LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w95 12/1 ts. 20-23
  • O Dingwaga Tse di Lekgolo Mme o Santse a Dira ka Natla

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • O Dingwaga Tse di Lekgolo Mme o Santse a Dira ka Natla
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Fetoga Maikutlo
  • Go Lebana le Diteko
  • Ketelo E e Sa Lebelelwang
  • Go Itshokela Tatlhego
  • Ke Ntse ke Itumelela go Direla Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • Go Atamelana Le Modimo Go Ile ga Nthusa Go Emelana Le Mathata A Me
    Tsogang!—1993
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
w95 12/1 ts. 20-23

O Dingwaga Tse di Lekgolo Mme o Santse a Dira ka Natla

JAAKA GO BOLETSE RALPH MITCHELL

Rre yo e neng e le monna wa boleele jo bo lekaneng, e ne e le moruti wa Methodist. Morago ga dingwaga dingwe le dingwe tse pedi kana tse tharo o ne a tle a romelwe kwa kerekeng e nngwe, gantsi e le kwa ditoropong tse dinnye, go akaretsa le Asheville, kwa North Carolina, kwa U.S.A., koo ke ileng ka tsholelwa teng ka February 1895. Ka jalo ke ne ka gola ke tlwaelane thata le Labokeresete.

KE GOPOLA fa ke ne ke santse ke le mosimane yo mmotlana, ke ne ke tlhola ke dudisiwa mo “sennong sa mohutsafadi” kwa dikokoanong tsa bointšhafatso gore ke tle ke tladiwe ka moya o o boitshepo—gore ke tle ke “bone bodumedi,” jaaka ba ne ba go bitsa. Ke ne ka bolelelwa gore ke ne ke tshwanetse gore ke ipolele dibe tsa me, ke boloke Melao e e Lesome, le go nna molemo. Ka go dira jalo ke ne ke tla ya legodimong fa ke tlhokafala. Ke ne ka ipolelela ke re, ‘Tota go bonala ke tla ya diheleng ka gonne ga nkitla ke kgona go siama thata gore ke tle ke ye legodimong.’ Ke ne ke akanya gore ke bagolo fela—segolobogolo baruti—ba ba neng ba tshela ka melaometheo ya Baebele.

Ke ne ka simolola go lemoga boitimokanyo jwa bodumedi le eleng pele ke tsena mo dingwageng tsa me tsa bolesome. Ka sekai, rre o ne a ka itlhokomolosa dilo tse di neng di tlhokwa ke lelapa la gagwe fela gore a tle a neele mobishopo madi a mantsi kwa pokanong ya bone ya baruti botlhe. O ne a solofela gore seno se ne se tla dira gore a romelwe kwa kerekeng e e kgolwane. Ke gopola moruti mongwe yo o neng a nna mo lefelong la rona yo gape e neng e le molemi wa katune. E re ka a ne a gakaletse go nna le boemo jo bo kwa godimo, o ne a rekisa dingata di le lekgolo tsa katune mme a ya kwa kokoanong a tshotse kgetsi e e tletseng madi. Fa go ne go bonala gore e ne e le one fela madi a a neng a ntshitswe ke kokoano eo—bao bontsi jwa bone e neng e le baruti—moruti yono yo gape e neng e le molemi wa katune, o ne a tlola mme a goa a re: “A seno ke sone fela se lo se nayang mobishopo wa lona? Fa moruti mongwe le mongwe a ka ntsha didolara tse tlhano, ke tla di oketsa ka di le lesome!” Go ne ga kgobokanngwa didolara tse di fetang sekete, mme mobishopo o ne a tlhoma monna yono go nna mogolwane yo o okametseng rre. Ke ne ke sa kgone go dumela gore Modimo o ne o ka dira tlhopho e e ntseng jalo. Go tswa foo ke ne ka simolola go sa tshepe sepe se se amanang le bodumedi.

Fa United States e ne e lwa mo ntweng ya ntlha ya lefatshe ke ne ka tlhophelwa bosole. Ke gopola sentle ke utlwa baruti ba sesole ba rerela rona masole gore re lwele naga ya rona ka boikanyegi, mme seo se ne sa dira gore ke nyatse bodumedi le go feta. Maikaelelo a me e ne e le go falola, go fetsa dithuto tsa me le go nyala. Ke ne ke sa akanyetse bodumedi gope mo isagweng ya me.

Go Fetoga Maikutlo

Ke ne ka ratana le mosadi mongwe yo mmotlana, yo o bidiwang Louise, ka 1922. E ne e le Mokatoliki yo o gagametseng mme e ne ya re fa re ne re tla go nyalana, o ne a batla lenyalo la Sekatoliki. Gone ke ne ke sa batle moletlo ope wa bodumedi ka jalo o ne a dumela gore re nyalane kwa kagong ya ga masepala, kwa New York City.

Mo tshimologong re ne re sena dikgotlhang dipe tsa bodumedi. Ke ne ka mo tlhalosetsa sentle gore ke ne ke sa tshepe bodumedi ka sepe mme re ne re tla utlwana sentle fa fela bo ne bo sa umakiwe ka gope. Go tswa foo, fa gare ga 1924 le 1937, re ne ra bona bana ka go latelana, go fitlhela re nna le basimane ba le batlhano le basetsana ba le batlhano! Louise o ne a batla gore bana ba rona ba tsene sekolo sa Katoliki. Ke ne ke sa batle gore ba nne le thuto epe ya bodumedi mme re ne ra ganetsana mo go seo.

Sengwe se se neng se tla fetola gotlhelele tsela e ke neng ke leba bodumedi ka yone se ne sa diragala mo masimologong a 1939. Basupi ba ga Jehofa ba le babedi, Henry Webber le Harry Piatt ba ne ba tla kwa legaeng la me kwa Roselle, kwa New Jersey. Ke ne ka lemoga ka bofefo fela gore ba ne ba batla go bua ka selo se ke neng ke sa se kgatlhegele gotlhelele—bodumedi. Ke ne ke feletswe ke tumelo ka gonne baruti kwa bosoleng ba ne ba re, ‘Lwelang naga ya lona,’ fa baruti kwa gae ba ntse ba re, ‘O se ka wa bolaya.’ A bo e ne e le boitimokanyi jang ne! Ke ne ke akanya gore ke tla baakanya Basupi bano ba babedi. Ke ne ka ba raya ka re: “A ke mme ke lo bolelele sengwe. Fa e le gore bodumedi jwa lona ke jwa boammaaruri, he, otlhe a mangwe ke a maaka. Mme fa bo le bongwe fela mo go otlhe a mangwe bo le boammaaruri, he, otlhe a mangwe, go akaretsa le jwa lona, ke a maaka. Go ka nna le bodumedi bo le bongwe fela jwa boammaaruri.” Ke ne ka gakgamala thata fa ba ne ba dumalana le nna!

Morago ga moo ba ne ba nkopa gore ke tle ka Baebele ya me mme ke bule mo go 1 Bakorinthe 1:10. Teng ke ne ka bala jaana: “Jaana bagaetsho, ke a lo rapela, ka leina la Morena wa rona Jesu Keresete, gore lo nne puo nngwe fela lotlhe, le gore go se nne dikgaogano mo go lona; mme lo ko lo itekanele mmogo, le mo mogopolong o le mongwe fela, le mo tshekatshekong e le nngwe fela.” Ke ne ke gakgamaditswe ke lekwalo leno. Mme gape, ke ne ke tshogile gore banna bano ba babedi ba ne ba leka go ntsenya mo lekokong lengwe. Mme ke ne ke ithutile sengwe—gore go se nne le dikgaogano mo Bakereseteng. Ke ne ke santse ke na le dipotso di le dintsi. Ka sekai, Go diragalang ka moya fa motho a swa? A bo ke ne ke ka rata go ba botsa dipotso tseno! Mme ke ne ke akanya gore seno se ne se tla tlisa kganetsano e ntsi ya bodumedi mo gae.

Foo mongwe wa banna bano ba babedi a re: “Re ne re tla rata go boa re tla go buisana le wena mo bekeng e e tlang.” Ke ne ka leka go ba koba ka botlhale, mme mosadi wa me o ne a bua fela a tlhamaletse. O ne a re, “Ralph, ba batla go itse gore ba ka boa leng.” Seno se ne sa nkgakgamatsa e re ka a ne a le Mokatoliki yo o gagametseng! Mme ke ne ka ipolelela ka re, ‘Gongwe go ka direga gore re dumalane ka dilo dingwe tsa bodumedi.’ Ka jalo, ke ne ka dumela gore Henry Webber le Harry Piatt ba nketele gape ka Labotlhano o o latelang.

Ke gone moo ke neng ka simolola go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa. Go ise go ye kae ke ne ka lalediwa go nna gone kwa kopanong ya kgaolo kwa Madison Square Garden, kwa New York City. Ke santse ke gopola sentle puo ya ga Joseph F. Rutherford e e neng e re “Puso le Kagiso,” e e neng ya neelwa ka June 25, 1939. Ke ne ke le mongwe wa batho ba le 18 000 ba ba neng ba le teng. Totatota, puo eo e ne e reeditswe ke batho ba le 75 000, fa re akaretsa le bao ba neng ba golagantswe lefatshe ka bophara ka difouno tsa radio.

Lefa go ntse jalo, dilo ga di a ka tsa tsamaya sentle. Balatedi bangwe ba ga Charles Coughlin, moruti mongwe wa Mokatoliki, ba ne ba tshoseditse gore ba ne ba tla kgoreletsa kopano, mme gone, ba ne ba dira jalo fa e ne ya re fa Mokaulengwe Rutherford a ne a le mo bogareng jwa puo ya gagwe, ga tla batho ba le bantsi ba ba neng ba le bogale ba dira modumo o mogolo ba goela kwa godimo ba ntse ba re, “Heil Hitler!” le “Viva Franco!” Go ne go na le tlhakatlhakano e ntsi fela thata mo e leng gore modumo o ne o ka utlwiwa mo founong! Go ne ga tsaya batlhokomedi mo e ka nnang metsotso e le 15 go didimatsa segopa seo. Mme ka nako eo Mokaulengwe Rutherford o ne a ntse a tsweletse a ntse a fa puo ya gagwe fa bareetsi ba ntse ba mo tshegeditse ka go opa diatla.

Jaanong ke ne ke setse ke shwegashwega pelo. Ke ka ntlha yang fa moruti wa Mokatoliki a ne a ka tlhotlheletsa batho gore ba nne le letlhoo le le kanakana mo Basuping ba ga Jehofa? Ke ne ka ipolelela gore go tshwanetse ga bo go na le sengwe se Rutherford a neng a se rera—sengwe se baruti ba neng ba sa batle gore batho ba ba tshwanang le nna ba se utlwe. Ka jalo ke ne ka nna ke ntse ke ithuta Baebele e bile ke ntse ke tswelela sentle. Kgabagare, ke ne ka tshwantshetsa boineelo jwa me mo go Jehofa ka go kolobediwa mo metsing ka October wa 1939. Bangwe ba banake ba ne ba kolobediwa ka ngwaga o o neng o latela mme mosadi wa me, Louise, a kolobediwa ka 1941.

Go Lebana le Diteko

Mmè o ne a tlhokafala ka bonakonyana fela fa ke sena go amogela boammaaruri, ka jalo ke ne ka tshwanela gore ke boele kwa North Carolina gore ke nne teng kwa phitlhong ya gagwe. Ke ne ke ikutlwa gore segakolodi sa me se ne se sa ntetle gore ke nne gone kwa tirelong ya phitlho e e neng e tla tshwarelwa mo kerekeng ya Methodist. Ka jalo e ne ya re pele ga ke tsamaya ka founela rre ke mo kopa gore a tlogele lekase kwa ntlong ya phitlho. O ne a dumela, mme e ne ya re fa ke fitlha koo, ba ne ba setse ba ya kwa kerekeng, koo ba neng ba ithaya gore ke ne ke tla ya le bone.

Gone, ga ke a ka ka ya mme seo se ne sa baka mathata a le mantsi mo lelapeng. Morago ga phitlho ya ga Mmè, kgaitsadiake Edna, o ne a gana go mpuisa le mororo nna le ene re ne re ntse re le ditsala tse dikgolo. Ke ne ka mo kwalela makwalo a le mantsi mme ga a ka a a araba. Ke ne ka leka go bona Edna ngwaga le ngwaga fa a ne a tla New York a tlela dikhose tsa barutabana kwa City College. O ne a tle a gane go kopana le nna, a re o tshwaregile. Fa go ne go bonala gore ke ne ke mo tshwenya fela, ke ne ka itlhoboga. Go ne ga feta dingwaga di le dintsi pele ke utlwela sengwe ka ga gagwe.

Ka 1941, banake ba le barataro le bana ba bangwe ba kwa United States le Canada ba ne ba kobiwa mo sekolong ka gonne ba ne ba gana go dumedisa folaga. Basupi ba ne ba rulaganya dikolo tsa bone tse di neng di bidiwa Dikolo tsa Bogosi gore ba tle ba diragatse molao o o neng o amana le thuto. Sekolo se banake ba neng ba tsena kwa go sone, se ne se le mo kagong e pele e neng e le hotele kwa Lakewood, kwa New Jersey. Go ne go na le Holo ya Bogosi, phaposi ya borutelo, kitsi, le phaposi ya bojelo mo boalong jwa ntlha. Basetsana ba ne ba robala mo boalong jwa bobedi, fa diphaposi tsa basimane tsa go robala di ne di le mo boalong jwa boraro. E ne e le sekolo se se molemo tota. Bontsi jwa bana ba ba neng ba nna gone kwa sekolong ba ne ba ya gae ka mafelobeke fela. Bao ba neng ba nna kgakajana ba ne ba ya gae ka mafelobeke a bobedi fela.

Go tswa fela kwa tshimogolong fa ke sena go amogela boammaaruri, ke ne ke eletsa thata go nna mmulatsela, jaaka bareri ba nako e e tletseng ba Basupi ba ga Jehofa ba ne ba itsiwe ka nako eo. Mo thulaganyong ya kopano ya 1941 ya kwa St. Louis, kwa Missouri, mokaulengwe mongwe o ne a tlhalosa ka moo a neng a kgona go bulatsela le mororo a ntse a godisa bana ba le 12. Ke ne ka ipolelela ke re, ‘Fa ene a ka kgona go bulatsela ka bana ba le 12, he, nna ke ka kgona ka ba le 10.’ Lefa go ntse jalo, maemo a me ga a ka a ntetla gore ke simolole go bulatsela go fitlha dingwaga tse 19 moragonyana. Kgabagare, ke ne ka kgona go simolola go direla Jehofa jaaka mmulatsela wa ka metlha ka October 1, 1960.

Ketelo E e Sa Lebelelwang

Ka 1975 kgaitsadiake, Edna, o ne a mphounela. Ka nako eo ke ne ke na le dingwaga tse 80, mme ke ne ke sa mmona le eleng go utlwela ka ene dingwaga tse 20. O ne a le kwa boemafofaneng mme o ne a nkopa gore ke tle go tsaya ene le monna wa gagwe. Ke ne ke itumeletse go bona Edna, mme ke ne ke santse ke tla gakgamala le go feta. Fa re ntse re le mo tseleng re ya gae, monna wa gagwe o ne a re, “O na le mosokologi.” Ke ne ke sa tlhaloganye gore o ne a bua ka eng. Fa re fitlha kwa gae o ne a re gape, “O na le mosokologi fano.” Mosadi wa me o ne a tlhaloganya gone fela foo. O ne a leba kwa go kgaitsadiake mme a mmotsa a re, “Edna, a o Mosupi?” Edna o ne a araba a re, “Ruri ke ene.”

Edna o ne a amogetse boammaaruri jang? E ne e le ka 1972, fa ke ne ke leka go baakanya botsala jwa rona jo bo senyegileng fa ke ne ka mo romelela mpho ya peeletso ya Tora ya Tebelo. Mo e ka nnang ngwaga moragonyana, Edna o ne a lwala mme a tshwanelwa ke go nna fela mo ntlong. Dimakasine di ne di le mo tesekeng ya gagwe mme di santse di phuthetswe. Ka ntlha ya go shwegashwega pelo, Edna o ne a bula nngwe ya tsone mme a simolola go e bala. Fa a sena go fetsa go bala dimakasine o ne a ipolelela a re, ‘Seno tota ke boammaaruri!’ O ne a setse a badile mokoa oo otlhe wa dimakasine tsa Tora ya Tebelo fa Basupi ba ga Jehofa ba ne ba tla go mo etela kwa legaeng la gagwe. O ne a dumela go ithuta Baebele, mme moragonyana o ne a nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa.

Go Itshokela Tatlhego

Fa go ntse go ya, mosadi wa me, Louise o ne a nna le bolwetse jwa sukiri, mme botsogo jwa gagwe bo ne jwa senyegela pele go fitlha a tlhokafala ka 1979, a na le dingwaga tse 82. Bontlhanngwe jwa me bo ne jwa swa fa Louise a ne a tlhokafala. Sengwe le sengwe se ne sa fetoga. Ke ne ke sa itse gore ke dire eng. Ke ne ke sa rulaganyetsa isagwe, mme ke ne ke tlhoka go kgothadiwa. Molebedi mongwe yo o etang, e bong Richard Smith, o ne a nkgothatsa gore ke tswelele ka bobulatsela. Ke ne ke ikutlwa ke gomotsega thata fa ke ntse ke gomotsa ba bangwe ba ba neng ba swetswe ke baratiwa ba bone.

Ka 1979, Mokgatlho wa Watch Tower o ne wa rulaganya loeto go ya kwa Iseraele, ka jalo ke ne ka ikwadisa. Loeto loo lo ne lwa nkgothatsa fela thata, mme e ne ya re fa ke boela kwa gae, ke ne ka tsenelela gape mo tirong ya bobulatsela. Fa e sa le ka nako eo, ke leka gore ngwaga le ngwaga ke nne le seabe mo tshimong e e sa abiwang kana tshimo e e sa berekiweng thata mo karolong e nngwe ya naga. Lefa ke setse ke godile thata, ke santse ke kgona go nna le seabe mo tshiamelong eno.

Mo dingwageng tseno tsotlhe, ke akanya gore ke ile ka thusa batho ba ba ka nnang 50 go tsamaya mo tseleng eno e e isang botshelong. Bontsi jwa banake ba mo boammaaruring. Barwadiake ba le babedi ba direla jaaka babulatsela ba ka metlha. Morwadiake yo mongwe, Louise Blanton, o dira mmogo le monna wa gagwe, George, kwa ntlokgolong ya Basupi ba ga Jehofa kwa Brooklyn, kwa New York, mme mongwe wa barwa ba me o ntse a direla jaaka mogolwane ka dingwaga tse dintsi.

Gone ke boammaaruri, rotlhe re a lwala le go swa ka ntlha ya bosaitekanelang jo re bo ruileng mo batsading ba rona ba ntlha. (Baroma 5:12) Ke ile ka nna le ditlhabi le go opaopelwa ka dinako tse dingwe. Gone jaanong ke na le bonyelele mo leotong la me la molema. Ke a tle ke kokonelwe ka dinako tse dingwe, mme seno ga se a ka sa dira gore ke se ka ka kgona go tsamaya. E bile ke rapela gore go se ka ga nkgoreletsa. Ke batla go nna ke ntse ke dira. Ke eletsa thata gore e kete nka tswelela mo tirelong ya bobulatsela go fitlha fela kwa bokhutlong, ke ntse ke itsise leina la ga Jehofa le maikaelelo a gagwe.

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Nna le morwadiake Rita

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela