LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w95 11/1 ts. 25-29
  • Go Gomotsa ba ba “Mowa o o Phatlogileng”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Gomotsa ba ba “Mowa o o Phatlogileng”
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Ditiragalo Tse di Neng di Itebaditswe”
  • A Tota go Diragetse?
  • Go ba Neela Botshabelo
  • Nna o Nonofile Semoyeng
  • Go Tweng ka Motho yo go Tweng o Sotlile Mongwe a Sale Ngwana?
  • Bagolwane ba ka Dira Eng?
  • Go Ganana le Diabolo
  • ‘Nako ya go Fola’
    Tsogang!—1991
  • “Dilo Tsa Pele ga di Kitla di Gakologelwa”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
  • Go Bontsha Lorato le go Diragatsa Tshiamiso fa go Dirilwe Boleo jo bo Masisi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2019
  • Go Gomotsa ba ba Utlwisitsweng Botlhoko
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2019
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
w95 11/1 ts. 25-29

Go Gomotsa ba ba “Mowa o o Phatlogileng”

GOMPIENO, lefatshe la ga Satane le “feletswe ke maikutlo.” (Baefeso 4:19; 1 Johane 5:19) Boaka le kgokafalo di gongwe le gongwe. Mo dinageng di le dintsi diperesente tse 50 kana go feta tsa manyalo di felela ka tlhalo. Bosodoma bo amogelwa ke batho ba le bantsi. Mo dikgannyeng go buiwa gantsi ka bothubaki jwa tlhakanelodikobo—go betelela. Go gatisiwa ga ditshwantsho tse di tsosang keletso ya tlhakanelodikobo e setse e le kgwebo e e busetsang dibilione tsa didolara.—Baroma 1:26, 27.

Mongwe wa mekgwa e e feteletseng e e makgapha ke go sotla bana ba ba senang molato ka go tlhakanela dikobo le bone. Fela jaaka botlhale jwa lefatshe la ga Satane, go sotla bana ka go tlhakanela dikobo le bone ke selo sa “senama, [sa] mewa e e maswe.” (Jakobe 3:15) Makasine wa Time o bolela gore kwa United States fela, “ngwaga le ngwaga barutabana le dingaka ba begela batlhokomedi ka ditiragalo tse di ka supelwang tsa go sotliwa ka tlhakanelodikobo di feta 400 000.” Fa batho ba ba sotlilweng jalo ba gola, ba le bantsi ba bone ba tswelela pele ba ntse ba utlwile botlhoko, le gone ba utlwile botlhoko tota! Baebele ya re: “Pelo [se se mo mogopolong, maikutlo a a boteng le dikakanyo] ya monna e tle e mo itshokisetse seemera sa gagwe; mme mowa o o phatlogileng [o o utlwisitsweng botlhoko, o o ngomogileng] o ka [itshokelwa, NW] e mang?”—Diane 18:14.

Mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo a kgatlhegelwa ke batho ba mefuta yotlhe, go akaretsa “ba ba pelo di phatlogileng” le ba ba nang le “mowa wa ngodiego.” (Isaia 61:1-4) Ga go gakgamatse go bo batho ba le bantsi ba ba utlwileng botlhoko mo maikutlong ba rata taletso eno: “Yo o nyorilweng a a tle; yo o ratang a a tseye metsi a botshelo, a a tseye fela a se na theko.” (Tshenolo 22:17) Phuthego ya Bokeresete e ka nna lefelo le batho bano ba ka bonang kgomotso mo go lone. Ba itumelela go utlwa gore mo bogautshwaneng go boga go tla bo go fedile. (Isaia 65:17) Lefa go ntse jalo, fa nako eo e ise e tle, ba ka nna ba tlhoka go ‘gomodiwa’ le gore dintho tsa bone di ‘hapiwe.’ Paulo o ne a gakolola Bakeresete sentle fa a re: “Nametsang ba ba lapang pelo, pepetletsang ba ba bokoa, lo nne pelotelele mo go botlhe.”—1 Bathesalonika 5:14.

“Ditiragalo Tse di Neng di Itebaditswe”

Mo dingwageng tsa bosheng jaana batho bangwe ba ile ba ‘phatloga pelo’ ka ntlha ya mabaka a ba bangwe ba sa kgoneng go a tlhaloganya. Ke bagolo bao ba reng ba ne ba sotliwa ka tlhakanelodikobo ba sale bana, ba theile seo mo go se se tlhalositsweng e le “ditiragalo tse di neng di itebaditswe.”a Bangwe ba bone ga ba akanye sepe ka gore ba kile ba sotliwa jalo, go fitlha nako nngwe ka tshoganetso ba simolola go gakologelwa sentle le go nna le “dilo tse ba di gakologelwang” tsa fa mogolo (kana bagolo) ba ne ba ba sotla ka tlhakanelodikobo ba sa le bana. A go na le bangwe mo phuthegong ya Bokeresete ba ba nang le dikakanyo tse di ntseng jalo tse di tshwenyang? Ee, ba teng mo dinageng di sekae, mme batho bano ba ba ineetseng ba ka tshwenyega thata mo maikutlong, ba tenega, ba ikutlwa ba le molato, ba tlhabiwa ke ditlhong, kana ba le bodutu. Fela jaaka Dafite ba ka ikutlwa ba le kgakala le Modimo ba bo ba goa ba re: “O emetseng kgakala, Jehofa? O iphitlhelang mo metlheng ya pitlagano?”—Pesalema 10:1.

Diporofeshenale tsa kalafi ya tlhaloganyo ga di tlhaloganye sentle dilo tse dintsi tse di amanang le “dilo tseno tse ba di gakologelwang.” Lefa go ntse jalo, “dilo tse ba di gakologelwang” jalo di ka ama bomoya jwa Bakeresete ba ba ineetseng. Ka jalo re leba Lefoko la Modimo ka tsholofelo gore le re kaele gore re dirisane le tsone jang. Baebele e re neela “tlhaloganyo mo dilong tsotlhe.” (2 Timotheo 2:7; 3:16) Gape e thusa batho botlhe ba ba amegang gore ba dumele mo go Jehofa, “Rra mautlwelobotlhoko, le Modimo wa kgomotso yotlhe; O o re gomotsang mo pitlaganong yotlhe ya rona.”—2 Bakorinthe 1:3, 4.

A Tota go Diragetse?

Mo lefatsheng, go ganetsanwa thata malebana le gore tota “dilo tseno tse batho ba di gakologelwang” ke eng le gore di amana go le kana kang le dilo tse tota di diragetseng. Basupi ba ga Jehofa “ga se ba lefatshe” mme ka jalo ga ba nne le seabe mo kganetsanong eno. (Johane 17:16) Go ya ka dipego tse di gatisitsweng, “dilo tse batho ba di gakologelwang” di ile tsa itshupa di le boammaaruri ka dinako tse dingwe. Ka sekai, mokanoki mongwe wa ditshenyegelo wa inšorense e bong Frank Fitzpatrick o ne a “gakologelwa” a sotliwa ke moruti mongwe, mme morago ga foo batho ba bangwe gape ba ka nna lekgolo le bone ba ne ba tla go bega fa ba kile ba sotliwa ke ene moruti yoo. Go begwa fa moruti yono a ne a dumela gore o ne a mo sotlile jalo.

Lefa go ntse jalo, ke ga botlhokwa go lemoga gore batho ba le mmalwa ba ile ba palelwa ke go supela dilo tse ba di “gakologelwang.” Batho bangwe ba ba amegang ka tsela eno ba ile ba gakologelwa ka phepafalo mongwe a ba sotla jalo kana ba gakologelwa ba sotliwa jalo mo lefelong lengwe le le rileng. Lefa go ntse jalo, moragonyana go ne ga tlhaga bosupi jo bo utlwalang jo bo kgatlhanong le seo bo supa gore dilo tseno tse ba di “gakologelwang” di ka se ka tsa bo di le boammaaruri.

Go ba Neela Botshabelo

Lefa go ntse jalo, batho ba ba nang le “mowa o o phatlogileng” ka ntlha ya “dilo tse ba di gakologelwang” tseo ba ka gomodiwa jang? Gakologelwa setshwantsho sa ga Jesu sa Mosamaria yo o molemo. Monna mongwe o ne a tlhaselwa ke dinokwane, tsa mmetsa, tsa mo tseela dilwana tsa gagwe. Fa Mosamaria a tla, o ne a utlwela monna yono yo o gobetseng botlhoko. O ne a dirang? A o ne a gakalela go utlwa sengwe le sengwe kafa a iteilweng ka teng? A kana Mosamaria o ne a batla go tlhalosediwa gore dinokwane di ne di ntse jang gore gone fela foo a bo a di leleka? Nnyaa. Monna yo o ne a gobetse! Ka jalo Mosamaria o ne a mo hapa dintho ka bonolo a bo a mo tsaya ka lorato a mo isa kwa lefelong le le sireletsegileng kwa ntlong ya baeng e e fa gaufi kwa a neng a ka folela teng.—Luke 10:30-37.

Ke boammaaruri gore go na le pharologanyo fa gare ga go gobala mo mmeleng le ‘go phatloga mowa’ mo go bakilweng ke go sotliwa ka tlhakanelodikobo motho a santse a le ngwana. Lefa go ntse jalo, ka bobedi jwa tsone di baka matshwenyego a magolo. Ka jalo, se Mosamaria a se diretseng Mojuta yo o gobetseng se bontsha gore go ka dirwa eng go thusa Mokeresetekarona yo o mo kutlobotlhokong. Selo sa botlhokwatlhokwa ke go mo gomotsa ka lorato le go mo thusa gore a fole.

Diabolo o ne a tsenya Jobe yo o ikanyegang bolwetse, go bonala a ne a solofetse gore go utlwa botlhoko mo maikutlong kana mo mmeleng go ne go tla dira gore a tlogele go boloka bothokgami jwa gagwe. (Jobe 1:11; 2:5) Fa e sale ka nako eo, Satane o ile a leka gantsi go dirisa matshwenyego—e ka tswa e le ao a a bakileng ka tlhamalalo kana nnyaa—go koafatsa tumelo ya batlhanka ba Modimo. (Bapisa 2 Bakorinthe 12:7-9.) A re ka belaela gore gone jaanong Diabolo o dirisa go sotliwa ga bana le “mowa wa ngodiego” wa bagolo ba le bantsi ba ba sotlilweng jalo (kana ba ba tshwenngwang ke “go gakologelwa” gore ba sotlilwe) go leka go koafatsa tumelo ya Bakeresete? Fela jaaka Jesu ka nako ya fa a ne a tlhaselwa ke Satane, Mokeresete yo o utlwang botlhoko mme a ba a gana a nitame gore a tlogele bothokgami jwa gagwe tota o a bo a re: “Tloga o ye koo Satane!”—Mathaio 4:10.

Nna o Nonofile Semoyeng

“Motlhanka yo o boikanngo le yo o botlhale” o gatisitse tshedimosetso e e thusang go itshokela botlhoko jwa mo moyeng le mo maikutlong jo bo bakilweng ke go sotliwa motho a santse a le ngwana. (Mathaio 24:45-47) Ditiragalo di bontsha gore motho yo o mo matshwenyegong a ka thusiwa ke gore a ikaege ka ‘nonofo le thata ya nonofo ya Morena,’ a bo a apare “diaparo tsa phemelo tsotlhe tsa Modimo.” (Baefeso 6:10-17) Diaparo tseno tsa phemelo di akaretsa “boammaaruri” jwa Baebele, jo bo senolang gore Satane ke ene mmaba yo mogolo e bile bo fedisa lefifi le ene le bathusi ba gagwe ba dirang mo go lone. (Johane 3:19) Gape go na le “letlatla la tshiamo la sehuba.” Motho yo o utlwileng botlhoko o tshwanetse a leka go diragatsa melao ya tshiamo. Ka sekai, ba bangwe ba ikutlwa ba tlhotlheletsega thata gore ba ikgobatse kana ba dire boitsholo jo bo sa siamang jwa kafa dikobong. Nako le nako fa ba gana ditlhotlheletso tseno, ba a bo ba fentse!

Diaparo tsa phemelo tsa semoya di akaretsa “Mafoko a a Molemo a kagiso.” Go bua le ba bangwe kaga maikaelelo a ga Jehofa go nonotsha ene yo o buang mmogo le mongwe le mongwe yo o reeditseng. (1 Timotheo 4:16) Fa e le gore o mongwe yo o ‘mowa o o phatlogileng,’ ka jalo o ketefalelwa ke go bua kaga mafoko a a molemo, leka go tsamaya le Mokeresete yo mongwe fa a ntse a dira tiro eno ya botlhokwa. Gape o se ka wa lebala “thebe ya tumelo.” Dumela gore Jehofa o a go rata le gore o tla go busetsa tsotlhe tse di go latlhegetseng. Dumela ka pelo yotlhe gore le wena Jesu o a go rata, mme o supile seno ka go go swela. (Johane 3:16) Satane ga a bolo go dira maiphako a maaka a gore Jehofa ga a na sepe le batlhanka ba gagwe. Ao ke maaka a mangwe gape a gagwe a a boitshegang, a a bosula.—Johane 8:44; Bapisa Jobe 4:1, 15-18; 42:10-15.

Fa pelo e e botlhoko e dira gore go nne thata go dumela gore Jehofa o amega ka wena, go ka go thusa gore o kopanele le ba bangwe ba ba dumelang tota gore o a amega. (Pesalema 119:107, 111; Diane 18:1; Bahebere 10:23-25) Gana go letla Satane gore a go tseele mokgele wa gago wa botshelo. Gakologelwa, “tlhoro ya phemelo ya poloko” ke karolo ya diaparo tsa phemelo; mmogo le “tšhaka ya Mowa.” Baebele e tlhotlheleditswe ka moya o o boitshepo, o Satane a ka se kang a o fenya. (2 Timotheo 3:16; Bahebere 4:12) Mafoko a yone a a fodisang a ka kokobetsa botlhoko jwa mo maikutlong.—Bapisa Pesalema 107:20; 2 Bakorinthe 10:4, 5.

Sa bofelo, rapela ka metlha gore o nne le maatla a go itshoka. (Baroma 12:12; Baefeso 6:18) Thapelo e e tswang mo pelong e ne ya thusa Jesu gore a itshokele botlhoko jo bogolo jwa maikutlo, mme le wena e ka go thusa. (Luke 22:41-43) A o palelwa ke go rapela? Kopa batho ba bangwe gore ba rapele le wena le gore ba go rapelele. (Bakolosa 1:3; Jakobe 5:14) Moya o o boitshepo o tla tshegetsa dithapelo tsa gago. (Bapisa Baroma 8:26, 27.) Fela jaaka bolwetse jo bo botlhoko jwa mo mmeleng, bangwe ba ba utlwileng botlhoko thata mo maikutlong ba ka nna ba se ka ba fodisiwa gotlhelele mo tsamaisong eno ya dilo. Mme lefa go ntse jalo ka thuso ya ga Jehofa re ka itshoka, mme go itshoka ke phenyo, fela jaaka go diragetse ka Jesu. (Johane 16:33) “Lona batho, ikanyeng mo go [Jehofa] ka metlha yotlhe; tshololang dipelo tsa lona fa pele ga one; Modimo ke botshabelo jwa rona.”—Pesalema 62:8.

Go Tweng ka Motho yo go Tweng o Sotlile Mongwe a Sale Ngwana?

Motho yo tota a sotlang ngwana ka go tlhakanela dikobo le ene ke mmeteledi mme o tshwanetse go tsewa jalo. Mongwe le mongwe yo o tshwarwang setlhogo jalo o na le tshwanelo ya go pega motho yo o mo sotlileng molato. Lefa go ntse jalo, motho ga a tshwanela go itlhaganelela go mo pega molato fa e le gore seo se theilwe fela mo “ditiragalong tse di neng di itebaditswe” tsa gore o kile a sotliwa. Fa go ntse jalo selo sa botlhokwa thata ke gore yo o mo botlhokong a rarabogelwe mo maikutlong. Fa go sena go feta nakonyana, a ka nna mo boemong jo bo botoka jwa gore a tlhatlhobe “dikgopolo” tseo mme a dire tshwetso ya gore o batla go dira eng ka tsone, fa e le gore gone o batla go dira sengwe.

Akanya kgang ya ga Donna. Ga twe o ne a na le mathata a go sa je sentle mme a ya kwa mogakoloding mongwe—yo go bonalang go ne go belaetsa gore a o kgona tiro ya gagwe. Go ise go ye kae a bo a setse a latofatsa rraagwe ka gore o kile a tlhakanela dikobo le ene mme rraagwe a isiwa kgotlatshekelong. Baatlhodi ba ne ba ema tlhogo ba palelwa ke go dumalana, ka jalo rraagwe ga a ka a isiwa kgolegelong, mme gone o ne a sala ka dikoloto tse di fitlhang go $100 000 (R360 000) tsa ditshenyegelo tsa kwa kgotlatshekelong. Mme jaanong morago ga dilo tseo tsotlhe, Donna o ne a bolelela batsadi ba gagwe gore o ne a sa tlhole a dumela gore o kile a sotliwa jalo!

Solomone o boletse jaana ka tshwanelo: “O se ka wa potlakela go ya go lwa.” (Diane 25:8) Fa e le gore go na le lebaka le le utlwalang la go belaela gore motho yo go tweng o dirile molato o santse a sotla bana, go ka nna ga tlhokega gore go ntshiwe tlhagiso. Bagolwane ba phuthego ba ka thusa mo kgannyeng e e ntseng jalo. E seng jalo, iketle pele. Kgabagare, o ka nna wa kgotsofalela go tlogela kgang ya teng. Lefa go ntse jalo, fa o batla go itebaganya le motho yo o reng o dirile molato (o sena go sekaseka pele gore o ka ikutlwa jang ka karabo e o ka e newang), o na le tshwanelo ya go dira jalo.

Ka nako ya fa motho yo o nang le “dilo tse a di gakologelwang” a ntse a fola, go ka nna ga tlhaga maemo a a thatafatsang dilo. Ka sekai, motho a ka nnela go gakologelwa ka phepafalo a sotliwa ka tlhakanelodikobo ke mongwe yo a mmonang letsatsi le letsatsi. Go ka se ka ga tlhomiwa melao ya gore kgang eno e ka rarabololwa jang. “Motho mongwe le mongwe o tlaa ithwalela morwalo wa gagwe.” (Bagalatia 6:5) Ka dinako tse dingwe motho a ka akanya gore wa losika kana mongwe yo o gaufi wa lelapa la gagabo o nnile le seabe. Gakologelwa gore “ditiragalo tse di neng di itebaditswe” di a tle di belaetse fa o tshwanetse go ntsha motho yo o belaelang gore o dirile molato. Mo boemong jo bo ntseng jalo, fa fela kgang e ise e tlhomamisiwe, go nna o ntse o amane le lelapa—lefa e le ka go eta gangwe le gape, ka go kwala, kana ka mogala—go ka bontsha gore motho o leka go latela tsela ya Dikwalo.—Bapisa Baefeso 6:1-3.

Bagolwane ba ka Dira Eng?

Fa mongwe mo phuthegong a na le go gakologelwa dilo dingwe kana “ditiragalo tse di neng di itebaditswe” tsa gore o ne a sotliwa a sale ngwana, gantsi go abelwa bagolwane ba le babedi gore ba mo thuse. Bagolwane bano ba tshwanetse ba thusa motho yono ka bopelontle gore a name a leka go itshokela go tshwenyega mo maikutlong. Maina a batho bape ba a “gakologelwang” ba mo sotla a tshwanetse go nna khupamarama.

Tiro e kgolo ya bagolwane ke gore ba direle jaaka badisa. (Isaia 32:1, 2; 1 Petere 5:2, 3) Ba tshwanetse gore ba nne kelotlhoko segolobogolo gore ba “apare pelotlhomogi, le pelonomi, le boikokobetso, le bonolo le bopelotelele.” (Bakolosa 3:12) A ba reetse ka bopelontle ba bo ba dirise mafoko a a fodisang go tswa mo Dikwalong. (Diane 12:18) Batho bangwe ba ba tshwenngwang ke “dikgopolo” tse di utlwisang botlhoko ba ile ba leboga bagolwane ba ba etang ka metlha kana ba ba leletsa mogala go bona gore ba ntse ba tsweletse jang. Maeto a a ntseng jalo ga a tlhoke go tsaya nako e telele, mme a tshwanetse go bontsha gore mokgatlho wa ga Jehofa o amega ka rona. Fa motho yo o tshwenyegang a lemoga gore bakaulengwe ba gagwe ba Bakeresete ruri ba a mo rata, a ka nna a thusiwa gore a kgone go nna le maikutlo a a siameng gape.

Go tweng fa e le gore motho yo o tshwenyegang o dira tshwetso ya gore o batla go latofatsa motho yo?b Fa go ntse jalo bagolwane ba babedi ba ka mo gakolola gore go dumalana le molaomotheo o o mo go Mathaio 18:15, ene ka namana a buisane le motho yo a mo pegang molato ka kgang eno. Fa e le gore motho yo o pegang yo mongwe molato ga a kgone go dira jalo difatlhego di lebane, a ka dira jalo ka thelefouno kana gongwe ka go kwala lokwalo. Ka tsela eno motho yo o latofadiwang o neelwa sebaka sa gore a ipolele fa pele ga Jehofa ka karabo e a tla e nayang malebana le tatofatso. Gongwe a ka nna a ba a kgona go neela bosupi jo bo bontshang gore a ka se ka a bo a dirile tshotlo eo. Kana gongwe motho yo o latofadiwang o tla dumela gore o dirile molato mme ba kgone go itshwarelana. A bo seo e ka nna lesego jang ne! Fa a dumetse molato, bagolwane ba babedi ba ka tswelela pele ka kgang eno go dumalana le melaometheo ya Dikwalo.

Fa yo o latofadiwang a ganetsa gore o dirile molato, bagolwane ba tshwanetse go tlhalosetsa yo o latofatsang gore ga go na sepe se sengwe se se ka dirwang go atlhola kgang eno. Le phuthego e tla tswelela pele e leba motho yo o latofaditsweng jaaka motho yo o senang molato. Baebele e bontsha gore go tshwanetse ga nna le basupi ba le babedi kana ba le bararo pele go ka tsewa kgato ya go atlhola. (2 Bakorinthe 13:1; 1 Timotheo 5:19) Lefa batho ba ba fetang a le mongwe fela ba “gakologelwa” ba kile ba sotliwa ke motho a le mongwe fela, tsela e dikgakologelo tseno di leng ka yone ga e a tlhomama mo e leng gore go ka se theiwe ditshwetso tsa katlholelo mo go tsone fela go sena bosupi jo bongwe jo bo tshegetsang kgang eo. Seno ga se reye gore “ditiragalo tse di gakologelwang” jalo di tsewa e le maaka (kana gore di tsewa e le boammaaruri). Mme lefa go ntse jalo go tshwanetse ga latelwa melaometheo ya Baebele fa kgang e rarabololwa ka go atlholwa.

Go tweng fa yo o latofadiwang a le molato tota—lefa a ganetsa gore o molato? A go raya gore o a “falola,” jaaka go ka tualo? Nnyaa le e seng! Kgang ya gore o molato kana ga a molato e ka tlogelwa ka tshosologo mo diatleng tsa ga Jehofa. “Dibe tsa batho ba bangwe di a bonala, di fetela pele di ya tshekisong; tsa batho ba bangwe le bone di [bonale, NW] morago.” (1 Timotheo 5:24; Baroma 12:19; 14:12) Buka ya Diane ya re: “Tsholofelo ya mosiami e tlaa nna boitumelo, mme tebelelo ya moikepi e tlaa nyelela.” “Motlhang motho wa boikepo o swang, tebelelo ya gagwe e nyelele.” (Diane 10:28; 11:7) Kgabagare, Jehofa Modimo le Jesu Keresete ba ntsha katlholo e e nnelang ruri ka tshiamiso.—1 Bakorinthe 4:5.

Go Ganana le Diabolo

Fa batho ba ba ineetseng ba itshokela botlhoko jo bogolo jwa mo mmeleng kana mo maikutlong, a bo seo se bontsha jang ne gore ba na le nonofo ya kafa teng le gore ba rata Modimo! Le gone a bo e le sesupo sa gore maatla a moya wa ga Jehofa a ka ba tshegetsa!—Bapisa 2 Bakorinthe 4:7.

Mafoko a ga Petere a dira mo bathong ba ba ntseng jalo: “Lo emalane nae [Satane] lo nitame mo tumelong ya lona.” (1 Petere 5:9) Go dira jalo go ka nna ga se ka ga nna motlhofo. Ka dinako tse dingwe, go ka nna thata le gone go akanya sentle. Mme se kgobege marapo! Go ise go ye kae, Diabolo le ditiro tsa gagwe tsa boferefere di tla bo di sa tlhole di le teng. Eleruri, re tlhoafaletse nako eo ka yone “Modimo ka osi . . . o tlaa [bong o] phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone; ga go ketla go tlhola go le loso; le gone ga go ketla go tlhola go le bohutsana, le fa e le selelo, le fa e le botlhoko; dilo tsa pele di fetetse ruri.”—Tshenolo 21:3, 4.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a “Ditiragalo tse di neng di itebaditswe” le mafoko a mangwe a a ntseng jalo a tsentswe mo ditsejwaneng go a farologanya le a a kayang go gakologelwa dilo ka tsela e e tlwaelegileng e rotlhe re gakologelwang ka yone.

b Gape go ka nna ga tlhokega gore kgato e e tlhalositsweng mo serapeng seno e tsewe fa e le gore kgang eno e setse e itsege thata mo phuthegong.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela