LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g93 1/8 ts. 10-12
  • Sengwe Se Se Botoka go Gaisa go Aba Dimpho ka Keresemose

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Sengwe Se Se Botoka go Gaisa go Aba Dimpho ka Keresemose
  • Tsogang!—1993
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Mpho ya Botlhokwatlhokwa
  • Go Abela Ba Bangwe Dimpho ka Boipelo Go Go Kgotsofatsang
  • Ditshegofatso tsa go Abela Ba Bangwe Dimpho ka Boipelo
  • A go Abalana Dimpho ka Keresemose Ke Selo Se Se Nang le Tlhaloganyo?
    Tsogang!—1993
  • A go Solofetswe Gore o Abe?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • “Boammaaruri bo Tla lo Golola”!
    Tsogang!—2010
  • Go Aba—Selo Se Se Tlisang Boipelo
    Tsogang!—1993
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1993
g93 1/8 ts. 10-12

Sengwe Se Se Botoka go Gaisa go Aba Dimpho ka Keresemose

“CHRISTOPHER yo o nang le dingwaga di le thataro o ne a mpolelela, jaaka ekete ke selo fela se se tlwaelegileng, gore ka Keresemose ga a fiwe ‘sepesepe fela.’ Mme lefa go ntse jalo tsela eo a neng a bua ka teng e ne e sa bontshe ka gope gore o swabisiwa ke seno. Alexander (8) le ene o ne a ntsha mafatlha a gagwe ka tsela e e tshwanang, a bolela jaana: ‘Re Basupi ba ga Jehofa.’”

Lekwalodikgang la Jeremane eleng Kölner Stadt-Anzeiger le ne la simolola kgang nngwe jalo eo e neng e le mabapi le lelapa lengwe leo lekwalo leo la dikgang le bolelang gore le “itlhokomolosa Keresemose ka gonne e se letlha leo Jesu a tsetsweng ka lone le ka gonne e simologile kwa boheitaneng.” Lefa go ntse jalo a Christopher le Alexander ga ba tlhomole pelo? Le eseng, ereka, jaaka fa kgang eno e ile ya tlhalosa, lefelo le go bewang dilo tsa go tshamekisa bana mo go lone la basimane bano le sa bontshe bosupi bope jwa gore batsadi ga ba ba kgathalele.

Lefa go ntse jalo, batsadi bangwe bao ba neng ba le teng kwa kgannyeng nngwe eo e neng e tšhotlhiwa ke batsadi le barutabana kwa borwa jwa Jeremane ba ne ba bolela gore go bo Basupi ba ga Jehofa ba sa fe bana ba bone dimpho ka Keresemose se ba dira gore ba ikutlwe ba sa phuthologa. Lefa go ntse jalo, seno ga se boammaaruri jaaka fa morutabana wa bone a ile a lemoga. O ne a bolela gore “bana ba Basupi ba ga Jehofa ba ntsha mafatlha a bone ba phuthologile, ba dira dilo ka tekatekano, ebile ba kgona go tlhalosa tumelo ya bone ka botlalo, eleng seo bana ba bangwe ba sa kgoneng go se dira.”

Ee ruri, malapa a le dikete di le masomesome go ralala lefatshe a ile a emisetsa go aba dimpho ka Keresemose ka sengwe se se botoka go gaisa, ba tlhomamisa gore ba tlele bana ba bone dimpho mo ngwageng yotlhe. Seno se ile sa itshupa e le selo sa konokono seo se tlisetsang botlhe boitumelo.

Molemo o mongwe wa seno ke gore se felela ka gore go nne le dinako tse dintsi tsa boitumelo mo gare ga ngwaga, mme ebile bana ba kgona go anaanela mpho nngwe le nngwe go feta. Molemo o mongwe wa seno ke gore bana ba itse gore batsadi ba bone ke bone ba ba abelang dimpho tseo ka ntlha ya go bo ba ba rata, mme bana ba bontsha kanaanelo ya bone mo go bone. Batsadi ga ba ntshe madi a a seng kana ka sepe mmogo le go tsaya matsapa a a seng kana ka sepe mme e bo e re ba sena go dira jalo bana ba bone ba bo ba leboga motho mongwe yo o itswelang fela mo tlhogong yo go tweng ke Santa Claus kana gore bana ba bone ba fetoge batho ba ba sa lebogeng, ba ikutlwa gore ke tiro ya ga Santa go ba tlisetsa dimpho le gore ga go a tshwanela gore a lebogwe.

Mpho ya Botlhokwatlhokwa

Gantsi Dominik, yo o nang le dingwaga di le lesome, mmogo le Tina, yo o nang le dingwaga di le thataro, ba amogela dimphonyana go tswa mo batsading ba bone ba sa di lebelela—tšhokoletenyana mo godimo ga mosamo, pene kana buka ya go kwalela dintlha eo ba ka e dirisang kwa sekolong, kana sengwe sa go tshameka seo ba ka se dirisang mo dikgweding tsa mariga. Mme lefa go ntse jalo ke eng seo ba se itumelelang thata? Batsadi ba bone ba araba jaana: “Fa re senya nako re na le bone—ka sekai, re tshamekela mo segaganeng.”

Batsadi ba bangwe ba le bantsi bao e leng Basupi ba ga Jehofa ba dumalana le seno. Edelgard, o bolela jaana: “Mo lefatsheng leno le go tshelwang go tshwaregilwe mo go lone, nako ke selo sa botlhokwatlhokwa seo nka se nayang bongwanake.” Mme bana ba dumalana le seno! Ursula o bolela gore bana ba gagwe ba bolela gore nako eo ba e senyang ba le mmogo ba intshitse le lelapa ke “mpho e e molemo go di gaisa tsotlhe.” Le eleng modulasetulo wa mokgatlho mongwe wa barutabana kwa Jeremane maloba jaana o ne a bolela gore dimpho tse di molemo thata go di gaisa tsotlhe tsa Keresemose tseo batsadi ba ka di abelang bana ba bone ke nako le bopelotelele.

Ga go na pelaelo malebana le seno, go intsha jaaka mpho—eleng nako ya motho, kamego ya gagwe, le tlhokomelo—go sa kgathalesege gore a motho o e senya a na le lelapa la gagwe kana le ditsala tsa gagwe, eleruri ke mpho ya botlhokwatlhokwa. Lebaka la go bo dimpho tse di ntseng jalo di sa tshwanela go nna ka malatsi a a rileng fela a ngwaga le tshwanetse la bo le le mo pepeneneng.

Go Abela Ba Bangwe Dimpho ka Boipelo Go Go Kgotsofatsang

A o ke o akanye fela ka dikao tsa Basupi ba ga Jehofa bao ba nnang le seabe mo go abeng sengwe seo se botoka go gaisa go aba dimpho ka Keresemose. Wilfried le Inge kwa Jeremane o ne a bolela jaana: “Gantsi re ntsha dimpho ka borona fela, le mororo tse dikgolwane tsone re a tle re di rulaganyetse.” Ka tsela e e tshwanang, Dieter le Debora ba dira boiteko go itswela mo go bone fela jwa go fa morwa wa bone yo mmotlana dimpho ngwaga yotlhe. Ba tlhalosa gore “bogolo jwa mpho kana gore e ja bokae ga go botlhokwa go le kalo, mme dimpho tse dikgolo le tse di jang madi a mantsi ke selo sa sewelo fela.”

Bana ba le bantsi ba lebelela dimpho ka nako ya Keresemose, ka gone seno se dira gore di latlhegelwe ke go nna dimpho tseo motho a neng a sa di lebelela. Helga o bolela gore “bana [ba gagwe] ba itumela thata fa ba amogela dimpho ba ne ba sa di lebelela go feta kafa ba itumelang ka gone fa ba amogela dilo ka dinako tseo ba lebeletseng dimpho ka tsone.” Natascha, yo o nang le dingwaga di le 15, o dumalana gore “go monate go amogela mpho eo o neng o sa e lebelela e e tswang mo pelong go gaisa kafa go ntseng ka teng fa o e amogela ka nako nngwe e e tlhomilweng e le ka gonne go tshwanetswe ga dirwa jalo ka ntlha ya dingwao.”

Ka tsela e e tshwanang, go botlhokwa gore re nne re ntsheditse mofuta wa dimpho tseo bana ba di ratang matlho dinameng. Malebana le seno, Fortunato, yo le ene a nnang kwa Jeremane, o bega jaana: “Dimpho tseo re ba fang tsone gantsi ke dilo tseo bana ba ileng ba bontsha gore ba rata go nna le tsone. Mme lefa go ntse jalo re leka gore re ba di fe ka nako eo ba sa di lebelelang ka yone. Ijo! ka re ekete o ka bona fela kafa ba ipelang ka teng!”

Batsadi gape ba lemoga gore fa ba abela bana ba bone mpho nngwe ka nako eo ba leng kwa gae ka yone ba lwala seo se dira gore sefatlhego sa bone se tlhape. Ba bangwe ba abela bana dimpho pele ga malatsi a boikhutso a sekolo go thusa go dira gore bana ba tshwarege ka sengwe. Ka sekai, pele ga malatsi a boikhutso, Stefan o ne a fiwa maekorosekopo. “O ne a sa lebelela seno ka gope,” rraagwe o bolela jalo, “mme o ne a bo a kalapa ka ntlha ya boitumelo.” Ee ruri, go abela yo mongwe mpho e le selo se se itswelang mo go wena fela, o sa patelediwe ke ope go lere boitumelo jo bogolo mo go yo o abang mpho eo mmogo le mo go yo o e amogelang.

Ke boammaaruri, bana ba na le dilo tsa bone fela tseo ba di eletsang. Jörg le Ursula ba tlhalosa jaana: “Fa morwadiarona a re bolelela seo a se ratang, re buisana le ene ka sone. A selo seo se a eletsang go nna le sone se a utlwala? A selo seo se tshwanela motho wa dingwaga tsa gagwe? A go na le moo re tla se bayang teng mo gae? Fa re sa kgone go mo naya selo seo a se eletsang seno ka bonako, bobotlana re nna re se gakologelwa mme re mo direle jalo ka nako nngwe e e tshwanetseng ya mo isagweng.” Gone ke boammaaruri gore, go botlhale gore o seka wa senya bana ka go ba naya sengwe le sengwe fela seo ba ipetolang ba se batla, eleng seo se tla ba itsang go nna le boitumelo jo bo nnang teng fa motho a amogela dimpho.

Batsadi bao ba nang le mokgwa wa go abela ba bangwe dimpho ba tshela bana ba bone moya ono o ba tla o bontshang ka boipelo. Sebastian yo o nang le dingwaga di le lesome o bolela jaana: “Ga go tlhokafale gore ke emele malatsi a boikhutso go ka dira gore batsadi ba me mmogo le bokgaitsadiake ba itumele. Seo ke se tlhokang fela ke gore go bo go na le sengwe se se intumedisitseng ebile ke na le dipeninyana di sekae mo kgetsing.”

Malapa a Basupi ba ga Jehofa a lemoga gore dimpho tsa mofuta o mongwe, le tsone, di botoka thata go phala go abela ba bangwe dimpho ka Keresemose. Ano ke maeto ao a rulaganyeditsweng kana e le go fapogela golo gongwe fela, a re re ka sekai kwa serapeng sa diphologolo, kwa musiamong, kwa dipontshong, kana kwa lefelong lengwe la magae. Dimpho tse di ntseng jaana di a ruta ebile di ipedisa thata mo basheng.

Ditshegofatso tsa go Abela Ba Bangwe Dimpho ka Boipelo

Fa re dirisa melaometheo eo e leng mo Bibeleng e e leng malebana le go abela ba bangwe dimpho, re tla tila kgatelelo le go betwa ke pelo go go nnang teng ka ntlha ya go abela ba bangwe dimpho ka Keresemose. Mme gakologelwa, fa re dirisetsa nako ya rona mmogo le dikgono tsa rona go fepa ba bangwe le go ba aga mo tlhaloganyong mmogo le semoyeng seo ke mpho eo e leng botlhokwa go phala dimpho tsa dilo tse di bonalang. Mokgwa ono o o gaisang yotlhe wa go aba o nonotsha dikamano tsa ba lelapa, o nonotsha botsala, mme o tlisa boipelo jwa boammaaruri ngwaga otlhe eseng mo mothong yo o amogelang mpho fela mme segolobogolo mo go yo o e ntshang.—Ditihō 20:35.

Ka jalo mo boemong jwa mokgwa o o tlwaelegileng wa go abela ba bangwe dimpho ka go ipatelela ka nako ya Keresemose monongwaga, ke ka ntlha yang fa o sa leke ono o o farologaneng le one? Ke ka ntlha yang fa o sa leke tsela e e farologaneng le eno?

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 12]

A Mme Bana Ga Ba Kitla Ba E Kobela Pelo?

Rebecca, yo o nang le dingwaga di le 16: “Ga ke kobe pelo ka ntlha ya Keresemose, ka ntlha ya gore ke amogela dimpho mo ngwageng yotlhe. Ke ipelela thata mpho eo ke e amogelang ke ne ke sa e lebelela go feta kafa ke ipelelang ka gone eo ke e amogelang motho a patelediwa go dira jalo.”

Tina, yo o nang le dingwaga di le 12: “Eleruri ke itumelela go amogela dimpho tse di tshwanetseng, eseng ka nako nngwe e e tlhomilweng, mme go na le moo ka nako le fa e ka nna efe fela mo gare ga ngwaga—mme eseng dimpho tseo ke tshwanelang go di lebogela mme lefa go ntse jalo tota e le tseo ke sa di batleng le go di batla.”

Birgit, yo o nang le dingwaga di le 15: “Dimpho tsotlhe tse motho a ka di amogelang ga di thuse sepe fa go na le mathata mo lelapeng. Leno ke lone lebaka la go bo re dira dilo mmogo jaaka lelapa.”

Janosch, yo o nang le dingwaga di le 12: “Rona bana re ra rata batsadi ba rona le eleng le fa ba sa re fe dimpho dipe. Lorato lwa bone ka bolone ke mpho e kgolo thata.”

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Mpho e e molemo thata—nako ya gago!

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela