LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w96 2/15 ts. 3-4
  • Thubakanyo e Gongwe le Gongwe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Thubakanyo e Gongwe le Gongwe
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Thubakanyo mo Gae
  • Thubakanyo Kwa Tirong
  • Thubakanyo mo Metshamekong le mo Boitlosobodutung
  • Thubakanyo mo Sekolong
  • Setso se se Tletseng Thubakanyo
  • Modimo o Ikutlwa Jang ka Thubakanyo?
    Tsogang!—2002
  • A go Ka Nna le Lefatshe Le le Se Nang Tirisodikgoka?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2016
  • Tirisodikgoka mo Lelapeng E Tsalwa Ke Eng?
    Tsogang!—1993
  • Dikgoka
    Tsogang!—2015
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
w96 2/15 ts. 3-4

Thubakanyo e Gongwe le Gongwe

FA MOKGWEETSI a ntse a dutse mo koloing ya gagwe a letetse gore diroboto di mmulele, ka bonako fela o ne a bona monna mongwe wa seganka a tla kafa ntlheng ya gagwe, a ntse a goa matlhapa, a kgatikanya lebole la gagwe mo moyeng. Mokgweetsi o ne a lotlela ditswalo tsa gagwe a ba a tswala difensetere ka bofefo, mme monna yono wa seganka o ne a ntse a tla. Monna yono o ne a otlolola letsogo a kgotlhokgotsa koloi a bo a leka go bula setswalo sa koloi. Kgabagare, o ne a tsholetsa lebole la gagwe le legolo a tenegile a le itaaganya mo galasing e e ka kwa pele ga koloi, a e thubaganya ditokitoki.

A seno ke karolo ya filimi nngwe e e tshosang? Nnyaa! Eno e ne e le kgotlhang ya bakgweetsi mo setlhaketlhakeng sa Oahu, Hawaii, se se itsegeng se na le batho ba ba ritibetseng, ba ba iketlileng.

Seo ga se gakgamatse. Dilloko mo ditswalong, ditshipi mo difensetereng, batlhankedi ba tsa pabalesego mo dikagong, tota le matshwao mo dibeseng a a reng “Mokgweetsi ga a tshola madi”—tsotlhe di supa selo se le sengwe fela: Thubakanyo e gongwe le gongwe!

Thubakanyo mo Gae

Legae ga le bolo go ratiwa ka gonne e le lefelo le le sireletsegileng le motho a nang le lone. Lefa go ntse jalo, kgopolo eno e ntle e ntse e fetoga ka bofefo. Thubakanyo ya mo gae, e e akaretsang go sotlwa ga bana, go itewa ga motho ke yo a nyalaneng le ene, go bolaana, go fetogile dikgang tsa konokono mo lefatsheng lotlhe.

Ka sekai, Manchester Guardian Weekly e bolela gore “bobotlana bana ba le 750 000 kwa Boritane ba ka nna ba amega mo tlhaloganyong ka nako e telele ka gonne go na le thubakanyo mo lelapeng la bone.” Pego eno e ne e tswa mo patlisisong e gape e neng ya fitlhela gore “basadi ba le bararo mo go ba le banè ba ba neng ba botsolodiwa ba ne ba bolela gore bana ba bone ba ne ba bone ditiragalo tsa thubakanyo, mme mo e batlileng e le peditharong ya bana ba ne ba bone bommaabone ba itewa.” Ka tsela e e tshwanang, go ya ka U.S.News & World Report, U.S. Advisory Board on Child Abuse and Neglect e fopholetsa gore “bana ba le 2 000, ba bontsi jwa bone ba leng kwa tlase ga dingwaga tse 4, ba swa ngwaga le ngwaga ba bolawa ke batsadi ba bone kana ke batlhokomedi ba bone.” Palo eno e feta ya batho ba ba bolailweng ke dikotsi tsa dikoloi, go nwela, kana go wa, kafa pego e bolelang ka teng.

Thubakanyo ya mo lwapeng gape e akaretsa go sotliwa ga motho ke yo a nyalaneng le ene, mme go akaretsa go kgaramediwa, go phanngwa, go ragiwa, go betwa, go itewa, go tshosediwa ka thipa kana tlhobolo, kana le eleng go bolawa. Mme gompieno mofuta ono wa thubakanyo o ka dirwa ke banyalani ka bobedi. Patlisiso nngwe e fitlhela gore mo thubakanyong e go begiwang e dirwa ke banyalani, mo e ka nnang kwatara ya dikgotlhang e simololwa ke monna, kwatara e nngwe e simololwa ke mosadi, mme tse dingwe di ka tlhalosiwa e le dikomang tse mongwe le mongwe wa bone a leng molato mo go tsone.

Thubakanyo Kwa Tirong

Kafa tlwaelong kwa tirong e ntse e le lefelo le le kgakala le legae koo motho a fitlhelang thulaganyo, tlotlo, le go itshwara sentle teng. Mme go lebega go sa tlhole go ntse jalo. Ka sekai, dipalo tse di boletsweng ke U.S. Department of Justice di bontsha gore ngwaga le ngwaga batho ba ba fetang 970 000 ba direlwa bokebekwa jo bo setlhogo kwa tirong. Fa e bewa ka tsela e nngwe, “modiri a le mongwe mo go bangwe le bangwe ba le banè o mo kotsing ya go tlhaselwa mo thubakanyong ya mofuta mongwe kwa tirong,” go ya ka pego nngwe e e mo lokwalopakeng lwa Professional Safety—Journal of the American Society of Safety Engineers.

Se se tshwenyang thata ke gore kwa tirong thubakanyo ga e felele fela ka dikomang kana go tlhabana ka mafoko. Pego yone eo e bolela jaana: “Thubakanyo e e lebagantsweng bahiri le bahiriwa ka tlhamalalo e e dirwang ke bahiriwa ba bangwe jaanong ke mofuta o o golang ka bofefo go feta e mengwe ya go bolaana kwa United States.” Ka 1992, motho a le 1 mo go ba le 6 ba ba tlhokafaletseng mo tirong o ne a bolailwe; mme mo basading, palo e ne e batlile e nna a le 1 mo go ba le 2. Go ka se ganediwe gore thubakanyo e setse e tsenelela le mo tirong kwa pele e neng e le lefelo le le nang le thulaganyo.

Thubakanyo mo Metshamekong le mo Boitlosobodutung

Gantsi batho ba ntse ba tsenela metshameko le boitlosobodutu e le go ikhutsa kana go itapolosa gore motho a tle a lapologelwe a kgone go dira ditiro tsa botlhokwa thata mo botshelong. Gompieno boitlosobodutu ke madirelo a a busetsang dimilionemilione tsa diranta. E le gore ba bone dipoelo tse dintsi ka mo go ka kgonegang ka gone mo kgwebong eno e e busetsang thata, barulaganyi ba boitlosobodutu ga ba okaoke go dirisa mokgwa ope fela o ba o bonang. Mme mongwe wa mekgwa e e ntseng jalo ke thubakanyo.

Ka sekai, Forbes, makasine mongwe wa kgwebo o ne wa bega gore modiri mongwe wa metshameko ya dibidio o na le motshameko mongwe o o ratiwang thata wa ntwa o mo go one motlhabani a komolang tlhogo le monyetsane wa yo a lwang le ene fa babogedi ba ntse ba goa ba re, “Mo feleletse! Mo feleletse!” Lefa go ntse jalo, motshameko o o tshwanang le ono o o diretsweng khampani e nngwe e e gaisanang le yone one ga o na karolo eo e e tsitsibanyang mmele. Seo se feletse ka eng? Motshameko o o nang le thubakanyo e ntsi o rekwa thata go feta o mongwe ka rashio ya dibidio tse 3 go tse 2. Mme seno se kaya madi a mantsi. Fa mefuta ya metshameko eno e e tshamekwang mo gae e simolola go rekisiwa, dikhampani di ne tsa boelwa ke diranta di le dimilione tse 235 mo lefatsheng lotlhe mo dibekeng tsa ntlha tse pedi! Fa go na le dipoelo, thubakanyo ke sengwe fela sa dilo tse di gogelang bareki.

Thubakanyo mo metshamekong ke kgang e nngwe fela. Gantsi batshameki ba ikgantsha ka tshenyo e ba kgonang go e dira. Ka sekai, mo motshamekong mongwe wa hoki ka 1990, go ne ga nna le diphenaliti di le 86—palo e e kwa godimo ka tsela e e sa tlwaelegang. Motshameko o ne wa tsenwa gare ke diura tse tharo le sephatlo tsa tlhakatlhakano. Motshameki mongwe o ne a alafelwa lerapo le le robegileng la sefatlhego, lethaitlho le le ngapegileng, le go segwa mo go boteng. Ke eng fa thubakanyo e le kanakana? Motshameki mongwe o ne a tlhalosa jaana: “Fa o fenya motshameko o o neng o kuka maikutlo tota, go lolwe gantsi, o boela gae o ikutlwa o atamalane thata le ba o leng mo setlhopheng le bone. Ke ne ke akanya gore dintwa di ne di dira gore e nne motshameko o o nang le maikutlo tota.” Go bonala e kete mo metshamekong e mentsi ya gompieno, thubakanyo ga e tlhole e le tsela fela ya go batla mokgele, mme ke yone mokgele.

Thubakanyo mo Sekolong

Sekolo ga se bolo go nna se lejwa e le botshabelo jo basha ba ka yang kwa go jone ba ya go tshwarega ka go tlhabolola megopolo le mebele ya bone ba sa tshwenyege ka dilo di sele. Lefa go ntse jalo, gompieno sekolo ga e tlhole e le lefelo le le sireletsegileng le le babalesegileng. Ka 1994 patlisiso ya Gallup e ne ya fitlhela gore thubakanyo le digopa di baka bothata jo bogolo go feta a mangwe otlhe kwa dikolong tsa botlhe kwa United States, bo baka ditshenyegelo tse di fetang madi a a abetsweng dikolo, ao e neng e le one a a kwa godimo mo lenaaneng la ngwaga wa pele ga foo. Tota boemo bo maswe go le kana kang?

Fa baithuti ba ne ba bodiwa jaana, “A o kile wa tlhaselwa mo thubakanyong e e diragetseng kwa sekolong kana gaufi le sekolo?” mo e batlileng e le moithuti a le 1 mo go ba le 4 mo patlisisong eno o ne a araba ka ee. Barutabana ba feta bongwe mo lesomeng le bone ba ne ba araba ka ee. Patlisiso yone eno e ne ya fitlhela gore diperesente tse 13 tsa baithuti, basimane le basetsana, ba ne ba dumela gore ba kile ba tsamaya ba tshotse sebetsa kwa sekolong ka nako nngwe. Bontsi jwa bone ba ne ba bolela gore ba ne ba dira jalo e le fela gore ba kgatlhe ba bangwe kana ba itshireletse. Mme moithuti mongwe wa dingwaga tse 17 o ne a thuntsha morutabana wa gagwe mo sehubeng fa morutabana a ne a leka go mo tseela tlhobolo ya gagwe.

Setso se se Tletseng Thubakanyo

Go ka se ganediwe gore thubakanyo e gongwe le gongwe gompieno. Mo gae, kwa tirong, kwa sekolong le mo boitlosobodutung, re dirisana le setso se se tletseng thubakanyo. E re ka batho ba le bantsi ba e bona letsatsi le letsatsi, ba setse ba e amogetse fela jaaka sengwe se se tlwaelegileng—go fitlha bone ba tlhaselwa. Ba tla bo ba botsa gore, A e tla tsamaya e fela? A le wena o ka rata go itse karabo? Tsweetswee bala setlhogo se se latelang he.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela