Dilo Tse Di Tlwaelesegileng mme Di Se Boammaaruri
Selo se e seng boammaaruri: Batho ba ba sotlang bana gantsi ke batho ba ba sa itsiweng, ditsenwa tse di utswang bana di bo di dirisa dikgoka go ba sotla.
Mo ditiragalong tse dintsi thata—mo e ka nnang 85 go ya go 90 lekgolong go ya ka diphopholetso dingwe—mosotli ke motho yo ngwana a mo itseng e bile a mo tshepa. Go na le go dirisa dikgoka, gantsi basotli ba tsoketsa ngwana ka leleme ka iketlo gore ba feleletse ba tlhakanela le bone dikobo, a dirisa lebaka la go bo ngwana a se na maitemogelo e bile a sa kgone go ntsha mabaka sentle. (Bapisa 1 Bakorintha 13:11 le Diane 22:15.) Basotli bano ga se batho ba ba fa ba ba sa batleng go nna le ba bangwe. Bontsi jwa bone ke badumedi, ba a tlotlega, mme ba a ratega mo mafelong a bone. Go ya ka U.S. Federal Bureau of Investigation, “go tsaya gore motho ga a tlhakanele dikobo le bana fela ka go bo a siame, a ya kerekeng, a le senatla mo tirong, a rata diphologolo, jalo le jalo, ke boeleele.” Dipatlisiso tsa bosheng di supile gore gape go phoso go akanya gore basotli botlhe ke banna le gore ba ba sotliwang ka dinako tsotlhe ke batho ba sesadi.
Selo se e seng boammaaruri: Bana ba ikgopolela kana ba a aka fa ba re ba sotlilwe mo go tsa tlhakanelodikobo.
Ka tlwaelo bana ga ba na kitso kana maitseanape a tsa tlhakanelodikobo mo ba ka itlhamelang mogopolo wa gore ba sotlilwe ka tsela e e utlwalang, lefa gone bana ba bannye ba ka tsietsega fa go tla mo go boleleng sengwe le sengwe se se diragetseng. Le babatlisisi ba ba belaelang thata ba dumela gore bontsi jwa dikgang tsa go sotliwa di boammaaruri. Tsaya ka sekai buka e go tweng Sex Abuse Hysteria—Salem Witch Trials Revisited, e e itebagantseng le dipego tse di seng boammaaruri tsa go sotliwa.a Buka eno e dumelana gore:
“Go sotla bana mo go tsa tlhakanelodikobo ke selo se se anameng thata le gore dipego tse dintsi tsa gore bana ba sotliwa mo go tsa tlhakanelodikobo . . . di ka nna tsa bo di le boammaaruri (gongwe ka 95% kana go feta).” Go bokete thata mo baneng go bega gore ba sotlilwe. Gantsi fa ba aka mabapi le go sotliwa ke fa ba latola gore go diragetse, lefa gone go diragetse ka boammaaruri.
Selo se e seng boammaaruri: Bana ba ipopa thata mme gantsi ba ipiletsa go sotliwa ka boitshwaro jwa bone.
O mogopolo one o maswe le go feta, ka gore o pega motho yo o sotlilweng go na le mosotli molato. Bana ga ba itse sepe ka tlhakanelodikobo. Ga ba itse sepe ka gore go dira seo go raya eng kana gore go ka ba fetola jang. Ka jalo ga go na gore ba ka dumelana le gone ka tsela epe e e utlwalang. Ke mosotli a le nosi fela, yo o nang le molato wa go sotla.—Bapisa Luke 11:11, 12.
Selo se e seng boammaaruri: Fa bana ba bega gore ba sotlilwe, batsadi ba tshwanetse go ba ruta gore ba lese go nna ba bua ka gone le gore ‘ba go lebale.’
Go solegelwa mang molemo fa ngwana a loba gore o sotlilwe? A ga se mosotli? Tota e bile, dipatlisiso di supile gore go latola ka go hupetsa maikutlo e ka nna mokgwa o o bokoa thata wa go dirisana le mathata a go sotliwa. Mo mefuteng e e robangbongwe e e dirisiwang ke setlhopha sengwe sa batho ba ba kileng ba sotlwa e e ileng ya sekasekwa kwa Ennyelane, ba ba ileng ba loba, ba tila, kana ba hupetsa kgang eo ba ile ba nna le mathata a magolo a maikutlo le go tlhobaela thata fa ba setse ba godile. A fa o ne o kile wa tlhaselwa ka tsela e e tshosang, a o ne o ka batla go bolelelwa gore o se ka wa bo wa bua ka yone? Ke eng jaanong fa o bolelela ngwana go dira jalo? Go letla ngwana go ikutlwa ka tsela ya tlholego fela mo seemong se se tshosang, jaaka bohutsana, go tenega, kutlobotlhoko, go tla mo thusa gore kgabagare a lebale go sotliwa moo.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Mo dikgannyeng tsa tlhalo, go itsiwe sentle gore bagolo ba pegana molato wa go sotla bana ba dirisa seo jaaka sebetsa sa bone.