LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w96 12/1 ts. 4-8
  • Go Namola Kwa go Nang le Tshenyego Gone

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Namola Kwa go Nang le Tshenyego Gone
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Accra—“Letsatsi la Morwalela o Monnye wa ga Noa”
  • San Angelo—“Go ne Go Utlwala Jaaka e Kete Lefatshe le ya Kwa Bokhutlong”
  • Kobe—“Go Senyega ga Dipolanka, Polasetara le Ditopo Tsa Batho”
  • Namolo E E Tla Nnelang Ruri Mo Bogautshwaneng!
  • Go Gola Mmogo mo Loratong
    Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
  • Bodiredi Jwa Namolo
    Bogosi Jwa Modimo bo a Busa!
  • Dilo Tseo Sefefo sa Kgwanyape sa Andrew Se Sa Kgonang go Di Senya
    Tsogang!—1993
  • Sengwe se le Ditsuatsue di Neng si Ka se Kgone go se Gogola
    Tsogang!—2003
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
w96 12/1 ts. 4-8

Go Namola Kwa go Nang le Tshenyego Gone

MAITEKO a motho a go thusa fa go na le kotsi ya masetlapelo eleruri a amogelwa. Dithulaganyo di le dintsi tsa namolo di thusitse gore go agiwe magae sesha, go kopanya malapa gape le, mo godimo ga tsotlhe, go boloka matshelo a batho.

Fa dikotsi tsa masetlapelo di tlhasela, Basupi ba ga Jehofa ba dirisa ka botlalo—dilo dipe tse ba di neilweng ka dithulaganyo tsa namolo tsa setšhaba le go di itumelela. Fa go ntse go le jalo, ba na le tshwanelo e e tswang mo Dikwalong ya gore ba “[dire] se se molemo . . . mme bogolo mo go ba e leng ba ntlo ya tumelo.” (Bagalatia 6:10) Ee, Basupi ba ikutlwa jaaka e kete ba amana ka losika; ba tsayana jaaka “lelapa.” Ke gone ka moo ba bitsanang “mokaulengwe” le “kgaitsadi.”—Bapisa Mareko 3:31-35; Filemone 1, 2.

Ka jalo fa kotsi ya masetlapelo e tlhasetse lefelo lengwe, bagolwane ba Basupi ba ga Jehofa ba dira maiteko a a tlhoafetseng a go tlhomamisa gore leloko lengwe le lengwe la phuthego le kae le dilo tse le di tlhokang le go dira dithulaganyo tsa go p5namola fa go tlhokega. Sekaseka kafa seno se neng se le boammaaruri ka teng kwa Accra, e e kwa Ghana; San Angelo, e e kwa U.S.A.; le Kobe, e e kwa Japane.

Accra—“Letsatsi la Morwalela o Monnye wa ga Noa”

Pula e ne ya simolola go na ka ura ya 11 bosigo, mme e ne ya tshologa e sa kgaotse ka diura di le dintsi. “E ne e na fela thata mo e leng gore lelapa la me le ne le tsogile lotlhe,” go bolela jalo John Twumasi, mongwe wa Basupi ba ga Jehofa kwa Accra. Lokwalodikgang lwa Daily Graphic lo ne lwa e bitsa “Letsatsi la Morwalela o Monnye wa ga Noa.” John o tswelela pele a bua jaana: “Re ne ra leka go isa dilo tsa botlhokwa kwa ntlong e e fa godimo, mme fa re re re bula lebati le le tswelang kwa ditepising, metsi a morwalela a ne a tsena mo teng.”

Balaodi ba ne ba tlhagisa gore go duwe mo matlong, lefa go ntse jalo batho ba le bantsi ba ne ba okaoka, ba tshaba gore fa go sena motho mo gae—lefa gone go tletse metsi—go ka oka dirukhutlhi. Ba bangwe ba ne ba sa kgone go tswa lefa ba ne ba batla go dira jalo. Mosetsana mongwe yo o bidiwang Paulina o ne a bolela jaana: “Nna le mmè re ne re sa kgone go bula kgoro. Metsi a ne a ntse a oketsega, ka jalo re ne ra ema mo godimo ga meropa ya legong mme ra itshwarelela ka tlhomeso ya borulelo. Kgabagare, mo e ka nnang ka nako ya botlhano mo mosong, baagelane ba rona ba ne ba re namola.”

Ka bofefo fela, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba simolola tiro. Kgaitsadi mongwe wa Mokeresete yo o bidiwang Beatrice o bolela jaana: “Bagolwane ba phuthego ba ne ba re batla, mme ba re fitlhela kwa ntlong ya Mosupi yo mongwe, koo re neng ra tshabela teng. Malatsi a le mararo fela morago ga morwalela, bagolwane le maloko a phuthego a basha ba ne ba tla kwa go rona mme ba gogola seretse mo ntlong ya rona le ka kwa ntle. Mokgatlho wa Watch Tower o ne wa romela dilo tse di tlhatswang, tse di bolayang megare, dipente, materase, dikobo, matsela le diaparo tsa bana. Bakaulengwe bano ba ne ba re romelela dijo ka malatsi a le mmalwa. Seno se ne sa intumedisa tota!”

John Twumasi, yo o nopotsweng pelenyana, o bega jaana: “Ke ne ka bolelela bahiri ba bangwe ba matlo gore Mokgatlho wa rona o re romeletse dilo tse di tlhatswang le tse di bolayang megare—tse di lekaneng go phepafatsa ntlo yotlhe. Bahiri ba matlo ba ka nna 40 ba ne ba thusa mo go phepafatseng. Dilo tse dingwe tse di tlhatswang ke ne ka di neela baagelane ba me, go akaretsa le monna mongwe yo o leng moruti wa kereke e e mo lefelong leo. Badirikanna ba ne ba ntse ba akanya ka tsela e e phoso gore Basupi ba ga Jehofa ba bontsha batho ba bone fela lorato.”

Bakaulengwe le bokgaitsadi ba Bakeresete ba ne ba itumelela thata thuso e e lorato e ba e neetsweng. Mokaulengwe Twumasi o konela jaana: “Le mororo dilo tse di sentsweng ke morwalela di ne di le tlhwatlhwakgolo go feta dilwana tsa namolo tse ke neng ka di amogela, nna le lelapa la me re ikutlwa gore ka ntlha ya thuso eno ya bopelonomi e e tswang kwa Mokgatlhong, re ile ra amogela se se fetang se se neng se re senyegetse.”

San Angelo—“Go ne Go Utlwala Jaaka e Kete Lefatshe le ya Kwa Bokhutlong”

Dipula tsa matlakadibe tse di neng tsa tlhasela San Angelo ka May 28, 1995, di ne tsa kumula ditlhare ka medi, tsa roba dipale tsa motlakase, mme tsa latlhela megala ya motlakase mo ditseleng. Diphefo di ne di foka ka lobelo lwa dikilometara di le 160 ka ura, tsa senya dikago tsa ditirelo tsa setšhaba. Magae a a fetang 20 000 a ne a nna mo lefifing le lentsho. Morago ga moo go ne ga tla sefako. Ba National Weather Service (Tirelo ya Setšhaba ya Maemo a Bosa) ba ne ba bega gore ke “sefako se se lekanang le bolo ya kolofo,” morago ga moo ga tla “sefako se se lekanang le softball,” mme kwa bofelong ga tla “sefako se se lekanang le grapefruit.” Go wa ga sefako go ne ga dira modumo o mogolo thata. Moagi mongwe o ne a bolela jaana: “Go ne go utlwala jaaka e kete lefatshe le ya kwa bokhutlong.”

Tidimalo e e tshosang e ne ya latela morago ga dipula tsa matlakadibe. Batho ka iketlo ba ne ba tswa mo matlong a bone a a thubegileng ba sekaseka tshenyo eo. Ditlhare tse di neng di santse di eme di ne di tlhotlhoregile matlhare. Matlo a a neng a santse a eme a ne a lebega jaaka e kete a obotswe. Mo dikarolong tse dingwe sefako se ne sa khurumetsa lefatshe sa dira matsibogo a a ka nnang boteng jwa metara e le nngwe. Diketekete tsa difensetere tsa matlo le tsa dikoloi di ile tsa thubiwa ke pula eno ya matlakadibe, mo e leng gore jaanong digalase tse di neng di thubegile di ne di phatsima mo gare ga sefako se se khurumeditseng lefatshe. Mosadi mongwe o bolela jaana: “Fa ke goroga kwa gae, ke ne ka nna mo koloing ya me mo mmileng o o tsenang mo gae mme ka lela. E ne e le tshenyo e kgolo, e ne ya nkgoba marapo.”

Dithulaganyo tsa namolo le dikokelo di ne tsa thusa ka bonako ka madi, didirisiwa tsa kago, ka kalafi le go neela kgakololo. Se se kgatlhang ke gore batho ba le bantsi ba ba neng ba senyediwa ke dipula tsa matlakadibe ba ne ba dira sotlhe se ba neng ba ka se kgona gore ba thuse ba bangwe.

Diphuthego tsa Basupi ba ga Jehofa le tsone di ne tsa tsaya kgato. Aubrey Conner, mogolwane kwa San Angelo, o bega jaana: “Ka bonako fela fa pula ya matlakadibe e se na go ema, re ne ra leletsana megala re tlholana. Re ne ra thusana ra bo ra thusa le baagelane ba e neng e se Basupi go tsenya difensetere, go baya polasetiki kwa marulelong le go dira gore matlo a se ka a senngwa ke maemo a a sa siamang a bosa ka mo go ka kgonegang. Go tswa foo re ne ra kwala leina la motho mongwe le mongwe yo o mo phuthegong yo ntlo ya gagwe e neng ya senyega. Matlo a a ka nnang lekgolo a ne a tlhoka go baakanngwa, mme didirisiwa tsa namolo tse di neng di rometswe ke baemedi ba namolo di ne di sa lekana. Ka jalo re ne ra reka didirisiwa tse di oketsegileng mme ra ipaakanyetsa tiro. Ka kakaretso, Basupi ba ka nna 1 000 ba ne ba ithaopela go thusa, ba ba ka tshwarang 250 ba ne ba thusa mafelobeke mangwe le mangwe. Ba ne ba tswa kwa bokgakaleng jwa dimaele di ka nna 460 [dikilometara di ka nna 740]. Botlhe ba ne ba dira ba sa lape, gantsi mo maemong a bosa a a neng a ka tshwara didikirii di le 100 [mo e ka nnang 40°C.]. Tota le kgaitsadi mongwe wa dingwaga tse 70 o ne a dira le rona mo mafelobekeng mangwe le mangwe kwa ntle ga mafelobeke a le mangwe fela, mme ke ka nako ya fa ntlo ya gagwe e ne e baakanngwa. Mme mo mafelobekeng ao o ne a le kwa godimo ga borulelo jwa ntlo ya gagwe a thusa go baakanya!

“Re ne re a tle re utlwe babogedi ba bolela mafoko a a reng, ‘A go ne go ka se nne molemo gore ditumelo tse dingwe le tsone di direle maloko a tsone seno?’ Baagelane ba rona ba ne ba kgatlhiwa ke go bona setlhopha sa baithaopi ba le 10 go ya go ba le 12 (go akaretsa le bokgaitsadi) ba goroga ka makuku a Labotlhano kwa legaeng la Mosupi yo mongwe, ba ipaakanyeditse go baakanya kana tota le go aga sesha borulelo jotlhe mahala. Mo mabakeng a le mantsi tiro e ne e wediwa mo mafelobekeng a le mangwe fela. Ka dinako tse dingwe, re ne re fitlhela moagi mongwe wa kwa ntle a setse a le kgakala le tiro ya gagwe ya go rulela fa setlhopha sa rona se goroga go simolola tiro mo ntlong e e bapileng le yone. Re ne re rutlolola borulelo jwa rona le go bo aga sesha re bo re phepafatsa jarata pele ba ise ba fetse ya bone. Ka dinako tse dingwe ba ne ba emisa tiro ya bone gore ba re bogele fela!”

Mokaulengwe Conner o konela jaana: “Rotlhe re tlile go tlhologelelwa ditiro tse re neng re di dira mmogo. Re kgonne go itsane ka tsela nngwe ka go bontsha lorato lwa bokaulengwe le go le bontshiwa ke ba bangwe go feta le e leng pele. Re ikutlwa gore seno ke sekao fela sa se se tla diragalang mo lefatsheng le lesha la Modimo, ka bakaulengwe le bokgaitsadi ba thusana e le ka gonne ba rata go dira jalo tota.”—2 Petere 3:13.

Kobe—“Go Senyega ga Dipolanka, Polasetara le Ditopo Tsa Batho”

Baagi ba Kobe ba ne ba tshwanetse ba bo ba ne ba ipaakantse. Eleruri, ka September 1 mongwe le mongwe, ba keteka Disaster Prevention Day (Letsatsi la go Thibela Dikotsi Tsa Masetlapelo). Bana ba sekolo ba ne ba katisiwa gore ba dire eng fa go na le thoromo ya lefatshe, masole a boeletsa ditiro tsa go falotsa batho ka helikopotara, mme maphata a molelo a ntsha metšhine ya bone e e etsang thoromo ya lefatshe, mo baithaopi ba bontshang kafa ba ka iphalotsang ka gone ba le mo lebokoseng le le lekanang le kamore le le tshikinyegang le go roroma jaaka thoromo ya lefatshe ya mmatota. Mme fa selo sa mmatota se ne se direga ka January 17, 1995, dipaakanyetso tsotlhe di ne di lebega di sena mosola. Masome a a diketekete a marulelo a ne a gosomana—e le selo se se neng se sa thuse ka sepe mo dilong tse ba neng ba di etsa. Diterena di ne tsa wa; dikarolo tsa tsela e kgolo di ne tsa kgaogana ditokitoki; mabolokelo a gase le a metsi a ne a thubega; matlo a ne a phutlhama jaaka e kete a ne a dirilwe ka khatebokoso. Makasine wa Time o ne wa tlhalosa tiragalo eo jaaka “go senyega ga dipolanka, polasetara le ditopo tsa batho.”

Morago ga moo go ne ga latela melelo. Dikago di ne di tuka molelo fa batimamolelo ba ba neng ba tshwenyegile ba ne ba thibeletswe ke pharakano ya dikoloi. Ba ba neng ba fitlha kwa molelong oo, gantsi ba ne ba fitlhela go sena metsi mo dilong tse di tsamaisang metsi tsa motse tse di neng di thubegile. Modiredi mongwe o ne a bolela jaana: “Letsatsi la ntlha le ne le tshosa tota. Ga ke ise ke ikutlwe ke kgobegile marapo jaana mo botshelong jwa me, fa ke lemoga gore go ne go na le batho ba le bantsi ba ba neng ba khurumeditswe ke matlo ao a a tukang. Le go itse gore ga go na sepe se ke neng ke ka se dira ka gone.”

Ka kakaretso, batho ba ka nna 5 000 ba ne ba swa, mme dikago tse di ka tshwarang 50 000 di ne tsa gosomana. Kobe e ne e na le nngwetharong fela ya dijo tse di neng di tlhokega. Go bona metsi, batho ba bangwe ba ne ba epa metsi a a leswe kwa tlase ga diphaepe tsa metsi tse di neng di thubegile. Batho ba le bantsi ba ba neng ba sena matlo ba ne ba tshabela kwa ditenteng, ba bangwe ba ne ba aba dijo, mongwe le mongwe a abelwa raese e nnye ka letsatsi. Go ise go ye kae go sa kgotsofale go ne ga anama. Monna mongwe o ne a ngongorega jaana: “Badiredi ga ba ise ba dire sepe. Fa re ka ikaega ka bone re tla bolawa ke tlala.”

Diphuthego tsa Basupi ba ga Jehofa kwa Kobe le mo dikarolong tse di gaufi di ne tsa ipaakanyetsa dilo ka bonako. Mokgweetsi mongwe wa helikopotara yo o neng a bona tiro ya bone e simologa fela o ne a bolela jaana: “Ke ne ka ya kwa lefelong la kotsi ya masetlapelo mo letsatsing la thoromo mme ka nna lobaka lwa beke koo. Fa ke goroga kwa tenteng e nngwe, sengwe le sengwe se ne se tlhakatlhakane. Go ne go sa dirwa tiro lefa e le efe ya namolo. Basupi ba ga Jehofa e ne e le bone fela ba ba neng ba tabogela kwa lefelong leo, ba dira ditiro tse di tlhokwang go dirwa.”

Eleruri go ne go na le tiro e ntsi e e neng e tshwanetse go dirwa. Diholo tsa Bogosi di le lesome di ne di se mo boemong jo bo tshwanetseng go dirisiwa, mme Basupi ba ba fetang 430 ba ne ba sena matlo. Matlo a mangwe a le 1 206 a ba neng ba nna mo go one a ne a tlhoka go baakanngwa. Gape malapa a le 15 a Basupi a a tlhokafaletsweng ke ba ga bone mo kotsing ya masetlapelo a ne a tlhoka go gomodiwa tota.

Basupi ba ka nna 1 000 ba ba neng ba tswa mo nageng yotlhe ba ne ba ithaopela go dirisa nako ya bone gore ba tle go thusa mo tirong ya go baakanya. Mokaulengwe mongwe o ne a bolela jaana: “Fa re ne re baakanya matlo a baithuti ba Baebele ba ba neng ba ise ba kolobediwe, ka metlha ba ne ba re botsa gore, ‘Re tshwanetse go duela bokae mo go seno sotlhe?’ Fa re ba bolelela gore tiro e ne e tshegediwa ke diphuthego, ba ne ba re leboga, ba re, ‘Se re se ithutileng jaanong se a direga mo matlhong a rona!’”

Batho ba le bantsi ba ne ba kgatlhiwa ke go bo Basupi ba ne ba tsaya kgato ka bonako le go tla kwa kotsing eo ya masetlapelo. Mokgweetsi wa helikopotara yo o nopotsweng fa godimo o bolela jaana: “Ke ne ka kgatlhega tota. Lo bitsana ‘mokaulengwe’ le ‘kgaitsadi.’ Ke bone tsela e lo thusanang ka yone; batho ke lona tota lo lelapa le le lengwe fela.”

Basupi ka bobone ba ne ba ithuta dithuto tse di botlhokwa ka thoromo eno. Kgaitsadi mongwe o ne a dumela jaana: “Ka metlha ke ntse ke ikutlwa gore fa mokgatlho o le mogolo, go tla nna thata go bontshana kamego.” Mme lorato lo a lo bontshitsweng lo ne lwa fetola kgopolo ya gagwe. “Jaanong ke a itse gore Jehofa o amega ka rona e seng fela re le mokgatlho mme gape jaaka motho ka bongwe.” Lefa go ntse jalo, thuso e e tla nnelang ruri ya dikotsi tsa masetlapelo e santse e tla.

Namolo E E Tla Nnelang Ruri Mo Bogautshwaneng!

Basupi ba ga Jehofa ba lebile kwa nakong e mo go yone botshelo jwa batho le tsela ya go tshela e ka se tlholeng e senngwa ke dikotsi tsa masetlapelo. Mo lefatsheng le lesha la Modimo, motho o tla rutiwa go tshwara tikologo ya lefatshe sentle. Fa batho ba tlosa mekgwa ya bopelotshetlha, ba tla sireletsega mo dikotsing tsa tlholego.

Mo godimo ga moo, Jehofa Modimo—Mmopi wa maatla a tlholego—o tla tlhomamisa gore lelapa la gagwe la batho le popo ya selefatshe le ka motlha di ka se nne mo kotsing ya maatla a tlholego. Ka nako eo lefatshe le tla bo e le paradaise tota. (Isaia 65:17, 21, 23; Luke 23:43) Boporofeti jwa Tshenolo 21:4 bo tla diragadiwa jaana ka tsela e e molemolemo: “O tlaa phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone; ga go ketla go tlhola go le loso; le gone ga go ketla go tlhola go le bohutsana, le fa e le selelo, le fa e le botlhoko; dilo tsa pele di fetetse ruri.”

[Setshwantsho mo go tsebe 5]

Beatrice Jones (kafa molemeng) o bontsha kafa ene le ba bangwe ba neng ba tsamaya ba tshwaragane ka teng gore ba fete mo merwaleleng ya metsi

[Setshwantsho mo go tsebe 6]

Tiro ya namolo e e neng e dirwa morago ga dipula tsa matlakadibe

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela