Thibelo mo Legaeng
Monique o ne a na le dingwaga di robabongwe fa a ne a simolola go mo sotla. O ne a simolola ka go mo okomela fa a apola; mme o ne a simolola go nna a mo etela bosigo a mo phoraphora dirwe tsa sephiri. Fa Monique a ne a gana, o ne a tlala bogale. Nako nngwe o bile a mo tlhasela ka hamole mme a mo latlhela mo ditepising. Monique o gakologelwa jaana, “Go ne go se na ope yo o neng a ntumela”—le mmaagwe tota. Mosotli yoo e ne le rraagwe Monique wa bobedi.
GA SE motho yo o sa itsiweng yo o dirang ditiro tse di maswe, motsamayaesi yo o iphitlhang mo sekgweng, yo o kotsi thata mo baneng. Ke leloko la lelapa. Bontsi jwa go sotlwa mo go tsa tlhakanelodikobo go direga mo gae. Jaanong legae le ka dirwa jang gore le lwe le tshotlo?
Mo bukeng ya gagwe e go tweng Slaughter of the Innocents, raditiragalo ebong Dr. Sander J. Breiner o tlhotlhomisa bosupi jwa go sotlwa ga bana mo merafeng ya bogologolo e metlhano—Egepeto, China, Gerika, Roma, le Iseraele. O fetsa ka gore le mororo bana ba ne ba sotlwa kwa Iseraele, go ne go sa anama thata jaaka go ne go ntse mo merafeng e mengwe eo e menè. Ka ntlha yang? Go farologana le baagisani ba bone, batho ba kwa Iseraele ba ne ba rutilwe go tlotla basadi le bana—mokgwa o o tllhabologileng o ba neng ba o ithutile mo Dikwalong Tse Di Boitshepo. Fa Baiseraele ba ne ba dirisa molao wa Modimo mo botshelong jwa lelapa, ba ne ba kgoreletsa go sotlwa ga bana. Malapa a gompieno a tlhoka melao eno e e phepa, le e e mosola fela thata.
Melao ya Boitsholo
A molao wa Bibela o tlhotlheletsa lelapa la gago? Ka sekai, Lefitiko 18:6 e balega jaana: “Ga go na opè oa lona eo o tla atamèlañ kwa go moñwe eo o gauhi naè ka go tsalwa, go tla a bipolola boisaikatèga yoa gagwè: Ke nna Yehofa.” Ka tsela e e tshwanang phuthego ya Bokeresete gompieno e diragatsa melao e e kgatlhanong le mekgwa yotlhe ya go sotla mo go tsa tlhakanelodikobo. Mongwe le mongwe yo o sotlang ngwana mo go tsa tlhakanelodikobo o ka kgaolwa, a tlosiwa mo phuthegong.a—1 Bakorintha 6:9, 10.
Malapa otlhe a tshwanetse go itse le go sekaseka melao eo mmogo. Duteronome 6:6, 7 e kgothatsa jaana: “Me mahoko a ke a gu laolèlañ gompiyeno, a a nnè mo peduñ ea gagō: Me u a rutè bana ba gago ka tlhōahalō, u buè kaga aōna ha u dutsè mo tluñ ea gago, le ha u tsamaea mo tseleñ, le ha u rapame, le ha u rapamologa.” Go ruta melao eno go raya mo gontsi go na le go e balela bana ba gago ka dinako tse di rileng. Go akaretsa go amogana maikutlo mo go dirwang ka metlha. Ka metlha, rre le mmè ba tshwanetse go gatisetsa gore ba dumelana le melao ya Modimo mabapi le go tlhakanela dikobo le bana le mabaka a a bontshang lorato a melao eno.
O ka nna wa dirisa dipolelo tse di tshwanang le ya ga Tamare le Amenone, bana ba ga Dafide, go bontsha bana gore mo dikgannyeng tsa tlhakanelodikobo go na le melelwane e go senang ope—le eleng balosika tota—a tshwanetseng go e tlola.—Genesise 9:20-29; 2 Samuele 13:10-16.
Go tlotla melaometheo eno go ka supiwa le ka mokgwa o le nnang ka one mo tlung. Mo lefatsheng lengwe la Botlhaba, dipatlisiso di bontshitse gore go tlhakanela dikobo ga balosika go diragala thata mo malapeng a bana ba robalang le batsadi lefa mabaka a tsa itsholelo a sa patike gore seno se dirwe. Ka tsela e e tshwanang, gantsi ga se botlhale go robatsa bana ba basimane le ba basetsana mo bolaong bo le bongwe fela kana mo kamoreng e le nngwe fela fa ba ntse ba gola, fa e le gore seno se ka tilwa. Lefa go pitlagane, batsadi ba tshwanetse go rulaganya sentle gore leloko lengwe le lengwe la lelapa le robala fa kae.
Molao wa Bibela ga o dumelele botagwa, o lemotsha gore bo ka nna jwa tsala boitsholo jo bo maswe. (Diane 23:29-33) Go ya ka tshekatsheko nngwe, batho ba ba tlhakanetseng dikobo le balosika ba ka nna 60 go ya go 70 lekgolong ba ile ba bega gore batsadi ba bone ba ba ileng ba ba sotla ba ne ba a nwa pele ga ba ba sotla.
Tlhogo ya Lelapa E E Lorato
Babatlisisi ba lemogile gore tshotlo e ntsi thata mo malapeng a borre ba one ba gatelelang. Mogopolo o o anameng wa gore basadi ba teng fela go direla banna tse ba di tlhokang o phoso go ya ka Dikwalo. Banna bangwe ba dirisa mogopolo ono o e seng wa sekeresete go ya mo go bo morwadiabone go bona sengwe le sengwe se ba sa se boneng mo basading ba bone. Kgatelelo e e ntseng jalo e ka dira gore basadi ba ba mo seemong seo ba tobekane maikutlo. Ba le bantsi ba latlhegelwa ke boikutlo jwa tlholego jwa go batla go sireletsa bana ba bone. (Bapisa Moreri 7:7.) Kafa letlhakoreng le lengwe, tshekatsheko nngwe e supile gore fa borre ba ba ratang tiro ya bone thata ba sa nne mo lapeng, fa gongwe mmè o tlhakanela dikobo le morwa.
Go tweng ka lelapa la gago? A wena jaaka rre o tsaya botlhogo jwa gago masisi, kana o bo roletse mo mosading wa gago? (1 Bakorintha 11:3) A o rata mosadi wa gago, le go mo tlotla? (Baefesia 5:25; 1 Petere 3:7) A fa a ntsha mogopolo o o tsaya tsia? (Genesise 21:12; Diane 31:26, 28) Mme go tweng ka bana ba gago? A o ba leba e le letlotlo? (Pesalema 127:3) Kana o ba tsaya jaaka mokgweleo, o o ka sotlwang nako nngwe le nngwe? (Bapisa 2 Bakorintha 12:14.) Tlosa megopolo e e sokameng e e seng ya dikwalo mo lelapeng la gago, mme lelapa la gago le tla kgona go itsa tshotlo go nna teng.
Lefelo le Maikutlo a Babalesegileng mo go Lone
Mosadi mongwe yo mmotlana yo re tla mmitsang Sandi a re: “Maemo mo lelapeng la rona e ne e le a a tlhotlheletsang go sotla. Go ne go sena botsalano, go ne go se na ope yo o neng a atamalanye le ope.” Go ikgogona, go gagamala, le go nna sephiri thata—maikutlo ano a a diphatsa, a e seng a dikwalo a fitlhelwa thata mo malapeng a a tletseng tshotlo. (Bapisa 2 Samuele 12:12; Diane 18:1; Bafilipi 4:5.) Dira gore lelapa la gago le nne le seemo se maikutlo a bana a sa tshwenngweng mo go lone. Legae e tshwanetse go nna lefelo le ba ikutlwang ba agiwa mo go lone, le ba ikutlwang ba gololesegile go ntsha maikutlo a bone ka tshosologo.
Gape, bana ba tlhoka go supediwa lorato ka go dira sengwe—go tlamparelwa, go solasolwa, go tshwarwa ka letsogo, go ja mokaragane. O se ka wa tshabisiwa go bontsha lorato ka tsela eno ke go boifa dikotsi tsa go sotla mo go tsa tlhakanelodikobo. Ruta bana ka go ba supetsa lorato ka phuthologo le go ba galaletsa gore ba botlhokwa. Sandi o gakologelwa jaana: “Boikutlo jwa ga mama e ne e le gore fa o akgolela mongwe sengwe o a bo o dira phoso. Go tla mo dira gore a ikgopole.” Sandi o ne a sotlwa mo go tsa tlhakanelodikobo ka dingwaga di ka nna lesome a didimetse fela. Bana ba ba sa tlhomamiseng gore ba a ratiwa, gore ke batho ba ba nang le mosola ba ka tsiediwa motlhofo fa ba galalediwa ke mosotli, a ba bontsha “lorato” kana ke matshosetsi a gagwe a gore o ka se tlhole a ba rata.
Motho mongwe yo o ileng a sotla basimane ba le makgolokgolo mo go tsa tlhakanelodikobo ka dingwaga di le 40 o ile a dumela gore basimane ba ba neng ba eletsa go nna le tsala e e tshwanang le nna e ne e le bone ba ba “siametseng thata” go sotlwa. O se ka wa dira gore ngwana wa gago a nne le keletso e e ntseng jalo.
Fedisa Mokgwa wa go Sotla
Fa Jobe a ne a le mo tekong e kgolo o ne a re: “Mōea oa me o tennwe ke botshelō yoa me; ke tla gōlōla go itōka ga me; ke tla bua ka bogalaka yoa mōea oa me.” (Yobe 10:1) Ka tsela e e tshwanang, batsadi ba le bantsi ba lemogile gore ba ka thusa bana ba bone ka go ithusa ka bobone. Bosheng jaana The Harvard Mental Health Letter e ne ya bolela jaana: “Go thibela banna go bolela dilo tse di ba utlwisang botlhoko go lebega go tsweledisa mokgwa wa go sotla.” Go lebega banna ba ba iseng ba ko ba bolele mahutsana a bone a gore ba kile ba sotlwa mo go tsa tlhakanelodikobo ba na le sebaka se segolo sa go nna bosotli ka bobone. The Safe Child Book e bega gore bontsi jwa batho ba ba tlhakanelang dikobo le bana le bone ka bobone ba ne ba kile ba sotlwa mo go tsa tlhakanelodikobo mme ba se ka ba bona thuso ya gore ba go lebale. Ba supa kutlobotlhoko le go tenega ga bone ka go sotla bana ba bangwe.b—Bona gape le Yobe 7:11; 32:20.
Bana ba ka nna mo kotsing thata gape fa e le gore bommaabo ga ba kgone go tshela le go itse gore ba kile ba sotlwa. Ka sekai, babatlisisi ba bega gore basadi ba ba neng ba sotlwa mo go tsa tlhakanelodikobo e santse e le basetsana gantsi ba nyalwa ke banna ba ba sotlang bana. Mo godimo ga moo, fa mosadi a sa kgone go lebala gore o kile a sotlwa, ka tsela e e utlwalang o ka nna a thatafalelwa ke go buisana le bana ba gagwe ka go sotliwa. Fa go sotla go diragala o ka nna a se ka a kgona go go lemoga le go tsaya kgato e e tshwanetseng. Mme jaanong bana ba bo ba tsena mo mathateng a magolo ka ntlha ya go palelwa ke go tsaya kgato ga ga mmangwana.
Ka tsela eo, go sotla go ka nna ga tsamaya le dikokomana. Legale, bontsi jwa batho ba ba lobang dilo tse di utlwisang botlhoko tse di ba diragaletseng mo nakong e e fetileng ba lebega ba sena mathata a a kalo mo botshelong, mme seo ba a se akgolelwa. Mme mo go ba le bantsi bohutsana bo nwetse thata, mme ba tlhoka go dira maiteko a magolo—go akaretsa go batla thuso ya ba ba nang le kitso, fa go tlhokega—gore ba kgone go fodisa dintho tse di maswe tsa nako ya bonyana. Maikaelelo a bone ga se go ikgara mo go ikutlweleng botlhoko. Ba batla go tlogela mokgwa ono o o maswe, o o utlwisang botlhoko wa go sotla bana o o mo lelapeng la bone.—Bona Tsogang! ya October 8, 1991, ditsebe 3 go ya go 11.
Bofelo jwa Tshotlo
Fa e dirisiwa sentle, tshedimosetso e e sa tswang go tlhalosiwa e ka thusa thata go fokotsa kotsi e e ka nnang teng ya gore ngwana wa gago a sotlwe mo gae. Legale, o gakologelwe gore, basotli ba direla dilo mo sephiring, ba dirisa ntlha ya go bo ba tshepiwa, mme ba dirisa maano a bagolo mo baneng ba ba sa itseng sepe. Ka lebaka leo, bangwe ba bone ba lebega ba kgona go falola kotlhao e e lebaneng tlolomolao e e maswe eo ya bone.
Mme lefa go ntse jalo, o ka tlhomamisa gore Modimo ene o bona sotlhe se ba se dirang. (Yobe 34:22) Fa ba sa ikwatlhae ba fetoga, ga a kitla a lebala ditiro tsa bone tse di makgapha. O tla ba upolola ka nako e a e beileng. (Bapisa Mathaio 10:26.) Mme o tla ba atlhola. Jehofa Modimo o solofetsa motlha o ka one batho bao ba ba bonweenwee ba tlileng go ‘tlosiwa mo lefatsheng,’ mme go tla sala fela batho ba ba siameng ba ba bonolo ba ba ratang Modimo le batho ba bangwe. (Diane 2:22; Pesalema 37:10, 11, 29; 2 Petere 2:9-12) Re na le tsholofelo eo e e molemo ya lefatshe le lesha ka ntlha ya setlhabelo sa thekololo sa ga Jesu Keresete. (1 Timotheo 2:6) Ke ka nako eo fela, tshotlo e tla khutlelang ruri.
Mo nakong eno re tshwanetse go dira gotlhe mo re ka go kgonang go sireletsa bana ba rona. Ke letlotlo le legolo thata! Batsadi ba le bantsi ba ka se boife go itsenya mo kotsing gore ba sireletse bana ba bone. (Bapisa Yohane 15:13.) Fa re sa sireletse bana ba rona, diphelelo e ka nna tse di maswe fela thata. Fa re ba sireletsa, re ba fa mpho e e molemo thata—bonyana jwa go nna o sena molato e bile o sa tlhagelwe ke masetlapelo. Ba ka ikutlwa fela jaaka mopesalema, yo o neng a kwala jaana: “Ke tla bua kaga Yehofa, ke re, Ke èna botshabèlō yoa me, kagō ea me ea phemèlō: Modimo oa me, o ke o ikantseñ.”—Pesalema 91:2.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Go sotlwa ga ngwana mo go tsa tlhakanelodikobo go diragala fa motho a dirisa ngwana go ikgotsofatsa mo go tsa tlhakanelodikobo. Gantsi go akaretsa se Bibela e se bitsang boaka, kana por·neiʹa, mo go ka akaretsang go phoraphora mapele, go tlhakanela dikobo, le tlhakanelodikobo ya molomo kana ya marago. Ditiro tse dingwe tsa go sotla, tse di etsang go tshwara ka mabele, go bolela ka tlhamalalo ka boitsholo jo bo sa siamang, go bontsha ngwana ditshwantsho tse di tsosang maikutlo a tlhakanelodikobo, go mmonela, go apola fa pele ga gagwe, go ka nna ga nna se Bibela e se nyatsang e re ke “bopèpè.”—Bagalatia 5:19-21; bona Tora ya Tebelo ya September 1, 1983, mokwalo o o kwa tlase mo tsebeng ya 29.
b Lefa gone bontsi jwa batho ba ba tlhakanelang dikobo le bana le bone ba ne ba kile ba sotlwa e santse e le bana, seno ga se reye gore go sotlwa go dira bana go nna basotli. Ke palo e e kwa tlase ga nngwetharong ya bana ba ba sotlilweng ba ba felelang le bone ba tlhakanela dikobo le bana.
[Lebokoso mo go tsebe 10]
Mongwe wa batho bao ba masika a bone a kileng a tlhakanela le ene dikobo o ne a re: “Go sotla go bolaya bana, go dira gore ba se ka ba ikanya ope, go ba amoga tshwanelo ya bone ya go nna ba se na matshwenyego. Ke ka lebaka leo bana ba tshwanetseng go sirelediwa. Ka gore gone jaanong ke tshwanelwa ke go aga botshelo jwa me sesha. Ke eng fa re tshwanetse go dira gore bana ba le bantsi ba dire seo?”
Ee ka goreng ruri?
[Lebokoso mo go tsebe 11]
Tlhwaelang Bana Tsebe!
KWA BRITISH COLUMBIA, kwa Canada, tshekatsheko nngwe ya bosheng e ne ya tlhatlhoba ditiro tsa batho ba le 30 ba ba tlhakanelang le bana dikobo. Go ile ga lemogiwa dilo tse di tshosang. Batho ba ba 30 bao ba ne ba sotlile bana ba le 2 099. Sephatlo sa bone e ne e le batho ba maemo a batho ba ba ikanngwang—barutabana, baruti, batsamaisi, le badiri ba tsa tlhokomelo ya bana. Motho mongwe yo o neng a tlhakanetse dikobo le bana, ngaka ya meno ya dingwaga tse 50, o ne a sotlile bana ba ka tshwarwa 500 mo dingwageng tse 26.
Lefa go ntse jalo, The Globe and Mail ya Toronto ya re: “Mo 80 lekgolong ditiragalo tseno, bangwe ba batho (go akaretsa ditsala tsa motho yo o dirileng molato oo, ba lelapa la motho yo o leofetsweng, bana ba bangwe, le batho bangwe ba ba kileng ba diragalelwa ke se se tshwanang) ba ne ba ganetsa gore ga go a nna jalo kana ba re tshotlo eo ga se ya sepe.” Ga go gakgamatse he, go bo “pego e bolela gore go ganetsa le go sa dumele go dira gore go sotla go tswelele.”
Bangwe ba batho ba ba ileng ba sotlwa ba ile ba tlaleya basotli. Lefa go ntse jalo, The Globe and Mail e nopola pego eo e re “batsadi ba batho ba bannye ba ba sotlilweng ga ba batle go dumela dilo tse bana ba bone ba di ba bolelelang.” Ka tsela e e tshwanang, bosheng jaana modiredi mongwe wa puso kwa Jeremane o ne a umaka pego nngwe ka bana ba ba ileng ba sotlwa mo go tsa tlhakanelodikobo gore fa gongwe ba tshwanelwa ke go bolelela bagolo ka makgetlho a ka tshwara bosupa pele ga ba ba dumela.
[Lebokoso mo go tsebe 12]
“Batla Thuso Gone Jaanong”
“FA O le monna mme o tlhakanela dikobo le bana, o ka nna wa bo o ipolelela gore, ‘O a rata,’ kana ‘O ne a batla,’ kana ‘Ke mo ruta tlhakanelodikobo.’ O a ikaketsa. Banna ba mmatota ga ba tlhakanele dikobo le bana. Fa e le gore o tshwenyega ka selekanyo se se rileng ka ngwana yoo, emisa go mo sotla. Batla thuso gone jaanong.”—Kitsiso go botlhe e e akantshitsweng, e e nopotsweng go tswa mo bukeng ya By Silence Betrayed.
[Setshwantsho mo go tsebe 13]
Bana ba tlhoka go ratiwa le go tlhokomelwa