LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g91 10/8 ts. 4-6
  • Dintho Tse Di Sa Bonaleng Kafa Ntle tsa go Sotlwa ga Bana

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dintho Tse Di Sa Bonaleng Kafa Ntle tsa go Sotlwa ga Bana
  • Tsogang!—1991
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Lebaka la Go Bo go Sotla Bana ka go Tlhakanela Dikobo Nabo Go Utlwisa Botlhoko Thata
  • Lebaka la Go Bo Dintho Tseno Di Sa Fole
  • Kgobalo ya Semoya
  • ‘Nako ya go Fola’
    Tsogang!—1991
  • Thibelo mo Legaeng
    Tsogang!—1993
  • Go Bontsha Lorato le go Diragatsa Tshiamiso fa go Dirilwe Boleo jo bo Masisi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2019
  • Dilo Tse Di Tlwaelesegileng mme Di Se Boammaaruri
    Tsogang!—1993
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1991
g91 10/8 ts. 4-6

Dintho Tse Di Sa Bonaleng Kafa Ntle tsa go Sotlwa ga Bana

“Ga ke ithate le eseng. Ke nna ke ntse ke akanya gore go na le sengwe seo ke tshwanetseng go bo ke ile ka se dira, ke tshwanetse go bo ke ile ka mmolelela gore a tlogele go dira jalo. Ke ikutlwa ke leswafetse tota.”—Ann.

“Ke ikutlwa ekete ke latlhegile. Gantsi ke ikutlwa ke feletswe ke tsholofelo ebile ke kgobegile marapo. Ka dinako tse dingwe ke eletsa go swa.”—Jill.

“GO SOTLA ka ngwana ka go tlhakanela dikobo le ene ke . . . go tlhasela mogopolo, moya, le mmele wa gagwe ka tsela e e utlwisang botlhoko thata, e e gobatsang, le e e tlontlololang . . . Go sotla gono go tlhasela karolo nngwe le nngwe ya botshelo jwa gagwe.” Go bolela jalo The Right to Innocence, e e kwadilweng ke Beverly Engel.

Ga se ngwana mongwe le mongwe yo o ikutlwang ka tsela eno morago ga fa a sena go sotlwa ka go tlhakanela dikobo le ene.a Bana ga ba tshwane, ba kgona go lebana le mathata ka ditsela tse di sa tshwaneng, ebile ba ikutlwa ka ditsela tse di farologaneng malebana le bothata. Bontsi jwa dilo gape bo ikaegile ka gore ngwana o amana jang le motho yo o ileng a lala le ene ka tsela eno e e sa tshwanelang, gore go lala le ene goo go masisi go le go kae, gore go tsere lobaka lo lokae, gore ngwana o na le dingwaga di le kae, le mabaka a mangwe. Mo godimo ga moo, gantsi go utlwa botlhoko thata mo maikutlong go ka fokotsega fa e le gore bagolo ba tshegetsa ngwana yono ka tsela e e lorato ka nako ya fa go sotlwa ga gagwe ka tsela eno go setse go itsiwe ke mang le mang. Lefa go ntse jalo, ba le bantsi bao ba ileng ba sotlwa ka tsela eno ba boga dikgobalo tse di botlhoko tota tsa maikutlo.

Lebaka la Go Bo go Sotla Bana ka go Tlhakanela Dikobo Nabo Go Utlwisa Botlhoko Thata

Bibela e re lemotsha gore ke ka ntlha yang fa go utlwa botlhoko go go ntseng jalo go nna gone. Moreri 7:7 e bolela jaana: “Gonne [go gatelela go ka] hetola motho eo o botlhale seeleele.” Fa e le gore tota go dira gore motho yo o godileng a nne seeleele, a o ke o akanye fela ka diphelelo tse di nnang gone fa ngwana yo monnyane a gatelelwa setlhogo—segolobogolo fa e le gore motho yo o mo gatelelang yono ke motsadi yo ngwana a mo ikanyang. Re tshwanetse ra gakologelwa gore dingwaga tsa ntlha di le mmalwa tsa botshelo di botlhokwa thata mo go godisiweng ga maikutlo le bomoya jwa ngwana. (2 Timotheo 3:15) Mosha o simolola go ithuta go itshola sentle le go itlotla mo nakong ya tsone dingwaga tseo tsa bosha. Gape ngwana o ithuta gore lorato le boikanyo di kaya eng ka go nna gaufi thata le batsadi ba gagwe.—Pesalema 22:9.

“Mo baneng ba ba ileng ba sotlwa ke bagolo ka gore ba tlhakanele dikobo le bone,” go tlhalosa jalo Dr. J. Patrick Gannon, “thulaganyo eno ya go aga ikanyo mo go ene e a senyega.” Mogolo yo o sotlang ngwana ka go tlhakanela dikobo le ene o senya ikanyo yotlhe eo ngwana yono a ntseng a na le yone mo go ene; o mo amoga lefa e ka nna polokesegonyana epe fela eo a lebegang a na le yone, dilo tsa gagwe tsa sephiri, kana go itlotla ga gagwe mme a mo dirise jaaka selo fela sa go kgotsofatsa keletso ya gagwe ya go tlhakanela dikobo.b Bana ba bannyane ga ba tlhaloganye bokao jwa ditiro tse di maswe tseo di dirwang mo go bone ka go gatelelwa, mme lefa go ntse jalo mo e batlang e le botlhe ba bone ba fitlhela gore go diragalelwa ke selo seno go a hutsafatsa, go a tshosa, ebile go a tlontlolola.

Ka gone go sa tshware bana sentle ka go tlhakanela dikobo le bone go bidiwa go twe ke “tshenyo e e maswe go di gaisa tsotlhe.” Re gakololwa ka potso eno ya ga Jesu e e reng: “Kgotsa go na le monna ohe mo go lona, eo e ka reñ ha morwawè a mo lōpa senkgwè, o ka mo naea lencwè?” (Mathaio 7:9) Mme lefa go ntse jalo mogolo yo a sotlang ka ngwana ka go tlhakanela dikobo le ene, ga a mo neye lorato le bopelonomi, mme go na le moo o mo naya “lencwè” la bosetlhogo jo bo a fetang otlhe—go mo betelela.

Lebaka la Go Bo Dintho Tseno Di Sa Fole

Diane 22:6 e bolela jaana: “Godisetsa ñwana ka thutō mo tseleñ e o chwanetseñ go e tsamaea, me o tla re leha a cohetse ga a ketla a kgaogana naeō.” Ka phepafalo, tlhotlheletso ya batsadi mo baneng e ka tshwarelela botshelo jotlhe mo go bone. Lefa go ntse jalo, go tweng fa ngwana a rutwa gore a akanye gore ga a na maatla a go thibela go betelelwa? Go tweng fa e le gore ngwana o rutiwa gore a itshole ka tsela e e sa siamang ya go tlhakanela dikobo e e bidiwang gore ke go bontshiwa “lorato” loo tota e seng lone? Go tweng fa e le gore o rutiwa go iteba jaaka yo o senang mosola le yo o leswafetseng? A seo ga se kitla se felela ka gore botshelo jotlhe jwa gagwe a itshole ka mokgwa o o tla mo tlisetsang diphelelo tse di bosula? Ga se gore go sotla ngwana ka go tlhakanela dikobo le ene go raya gore go itshola ga gagwe ka mokgwa o o sa siamang moragonyana fa a setse a godile ga go na molato ope, mme lefa go ntse jalo go ka kgona go re tlhalosetsa gore ke ka ntlha yang fa batho bao ba ileng ba sotlwa ka tsela eno ba ka nna ba itshwara kana ba ikutlwa ka tsela e e rileng.

Batho ba le bantsi bao ba ileng ba sotlwa ka tsela eno ba na le dilo di le dintsi thata tse di bontshang gore ga ba ikutlwe sentle, go akaretsa le go tshwenyega thata mo maikutlong. Bangwe ba nna ba ntse ba shakgetse ebile ka dinako tse dingwe ba ikutlwa ba le molato, ba tlhabiwa ke ditlhong, ebile ba le bogale go feta tekano. Selo se sengwe se se tlwaelegileng mo bathong ba ba ileng ba sotliwa ka tsela eno ke go sa tsoge ga maikutlo a bone, go sa kgone go tlhalosa ka fa o ikutlwang ka gone kana le eleng go sa kgone go tsogelwa ke maikutlo. Gape ba le bantsi ba ikaya ba se sepe ebile ba ikutlwa ba sena maatla a go lebana le bothata jono. Sally, yo malomaagwe a neng a mo sotla ka go tlhakanela dikobo le ene, o gakologelwa jaana: “Nako nngwe le nngwe fa a ne a ntshotla jalo ka go tlhakanela dikobo le nna ke ne ke ikutlwa ke sena maatla ebile ke gatsetse, ke sule bogatsu, ke sa kgone go itshikinya, ke tlhakane tlhogo. Tota ke ka ntlha yang fa selo seno se ne se diragala?” Moithutatlhaloganyo ebong Cynthia Tower o bega jaana: “Dipatlisiso di bontsha gore gantsi batho bao ba ileng ba sotlwa ka go tlhakanela dikobo nabo fa e ne e santse e le bana ba tla ikutlwa jaaka motho yo o sotlegang botshelo jotlhe jwa bone.” Ba ka nna ba nyalwa ke monna yo o lesotlo, ka tsela e ba itshwarang ka yone ba ka nna ba supa gore ba ka sotlwa ka tlhakanelodikobo motlhofo fela, kana ba ka nna ba ikutlwa gore ga ba na maatla a go ka kgona go itshireletsa ka nako ya fa ba tshosediwa.

Ka gale, bana ba na le mo e ka nnang dingwaga di le 12 tsa go ipaakanyetsa go tsoga ga maikutlo go go nnang gone fa ba le mo dingwageng tsa boroba. Mme lefa go ntse jalo fa go dirwa boitsholo jo bo maswe jwa tlhakanelodikobo ka go lala le ngwana yo monnyane ka nkane, ngwana yono a ka nna a fekeediwa ke maikutlo ano a a tsositsweng mo go ene. Jaaka fa patlisiso nngwe e ile ya bontsha, selo seno se ka nna sa mo dira gore a se ka a kgona go itumelela tlhakanelodikobo moragonyana mo lenyalong. Linda yo o ileng a sotlwa ka go tlhakanela dikobo nae o dumalana le seno jaana: “Mo go nna go tlhakanela dikobo mo lenyalong ke selo se se boima thata mo botshelong jwa me. Ke tshoga tota moo ke akanyang gore motho yo o tlhakanetseng dikobo le nna ke rre, mme ke garoge pelo.” Batho ba bangwe bao ba ileng ba sotlwa ka go tlhakanela dikobo nabo ba ka nna ba ikutlwa ka tsela e e farologanang le eno mme ba nne le dikgotelo tseo di tla ba pateletsang gore ba itshole ka tsela e e sa siamang. Jill o bolela gore, “Ke ne ke tshela botshelo jwa bopepe mme ka feleletsa ke tlhakanela dikobo le batho bao ke neng ke sa ba itse gotlhelele.”

Gape batho bao ba ileng ba sotlwa ka go tlhakanela dikobo nabo ba ka nna ba nna le bothata mo go nneng le kamano e e molemo le ba bangwe. Bangwe ga ba kgone le eleng go ka tsalana fela le batho ba banna kana balaodi. Bangwe ba ka nna ba senya botsalano le manyalo ka go nna ba ba lesotlo kana ba ba ratang go laola thata. Mme lefa go ntse jalo ba bangwe bone ga ba batle go tsalana gopegope le batho ba bangwe.

Go bile go na le batho bao ba neng ba sotlwa ka tsela eno bao ba ikgobatsang bone ka bobone ka ntlha ya maikutlo ano a a gobatsang a ba nang le one. Reba o bolela jaana, “Ke ne ka tlhoya mmele wa me ka gonne o ne wa tsogelwa fa ke ne ke sotlwa ka go tlhakanela dikobo le nna.” Se se maswe le go feta ke gore, mekgwa e e sa siamang ya go ja,c go nna le keletso e e maatla ya go batla go bereka, go tshwakgolwa ke nnotagi le ke diokobatsi, ke ntletsentletse fela mo bathong bao ba ileng ba sotlwa ka go tlhakanela dikobo nabo—ba leka ka bojotlhe go dira gore ba se ka ba bonala kafa ba ikutlwang ka teng. Bangwe ba ka nna ba bontsha le eleng ka ditiro tse di tlhamaletseng le go feta gore tota ga ba ithate. “Ke itshegakakile, ke ikepile mabogo ka dinala, ke iphisitse ka molelo,” Reba o oketsa jalo. “Ke ne ke ikutlwa gore tota ke tshwanelwa ke go sotlwa.”

Lefa go ntse jalo, se potlakele go swetsa ka gore go raya gore ope fela yo o ikutlwang kana yo o itshwarang ka ditsela tse di ntseng jalo o ile a sotlwa ka go tlhakanela dikobo nae. Go ka nna ga tswa go kopanyelediwa mabaka a mangwe ao a amanang le bone ka namana kana ao a amanang le maikutlo a bone. Ka sekai, bomankge ba bolela gore dilo tse di ntseng jalo di tlwaelegile mo bagolong ba ba godiseditsweng mo malapeng ao mo go one dilo di neng di sa tsamaye ka tshwanelo—eleng ao mo go one batsadi ba neng ba aga ba ba iteetse ruri, ba ba nyatsa le go ba tlontlolola, le go tlhokomologa dilo tseo ba di tlhokang ka namana, kana malapa ao mo go one batsadi e neng e le makgoba a diokobatsi kana a nnotagi.

Kgobalo ya Semoya

Phelelo e e kotsi le go feta ya sotlhe seo go sotlwa ga motho ka go tlhakanela dikobo nae ka nako ya fa a santse e le ngwana go ka se bakang ke kgobalo ya semoya eo e ka nnang ya nna gone. Go sotla motho ka go tlhakanela dikobo nae ke ‘boitshekologo jwa nama le jwa moya.’ (2 Bakorintha 7:1) Motho yo o sotlang ngwana ka tsela e e maswe ya go tlhakanela dikobo le ene, ka go sa tlotle mmele wa gagwe le go itshola ga gagwe ka tsela e e siameng, ka go senya ikanyo eo a nang nayo, o leswafatsa moya wa ngwana, kana dilo tseo mogopolo wa ngwana o ganelelang mo go tsone. Selo seno e ka nna ya re moragonyana sa dira gore motho yono yo o ileng a sotlwa ka go tlhakanela dikobo nae a se ka a gola mo boitsholong le mo semoyeng.

Buka ya Facing Codependence, e e kwadilweng ke Pia Mellody, e tswelela pele go akgela jaana: “Lesotlo lepe fela le le masisi . . . e ntse gape ke lesotlo la semoya, ka gonne le senya ikanyo eo ngwana a nang le yone mo Modimong.” Ka sekai, mosadi wa Mokeresete yo o bidiwang Ellen o botsa jaana: “Ke ka kgona jang go akanya ka Jehofa jaaka Rre lemororo ke ntse ke akanya ka rre wa selefatshe jaaka monna yo o setlhogo le yo o bogale?” Yo mongwe yo o ileng a sotlwa ka go tlhakanela dikobo nae yo o bidiwang Terry o bolela jaana: “Ga ke ise ke bo ke tsamaye ke lebe Jehofa jaaka Rre. Ee, ke mo leba jaaka Modimo, Morena, Molaodi, le Mmopi! Mme lefa go ntse jalo go mo leba jaaka Rre gone, legoka!”

Ga go reye gore batho ba ba ntseng jalo ba bokoa mo semoyeng kana gore ga ba na tumelo. Go farologana le seo, go tswelela pele ba dira maiteko a go utlwa melaometheo ya Bibela go re naya bosupi jwa gore ba nonofile mo semoyeng! Mme lefa go ntse jalo a o ke o akanye fela kafa bangwe ba neng ba ka nna ba ikutlwa ka gone fa ba bala temana ya Bibela e e ntseng jaaka ya Pesalema 103:13, e e bolelang jaana: “Yaka rra bana a tla a utlwèle bana ba gagwè botlhoko, Yehofa le èna o tlhomogela ba ba mmoihañ pelo yalo.” Bangwe ba ka nna ba e tlhaloganya ka botlhale. Mme lefa go ntse jalo, ga go kitla go nna motlhofo gore ba kgatlhegele temana eno fa ba na le kakanyo e e sa siamang ka seo rre e leng sone!

Ebile gape bangwe ba ka nna ba go fitlhela go se motlhofo go nna “yaka ñwanyana” fa pele ga Modimo—ba le bonolo, ba le boikokobetso, ebile ba ikanyega. Ka nako ya fa ba rapela ba ka nna ba se ka ba tlhalosetsa Modimo kafa totatota ba ikutlwang ka gone. (Mareko 10:15) Ba ka nna ba dikadika go dirisa mafoko a a mo go Pesalema 62:7, 8 ano mo go bone: “Polokō ea me e na le Modimo, le kgalalèlō ea me: lehika ya thata ea me le mo Modimoñ, le botshabèlō yoa me. Lona batho, ikanyeñ mo go ōna ka metlha eotlhe; tshèlañ dipelo tsa lona ha pele ga ōna: Modimo ke botshabèlō yoa rona.” Ebile go ikutlwa ba le molato le go ikutlwa ba se sepe go ka nna ga koafatsa tumelo ya bone. Mongwe yo o neng a sotlwa ka tlhakanelodikobo o ne a bolela jaana: “Ke dumela thatathata mo Bogosing jwa ga Jehofa. Lefa go ntse jalo, tota ga ke ikutlwe ke siametse go nna gone mo go jone.”

Gone ke boammaaruri gore ga se botlhe mo go bao ba ileng ba sotlwa ka tsela eno bao ba amegang ka go tshwana. Bangwe ba ile ba tla gaufi le Jehofa jaaka Rre yo o lorato mme ba utlwa go sena sepesepe seo se ba kgoreletsang go ka buisana le ene. E ka tswa maemo e le afe fela, fa e le gore o ile wa sotlwa ka go tlhakanela dikobo nao ka nako ya fa o ne o sa le ngwana, o ka nna wa go fitlhela go le mosola thata go lemoga kafa seno se amileng botshelo jwa gago ka gone. Bangwe ba ka nna ba bona go le molemo gore bogolo ba lebale kaga boemo jono. Mme lefa go ntse jalo, fa o ikutlwa gore o gobetse thata, nametsega. Dintho tsa gago di ka kgona go fodisiwa.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Motlotlo wa rona o ikgarile mo go seo Bibela e se bitsang gore ke por·neiʹa, kana kgokafalo. (1 Bakorintha 6:9; bapisa Lefitiko 18:6-22.) Seno se akaretsa mekgwa yotlhe e e sa siamang ya go tlhakanela dikobo. Ditiro tse dingwe tseo di sa tshwanelang go dirwa, tse di ntseng jaaka mokgwa o o maswe wa go itshenola dikarolo tsa mmele tseo di sa tshwanelang go tswela kwa ntle, le mokgwa o o maswe wa go kgotsofatsa keletso ya go tlhakanela dikobo ka go lebelela batho ba tlhakanetse dikobo, le go tlhotlhelediwa ke dilo tseo di tsosang keletso ya go tlhakanela dikobo, lemororo e se por·neiʹa, le tsone di ka gobatsa ngwana mo maikutlong.

b Ereka ka tlholego fela bana ba tlwaetse go ikanya batho ba bagolo, go sotlwa ka go tlhakanela dikobo le bana go dirwa ke leloko le le ikanngwang la lelapa, mogoloabone, mongwe yoo eleng tsala ya mo lapeng, kana le eleng ga motho fela yo ba sa mo itseng le gone go senya ikanyo eo ngwana a neng a ntse a na nayo go e senya ka tsela e e utlwisang botlhoko thata.

c Bona Awake! ya December 22, 1990.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela