Go Kopana mo Tirelong ya Modimo mo Dipakeng le Tse di Monate le Tse di Botlhoko
Jaaka go boletse Michel le Babette Muller
KE LO tsholetse dikgang tse di sa itumediseng,” ngaka e ne ya bua jalo. “Lo tshwanetse go lebala ka botshelo jwa lona jwa go nna barongwa kwa Afrika.” O ne a leba mosadi wa me, Babette, mme a re, “O na le kankere ya mabele.”
Re ne ra gakgamala thata. Go ne ga tla dilo tse dintsi mo megopolong ya rona. Re ne re itheile ra re go ya ga rona kwa ngakeng e ne e le go ya go itlhatlhoba la bofelo. Re ne re setse re rekile dithekete tsa rona tsa go boela kwa Benin, kwa Afrika Bophirima. Re ne re solofetse go boela teng pele beke e fela. Ka dingwaga tse 23 re ntse re nyalane, re ne ra nna le dipaka tse di monate le tse di botlhoko. Le mororo re ne re tlhakane ditlhogo e bile re tshogile, re ne ra ipaakanyetsa go lwantshana le bolwetse jono jwa kankere.
A re simolole kwa tshimologong. Michel o bonwe ka September 1947, Babette ka August 1945. Re ne ra golela kwa Fora mme ra nyalana ka 1967. Re ne re nna kwa Paris. E ne ya re moso mongwe fa 1968 a ne a simologa, Babette o ne a siilwe ke nako ya go ya kwa tirong. Go ne ga tla mosadi mongwe mme a mo naya boroutšhara jwa bodumedi; o ne a bo amogela. Mme mosadi yono o ne a re: “A nka boela kwano le monna wa me go tla go buisana le wena le monna wa gago?”
Babette o ne a akantse fela ka tiro ya gagwe. Mme a batla gore mosadi yono a tsamaye, ka jalo o ne a re, “Go siame, Go siame.”
Michel o anela jaana: “Ke ne ke sa kgatlhegele bodumedi, mme boroutšhara jono bo ne jwa nkgatlha thata, mo e leng gore ke ne ka bo bala. Morago ga malatsi a se kae, mosadi yole, e leng Joceline Lemoine, o ne a boa gape a na le monna wa gagwe, e bong Claude. Monna yono o ne a na le bokgoni jwa go dirisa Baebele sentle thata. O ne a araba dipotso tsa me tsotlhe. Ke ne ka kgatlhega fela thata.
“Babette e ne e le Mokatoliki yo o tlhoafetseng mme o ne a sena Baebele, e leng selo se se tlwaelegileng ka Makatoliki. O ne a itumetse thata go bona le go bala Lefoko la Modimo. Mo thutong ya rona re ne ra ithuta gore bontsi jwa dithuto tsa bodumedi tseo re di rutilweng e ne e le maaka. Re ne ra simolola go bua le ba losika le ditsala ka ga dilo tseo re di ithutileng. Ka January 1969 re ne ra nna Basupi ba ga Jehofa ba ba kolobeditsweng. Mme ka bonako fela morago ga moo ba losika le ditsala tsa rona ba le robonngwe ba ne ba kolobediwa.”
Go Direla Kwa Bareri ba Neng ba Tlhokega Teng
Ka bonako fela morago ga fa re sena go kolobediwa, re ne ra akanya gore: ‘Ga re na bana. Ke ka ntlha yang fa re sa tsene mo tirelong ya nako e e tletseng?’ Ka jalo ka 1970 re ne ra tlogela ditiro tsa rona ra ikwadisetsa go nna babulatsela ba ka metlha, mme ra fudugela kwa toropong e nyenyane ya Magny-Lormes, gaufi le Nevers, e e mo bogareng jwa Fora.
E ne e le kabelo e e bokete. Go ne go le thata go bona batho ba ba batlang go ithuta Baebele. Re ne re sa bone tiro ya boitshediso, ka jalo re ne re na le madi a le mannye fela. Ka dinako tse dingwe re ne re ja ditapole fela. Mariga dithemperetšha di ne di fologela kwa tlase thata fela ga boswa kgapetla. Re ne ra bitsa nako ya fa re santse re nna koo ra re ke nako ya dikgomo tse supa tse di mekoduwe.—Genesise 41:3.
Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a re tshegetsa. Ka letsatsi lengwe re sena dijo, monna wa poso o ne a re tlisetsa lebokoso le letona la tšhisi le tswa kwa go mogolowe Babette. Ka letsatsi lengwe fa re boela gae morago ga go rera re ne ra fitlhela ditsala tsa rona tse di neng di kgweeditse sekgala sa dikilometara tse 500 go tla go re bona. Morago ga fa bakaulengwe ba sena go utlwalela tsela eo botshelo bo neng bo le bokete ka yone, ba ne ba re tlela dijo ba tla ba di tladitse mo dikoloing tsa bone tse pedi.
Morago ga ngwaga le halofo, Mokgatlho o ne wa re tlhopha go nna babulatsela ba ba kgethegileng. Mme mo dingwageng tse nnè tse di neng tsa latela, re ne ra direla kwa Nevers, ra ya kwa Troyes, mme morago ra ya kwa Montigny-lès-Metz. Ka 1976, Michel o ne a tlhophiwa go direla jaaka molebedi wa potologo kwa borwabophirima jwa Fora.
