A go Solofetswe Gore o Abe?
OKA tswa o itse sentle gore gantsi go aba dimpho go laolwa ke ngwao. Mo ditsong di le dintsi go na le dinako tse go solofelwang dimpho ka tsone. Dimpho tse di ntseng jalo di ka tswa di ntshediwa go bontsha tlotlo kana lorato. Dimpho di le dintsi ga di ke di dirisiwa ke batho ba ba di filweng; tse dingwe di thusa go fitlhelela dilo tse di ntseng di tlhokwa tota mme di anaanelwa thata.
Kwa Denmark fa ngwana a tsholwa, ditsala le ba losika ba tla etela koo ba tla le dimpho tse ba solofelang gore di tla solegela losea molemo. Kwa dinageng tse dingwe, ditsala di ka dira moletlo o mo go one go ntshiwang dimpho tseo go santse go lebeletswe gore ngwana a tsholwe.
Gantsi dinako tse go solofelwang dimpho ka tsone, ke ditiragalo tse di tlang ngwaga le ngwaga. E re ntswa mekete e e ntseng jalo e ne e sa tlwaelega mo Bakereseteng ba bogologolo, e setse e tlwaelegile thata mo bontsing jwa batho ba ba ipitsang Bakeresete mmogo le ba e seng Bakeresete. Tlwaelo ya go ntsha dimpho ka malatsi a botsalo e a fela fa ngwana a ntse a gola mo ditsong tse dingwe, mme setso sa Bagerika sone se tlhalosa ka tsela e nngwe. Kwa Gerika malatsi a botsalo a tseelwa kwa godimo thata. Gape ba neela motho dimpho ka “letsatsi la leina” la gagwe. Ke eng seo? Ebu, kafa tlwaelong ya bodumedi letsatsi lengwe le lengwe mo ngwageng le na le “moitshephi,” mme batho ba le bantsi ba teeletswe ka “baitshephi.” Fa letsatsi la “moitshephi” le tla, batho ba ba teeletsweng ka leina la gagwe ba fiwa dimpho.
Kwantle ga mekete ya malatsi a matsalo a bana ba bone, Bakorea ba na le letsatsi la boikhutso la setšhaba le le bidiwang Letsatsi la Bana. Ke nako e batho ba intshang ka malapa, bana ba bo ba neelwa dimpho go sa kgathalesege gore letsatsi la botsalo jwa bone ke lefe. Bakorea gape ba na le Letsatsi la Batsadi, le bana ba fang batsadi ba bone dimpho ka lone, le Letsatsi la Barutabana, le baithuti ba tlotlomatsang barutabana ba bone ka lone ka go ba fa dimpho. Ka Sekorea, fa motho a tshwara dingwaga tse 60, go dirwa mokete o mogolo. Ba lelapa le ditsala ba mo eleletsa gore a tshele lobaka lo lotelele le gore a itumele, le gone motho yo o tshwereng dingwaga tseo o fiwa dimpho.
Lenyalo ke nako e nngwe e go tlwaelegileng thata go ntsha dimpho ka yone. Kwa Kenya fa batho ba babedi ba nyalana, lelapa loorra monyadi le tshwanetse go neela lelapa loorra monyadiwa dimpho. Baeng le bone ba tlisa dimpho. Fa monyadi le monyadiwa ba latela ngwao, ba tla nna mo lefelong le le fa godimonyana, baeng ba bo ba nna ba tlisa dimpho tsa bone. Fa mongwe le mongwe a ntse a tlisa mpho, go dirwa kitsiso ya gore “Semangmang o tliseditse banyadi mpho.” Batho ba le bantsi ba ba tlisang dimpho ba ka utlwa botlhoko thata fa go ka se buiwe jalo ka bone.
Ka Se-Lebanon, fa mongwe a nyalwa, ditsala le baagisani, tota le batho ba ba sa itseng batho bano ba babedi sentle, ba tla malatsi a le mantsi morago ga letsatsi la lenyalo ba tshotse dimpho. Ba rutiwa ba sale bannye gore go ntsha dimpho ke boikarabelo, go tshwana le go duela molato. “Fa o sa go dire ga o ne o itumela,” ga rialo monna mongwe wa Mo-Lebanon. “Ke ngwao.”
Lefa go ntse jalo, mo dinageng di le dintsi, Keresemose ke yone nako e go solofelwang dimpho ka yone go feta ka dinako tse dingwe tsotlhe. A ga go a nna jalo kwa o nnang teng? Bosheng fela jaana ka 1990, go ne ga fopholediwa gore ngwaga le ngwaga Baamerika ba senya madi a a fetang didolara di le dimilione di le dikete tse 40 (diranta di le dimilione di le dikete tse 145) ba reka dimpho tsa Keresemose. Letsatsi leo la boikhutso le ketekiwa ka tlhagafalo gape ke Ba-Buddha le Bashinto ba kwa Japane, mme mokete ono o ketekiwa ka ditsela tse di farologaneng kwa Yuropa, Amerika Borwa le dikarolo tse dingwe tsa Afrika.
Keresemose ke nako e batho ba solofelang go itumela ka yone, mme ba le bantsi ga ba itumele. Le gone batho ba le bantsi ba fitlhela gore go reka dimpho ka lepotlapotla le go tshwenyega thata kaga go duela ditshenyegelo tse di bakilweng go fedisa boitumelo bope fela jo ba neng ba na najo.
Lefa go ntse jalo, Baebele e bolela gore go aba go a itumedisa. Eleruri go a itumedisa, go ikaegile ka gore go dirwa ka moya o o ntseng jang.—Ditiro 20:35, NW.