Ba ne Ba “Dira Fela Jalo”
“Lo ke lone lorato lwa Modimo, gore re boloke ditaolo tsa one.”—1 JOHANE 5:3.
1. Ke eng se re ka se bolelang ka selekanyo sa lorato lwa Modimo?
“MODIMO O LORATO.” Batho botlhe ba ba simololang go itse Modimo le go obamela ditaolo tsa gagwe ba anaanela thata lorato loo lo lo boteng. “Lorato lo mo, e seng gore re ratile Modimo, fa e se gore, o ratile rona, mme wa roma Morwa one go tla a nna seletlanyo se se ntsheditsweng dibe tsa rona.” Fa re ntse re dumela mo setlhabelong sa ga Jesu se se tlhwatlhwakgolo sa thekololo, re tla ‘nnela ruri mo loratong lwa Modimo.’ (1 Johane 4:8-10, 16) Ka gone re ka nna ra huma masego a semoya gone jaanong le mo tsamaisong ya dilo e e tlang, e leng botshelo jo bo sa khutleng.—Johane 17:3; 1 Johane 2:15, 17.
2. Batlhanka ba Modimo ba ile ba solegelwa molemo jang ke go boloka ditaolo tsa gagwe?
2 Pego ya Baebele e na le dikai di le dintsi tsa batho ba ba neng ba boloka ditaolo tsa Modimo mme ba ile ba segofadiwa thata ka seo. Batho bano ba akaretsa basupi ba pele ga Bokeresete, ba moaposetoloi Paulo a neng a kwala malebana le bangwe ba bone jaana: “Ba botlhe ba sule ba le mo tumelong, ba ise ba amogele dipolelo tsa tsholofetso; mme ba di bona, ba ba ba di itumelela di le kgakala, ba ipolela fa ba le baeng le baeti mo lefatsheng.” (Bahebere 11:13) Moragonyana, batlhanka ba Modimo ba Bakeresete ba ba neng ba ineetse mo go ene ba ne ba solegelwa molemo ke “tshegofatso le boammaaruri [tse di neng tsa tla] ka Jesu Keresete.” (Johane 1:17) Mo dingwageng tsotlhe tse di ka nnang 6 000 tsa hisitori ya motho, Jehofa o ne a duela batlhanka ba ba ikanyegang ba ba neng ba utlwa ditaolo tsa gagwe, tse tota ‘di sa tlhokofatseng.’—1 Johane 5:2, 3.
Mo Metlheng ya ga Noa
3. Noa o ne a dira “fela jalo” ka ditsela dife?
3 Pego ya Baebele e bolela jaana: “Ka tumelo Noa, e rile a tlhagisitswe ke Modimo ka ga dilo tse di iseng di bonale, a sutelediwa ke poifo ya Modimo, a baakanya ntlo e e kokobalang, gore a tle a boloke ba ntlo ya gagwe, ke e o sekisitseng lefatshe ka yone, mme a tswa morui wa tshiamo e e leng ka fa tumelong.” Noa o ne a utlwa Modimo ka botlalo e le “moreri wa tshiamo,” a tlhagisa lefatshe la pele ga Morwalela le le neng le tletse bothubaki, ka ga katlholo ya Modimo e e neng e le gaufi. (Bahebere 11:7; 2 Petere 2:5) Fa a ne a aga areka, o ne a latela polane e a e neetsweng ke Modimo ka kelotlhoko. Morago ga moo o ne a tsenya diphologolo tse di tlhophilweng le dijo. “Noa a dira jalo; mo go tsotlhe tse Modimo o di mo laoletseng, a dira fela jalo.”—Genesise 6:22.
4, 5. (a) Tlhotlheletso e e boferefere e tsieditse batho go fitlha le mo motlheng ono jang? (b) Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go dira “fela jalo” fa re obamela ditaelo tsa Modimo?
4 Noa le lelapa la gagwe ba ne ba tshwanelwa ke go itshokela tlhotlheletso e e bosula ya baengele ba ba se nang kutlo. Barwa bano ba Modimo ba ne ba ikapesa mebele ya senama ba bo ba tla go aga mmogo le basadi, ba nna le bana ba lotsalo lo e seng lwa tlholego ba ba neng ba na le maatla a a fetang a motho, ba ba neng ba tshwenya batho. “Lefatshe le ne le senyegile fa pele ga Modimo, le ne le tletse thubakano.” Jehofa o ne a tlisa Morwalela gore o gogole kokomana eo e e bosula. (Genesise 6:4, 11-17; 7:1) Fa e sa le ka motlha wa ga Noa baengele ba badimona ga ba ise ba ko ba tlogelwe gore ba ikapese mebele ya batho gape. Lefa go ntse jalo, ‘lefatshe lotlhe la tswelela pele le le ka fa tlase ga yo o bosula,’ Satane Diabolo. (1 Johane 5:19; Tshenolo 12:9) Jesu o ne a tshwantsha kokomana eo ya batsuolodi ba motlha wa ga Noa ka tsela ya boperofeti le kokomana ya batho ba ba ileng ba mo tlhoa fa e sa le sesupo sa “go tla” ga gagwe se simologa go bonala ka 1914.—Mathaio 24:3, 34, 37-39; Luke 17:26, 27.
5 Gompieno, fela jaaka mo motlheng wa ga Noa, Satane o leka go senya batho mmogo le polanete ya rona. (Tshenolo 11:15-18) Ka gone go potlakile gore re tlhwaele tsebe taolo eno e e tlhotlheleditsweng: “Aparang diaparo tsa phemelo tsotlhe tsa Modimo, gore lo tle lo itse go ganela le maano a boferefere a diabolo.” (Baefeso 6:11, bona ntlhanyana e e kwa tlase ya NW.) Re nonotshiwa mo go seno ka go ithuta Lefoko la Modimo le go le dirisa mo matshelong a rona. Mo godimo ga moo, re na le mokgatlho o o re tlhokomelang wa ga Jehofa, o o nang le “motlhanka yo o boikanngo le yo o botlhale” o o tloditsweng le bagolwane ba one ba ba lorato, gore ba re dise ka boitshoko mo tseleng e re tshwanetseng ra tsamaya mo go yone. Re na le tiro ya lefatshe lotlhe e re tshwanetseng go e wetsa. (Mathaio 24:14, 45-47) Fela jaaka Noa, yo o neng a utlwa ditaelo tsa Modimo ka kelotlhoko, e kete re ka “dira fela jalo” ka metlha.
Moshe—O ne A le Boikokobetso go Feta Batho Botlhe
6, 7. (a) Ke eng se Moshe a neng a se tlhopha se se nang le maduo? (b) Ke sekao sefe se se bontshang bopelokgale se Moshe a neng a re tlogelela sone?
6 A o ko o akanye ka monna yo mongwe wa tumelo—Moshe. O ka bo a ne a tshela botshelo jwa go ijesa monate mo manobonobong a kwa Egepeto. Mme o ne a tlhopha “go utlwisiwa botlhoko le batho ba Modimo, bogolo go go ja monate wa dikgatlhego tsa boleo ka lobaka.” Jaaka motlhanka yo o neng a romilwe ke Jehofa, “o ne a lebile tefo ya tuelo [mme] o ne a itshoka jaaka mongwe yo o tlhomileng matlho mo go ene yo o sa bonaleng.”—Bahebere 11:23-28.
7 Re bala jaana mo go Dipalo 12:3: “Monna yoo, Moše, a bo a le boikokobetso thata go feta batho botlhe ba ba neng ba le mo lefatsheng.” Ka tsela e e sa tshwaneng, Faro wa Egepeto o ne a le boikgodiso go feta batho botlhe. Fa Jehofa a ne a laela Moshe le Arone gore ba itsise Faro katlholo ya gagwe, ba ne ba tsaya kgato efe? Re bolelelwa jaana: “Moše le Arone ba dira jaaka Jehofa a ba laotse, ba dira fela jalo.” (Ekesodo 7:4-7) A bo ba re beetse sekao se se bontshang bopelokgale jang ne rona ba re bolelang dikatlholo tsa Modimo gompieno!
8. Go ne go tlhokega gore Baiseraele ba dire “fela jalo” jang, mme boitumelo jo bo neng bo le teng bo tla tshwana le eng mo isagweng e e gaufi?
8 A Baiseraele ba ne ba ema Moshe nokeng ka boikanyegi? Fa Jehofa a se na go itaya Egepeto ka dipetso tse robong mo go tse lesome, o ne a neela Baiseraele ditaolo tse di malebana le go keteka Tlolaganyo. “Mme batho ba ikoba ditlhogo ba obamela Jehofa. Bana ba Iseraele ba ya ba dira fela jalo; jaaka Jehofa a ne a laotse Moše [le Arone, NW], ba dira fela jalo.” (Ekesodo 12:27, 28) Mo gare ga bosigo jwa letsatsi leo le le sa lebalesegeng, ka Nisane 14, 1513 B.C.E., moengele wa Modimo o ne a bolaya batsalwapele ba Baegepeto mme a tlolaganya magae a Baiseraele. Ke ka ntlha yang fa batsalwapele ba Baiseraele ba ne ba se ka ba bolawa? Ka gonne ba ne ba sireleditswe ka madi a kwanyana ya Tlolaganyo, a a neng a gasitswe mo menyakong ya bone. Ba ne ba dira fela jaaka Jehofa a ne a laetse Moshe le Arone. Ee, ba ne ba “dira fela jalo.” (Ekesodo 12:50, 51) Kwa Lewatleng le Lehibidu, Jehofa o ne a tswelela pele a dira kgakgamatso e nngwe fa a ne a boloka batho ba gagwe ba ba mo utlwang fa a ntse a senya Faro le setlhopha se se nonofileng sa masole a gagwe. A bo Baiseraele ba ne ba ipela jang ne! Ka tsela e e tshwanang gompieno, batho ba le bantsi ba ba utlwileng ditaolo tsa ga Jehofa ba tla ipelela go bona ka matlho fa Jehofa a tlotlomadiwa ka Haremagetone.—Ekesodo 15:1, 2; Tshenolo 15:3, 4.
9. Ke ditshiamelo dife tsa motlha wa segompieno tse di tshwantshediwang ke go dira “fela jalo” ga Baiseraele malebana le motlaagana?
9 Fa Jehofa a ne a laela Baiseraele gore ba ntshe moneelo mme ba age motlaagana kwa sekakeng, batho ba ne ba o ntsha ka go rata. Morago ga moo, Moshe le badirikaene ba ba neng ba dira tiro ka go rata ba ne ba latela dipolane tsa mokatako tse di neng di tswa kwa go Jehofa, ba latela le ditaelo tse dinnye tota. “Tiro yotlhe ya motlaagana wa mogope wa bophuthegelo ya wediwa jalo; mme bana ba Iseraele ba dira jaaka tsotlhe tse Jehofa a di laoletseng Moše, ba dira fela jalo.” Ka mo go tshwanang, fa go ne go tlhomiwa baperesiti, “Moše a dira jalo, jaaka tsotlhe tse Jehofa o di mo laoletseng, a dira jalo fela.” (Ekesodo 39:32; 40:16) Mo metlheng ya segompieno, re na le sebaka sa go ema nokeng tiro ya go rera ka pelo yotlhe mmogo le dithulaganyo tsa go atolosiwa ga Bogosi. Ka gone ke tshiamelo ya rona gore re nne seoposengwe fa re dira “fela jalo.”
Joshua—O ne A le Pelokgale e Bile a Nonofile Thata
10, 11. (a) Ke eng se se neng sa thusa Joshua gore a atlege? (b) Re ka nonotshiwa jang gore re itshokele diteko tsa motlha wa segompieno?
10 Fa Moshe a ne a laela Joshua gore a etelele Baiseraele pele go tsena mo nageng e e solofeditsweng, go bonala fa Lefoko la ga Jehofa le le kwadilweng le le le tlhotlheleditsweng le ne le le teng fela mo dibukeng tse tlhano tsa ga Moshe, mo pesalemeng e le nngwe kana di le pedi, le mo bukeng ya ga Jobe. Moshe o ne a laetse Joshua gore a phuthe batho fa ba fitlha kwa Nageng e e Solofeditsweng le go “bal[a] molao o fa pele ga Baiseraele botlhe mo kutlong ya bone.” (Duteronome 31:10-12) Mo godimo ga moo, Jehofa ka boene o ne a laela Joshua jaana: “Lokwalo lo lwa molao, lo se tloge mo molomong wa gago, o akanye mo go lone motshegare le bosigo, gore o tlhokomele go dira ka fa go tsotlhe tse di kwadilweng mo go lone, gonne tsela ya gago e tlaa nna le letlhogonolo jalo, mme o tlaa bona go segofala sentle.”—Jošua 1:8.
11 Go bala “lokwalo” lwa ga Jehofa letsatsi le letsatsi go ne ga thusa Joshua gore a itshokele diteko tse di neng di tla, fela jaaka go bala Lefoko la ga Jehofa e leng Baebele letsatsi le letsatsi go nonotsha Basupi ba Gagwe ba motlha wa segompieno gore ba itshokele diteko tsa ‘metlha eno ya bofelo’ tse di tlhokofatsang. (2 Timotheo 3:1) E re ka re dikologilwe ke lefatshe le le nang le bothubaki, a re reetseng gape tlhagiso eno ya Modimo e a neng a e neela Joshua: “Nna thata le pelokgale; o se boifisiwe, le gone o se ka wa raraana, gonne Jehofa Modimo wa gago o na nao kwa le kwa o yang gone.” (Jošua 1:9) Ditso tsa Iseraele di ne tsa bona maduo a magolo fa di ne di nna mo nageng e ba e ruileng fa ba se na go fenya Bakanana. “Jaaka Jehofa a laotse Moše, bana ba Iseraele ba dira jalo.” (Jošua 14:5) Maduo a a tshwanang a emetse rona rotlhe ba re balang Lefoko la Modimo le go le dirisa mo matshelong a rona, re dira “fela jalo” ka kutlo.
Dikgosi—Tse di Neng Di Ikanyega le Tse di Neng di se Kutlo
12. (a) Dikgosi tsa Iseraele di ne tsa neelwa taolo efe? (b) Go tlhoka kutlo ga dikgosi go ne ga felela ka eng?
12 Re ka reng ka dikgosi tsa Iseraele? Jehofa o ne a dira gore kgosi e utlwe seno se a neng a se tlhoka: “Fa a dula mo setulong sa bogosi jwa gagwe, a a ikwalele malebela a molao o o mo lokwalong, a a tseye mo go lo lo fa pele ga baperesiti, e bong Balefi; mme a nne nalo, a bale mo go lone ka malatsi otlhe a botshelo jwa gagwe, gore a ithute go boifa Jehofa Modimo wa gagwe, le go tshegetsa mafoko otlhe a taolo e, le ditaolo tse, go di dira.” (Duteronome 17:18, 19) A dikgosi tsa Iseraele di ne tsa utlwa taelo eo? Di ile tsa retelelwa thata mo makgetlhong a le mantsi, ka jalo di ne tsa welwa ke diphutso tse di neng di boleletswe pele mo go Duteronome 28:15-68. Kgabagare, Baiseraele ba ne ba gasama “go tswa kwa sekhutlong sengwe sa lefatshe, go ya kwa sekhutlong se sengwe sa lefatshe.”
13. Re ka solegelwa molemo jang, fela jaaka Dafite, ke go bontsha gore re rata Lefoko la ga Jehofa?
13 Lefa go ntse jalo, Dafite—kgosi ya ntlha ya motho go ikanyega kwa Iseraele—o ne a bontsha go ineela mo go Jehofa ka tsela e e tlhomologileng. O ne a itshupa e le ‘ngwana wa tau kwa Juta,’ yo o neng a tshwantshetsa Keresete Jesu, yo o leng ‘Tau [e e fenyang] ya lotso lwa Juta, Modi wa ga Dafite.’ (Genesise 49:8, 9; Tshenolo 5:5) Maatla a ga Dafite a ne a tswa kae? O ne a anaanela thata Lefoko le le kwadilweng la ga Jehofa e bile a le dirisa mo botshelong. Mo go Pesalema 19, e leng “pesalema ya ga Dafite” re bala jaana: “Molao wa ga Jehofa o itekanetse.” Dafite o tswelela pele a bolela jaana fa a se na go bolela ka kgakololo, ditaelo, ditaolo le dikatlholo tsa ga Jehofa: “Di eletsega bogolo go gouta, ee, bogolo go gouta e ntsi, e e bontle bogolo; di bile di botshe bogolo go dinotshe, le bogolo go lomepa lwa dinotshe. Le gone gape motlhanka wa gago o tlhagisiwa ke tsone; mo go di tshegetseng go tuelo e kgolo.” (Pesalema 19:7-11) Fa e le gore go bala Lefoko la ga Jehofa ka malatsi otlhe le go tlhatlhanya ka lone go ne go na le maduo mo dingwageng tse 3 000 tse di fetileng, a bo go na le maduo a mantsi thata jang ne gompieno!—Pesalema 1:1-3; 13:6; 119:72, 97, 111.
14. Tsela e Solomone a neng a e tsaya e bontsha botlhokwa jwa go nna le se se fetang kitso ka tsela efe?
14 Lefa go ntse jalo, ga go a lekana go nna le kitso fela. Gape go botlhokwa gore batlhanka ba Modimo ba dire go dumalana le kitso eo, go e dirisa go ya ka go rata ga Modimo—ee, go dira “fela jalo.” Seno se ka tshwantshiwa ka kgang ya morwa Dafite e bong Solomone, yo Jehofa a neng a mo tlhopha “gore a dule mo setulong sa bogosi jwa ga Jehofa go laola Baiseraele.” Solomone o ne a amogela kabelo ya go aga tempele, a dirisa dipolane tsa mokatako tse Dafite a neng a di amogela ka tsela ya “go tlhotlhelediwa,” (NW). (1 Ditirafalo 28:5, 11-13) Solomone o ne a ka fetsa tiro eno e kgolo jang? Fa Jehofa a ne a araba thapelo ya gagwe, o ne a mo neela botlhale le kitso. Ka gore Solomone a di dirise mmogo le go tlhwaela tsebe dipolane tse a di neetsweng ke Modimo, o ne a kgona go aga ntlo eo e tona fela thata, e e neng ya tlala kgalalelo ya ga Jehofa. (2 Ditirafalo 7:2, 3) Lefa go ntse jalo, morago ga moo Solomone o ne a retelelwa. Ka tsela efe? Molao wa ga Jehofa o ne o boletse jaana malebana le kgosi ya Iseraele: “Le gone a se ka a intsifaletsa basadi, gore pelo ya gagwe e se ka ya fapoga.” (Duteronome 17:17) Lefa go ntse jalo, Solomone “o ne a na le basadi ba le 700, bomorwadia dikgosi, le bagadingwana ba le 300; mme basadi ba gagwe ba . . . faposetsa pelo ya gagwe kwa medimong e sele.” Fa Solomone a setse a godile thata, o ne a sa tlhole a dira “fela jalo.”—1 Dikgosi 11:3, 4; Nehemia 13:26.
15. Josia o ne a dira “fela jalo” ka tsela efe?
15 Go ne go na le dikgosi di sekae tse di neng di na le kutlo kwa Juta, ya bofelo mo go tsone e ne e le Josia. Ka ngwaga wa 648 B.C.E., o ne a simolola go tlosa kobamelo ya medimo ya disetwa mo nageng le go shafatsa tempele ya ga Jehofa. Ke gone koo moperesiti yo mogolo a neng a fitlhela “lokwalo lwa molao wa ga Jehofa o o beilweng ke Moše.” Ke eng se Josia a neng a se dira ka seno? “Kgosi ya tlhatlogela kwa ntlong ya ga Jehofa, e na le banna botlhe ba Juta, le banni ba Jerusalema, le baperesiti, le Balefi le batho botlhe, bagolo le bannye; mme a balela mo ditsebeng tsa bone mafoko otlhe a lokwalo lwa kgolagano, lo lo bonyweng mo ntlong ya ga Jehofa. Mme kgosi ya ema mo bonnong jwa yone, ya dira kgolagano fa pele ga Jehofa, ya re, e tlaa sala Jehofa morago, e tshegetsa ditaolo tsa gagwe, le ditshupo tsa gagwe, le ditao tsa gagwe, ka pelo yotlhe ya yone le ka mowa otlhe wa yone, go dirafatsa mafoko a kgolagano a a kwadilweng mo lokwalong lo.” (2 Ditirafalo 34:14, 30, 31) Ee, Josia o ne a “dira fela jalo.” Ka ntlha ya go ikanyega ga gagwe, Jehofa o ne a emisa go diragatsa katlholo mo go Juta yo o neng a se na tumelo go fitlha ka metlha ya barwa ga gagwe ba ba neng ba se kutlo.
Go Tshela Go ya Ka Lefoko la Modimo
16, 17. (a) Re tshwanetse go latela dikgato tsa ga Jesu ka ditsela dife? (b) Ke batlhanka bafe ba bangwe ba Modimo ba ba leng dikao tsa rona?
16 Mo bathong botlhe ba ba kileng ba tshela, sekao se se molemolemo sa go tlhatlhanya ka Lefoko la Modimo le go tshela go ya ka lone se bontshitswe ke Morena Jesu Keresete. O ne a tsaya Lefoko la Modimo e le sejo sa gagwe. (Johane 4:34) O ne a bolelela bareetsi ba gagwe jaana: “Morwa ga a na go dira sepe ka esi, fa e se se o bonang Rara a se dira; gonne dilo tse o di dirang, Morwa le ene o di dira fela jalo.” (Johane 5:19, 30; 7:28; 8:28, 42) Jesu o ne a “dira fela jalo,” a bolela jaana: “Ke fologile kwa legodimong, ke sa tle go dira go rata ga me, fa e se go rata ga yo o nthomileng.” (Johane 6:38) Rona ba re leng Basupi ba ga Jehofa ba ba ineetseng re kopiwa gore re dire “fela jalo” ka go latela dikgato tsa ga Jesu.—Luke 9:23; 14:27; 1 Petere 2:21.
17 Jesu o ne a nna a akantse ka go dira thato ya Modimo ka metlha. O ne a itse Lefoko la Modimo thata mme ka gone o ne a kgona go araba a dirisa Dikwalo. (Mathaio 4:1-11; 12:24-31) Fa re ela Lefoko la Modimo tlhoko ka metlha, le rona re ka nna “boitekanelo, [re] iketleeletse ruri tiro nngwe le nngwe e e molemo.” (2 Timotheo 3:16, 17) A re ko re saleng morago sekao sa batlhanka ba ba ikanyegang ba ga Jehofa ba mo metlheng ya bogologolo le mo metlheng e e neng ya latela morago ga moo mme mo godimo ga dilo tsotlhe re saleng sekao sa Mong wa rona Jesu Keresete morago, yo o neng a bolela jaana: “Ke raya gore lefatshe le itse fa ke rata Rara, le jaaka Rara a nneile taolo, ke dira fela jalo.” (Johane 14:31) E kete le rona re ka bontsha lorato lwa rona go Modimo ka go tswelela pele re dira “fela jalo.”—Mareko 12:29-31.
18. Ke eng se se tshwanetseng sa re tlhotlheletsa go “nn[a] badiri ba lefoko,” mme ke eng se se tla tlhalosiwang mo setlhogong se se latelang?
18 Fa re ntse re tlhatlhanya ka tsela e e bontshang kutlo ya batlhanka ba Modimo ba mo metlheng ya Baebele, a ga re kgothadiwe go dira tirelo e e ka ikanngwang mo metlheng eno ya bofelo ya tsamaiso e e bosula ya ga Satane? (Baroma 15:4-6) Eleruri re tshwanetse go tlhotlheletsega go “nn[a] badiri ba lefoko” ka botlalo, jaaka setlhogo se se latelang se tla tlhalosa.—Jakobe 1:22.
A o A Gakologelwa?
◻ “Lorato lwa Modimo” lo tshwanetse go kaya eng mo go rona?
◻ Ke eng se re se ithutang mo dikaong tsa ga Noa, Moshe le Joshua?
◻ Dikgosi tsa Iseraele di ne di utlwa “lefoko” la Modimo go ya bokgakaleng bofe?
◻ Jesu ke Motlhomasekao wa rona jang mo go direng “fela jalo”?
[Ditshwantsho mo go tsebe 15]
Noa, Moshe le Joshua ba ne ba “dira fela jalo”