LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g91 10/8 ts. 7-11
  • ‘Nako ya go Fola’

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • ‘Nako ya go Fola’
  • Tsogang!—1991
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Thibela go Gakologelwa Dilo Tseo O Sa Batleng go Di Gakologelwa—Go Kgaratlha Go Go Seng Kana ka Sepe mo Mogopolong
  • Mosola wa go Dumela Gore Seno Se Ile Sa Diragala
  • Go Bona Tshegetso
  • Go Tlogela go Ipona Molato le go Tlhabiwa ke Ditlhong
  • Go Rarabolola Bothata Jono le Batsadi Ba Gago
  • Go Fola mo Semoyeng
  • Dintho Tse Di Sa Bonaleng Kafa Ntle tsa go Sotlwa ga Bana
    Tsogang!—1991
  • Thibelo mo Legaeng
    Tsogang!—1993
  • Dilo Tse Di Tlwaelesegileng mme Di Se Boammaaruri
    Tsogang!—1993
  • Go Bontsha Lorato le go Diragatsa Tshiamiso fa go Dirilwe Boleo jo bo Masisi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2019
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1991
g91 10/8 ts. 7-11

‘Nako ya go Fola’

Ann o ne a gomotsa motho mongwe le mongwe yo o neng a mmolelela matshwenyego a gagwe; o ne a namola motho ope fela mo bothateng jo a neng a na najo. Ka a ne a ritibetse ebile a lebega a sena matshwenyego ape, ga go na ope yo o neng a itse gore o ne a na le dintho tse di sa bonaleng tsa maikutlo, go fitlhelela ka letsatsi le lengwe leo a neng a simolola go gakologelwa ka lone. “Ke ne ke le kwa tirong,” Ann o gakologelwa jalo, “mme ke ne ka simolola go tlhabiwa ke ditlhabi le go ikutlwa ke tlhabiwa ke ditlhong thata. Ke ne ke sa kgone go ema ka dinao! Ke ne ka boga jalo ka malatsi a le mantsi. Morago ga moo ke ne ka gakologelwa nako ya fa rre wa me wa bobedi a ne a tlhakanetse dikobo le nna—totatota, o ne a mpetelela. Mme ebile ga a a ka a dira jalo gangwe fela.”

GO NA le ‘[nako ya] go fola.’ (Moreri 3:3) Ebile mo bathong ba le bantsi ba ba ileng ba sotlwa ka go tlhakanela dikobo nabo fa ba ne ba santse e le bana—jaaka Ann—go gakologelwa dilo tseo ba sa bolong go di lebala ke karolo e e botlhokwa ya mokgwa wa go fola.

Lefa go ntse jalo, tota motho ope fela o ne a ka kgona jang go lebala sengwe se se utlwisang botlhoko thata mo maikutlong jaaka go betelelwa? A o ke o akanye fela kafa ngwana a ka se kang a itira sepe ka gone fa rraagwe kana mogolo mongwe fela yo o thata a tlhakanetse dikobo le ene. Ga a kgone go sia. O tshaba go gowa. Ebile o tshaba go bega seno—mo go ope fela! Mme lefa go ntse jalo, a ka nna a tshwanelwa ke gore letsatsi le letsatsi a bo a ntse a bona motho yo a neng a mo sotla ka go tlhakanela dikobo le ene yono mme mo go ene go nne fela jaaka ekete ga a ise a ke a mo dire sepe. Go iketsisa go go ntseng jalo go boima tota mo mothong yo o godileng; mo ngwaneng gone go boima le go feta. Ka gone o dirisa kakanyo e e gakgamatsang thata eo bana ba nang nayo mme a lebale tsotlhe tseo di mo diragaletseng! O itshwara jaaka ekete ga a ise a bo a tshwarwe ka tsela eno, o ntsha go sotlwa gono mo mogopolong wa gagwe kana o a go itlhokomolosa.

Totatota, nako le nako, rotlhe fela re ntsha dilo tseo re sa batleng go di bona kana tseo re sa batleng go di utlwa mo megopolong ya rona. (Bapisa Yeremia 5:21.) Mme lefa go ntse jalo batho bao ba ileng ba sotlwa ka go tlhakanela dikobo nabo bone ba dira jalo e le gore ba tle ba kgone go lebana ka katlego le ditlamorago tsa go sotlwa gono. Bangwe ba bone ba bega jaana: “Ke ne ka itira jaaka ekete selo seno se ne se diragalela motho mongwe o sele fa nna ke ne ke le mmogedi fela.” “Ke ne ka itira jaaka ekete ke bone selo seno se diragala mo torong.” “Ke ne ka tshwaragana le go dira dipalo mo tlhaloganyong ya me.”—Strong at the Broken Places, e e kwadilweng ke Linda T. Sanford.

Ga go gakgamatse, he, go bo buka ya Surviving Child Sexual Abuse e bolela jaana: “Go fopholediwa gore batho ba ba fitlhang go diperesente di le 50 bao ba ileng ba sotlwa ka go tlhakanela dikobo nabo ka nako ya fa ba ne ba santse e le bana ga ba itse gore diphelelo tseno tsa go sotlwa jaana di utlwala jang.” Lefa go ntse jalo, bangwe ba ka nna ba gakologelwa lesotlo leno ka bolone mme lefa go ntse jalo ba tlose maikutlo a a nnang gone ka ntlha ya lone mo megopolong ya bone—eleng go hutsafala, go shakgala, le go tlhabiwa ke ditlhong.

Go Thibela go Gakologelwa Dilo Tseo O Sa Batleng go Di Gakologelwa—Go Kgaratlha Go Go Seng Kana ka Sepe mo Mogopolong

A ga go molemo, he, gore go lebalwe ka dilo tseno—gore batho bao ba ileng ba sotlwa ka go tlhakanela dikobo nabo ba di tlose fela mo megopolong ya bone? Bangwe ba ka nna ba swetsa ka gore ba dire jalo. Ba bangwe bone ga ba kgone go dira jalo. Ke fela jaaka fa Yobe 9:27, 28 e bolela jaana: “Fa ke nyenya mme ke leka go lebala bohutsana jwa me, matshwenyego otlhe a me a a boa gape go tla go ntshwenya.” (Today’s English Version) Go thibela go gakologelwa dilo tse di tshosang tseo o sa batleng go di gakologelwa ke go kgaratlha go go lapisang tota ga mogopolo, ke motshameko o o makgwakgwa wa go lekana ka mashetla ka go kgopholana ka thapo oo o bileng o ka nnang wa nna le diphelelo tse di masisi tsa pholo.

Gantsi nonofo ya go itebatsa dilo tsa nako e e fetileng eo motho yo o ileng a sotlwa ka go tlhakanela dikobo nae a nang nayo, e koafadiwa ke mathata a botshelo jaaka fa motho yono a ntse a gola. Go utlwa monkgonyana wa setlolo sa senkgisamonate, go bona sefatlhego seo mo go ene se seng sesha, go utlwa modumonyana o o tshosang, kana le eleng go tlhatlhobiwa ke ngaka kana ke ngaka ya meno go ka nna ga mo dira gore a akanye ka dilo tseo di seng kana ka sepe tseo di mo tshosang le go mo dira gore a tlalelwe.a A ga a a tshwanela gore a leke fela ka bojotlhe gore a lebale? Mo nakong e e tshwanang le eno batho bao ba ileng ba sotlwa ka go tlhakanela dikobo nabo ba nna botoka fa ba leka go gakologelwa! Mosadi mongwe yo o bidiwang Jill o bolela jaana: ‘Fela fa ke akanya ka dilo tseno, ga di nkutlwise botlhoko thata jaaka fa di ne di dira pele. Go sa leke go akanya ka tsone go botlhoko thata ebile go kotsi go gaisa go akanya ka tsone.’

Mosola wa go Dumela Gore Seno Se Ile Sa Diragala

Ke ka ntlha yang fa o tshwanetse go gakologelwa dilo tseno? Lebaka le lengwe la seno ke gore, go di gakologelwa go dira gore motho yo o ileng a sotlwa ka go tlhakanela dikobo nae a lele. Ka tlholego fela motho oa lela fa a tshwenyegile thata mo maikutlong; go lela go re thusa gore re lebale ditiragalo tseo di utlwisang maikutlo a rona botlhoko. (Moreri 3:4; 7:1-3) Lefa go ntse jalo, motho yo o sotlilweng ka tsela eno ene o amogilwe sebaka seno sa go lela, o patelediwa gore a se ka a dumela gore selo se se tshosang seno se mo diragaletse ka ammaaruri, o patelediwa gore a lobe selo seno se se mo hutsafatsang. Go thibela go gakologelwa dilo tseno go go ntseng jalo go ka nna ga felela ka seo dingaka di se bitsang gore ke bothata jwa maikutlo jo bo nnang gone morago ga go diragalelwa ke selo sengwe se se maswe—eleng boemo jwa go swa segatsu go batla maikutlo a gago a sa tsoge gotlhelele.—Bapisa Pesalema 143:3, 4, NW.

