Seo se tla supa gore sepitla se segolo se go buiwang ka sone mo go Mathaio 24:21 se a simologa mme se tla felela ka Haramagedona, e leng ntwa ya letsatsi le legolo la Modimo Mothatayotlhe. Fela jaaka Babilone wa bogologolo, Babilone o Mogolo o tla amogela katlholo eno e e boleletsweng pele mo go Jeremia 51:13, 25: “Ao, wena yo o agileng mo dinokeng di le dintsi, yo o tletseng mahumo, bokhutlo jwa gago bo tsile, selekanyo sa bopelotshetlha jwa gago. Bona, ke tlhabana nao, wena thaba e e senyang, go bua Jehofa, wena yo o senyang lefatshe lotlhe; ke tlaa go otlololela seatla sa me, mme ke tlaa go kgokolosa ke go ntsha kwa mafikeng, ke go ntsha thaba e e šeleng fela.” Ditšhaba tse di boikepo le tse di ratang ntwa le tsone di tla senngwa jaaka bodumedi jwa maaka fa letsatsi la ipusolosetso la ga Jehofa le ba wela.

18. Isaia 48:22 e sa ntse e tla diragadiwa leng e bile jang?

18 Mo go 1 Bathesalonika 5:3, go bolelwa jaana ka baikepi: “Motlhang ba reng: ‘Kagiso le polokesego!’ foo tshenyego ya tshoganyetso ruri e tla ba wela ka ponyo ya leitlho fela jaaka setlhabi sa tlalelo mo mosading yo o moimana; mme ga ba kitla ba falola ka gope.” Bano ke ba Isaia a neng a bolela jaana ka bone: “Bonang, . . . ba ba romilweng kagiso ba lela mo go botlhoko.” (Isaia 33:7) Ee ruri, jaaka fa re bala mo go Isaia 48:22, “‘Ga go na kagiso epe e e leng ya baikepi,’ go bua Jehofa.” Mme isagwe ya barongwa ba boammaaruri ba kagiso ya bomodimo ke eng? Setlhogo sa rona se se latelang se tla tlhalosa.

Dipotso Tsa Poeletso

◻ Baporofeti ba Modimo ba ile ba senola barongwa ba maaka ka mafoko afe a a botlhoko?

◻ Ke ka ntlha yang fa baemedi ba batho ba palelwa fa ba leka go tlisa kagiso e e tla nnelang ruri?

◻ Barongwa ba boammaaruri ba kagiso ba farologana jang le babueledi ba lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng?

◻ Bapelonomi ba tshwanetse go dira eng gore ba itumelele kagiso e Jehofa a e solofetsang?

[Ditshwantsho mo go tsebe 15]

Isaia, Jeremia le Daniele botlhe ba ne ba bolelela pele kafa batho fela ba tla palelwang ka teng mo maitekong a bone a go tlisa kagiso

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

“Lefatshe lotlhe le namaletse mo maatleng a yo o boikepo.”—Moaposetoloi Johane

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

“Ba le mo lefifing mo mogopolong.”—Moaposetoloi Paulo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela