Mophuthelwana wa Dijo o Neela Bosupi
MO MALATSING a morago ga thoromo ya lefatshe ya kwa Kobe, kwa Japane, January o o fetileng, batho ba ba nnang mo lefelong le le amegileng ba ne ba bona dijo ka thata tota. Lefa go ntse jalo, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba sa tlhoke dijo, e re ka ditsala tsa bone di ne di ba thusa ka bopelontle. Mo malatsing a ntlha a mabedi kana a mararo morago ga thoromo, diphuthego tse di fa gaufi di ne di fa batho raese. Go ise go ye kae, ditsala tse di kutlwelobotlhoko di ne di ba fa mephuthelwana ya dijo. Ba le bantsi ba ne ba gokelela melaetsa mo mephuthelwaneng ya dijo e e bontshang kafa ba utlwelang ba ba amilweng ke thoromo botlhoko ka gone. Ba ba neng ba fiwa dijo tseo ba ne ba bolela gore dijo dingwe le dingwe di ne di na le “letswai” ka gonne ba ne ba sa kgone go thiba dikeledi fa ba bala melaetsa.
Basupi ba ga Jehofa ba ne ba ja dijo tsa bone le ba bangwe ba ba neng ba tlhoka. Mosupi mongwe o ne a ja dijo tsa gagwe tsa motshegare a tsamaya ka koloi le modirikaene yo e seng Mosupi yo ba dirang mmogo mo khampaneng e le nngwe fela. Ka jalo o ne a mo fa mophuthelwana o mongwe wa dijo o a neng a o filwe.
“O rekile kae mophuthelwana ono wa dijo?” modirikaene o ne a botsa jalo. Mokaulengwe o ne a tlhalosa tiro ya Basupi ya namolo. “Ke na le malatsi a mantsi ke sa je merogo. Ke tla sadisa gore ke tle ke isetse ba lelapa la me kwa gae,” monna yono o ne a bolela jalo a leboga.
Fa seno se diragala ka lekgetlho la boraro, modiri yono o ne a neela Mosupi 3,000 yen (R125) a bo a re: “Ke itse ditiro tsa lona, ka jalo tsweetswee mma ke ntshe moneelo o o tla thusang mo tirong ya lona. Ke anaanela thata fa o ja dijo tsa motshegare le nna. Ruri ditsala tsa gago ke batho ba ba molemo thata botlhe fela.”