Ba na le Kagiso mo Lefatsheng le le Nang le Dikhuduego
SETSHWANTSHO se se kafa ntle ga makasine ono se bontsha ntwa e e matlhomahibidu ya kwa Bosnia le Herzegovina. A go ka nna le kagiso mo lefelong le le ntseng jalo? O ka gakgamadiwa ke go utlwa gore karabo ke ee. Fa baagi ba Roma Katoliki, ba Eastern Orthodox le Bamoselema ba lwela naga mo nageng eo e e aparetsweng ke matlhotlhapelo, batho ba le bantsi ba eletsa gore go nne le kagiso, mme ba bangwe ba setse ba na le yone.
Ba lelapa la ga Djorem ba ne ba agile kwa Sarajevo, mme e ne e le Basupi ba ga Jehofa. Ba ne ba tlwaetse go etela baagisani ba bone gore ba ba abele mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo go ntse go na le dikhuduego tse di kalokalo mo motseng oo. (Mathaio 24:14) Ka ntlha yang? Ka gonne ba lelapa la ga Djorem ba ne ba itse gore Bogosi jono ke jwa mmatota, le gone bo setse bo tlhomilwe kwa magodimong, le gore batho ba solofetse thatathata mo go jone e bile e le jone fela jo bo tla tlisang kagiso. Basupi ba ga Jehofa ba tshepa thata se moaposetoloi Paulo a se biditseng “mafoko a a molemo a kagiso.” (Baefeso 2:17, NW) Batho ba le bantsi ba na le kagiso kwa Bosnia le Herzegovina, e re ka ba thusitswe ke batho ba ba tshwanang le boBozo le Hena Djorem.
Go Tla Tla Kagiso ya Mmatota
Go na le mo gontsi mo re ka go buang ka ba lelapa la ga Djorem. Lefa go ntse jalo, e re la ntlha re bue ka banyalani ba bangwe ba ba neng ba simolola go ikanya Bogosi jwa Modimo. Maina a bone ke Artur le Arina. Bone mmogo le barwaabone ba babotlana ba ne ba nna kwa repaboliking ya naga e pele e neng e bidiwa Soviet Union. Fa ntwa ya selegae e ne e tlhagoga, Artur o ne a lwela letlhakore le lengwe. Lefa go ntse jalo, go ise go ye kae o ne a ipotsa gore, ‘Ke ka ntlha yang fa ke lwantsha batho bano ba e kileng ya bo e le baagisani ba me?’ O ne a tswa mo nageng eo mme a goroga kwa Estonia le lelapa la gagwe le lebotlana, morago ga gore ba kopane le mathata a mantsi.
Fa Artur a ne a etetse kwa St. Petersburg, o ne a kopana le Basupi ba ga Jehofa mme o ne a kgatlhiwa ke se a neng a se ithuta ka Bogosi jwa Modimo. Go rata ga ga Jehofa ke gore mo bogautshwaneng Bogosi jwa Modimo bo tla nna jone fela jo bo busang batho. (Daniele 2:44) Morago ga moo lefatshe le tla nna lefelo le le nang le kagiso, le le se nang dintwa tsa selegae kana dintwa tsa ditšhaba tsotlhe. Isaia o ne a bolelela pele ka nako eo jaana: “Ga di ketla di utlwisa botlhoko le fa e le go senya mo thabeng yotlhe ya me e e boitshepo; gonne lefatshe le tlaa bo le tletse kitso ya go itse Jehofa, jaaka metsi a khurumeditse lewatle.”—Isaia 11:9.
Fa Artur a se na go bona setshwantsho sa lefatshe le le tlang le le nang le kagiso mo bukeng e ba ithutang Baebele ka yone e Mosupi a neng a e mmontsha, o ne a akgela ka gore o kile a bo a nna mo lefelong le le tshwanang le leo. Lefa go ntse jalo, gone jaanong le sentswe ke ntwa ya selegae. Artur le lelapa la gagwe ba boetse kwa Estonia, mme ba ntse ba ithuta mo gontsi ka Bogosi jwa Modimo ka go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa.
Kagiso fa Gare ga Dikhuduego
Pesalema 37:37 e bolela jaana: “Lepa moitekanedi, o lebe mothokgami; gonne bokhutlo jwa motho yoo ke kagiso.” Tota e bile, kagiso ya motho yo Modimo a mo lebang jaaka moitekanedi le mothokgami e ka se nne mo isagweng fela. O nna le yone gone jaanong. Seo se ka kgonega jang? A o ko o akanye ka boitemogelo jwa monna mongwe yo o bidiwang Paul.
Paul o nna kwa kampeng ya batshabi e e kgakala e e kafa borwabophirima jwa Ethiopia, le mororo tota a tswa mo nageng e e bapileng le eo. O ne a kopana le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa kwa nagagaeng ya ga gabo yo o neng a dira mo khampaning ya lookwane, mme monna yono o ne a mo neela buka ya go ithuta Baebele, ya Boamarure jo bo Isang Botshelong jo Bosakhutleng.a Paul ga a ka a tlhola a bona Mosupi yoo gape, mme o ne a ithuta buka eo ka kelotlhoko. Ntwa ya selegae e ne ya dira gore a tshabele kwa kampeng ya batshabi kwa Ethiopia, mme gone koo o ne a bua le ba bangwe ka se a se ithutileng. Setlhotshwana sa batho se ne sa simolola go dumela fa seno e le boammaaruri. Go ise go ye kae ba ne ba setse ba rerela ba bangwe mo kampeng, go dumalana le se ba se ithutileng.
Paul o ne a kwalela kwa ntlokgolong ya Mokgatlho wa Watch Tower a kopa thuso. Modiredi mongwe yo o neng a rometswe go tswa kwa Addis Ababa o ne a gakgamadiwa ke go fitlhela batho ba le 35 ba mo emetse, ba ikaeletse go ithuta mo gontsi ka ga Bogosi jwa Modimo. Go ne ga dirwa dithulaganyo tsa gore ba thusiwe ka metlha.
Ke eng go ka twe batho ba ba tshwanang le Paul ba na le kagiso? Tsela e ba tshelang ka yone ga e motlhofo, mme lefa go ntse jalo ba dumela mo Modimong. Fa ba amiwa ke dikhuduego tsa lefatshe leno, ba dirisa kgakololo eno ya Baebele: “Lo se ka lwa tlhobaediwa ke sepe; mme mo dilong tsotlhe a ditopo tsa lona di itsisiwe Modimo ka thapelo le kokotlelo, di na le tebogo.” Ke gone ka moo ba kgotsofetseng, e leng selo se se bonwang sewelo gompieno. Mafoko ano a ga moaposetoloi Paulo a a neng a a kwalela phuthego ya Filipi a dira mo go bone: “Kagiso ya Modimo e e fetang tlhaloganyo yotlhe, e tlaa dibela dipelo tsa lona le megopolo ya lona mo go Keresete Jesu.” Eleruri, ba ikutlwa ba na le botsalano jo bo gaufi le Jehofa, “Modimo wa kagiso.”—Bafilipi 4:6, 7, 9.
Kagiso e e Leng Teng Gone Jaanong
Kgosi e e tlhomilweng ya Bogosi jwa Modimo ke Jesu Keresete, yo o bidiwang “Kgosana ya Kagiso” mo Baebeleng. (Isaia 9:6) Moperofeti wa bogologolo o ne a bolela jaana ka ga gagwe: “O tlaa bua kagiso le merafe, mme puso ya gagwe, e tlaa tswa lewatleng lengwe e ya lewatleng le lengwe, e tlaa tswa Nokeng e ye go fitlha kwa dikhutlong tsa lefatshe.” (Sekaria 9:10) Mafoko a a tlhotlheleditsweng a a tshwanang le ano a ne a ama monna mongwe yo o neng a bidiwa José ka tsela e e boteng.
Ka nako nngwe José o ne a le kwa kgolegelong. E ne e le serukhutlhi mme o ne a tshwarwa fa a ntse a dira ditsela tsa go thuntsha bonno jwa mapodise ka bomo. O ne a akanya gore thubakanyo ke yone fela e e tla pateletsang puso gore e tokafatse maemo a naga ya ga gabo. Fa a le kwa kgolegelong, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba simolola go ithuta Baebele le mosadi wa gagwe.
Fa José a se na go gololwa, le ene o ne a ithuta Baebele, mme go ise go ye kae mafoko ano a Pesalema 85:8 a ne a simolola go dira mo go ene: “Ke tlaa utlwa se Modimo, Jehofa, o tlaa se buang, gonne o tlaa bua kagiso le batho ba one, le baitshepi ba one.” Lefa go ntse jalo, temana eno e konela ka tlhagiso eno: “A ba se boele gape mo [go itshepeng, NW].” Ka gone, motho yo o batlang kagiso ya ga Jehofa a ka se leke go itirela dilo ka boene kana a nna kgatlhanong le thato ya Gagwe.
Gompieno, José le mosadi wa gagwe ke badiredi ba Bakeresete. Ba kaela ba bangwe kwa Bogosing jwa ga Jehofa gore ke jone jo bo ka rarabololang mathata a pele José a neng a leka go a rarabolola ka dibomo tse di itiretsweng ka diatla. Ba rata go ikanya Baebele, e e bolelang jaana: “Jehofa o tlaa aba se se molemo.” (Pesalema 85:12) Eleruri, bosheng jaana José o ne a etela kwa bonnong jwa mapodise jo a kileng a rera go bo senya. Ka ntlha yang? Gore a bue le malapa ao ka Bogosi jwa Modimo gone koo.
Batho ba ba Nang le Kagiso
Baebele e bolela jaana mo go Pesalema 37:10, 11: “Gonne e tlaa re kwa pelenyana, moikepi a bo a sa tlhole a le gone. Ee, o tlaa sekaseka felo ga gagwe ka tlhoafalo, mme ene o tlaa ba a seyo. Bapelonomi ba tlaa rua lefatshe; ba tlaa inatefisa mo letlotlong la kagiso.” A bo e le tebelelo e e molemolemo jang ne!
Lefa go ntse jalo, ela tlhoko gore kagiso ya ga Jehofa ke ya “bapelonomi” fela. Batho ba ba batlang kagiso ba ka nna ba tshwanelwa ke go ithuta go nna le kagiso. Go ne go ntse jalo ka Keith, yo o nnang kwa New Zealand. Keith o ne a tlhalosiwa a na le “mesifa e e nonofileng e bile e le ntwadumela, a le bogale thata, e bile a le manganga.” E ne e le leloko la dinokwane e bile a nna mo ntlong nngwe e e neng e sireleditswe thata, e na le ditshingwana tse di neng di sireleditswe ke dintša tse tharo tse di lomang gore di leleke batlhasedi. Mosadi wa gagwe, mmabana ba gagwe ba barataro, o ne a mo tlhadile.
Fa Keith a ne a kopana le Basupi ba ga Jehofa, mafoko a a molemo a ne a mo ama ka tsela e e boteng. Go ise go ye kae ene mmogo le bana ba gagwe ba ne ba ya kwa dipokanong le Basupi. O ne a kgaola moriri wa gagwe o o neng o fitlha kwa lothekeng mme a simolola go bua ka Bogosi jwa Modimo le ditsala tsa gagwe tsa pele. Bangwe ba bone ba ne ba simolola go ithuta Baebele.
Fela jaaka dimilione tsa batho ba ba dipelodisiameng mo lefatsheng lotlhe, Keith o ne a simolotse go dirisa mafoko ano a ga moaposetoloi Petere: “Yo o eletsang go rata botshelo, le go bona metlha e e molemo, . . . a a fapoge bosula, a dire molemo; a a batle kagiso, mme a a e latelele.” (1 Petere 3:10, 11) Mosadi wa ga Keith wa pele o ne a dumela gore a mo nyale gape, mme jaanong Keith o ithuta go ‘batla kagiso le go e latela.’
Kagiso ya ga Jehofa e bolokile matshelo a batho ba le bantsi, go akaretsa le motho yo o neng e le motabogi pele, yo o tsholetsweng kwa nageng e pele e neng e bidiwa U.S.S.R. Monna yono o ne a gapa dimetlele kwa kgaisanong ya Olimpiki, mme o ne a simolola go kgobega marapo a bo a dirisa diokobatsi le go nwa bojalwa. Morago ga dingwaga di le 19 tse a ka sekang a di lebala tse di neng di akaretsa go atlholelwa dingwaga tse tharo mo kgolegelong kwa Siberia, go tsamaya ka sekepe e le mopegi wa dithoto go ya kwa Canada le go nna gaufi le go swa ka makgetlho a le mabedi ka ntlha ya mokgwa wa gagwe wa go dirisa diokobatsi, o ne a rapela Modimo gore o mo thuse go bona lebaka la boammaaruri la go bo a tshela. Go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa ba ba buang Serashia go ne ga mo thusa gore a bone dikarabo tsa dipotso tsa gagwe. Gompieno monna yono, fela jaaka dimilione tse dingwe tsa batho, o na le kagiso le Modimo le mo go ene tota.
Tsholofelo ya Tsogo
La bofelo, a re boeleng gape kwa go Bozo le Hena Djorem kwa Sarajevo. Banyalani bano ba ne ba na le morwadiabone wa dingwaga di le tlhano, e bong Magdalena. Ka July ngogola, ba ne ba tswa mo gae ba le bararo jalo go ya go rera jaaka gale fa bomo e e neng ya thunya e ne ya ba bolaya botlhe. Re ka reng ka kagiso e ba neng ba e rerela ba bangwe? A bomo e e neng ya ba bolaya e bontsha gore seno e ne e se kagiso ya mmatota?
Tota nnyaa! Matlhotlhapelo a a direga mo tsamaisong eno ya dilo. Batho ba bolawa ke dibomo. Ba bangwe ba bolawa ke malwetse kana dikotsi. Ba le bantsi ba bolawa ke botsofe. Batho ba ba nang le kagiso ya Modimo ga ba sirelediwa mo go diragalelweng ke dilo tseo, mme lebaka la go bo di ka ba diragalela ga le dire gore ba nne ba se na tsholofelo.
Jesu o ne a solofetsa tsala ya gagwe Maretha jaana: “Ke nna tsogo le botshelo; yo o dumelang mo go nna, le fa a a swa, le fa go ntse jalo o tlaa tshela.” (Johane 11:25) Ba lelapa la ga Djorem ba ne ba dumela seno, fela jaaka Basupi botlhe ba ga Jehofa ba se dumela. Mme ba lelapa la ga Djorem ba ne ba dumela gore fa ba ne ba ka swa, ba ne ba tla tsosediwa mo lefatsheng le kgabagare le tla nnang lefelo le le nang le kagiso ya mmatota. Jehofa Modimo “o tlaa phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone; ga go ketla go tlhola go le loso; le gone ga go ketla go tlhola go le bohutsana, le fa e le selelo, le fa e le botlhoko; dilo tsa pele di fetetse ruri.”—Tshenolo 21:4.
Nakwana fela pele Jesu a swa, o ne a bolelela balatedi ba gagwe jaana: “Kagiso ya me ke a e lo naya. . . . A dipelo tsa lona di se fuduege.” (Johane 14:27) Re itumela le ba lelapa la ga Djorem ba ba neng ba na le kagiso eo e bile ba tla e itumelela ka botlalo fa ba se na go tsosiwa. Re itumelela botlhe ba ba obamelang Jehofa, Modimo wa kagiso. Batho ba ba ntseng jalo ba ritibetse mo mogopolong. Ba na le kagiso le Modimo. Ba nna le kagiso le batho ba bangwe. Mme ba solofetse isagwe e e nang le kagiso. Ee, ba na le kagiso, le mororo ba tshela mo lefatsheng le le nang le dikhuduego. Eleruri, batho botlhe ba ba obamelang Modimo ka moya le ka boammaaruri ba na le kagiso. E kete le wena o ka nna le kagiso eo.
[Ntlha e e kwa tlase]
a E gatisitswe ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
[Ditshwantsho mo go tsebe 7]
Ba na le kagiso go sa kgathalesege gore ba tshela mo lefatsheng le le nang le dikhuduego