Jaaka fa motho yo o ileng a sotlwa ka go tlhakanela dikobo nae a ntse a gakologelwa dilo tseno, a ka nna a batla a bona go sotlwa gole go mo diragalela gape mme a go bona jalo ka leitlho la mogopolo. Ebile bangwe bao ba ileng ba sotlwa ka tsela eno ba boela ka nakwana fela kwa nakong ele ya bone ya bongwana. “Ka nako ya fa ke ntse ke lebeletse tiragalo eno mo mogopolong wa me eo e ileng ya direga mo nakong e e fetileng,” go gakologelwa jalo Jill, “gantsi ke nna le go sa ikutlwe sentle mo mmeleng. Ka dinako tse dingwe go gakologelwa dilo tseno go nkutlwisa botlhoko thata, ke ikutlwa jaaka ekete ke tla tsenwa.” Go shakgala goo o sa bolong go go nna godimo go tloga ka nako ya fa o ne o santse o le ngwana go ka nna ga tsoga ka tshoganyetso jaanong. “Go gakologelwa go ntira gore ke utlwe botlhoko thata mo maikutlong ke bo ke galefe ka tshoganyetso,” Sheila o bolela jalo. Mme lefa go ntse jalo go a tshwanela gore o shakgale fa o le kafa tlase ga maemo ano a a sa tlwaelegang. O a lela, ka go dira jalo o bontsha go shakgala go go siameng go o tlhodilweng ka gone! O na le tshwanelo ya go tlhoa dilo tse di bosula tseo tseo o di diretsweng.—Baroma 12:9.

Mongwe yo o ileng a tshwarwa ka tsela e e sa siamang eno o bolela jaana: “Totatota ka nako ya fa ke ne ke kgona go gakologelwa, ke ne ka ikutlwa ke le botoka thata . . . Jaanong bobotlana ke ne ke itse gore ke ne ke tshwaragane le eng. Lemororo go ne go le boima thata mo go nna gore ke gakologelwe, go ile ga nkgakolola ka karolo ya botshelo jwa me eo e neng ya fetoga go nna e e tshosang ka gonne e ne e sa itsiwe ebile e ne e se motlhofo go ka tlhaloganngwa.”—The Right to Innocence.

Go gakologelwa gape go ka nna ga dira gore motho yo o ileng a sotlwa ka tsela eno a itse seo se bakileng mangwe a mathata a gagwe. “Ka metlha ke ne ke itse gore ke ne ke itlhoile mo go maswe ebile ke ikgalefetse mme lefa go ntse jalo ke ne ke sa itse gore e ne e le ka ntlha yang,” go bolela jalo mongwe yoo motho mongwe yo o atamalaneng thata le ene ka losika a ileng a mo sotla ka go tlhakanela dikobo le ene. Go gakologelwa go thusa ba le bantsi go lemoga gore seo se neng sa diragala e ne e se molato wa bone, mme gore ke bone bao ba ileng ba direlwa phoso.

Gone ke boammaaruri gore ga se botlhe bao ba kgonang go gakologelwa go sotlwa gono ga bone ka phepafalo kana jaaka ekete ba go lebeletse go diragala gape ka tsela ya sebele jaaka ba bangwe. Mme ebile bagakolodi ba le bantsi ba dumela gore ga go tlhokege gore motho fa a gakologelwa go sotlwa gono ga gagwe a gakologelwe sengwe le sengwe kgo ka moo se neng se diragala ka gone e le gore a tle a fole. Go dumela fela gore ee o ile wa sotlwa e ka nna kgato e kgolo ya gore o fole.—Bona lebokoso le le mo tsebeng 9.

Go Bona Tshegetso

Fa e le gore o ile wa sotlwa ke mongwe ka go tlhakanela dikobo le wena ka nako ya fa o ne o santse o le ngwana, o se ka wa itshokela go gakologelwa dilo tseno o le nosi. Go bua le mongwe kaga kafa o ikutlwang ka gone go tla go thusa thata. (Bapisa Yobe 10:1; 32:20.) Bangwe bao ba tshwenyegileng go feta selekanyo mo maikutlong ba ka nna ba swetsa ka gore ba senke thuso mo ngakeng nngwe e e tshwanelegang, mo mogakoloding, kana mo go mankge mongwe wa tsa bolwetsi jwa tlhaloganyo. Mme lefa go ntse jalo, tsala nngwe ya gago e e ikanyegang, molekane wa gago wa lenyalo, maloko a lelapa, kana balebedi ba Bakeresete bao ba tla go reetsang ka tlotlo le ka botlhomogapelo le bone ba ka go tshegetsa ka mo go nang le matswela.b “Ke ile ka thusiwa thata ke tsala ya me e kgolo ebong Julie,” Janet o bolela jalo. “O ne a ntetla gore ke nne ke bue gangwe le gape kaga seo ke neng ke se gakologelwa. A ntetla gore ke utlwe maikutlo ao a nnang gone morago ga seo. O a ntheetsa mme ebile o arabela ka tsela ya go nkutlwela botlhoko.”

Go ikanya motho go kotsi, ebile o ka nna wa ikutlwa o sa tshwanelwe ke gore mongwe a go thuse—kana o ka nna wa tlhabiwa ke ditlhong thata go ka buisana le mongwe kaga tsela eno eo o ileng wa sotlwa ka yone. Mme lefa go ntse jalo tsala ya boammaaruri e “tsalecwe motlha oa pitlaganō” ebile e ka go naya thuso e e duleng diatla fa o mo letla gore a go thuse. (Diane 17:17) Lefa go ntse jalo, ela tlhoko gore o bolelela mang sephiri sa gago. Ithute go nna bonya fa o itsise batho ba bangwe ka dilo tseo di go tshwenyang. Fa tsala ya gago e le kutlwelobotlhoko ebile e le botlhale, he o ka nna wa leka go mmolelela go go oketsegileng.

Go itlhokomela sentle mo mmeleng le gone go a thusa. Ikhutse ka mo go lekaneng. Itshidile mmele ka mo go lekaneng. Ja dijo tseo di nang le dikotla. Tshela botshelo jo bo sa raraanang, fa e le gore go a kgonega. O se ka wa tshaba go lela. Go utlwa botlhoko go ka nna ga nna jaaka ekete ga go fele, mme lefa go ntse jalo go tla kokobela morago ga nakwana. Gakologelwa gore: O ne wa sotlwa ka go tlhakanela dikobo nao ka gonne o ne o le ngwana yo o neng a ka se ka a itira sepe—mme wa se ka wa swa! Mme jaanong jaaka motho yo o godileng, o na le dinonofo le dikgono tsa go lebana le bothata jono tseo o neng o sena tsone ka nako ya fa o ne o le ngwana. (Bapisa 1 Bakorintha 13:11.) Ka gone lwantsha dilo tseo di go utlwisang botlhoko tseo o di gakologelwang mme o se ka wa di letla gore di go ame thata. Ikanye mo Modimong go bona nonofo. Mopesalema o ne a bolela jaana: “Mo bontsiñ yoa megopolō ea me e e mo teñ ga me, dikgomocō tsa gago di tle di yese mōea oa me monate.”—Pesalema 94:19.

Go Tlogela go Ipona Molato le go Tlhabiwa ke Ditlhong

Go tlogela go ipona molato ke selo se sengwe gape se se botlhokwa seo o tshwanetseng go se dira gore o fole. “Le eleng gone jaanong jaana go thata gore ke akanye gore ke ne ke se molato,” go bolela jalo Reba yo o ileng a sotlwa ke mongwe ka go tlhakanela dikobo nae. “Tota ga ke itse, ke ka ntlha yang fa ke ne ke sa mo thibele?”

Lefa go ntse jalo, gakologelwa gore batho ba ba sotlang ba bangwe ka go tlhakanela dikobo nabo ba dirisa mekgwa ya bodiabolo e e bosula go feta ba e dirisetsa go pateletsa motho go dira selo seo a sa batleng go se dira: eleng go dirisa bolaodi (‘Ke rraago!’), go tshosetsa (‘Ke tla go bolaya fa o ka bolelela mongwe kaga seo ke se dirang!’), go dirisa kgatelelo e e setlhogo le eleng go nna le letswalo (‘Fa o ka bolelela mongwe, Papa o tla isiwa kgolegelong.’). Go farologana le seno, bangwe ba bone ba nna bonolo mo go bone gore ba ba kgone kana ba ba fa dimpho le go ba direla dilo tse di rileng. Bangwe ba bolelela bana maaka ka gore e re fa ba tlhakanela dikobo le bone ba bo ba ba raya ba re ba tshameka le bone kana ba re ba ba bontsha lorato lwa botsadi. “O ne a bolela gore seno ke seo batho ba se dirang fa ba ratana,” go gakologelwa jalo mongwe yo o ileng a sotlwa ka go tlhakanela dikobo nae. Ngwana yo monnyane o ne a ka kgona jang go lwantsha boikgagapelelo jo bo ntseng jalo mmogo le boferefere tse di kopanyeletsang maikutlo a gagwe? (Bapisa Baefesia 4:14.) Ee, motho yo o tlhakanelang dikobo le bana o dira jalo a sa kgathale ka go bo a itse gore ga ba kake ba itira sepe, go bonolo gore ba diragalelwe ke seno, ebile “ga ba itse se se bosula.”—1 Bakorintha 14:20, NW.

Gongwe, se sengwe gape seo o ka se dirang gore o fole, ke gore o ikgakolole kafa tota o neng o ka tlhaselwa bonolo ka gone le kafa o neng o sa kgone go itira sepe ka gone ka nako ya fa o ne o sa ntse o le ngwana. O ka nna wa leka go senya nako o na le bana bangwe ba bannyane kana o lebile dinepe tsa gago tsa fa o ne o santse o le ngwana. Ditsala tsa gago tseo di go tshegetsang le tsone di ka nna tsa go thusa ka go se kgaotse go go gakolola gore go sotlwa gono e ne e se molato wa gago.

Lefa go ntse jalo, mosadi mongwe o bolela jaana: “Ke tenega tota fa ke gakologelwa maikutlo ao rre a ileng a a tsosa mo go nna.” Bangwe bao ba neng ba sotlwa ka tsela eno (58 lekgolong ya bone go ya ka patlisiso nngwe) ba gakologelwa kafa ba neng ba tsogelwa ka gone ka nako ya fa ba ne ba sotlwa ka go tlhakanela dikobo nabo. Ka gone go a tlhaloganyesega go bo seno se ba dira gore ba tlhabiwe ke ditlhong thata. Lefa go ntse jalo, buka ya Surviving Child Sexual Abuse e re gakolola gore, “go tsogelwa [ke] tsela fela eo mmele o [tsibogang] ka yone fa o tshwarwatshwarwa kana o o tlhotlheletsa go dira jalo ka ditsela tse dingwe tse di rileng” le gore ngwana “ga a kgone go laola go tsogelwa gono.” Ka gone motho yo o ileng a go sotla ka go tlhakanela dikobo le wena ke ene yo o ikarabelang ka botlalo mo go seo se neng sa diragala. E NE E SE MOLATO WA GAGO!

Gape, nametsega ka go itse gore Modimo o go leba jaaka “[yo o] senañ molato, le [yo o] bokgwabo” mo kgannyeng eno. (Bafilipi 2:15) Fa nako e ntse e tsamaya tlhotlheletso epe fela ya gore o nne o gobatse mmele wa gago e ka nna ya fela, mme o ka nna wa ithuta go ngomaela nama ya gago.—Bapisa Baefesia 5:29.

Go Rarabolola Bothata Jono le Batsadi Ba Gago

Seno e ka nna ya nna se sengwe sa dilo tseo go leng thata tota go di dira e le gore o tle o fole. Bangwe ba tswelela pele go tlala bogale, go ijesa dijo tsa ditoro tsa go ipusolosetsa—kana go ikutlwa ba le molato. Mongwe yo o ileng a sotlwa ka go tlhakanela dikobo nae o ne a bolela jaana: “Ke tshwenyegile thata mo maikutlong ka gonne ke akanya gore Jehofa o lebeletse gore ke itshwarele motho yo o neng a ntshotla ka go tlhakanela dikobo le nna, mme ebile ke ka se ke.” Kafa letlhakoreng le lengwe, o ka nna wa nna o ntse o na le maikutlo a a sa siamang a go tshaba motho yo o neng a go sotla ka go tlhakanela dikobo le wena. Kana o ka nna wa nna le maikutlo a bobaba ka mmaago fa e le gore o ile a itlhokomolosa tsela eo eo o ileng wa sotlwa ka yone kana ka go bo mo go ene go ile ga nna fela jaaka ekete ga go a diragala sepe kana ka go bo a ile a galefa fa a sena go itse ka go sotlwa goo ga gago. “Mmè o ne a mpolelela gore ke ne ke tshwanetse gore ke nne bonolo [mo go rre],” mosadi mongwe o gakologelwa jalo ka pelo e e botlhoko.

Ke ga tlholego fela gore motho a galefe fa a ile a sotlwa ke mongwe ka go tlhakanela dikobo nae. Lefa go ntse jalo, go ka diragala gore lelapa la lona e bo e le le le bopaganeng thata, ebile o ka nna wa se ka wa batla gore o kgaotse gotlhelele go tlhola o kopana le batsadi ba gago. Ebile o ka nna wa rata le eleng go akanya ka go rarabolola bothata jono le bone. Lefa go ntse jalo, dilo di le dintsi di tla ikaega ka maemo. Ka dinako tse dingwe batho bao ba ileng ba sotlwa ka go tlhakanela dikobo nabo ba a tle ba itshwarele batsadi ba bone kwantle ga go dikadika—e se gore ba dumalana le go sotlwa goo, mme lefa go ntse jalo e le ka ntlha ya gore ba sa batle go fekeediwa ke go ba tenegela kana ke go ba boifa. Bangwe ka go bo ba rata go tila kgotlhang e e makgwakgwa, ba kgotsofalela go ‘akanya ka seno mo dipelong tsa bone’ mme ba lebale ka sone.—Pesalema 4:4, NW.

Lefa go ntse jalo, o ka nna wa simolola go ikutlwa gore o ka kgona go rarabolola mathata ano ka go buisana le batsadi ba gago kaga go sotlwa goo ga gago—o buisana le bone ka bowena, ka founo, kana ka go ba kwalela lekwalo. (Bapisa Mathaio 18:15.) Fa e le gore o ikutlwa jalo, tlhomamisega gore o fodile ka mo go lekaneng—kana gore bobotlana o nonofile ka mo go lekaneng—go ka kgona go itshokela go rakana le nko di aboga goo go ka nnang ga runya. Ereka go jana ka meno go se kitla go rarabolola sepe, leka go bua o nitame mme lefa go ntse jalo o wetse makgwafo. (Diane 29:11) O ka nna wa simolola ka go bolela gore (1) go diragetseng, (2) kafa go go amileng ka gone, le gore (3) jaanong o lebeletse eng go tswa mo go bone (se se ntseng jaaka gore ba kope maitshwarelo, ba duele akhaonto ya ngaka, kana gore ba fetole boitsholo jono). Go ba bolelela bothata jono go ka nna ga go thusa gore bobotlana o lelekele kgakala go tshwenngwa ke go ikutlwa gore ga o kgone go dira sepe ka bothata jono. Mme ebile go ka nna ga dira gore go kgonege gore o nne le kamano gape le batsadi ba gago.

Ka sekai, rraago a ka nna a dumalana gore ee o ne a lala le wena, a dira jalo a bontsha kafa a tshwentsweng thata ka gone ke selo seno se se sa siamang seo a se dirileng. Gape a ka nna a tswa a itekile ka bojotlhe gore a fetoge, gongwe ka go batla kalafi ya go alafa go tshwakgolwa ke nnotagi kana ka go batla gore a tshwarelwe thuto ya Bibela. Mmè wa gago le ene ka mo go tshwanang a ka nna a go kopa gore o mo itshwarele ka go bo a se kile a go sireletsa. Ka dinako tse dingwe go ka nna ga felela ka gore lo boele lo utlwane ka botlalo. Lefa go ntse jalo, o se ka wa gakgamala fa o ikutlwa o santse o sa tlhomamisege ka batsadi ba gago ebile o sa eletse go potlakela go nna le kamano e e atamalaneng le bone. Lefa go ntse jalo, bobotlana o ka nna wa simolola gape go dirisana sentle le bone mo lelapeng.

Kafa letlhakoreng le lengwe, e ka nna ya re fa o itebaganya le motho yoo o ileng a go sotla ka go tlhakanela dikobo le wena yoo seo sa dira gore a se ka a go kgathalela le go go gobolola mo go seng kana ka sepe mme maloko a mangwe a lelapa le one a dira fela jalo. Se se maswe le go feta seo, o ka nna wa fitlhela gore o santse a go tshosetsa ka mokgwa ono. Ka gone ga go kitla go tshwanela gore o mo itshwarele, ebile go ka nna ga se ka ga kgonega gore o nne le kamano e e atamalaneng le ene.—Bapisa Pesalema 139:21.

Go sa kgathalesege gore go diragalang, go ka nna ga tsaya lobaka lo loleele pele go utlwa botlhoko ga gago mo maikutlong go kokobela. O ka nna wa tshwanelwa ke gore o nne o ikgakolole gangwe le gape gore Modimo ke one e tlaareng labofelo a dire tshiamiso. (Baroma 12:19) Go buisana le motho yo o tla go reetsang le go go gomotsa kana le eleng go ntsha se se mo mafatlheng a gago ka go kwala le gone go ka nna ga go thusa gore o fokotse bogale. O ka kgona go tlhaloganya se se bakang bogale jwa gago mme wa bo fenya ka thuso ya Modimo. Fa nako e ntse e tsamaya, go utlwa botlhoko mo maikutlong ga go kitla go tlhola go laola tsela eo o akanyang ka yone.—Bapisa Pesalema 119:133, NW.

Go Fola mo Semoyeng

Ga go na sebaka se se lekaneng mo makasineng ono sa go ka tlotla ka dikgang tsotlhe tse di amanang le maikutlo, boitsholo, le bomoya tse di kopanyelediwang mo go seno. Se re ka se buang fela ke gore o ka kgona go dira go le gontsi gore o fole ka bonako ka “go fetola mogopolo wa gago” o thusiwa ke Lefoko la Modimo. (Baroma 12:2) ‘Gagamalela dilo tse di kwa pele,’ o tlatse botshelo jwa gago ka dikgopolo tsa semoya mmogo le ka ditiro tsa semoya.—Bafilipi 3:13; 4:8, 9.

Ka sekai, batho ba le bantsi bao ba ileng ba sotlwa ke mongwe ka go tlhakanela dikobo nabo ba gomotsega thata ka go bala fela Dipesalema tsotlhe. Lefa go ntse jalo, ba solegelwa molemo le eleng go feta moo ka go dirisa melaometheo ya Bibela. Fa nako e ntse e tsamaya mathata a lenyalo a ka nna a kokobela. (Baefesia 5:21-33) Boitsholo jo bo nang le diphelelo tse di bosula bo ka fela. (1 Bakorintha 6:9-11) Maikutlo a a seng phepa a go tlhakanela dikobo a ka fola. (Diane 5:15-20; 1 Bakorintha 7:1-5) Ebile gape o ka ithuta go nna tekatekano mo dikamanong tsa gago ka namana le batho ba bangwe le go aga melelwane e e tiileng tota ya boitsholo.—Bafilipi 2:4; 1 Bathesalonia 4:11.

Tlhomamisega kaga seno: Go fola go tlhoka gore o ititeye sehuba eletota le gore o iteke ka thata! Mme lefa go ntse jalo Pesalema 126:5 e re tlhomamisetsa jaana: “Ba ba yalañ ka dikeledi ba tla rōba ka boitumèlō.” Gape, gakologelwa gore Modimo wa boammaaruri ebong Jehofa, o batla gore o nne le pholo e e molemo. O “gauhi le ba ba pelo e phatlogileñ, o boloka ba ba mōea o o ñomogileñ.” (Pesalema 34:18) Mongwe yo o ileng a sotlwa ka tsela eno o bolela jaana: “Erile fa kgabagare ke lemoga gore Jehofa o ne a itse kaga boikutlo bongwe le bongwe jo ke neng ke na najo le gore o ne a amega ka nna—a amega eletota—he kgabagare ke ne ka ikutlwa ke na le kagiso ka fa gare.”

Modimo wa rona yo o lorato, Jehofa, ga a tlamele batho ka kagiso ya mogopolo fela go na le se sengwe seo a tlamelang ka sone. O solofetsa lefatshe le lesha la tshiamo, koo a tla dirang gore o lebale gotlhegotlhe ka botlhoko jono jwa fa o ne o santse o le ngwana. (Tshenolō 21:3, 4; bona gape le Isaia 65:17.) Tsholofelo eno e ka go tshegetsa ya ba ya go nonotsha jaaka fa o ntse o ela go fola ka botlalo.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a O simolola go akanya ka tse dingwe tsa dilo tseno fa o na le ditlhabi tse di bakwang ke seo o akanyang ka sone mo mogopolong wa gago; tse dingwe tsone o simolola go akanya ka tsone fa o akanya ka dilo tseo totatota di seyong tseo ka phoso o ka nnang wa akanya gore ke bodimona—eleng tse di jaaka go utlwa modumo o o tshwanang le wa fa motho a thuba a tsena mo tlung, wa go tshwana le go utlwa mabati a bulega; go bona seriti sa motho se feta fa pele ga kgoro le fa fensetereng; go utlwa jaaka ekete go na le motho yo o sa mmoneng yo o robetseng fa thoko ga gago mo bolaong. Go tshwenyega thata mo maikutlong go go ntseng jalo go a fela fa o akanya thata ka dilo tseno.

b Tshedimosetso e e mosola e e malebana le go thusa batho bao go ileng ga sotlwa ka bone e bonwa mo ditsebeng 9-13 tsa tokololo ya April 1, 1984, ya lekwalopaka la rona leo le patang leno eleng Tora ya Tebelo. Re kgothaletsa bagolwane ba diphuthego tsotlhe gore ba bale tokololo eno gape mme ba ele tlhoko thata dintlha dipe fela tseo di lebisitsweng mo go bone.

[Lebokoso mo go tsebe 9]

Kafa O Ka Folang ka Gone

◻ O ka fola ka go gakologelwa tsela eo o neng wa sotlwa ka yone le go dumela gore seo se ile sa diragala

◻ Ka go lela ka ntlha ya go sotlwa goo

◻ Ka go tlhalosetsa mongwe kafa o ikutlwang ka gone yoo a ka go reetsang le go go gomotsa

◻ Ka go fenya maikutlo a go ikutlwa o le molato le go tlhabiwa ke ditlhong

◻ Ka go rarabolola bothata le batsadi ba gago

◻ Ka go fetola boitsholo jo bo sa siamang ka go dirisa melaometheo ya Bibela

◻ Ka go fodisa maikutlo a a seng phepa a go tlhakanela dikobo

◻ Ka go nna le tsela e e lekalekanang ya go tshela le ya boitsholo

◻ Ka go nna le kamano e e atamalaneng thata le Modimo le Bakeresete ka wena

[Lebokoso mo go tsebe 10]

Go Gakologelwa Dilo Tse Di Diragetseng mo Nakong E E Fetileng

Gantsi go tsaya dibeke, dikgwedi, kana dingwaga di le mmalwa o ntse o gakologelwa dilo tseno, sengwe le sengwe seo o se gakologelwang se tla jalo ka bothata jwa nakwana. The Right to Innocence e bolela gore ka dinako tse dingwe “o ka nna wa ikutlwa jaaka ekete o boela morago. Tota ga o boele morago. O a bo tota o nna botoka. Totatota, o a bo o bone nonofo e e tlhokafalang ya go lebana le maikutlo a a boteng, le eleng a a botlhoko go feta le go lemoga se se bolelwang ke maikutlo ao.” Lefa go ntse jalo, go na le lebaka le le molemo la go bo go fola go ka nna ga fetoga selo seo se go tshwenyang ka nakwana seo o tla agang o akantse ka sone.—Diane 18:14.

Bangwe bao ba ileng ba sotlwa ke bangwe ka go tlhakanela dikobo nabo ba go fitlhela go thusa go bala dikakgelo tse di tswang mo go ba bangwe bao ba ileng ba sotlwa ka tsela eno kana ba go fitlhela go thusa go utlwa ka tsone. Go lebelela dinepe tsa lelapa le dilo tseo o neng o di dirisa fa o ne o santse o le ngwana tseo di go thusang gore o gakologelwe, go etela mafelo ao o neng o rata go ya kwa go one ka nako ya fa o ne o santse o le ngwana, le go buisana le ditsala tsa gago tseo di ka go gomotsang mmogo le maloko a lelapa le gone go ka nna ga dira gore o gakologelwe. Se se thusang segolobogolo ke go kwala dilo tseo o di gakologelwang le kafa o neng wa ikutlwa ka gone ka ntlha ya tsone. Bangwe bao ba ileng ba sotlwa ke bangwe ka go tlhakanela dikobo nabo ba kwala dilo tsotlhe tseo ba di gakologelwang tsa bothata jono jo ba nnileng le jone ba dira jalo mo lekwalopakeng. Ba bangwe ba ntsha se se mo mafatlheng a bone ka go kwalela motho yo o ba sotlileng ka go tlhakanela dikobo nabo lekwalo—eleng lekwalo leo ba sa le romeleng—leo gantsi le dirang gore ba nne ba tswelele pele go gakologelwa. Thapelo le yone ke sedirisiwa se se maatla sa go fola. O ka rapela jaana jaaka mopesalema: “Nteka, me u itse megopolō ea me [e e tlhokisang moya wa me boikhutso]: Me u bōnè ha go na le [sengwe se se nkutlwisang botlhoko]; me u nkgōgè mo tseleñ e e sa khutleñ.”—Pesalema 139:23, 24.

[Setshwantsho mo go tsebe 8]

Go lebana le dilo tsa nako e e fetileng le go di gakologelwa gape e ka nna e nngwe ya dikgato tse di ka dirang gore o fole

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela