Boammaaruri Kaga Baengele
Fa o tlwaetse motho gantsinyana o kgona go itse sengwe ka lelapa la gaabo motho yoo. Go a tshwana le ka go itse Jehofa Modimo. Go akarediwa mo gontsi go feta fela go itse leina la gagwe. Gape re tshwanetse go itse sengwe ka “lelapa” la gagwe kwa legodimong. (Bapisa Baefeso 3:14, 15.) Baebele e bitsa baengele “bomorwa” Modimo. (Jobe 1:6) Fa re tlhokomela seabe se segolo se ba se dirang mo Baebeleng, re tshwanetse go batla go itse mo go oketsegileng ka bone le go tlhaloganya se ba se dirang mo boikaelelong jwa Modimo.
NGWAO e ntšha e a simologa. Ga se fela gore batho ba bantsi ba bolela gore ba dumela mo baengeleng; mme palo e e oketsegang e bolela gore ba setse ba dirisane le bone ka tsela nngwe. Fa Baamerika ba le 500 ba ne ba bodiwa gore “A le setse le kile la utlwa gore baengele ba teng mo botshelong jwa lona?” nngwetharong ya bone e ne ya araba ka gore ee. Gape se se gakgamatsang ke palo ya basha ba ba bolelang gore ba dumela mo baengeleng—patlisiso nngwe ya kwa United States e bolela gore ke diperesente di le 76 tsa bone! Go phepafetse gore batho ba kgatlhegela baengele. Mme a tsela e batho ba akanyang ka baengele ka teng gompieno e dumalana le boammaaruri jwa Baebele?
Go Fitlha Seabe sa ga Satane
Fa re bua ka baengele, ga re a tshwanela go tlhokomologa baengele ba ba bosula ba Baebele e bolelang gore ba ne ba tsuologela Modimo. Wa pele mo go bone botlhe ke Satane. Buka nngwe e e itsegeng thata e e bidiwang Ask Your Angels e ne ya akantsha gore Satane “o na le dinonofo tse dikgolo tsa Modimo” go thusa batho gore ba nonotshe “mesifa ya bone ya semoya” ka go ba raela kgapetsakgapetsa. Kwantle ga “maikaelelo a ga Satane a a lorato,” bakwadi ba bolela gore o ile a lejwa a le bosula ka makgolokgolo a dingwaga. Ba oketsa ka gore Satane le Jesu, “lefa ba sa thusane ka sepe ka mmatota, ba na le mekgele e e tshwanang, ke dikarolo tsa botlhokwa tsa motho a le mongwe.” Tseno ke dipolelo tse di gakgamatsang, mme Baebele ya reng?
Baebele e bolela ka tlhamalalo gore Satane ga a na “dinonofo tsa Modimo” mme ke mmaba wa Modimo. (Luke 10:18, 19; Baroma 16:20) O nyatsa bolaodi jwa ga Jehofa, mme maikaelelo a gagwe mo bathong ga se a “lorato.” O ntshetsa bogale jwa gagwe ka bosetlhogo mo batlhankeng ba Modimo ba ba mo lefatsheng. O ba pateletsa fa pele ga Modimo motshegare le bosigo!a (Tshenolo 12:10, 12, 15-17) Satane o ikaeletse go senya ditlhaloganyo tsa bone go sa kgathalesege gore go felela go diragetse eng. Go bo a ne a bogisa monna yo o siameng Jobe setlhogo go ne ga supa mokgwa wa gagwe wa go sa utlwele batho botlhoko fa ba boga.—Jobe 1:13-19; 2:7, 8.
Go na le gore Satane le Jesu ba bo ba le mo “letlhakoreng le le lengwe,” ba ganetsana gotlhelele. Kwantle ga pelaelo, Satane ke ene yo o neng a dira gore Herote a dire molawana wa go bolaya bana botlhe—gotlhe go dirwa fela ka maiteko a go bolaya losea Jesu! (Mathaio 2:16-18) Mme ditlhaselo tsa ga Satane tse di maswe di ne tsa tswelela go fitlha Jesu a tlhokafala. (Luke 4:1-13; Johane 13:27) Ka jalo, go na le gore e nne “dikarolo tse di botlhokwa tsa selo se le sengwe,” Jesu le Satane ba farologane fela thata. Boporofeti jwa Baebele bo bontsha gore ba ne ba ka se ka ba nna ditsala le ka motlha. (Genesise 3:15) Go a tshwanela gore, Jesu yo o tsositsweng ke ene yo o tla nyeletsang Satane ka nako e Modimo o e beileng.—Tshenolo 1:18; 20:1, 10.
Go Rapelwa Mang?
Batho ba bangwe ba ba buelelang mokgatlho wa baengele ba re go tlhatlhanya le maranyane a mangwe ke tsone tse di molemo gore motho a kgone go bua le baengele. Buka nngwe e bolela jaana: “Fa o tlhoafetse o kopa go bua le leloko lengwe la selegodimo ga o kake wa tlhoka go reediwa.” “Botsa mme o tla arabiwa.” Mikaele, Gabariele, Uriel, le Raphael ke bangwe ba baengele ba buka e reng go ka buiwa le bone.b
Lefa go ntse jalo, Jesu o ne a ruta balatedi ba gagwe gore ba rapele Modimo, e seng baengele. (Mathaio 6:9, 10) Ka mo go tshwanang, Paulo o ne a kwala jaana: “Mme mo dilong tsotlhe a ditopo tsa lona di itsisiwe Modimo ka thapelo le kokotlelo, di na le tebogo.” (Bafilipi 4:6, mokwalo o o sekameng ke wa rona.) Ka lebaka leo, Bakeresete ga ba rapele ope kwantle ga Jehofa, mme ba dira jalo mo leineng la ga Jesu Keresete.c—Johane 14:6, 13, 14.
A Baengele Ga ba Na Bodumedi?
Go ya ka Eileen Elias Freeman, yo e leng mookamedi wa AngelWatch Network, “baengele ba kwa godimo ga bodumedi bongwe le bongwe, filosofi nngwe le nngwe, molawana mongwe le mongwe. Totatota, baengele ga ba na bodumedi jaaka re itse.”
Lefa go ntse jalo, Baebele e phepafatsa gore baengele ba ba ikanyegang ba na le bodumedi; ba obamela Modimo wa boammaaruri, Jehofa, yo o sa batleng go rapelwa le medimo e mengwe. (Duteronome 5:6, 7; Tshenolo 7:11) Ka jalo, moengele yo o ntseng jalo o ne a itlhalosetsa moaposetoloi Johane jaaka ‘motlhanka ka ene’ wa ba ba obamelang ditaolo tsa Modimo. (Tshenolo 19:10) Ga go na gope gape mo Baebeleng mo re balang teng ka baengele ba ba ikanyegang ba obamela ka tsela nngwe e sele. Ba obamela Jehofa ka botlalo.—Ekesodo 20:4, 5.
“Rra One Maaka”
Dilo tse gantsi di bidiwang go bua le baengele go akaretsa go bua le baswi. “Ke ne ke akanya gore malome o ne a bone tsela ya go mpolelela gore o ne a itumetse jaanong,” go bolela jalo mosadi mongwe yo o bidiwang Elise morago ga fa a sena go bona mo a neng a go tsaya e le botlhodi. Terri o gopola tsala ya gagwe e e rategang e e suleng ka mo go tshwanang. “Beke morago ga phitlho, o ne a tla mo go nna ka seo ke neng ke akanya gore ke toro. O ne a mpolelela gore ga ke a tshwanela go lelela go bo a tsamaile ka gore o ne a itumetse e bile a le mo kagisong.”
Mme Baebele e bolela gore baswi “ga ba itse sepe.” (Moreri 9:5) Gape e bolela gore fa motho a swa, “ka letsatsi leo fela maikaelelo a gagwe a nyelele.” (Pesalema 146:4, mokwalo o o sekameng ke wa rona.) Lefa go ntse jalo, Satane ke “rra one maaka.” (Johane 8:44) Ke ene yo o simolotseng maaka a gore moya wa motho o tswelela o tshela fa motho a swa. (Bapisa Esekiele 18:4.) Batho ba bantsi gompieno ba dumela seno, se e leng gore ke boikaelelo jwa ga Satane sentle, ka gore se ganetsa botlhokwa jwa go dumela mo tsogong ya baswi—thuto ya motheo ya Bokeresete. (Johane 5:28, 29) Ka jalo, go botsa ka baswi kgotsa go amogela melaetsa e e tswang kwa go bone ke mofuta o mongwe wa mokgatlho wa baengele o o sa amogelweng ke Modimo.
Go Buiwa le Baengele Kgotsa Badimona?
Bontsi jwa mekgatlho ya jaanong ya baengele e amana le masaitsiweng. Ela tlhoko boitemogelo jwa ga Marcia. O bolela jaana: “Go simologa ka September go ya go December 1986, ke ne ka simolola go utlwa melaetsa e e tswang ‘kwa kgaolong ya boraro.’ Ke ne ke bona diponatshegelo gape ke ne ke na le ditoro tse o ka se kang wa di dumela motlhofo tsa ‘botshelo jo bo fetileng.’ Ke ne ke kopana le ditsala tsa me tse di neng di sule mme ke ne ke na le nonofo e seng ya tlholego ya go itse dilo ka batho ba ke neng ke simolola go kopana le bone. Gape ke ne ka segofadiwa ka mpho ya go kgona go kwala le go fetisa melaetsa e e tswang kwa dibopiweng tsa moya. Batho ba bangwe ba ke neng ke ise ke kopane le bone ba tshela ba ne ba romelela ba bangwe melaetsa ka nna.”
Go dirisa bola jaaka tsela ya go “buisana” le baengele ke selo se se tlwaelegileng gompieno. Motswedi mongwe o rotloetsa babadi ba one ka tlhamalalo go dirisa maje a seselamose, dikarata tsa tarot, madi a ditshipi a I Ching, go laola ka meralo ya seatla le tepodinaledi. Bakwadi ba teng ba kwala jaana: “Itetle gore o ye kwa lefelong le le tshwanetseng, mme o tshepe gore moengele mongwe o tla kopana le wena koo.”
Lefa go ntse jalo, go ya ka Baebele, le fa e le eng se se ‘kopanang le wena koo’ ruri ga se mongwe wa baengele ba Modimo. Ka ntlha yang? Ka lebaka la gore go laola ka bola ke go nyatsa Modimo ka tlhamalalo mme baobamedi ba boammaaruri—ba ba kwa legodimong le mo lefatsheng—ga ba go dire. Kwa Iseraele go laola ka bola e ne e le molato o mogolo! Molao o ne o bolela gore “le fa e le mang yo o dirang dilo tse, o makgapha mo go Jehofa.”—Duteronome 13:1-5; 18:10-12.
“Moengele wa Lesedi”
Ga go a tshwanela go re gakgamatsa gore Diabolo o ka dira e kete go laola ka bola go botlhokwa e bile ke ga seengele. Baebele e bolela gore Satane “le ene o tle a itshwantshe le moengele wa lesedi.” (2 Bakorinthe 11:14) O ka nna a loga maano a go dira botlhodi a bo a dira gore bo diragale a tsietsa ba ba bonang gore ba itheye ba re bo tswa kwa Modimong. (Bapisa Mathaio 7:21-23; 2 Bathesalonika 2:9-12.) Mme ditiro tsotlhe tsa ga Satane—go sa kgathalesege gore di lebega di le molemo kgotsa di le bosula go le kana kang—di diragatsa bongwe jwa maikaelelo ano a mabedi: go dira batho gore ba nne kgatlhanong le Jehofa kgotsa fela go foufatsa megopolo ya bone gore “lesedi la Mafoko a a Molemo a kgalalelo ya ga Keresete, yo e leng setshwano sa Modimo, le se ka la ba phatsimela.” (2 Bakorinthe 4:3, 4) Mokgwa o wa bofelo wa go tsietsa gantsi ke one o o dirang go e gaisa yotlhe.
Ela tlhoko pego ya Baebele ya mosetsana wa lelata mo lekgolong la ntlha la dingwaga. Dipolelelopele tsa gagwe di ne tsa leretse beng ba gagwe madi a mantsi. O ne a sala barutwa morago ka malatsi a le mantsi, a re: “Banna ba ke batlhanka ba Modimo wa Mogodimodimo, ba ba lo bolelelang tsela ya poloko.” Mafoko a gagwe a ne a le boammaaruri. Mme gone pego e re bolelela gore o ne a tsenwe ke badimona, e seng ke moengele, mme ke “mowa wa too.” Kwa bofelong, Paulo o ne “a retologa, a raya mowa a re: ‘Ke a go laola ka leina la ga Jesu Keresete, tswa mo go ene.’ Mme wa tswa fela ka lobaka loo.”—Ditiro 16:16-18.
Ke ka ntlha yang fa Paulo a ne a leleka moya ono? O ne o fa beng ba mosetsana yo o tsenweng ke badimona madi a mantsi. Ka maatla a e seng a tlholego, mosetsana yono wa motlhanka o ka tswa a ne a bolelela balemi gore ba leme leng, barweetsana gore ba nyalwe leng le gore baepi ba senke gouta kae. Moya ono o ne wa dira gore mosetsana a bue mafoko mangwe a a boammaaruri, a baka barutwa!
Lefa go ntse jalo e ne e le “mowa wa too.” Ka lebaka leo, o ne o sena tshwanelo ya go bolela ka Jehofa le thulaganyo ya gagwe ya poloko. Puo ya gagwe e e neng e akgola e e neng e ka tswa e buelwa gore go dumelwe dipolelelopele tsa mosetsana, e ne ya dira gore batho ba ba neng ba lebile ba se ka ba reetsa balatedi ba ga Keresete. Paulo o ne a tlhagisa Bakorinthe jaana ka lebaka le le utlwalang: “Ga lo ka ke lwa jela mo lomating lwa Morena, le mo lomating lwa badimo.” (1 Bakorinthe 10:21) Ga go gakgamatse go bo Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba senya dibuka tsa bone tsotlhe tse di neng di amana le go laola ka bola.—Ditiro 19:19.
‘Moengele Mongwe o Fofa Gare ga Legodimo’
Jaaka re bone, Baebele e senola bontsi jwa mekgatlho ya baengele ya gompieno e utlwana le Mmaba yo mogolo wa Modimo, Satane Diabolo. A seno se raya gore baengele ba ba boitshepo ga ba amane ka gope le matshelo a batho? Go fapaana le seo, gone jaanong ba dira tiro e kgolo thata mo lefatshing. Ke efe? Gore re tle re kgone go araba, re tshwanetse go leba mo Bukeng ya Baebele ya Tshenolo. Baengele ba umakiwa thata mo bukeng eno go gaisa mo go epe e nngwe ya Baebele.
Mo go Tshenolo 14:6, 7, re bala pego eno ya ga moaposetoloi Johane ya ponatshegelo e a neng a e bona: “Ka bona moengele mongwe a fofa gare ga legodimo, a na le Mafoko a a Molemo a a sa khutleng go a bolelela ba ba agileng mo lefatsheng, le tšhaba nngwe le nngwe, le lotso, le puo, le batho; mme a bua ka lentswe le legolo a re: ‘Boifang Modimo, lo o neye kgalalelo; gonne nako ya katlholo ya one e tsile; lo obamele one o o dirileng legodimo le lefatshe, le lewatle, le metswedi ya metsi.’”
Lokwalo lono lo bolela tiro e e botlhokwatlhokwa ya baengele gompieno. Ba dira tiro ya maemo a a kwa godimo—ya go rera mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo. Jesu o ne a solofetsa barutwa ba gagwe jaana malebana le tiro eno: “Ke na le lona ka metlha yotlhe, go ya bokhutlong jwa metlha.” (Mathaio 28:18-20) Jesu o na le barutwa ba gagwe ka tsela e e ntseng jang? Tsela e nngwe ke ka go dira gore baengele ba ba thuse tiro eno e kgolo e e tlhomologileng gore e tle e kgone go wediwa ka botlalo.
Basupi ba ga Jehofa ba dirisa diura tse di fetang milione o le sekete ngwaga le ngwaga ba rera mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo. Fa ba ntse ba dira tiro eno, ba bona bosupi jwa gore ba kaelwa ke baengele. Mo bodireding jwa bone jwa ka ntlo le ntlo, gantsinyana go ile ga direga gore ba fitlhele batho ba ba neng ba rapela gore mongwe a ba thuse go tlhaloganya maikaelelo a Modimo. Kaelo ya baengele, mmogo le matsapa a Basupi, di feletse ka gore diketekete tse di makgolokgolo di itse Jehofa ngwaga le ngwaga!
A o reetsa moengele yo o fofang fa gare ga legodimo? Ke eng fa o sa iphe nako go buisana ka mo go oketsegileng ka molaetsa ono wa seengele, fa Basupi ba ga Jehofa ba go etela?
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Mafoko “Satane” le “Diabolo” a raya “moganetsi” le “mosebi.”
b Fa Mikaele le Gabariele ba umakiwa mo Baebeleng, maina Raphael le Uriel a bonala mo dibukeng tsa Apocrypha, tse e seng karolo ya lenaanae la dibuka tsa Baebele.
c Tlhokomela gore thapelo e fetisiwa ka Jesu mme ga e lebisiwe kwa go ene. Go rapelwa ka leina la ga Jesu ka gore madi a gagwe a a tsholotsweng a butse tsela ya go atamela Modimo.—Baefeso 2:13-19; 3:12.
[Lebokoso mo go tsebe 8]
BAENGELE KE BOMANG?
GO FAPAANA le se batho ba bantsi ba se dumelang, baengele ga se meya e e duleng mo bathong ba ba suleng. Baebele e tlhalosa ka phepafalo gore baswi “ga ba itse sepe.” (Moreri 9:5) Baengele ba tswa kae? Baebele e tlhalosa gore ba ne ba bopilwe ke Modimo ka bongwe ka bongwe pele ga go theiwa legodimo le lefatshe. (Jobe 38:4-7) Bogolo jwa lelapa la Modimo la selegodimo e ka tswa ele dimilione di le makgolokgolo, kgotsa dimilione di le diketekete le go feta! Baengele bangwe ba ne ba kopanela le Satane fa a ne a tsuuloga.—Daniele 7:10; Tshenolo 5:11; 12:7-9.
Ka gore Jehofa ke Modimo wa thulaganyo, ga go gakgamatse go bo lelapa la gagwe le legolo la baengele le rulagane.—1 Bakorinthe 14:33.
• Moengele yo o ba fetang botlhe, ka maatla le ka taolo, ke moengele yo mogolo, Jesu Keresete, yo gape a bidiwang Mikaele. (1 Bathesalonika 4:16; Juta 9) Ka fa tlase ga taolo ya gagwe go na le boserafa, ditšheruba le baengele.
• Boserafa ba tlhokometse setulo sa bogosi sa Modimo. Tiro ya bone e akaretsa go bolela gore Modimo o boitshepo le go boloka batho ba one ba le phepa.—Isaia 6:1-3, 6, 7.
• Ditšheruba le tsone di bonwa fa Jehofa a nnang teng. Jaaka batlhokomedi ba setulo sa Modimo sa bogosi, di bolela gore Jehofa o mogolo.—Pesalema 80:1; 99:1; Esekiele 10:1, 2.
• Baengele (seo se kayang “barongwa”) ke ba ba emelang Jehofa e bile ke bathusi ba gagwe. Ba dira thato ya Modimo, fa seno se akaretsa go golola batho ba Modimo kgotsa go nyeletsa ba ba bosula.—Genesise 19:1-26.
[Ditshwantsho mo go tsebe 7]
A o reetsa moengele yo o fofang fa gare ga legodimo?