Dingwaga tse pedi morago ga moo, ka nako ya sekolo sa balebedi ba potologo, re ne ra bona lekwalo le le tswang kwa Mokgatlhong wa Watch Tower le re laletsa go direla jaaka barongwa kwa dinageng di sele; lekwalo leno le ne le re re ka nna ra tlhopha gore a re batla go direla kwa Chad kana Burkina Faso (e e neng e le Upper Volta). Re ne ra tlhopha Chad. Ka bonako fela re ne ra bona lekwalo le lengwe, le ne le re abela go ya go dira kwa lekaleng la Tahiti. Re ne re kopile Afrika, kontinente e kgolo, mme ka bonako re ne ra iphitlhela re le mo setlhaketlhakeng se sennye!
Go Direla mo Pacific Borwa
Tahiti ke setlhaketlhake se sentle sa boboatsatsi se se mo Pacific Borwa. Fa re fitlha teng, bakaulengwe ba ba ka nnang lekgolo ba ne ba tla go re kgatlhantsha kwa boemeladifofaneng. Ba ne ba re amogela ka dithunya tse dintle mme, lefa re ne re lapile morago ga loeto lwa rona lo loleele go tswa Fora, re ne re itumetse thata.
Morago ga dikgwedi tse nne re sena go goroga mo Tahiti, re ne ra palama mokorwana o monnye wa disaile o tletse ka dikokonata tse di omisitsweng. Morago ga malatsi a le matlhano re ne ra fitlha kwa kabelong ya rona e ntšha—e leng kwa setlhaketlhakeng sa Nuku Hiva kwa Marquesas Islands. Mo setlhaketlhakeng seo go ne go nna batho ba ba ka nnang 1 500, mme go ne go sena lefa ele mokaulengwe a le mongwe. E ne e le rona fela.
Maemo e ne e santse e le a bogologolo ka nako eo. Re ne re nna mo ntlwaneng e e dirilweng ka konkereite le letlhaka. Go ne go sena motlakase. Re ne re na le pompo ya metsi e e neng e tswa metsi ka nako nngwe, mme metsi a yone a ne a le seretse. Gantsi, re ne re dirisa metsi a pula a a dibeleditsweng mo kgamelong. Go ne go sena ditsela tse di baakantsweng sentle, fa e se fela tselana e tshesanyane ya mmu.
Gore re fitlhelele dikarolo tse di kgakala tsa setlhaketlhake, re ne re tshwanela go hira dipitse. Disale tsa tsone di ne di dirilwe ka logong—di ne di sa nnise sentle, segolobogolo mo go Babette yo o neng a ise a tsamaye a palame pitse. Re ne re tsamaya ka thipa e kgolo gore re e tle re rema letlhaka le le neng le wetse mo tselaneng eo. E ne e le botshelo jo bo farologaneng thata le jwa kwa Fora.
Re ne re tshwara dipokano tsa Sontaga, lefa e ne e le rona fela re le babedi ba re neng re nna gone. Kwa tshimologong re ne re sa nne le dipokano tse dingwe ka gonne re ne re le babedi fela. Go na le moo, re ne re bala fela dintlha tse di neng di tla dirisiwa mo dipokanong tseno mmogo.
Morago ga dikgwedi di se kae, re ne ra dira tshwetso ya gore ga go a siama go tswelela re dira jalo. Michel o anela jaana: “Ke ne ka raya Babette ke re, ‘Re tshwanetse go apara sentle. O nne fale, mme nna ke tla nna fa. Ke tla simolola ka thapelo, mme re tla nna le Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo le Pokano ya Tirelo. Ke tla botsa dipotso, mme o tla araba, lefa o le esi fela mo ntlong.’ Go ne go le molemo go dira jalo ka ntlha ya gore go motlhofo go koafala semoyeng fa go sena phuthego.”
Go ne ga tsaya lobaka gore batho ba tle mo dipokanong tsa rona tsa Bokeresete. Re ne ra nna babedi fela ka dikgwedi tsa ntlha tse robedi. Mme morago, go ne ga tla a le mongwe, ba babedi, kana ka dinako tse dingwe ba bararo. Ka ngwaga mongwe re ne ra simolola go keteka Sejo sa Morena sa Maitseboa sa ngwaga le ngwaga re le babedi fela. Morago ga metsotso e e lesome, batho bangwe ba ne ba tla, mme ke ne ka emisa puo ke be ke e simolola gape.
Gompieno, go na le baboledi ba ba 42 le diphuthego tse tharo kwa Marquesas Islands. Le mororo bontsi jwa tiro bo dirilwe ke ba ba tlileng morago ga rona, batho bangwe ba re neng ra boela kwa go bone ka nako eo, gone jaanong ba kolobeditswe.
Bakaulengwe ba Rona ba Botlhokwa Thata
Re ne ra ithuta go nna pelotelele kwa Nuku Hiva. Re ne re tshwanela go leta sengwe le sengwe kwantle fela ga dilo tse re neng re di tlhoka thata. Ka sekai, fa o ne o batla buka, o ne o tshwanela go e otara ka lekwalo, mme o bo o leta ka dikgwedi tse pedi kana tse tharo pele ga e goroga.
Sengwe gape se re se ithutileng ke gore bakaulengwe ba rona ba botlhokwa thata. Fa re ne re etetse Tahiti mme kwa pokanong re bo re utlwa bakaulengwe ba opela, re ne ra tsholola dikeledi. Gone ke boammaaruri gore go ka nna ga bo go sa itumedise go dirisana le bakaulengwe bangwe, mme fa o le nosi, o kgona go bona kafa go leng monate ka teng go kopana le bakaulengwe ba bangwe. Ka 1980 Mokgatlho o ne wa swetsa gore re tshwanetse go boela kwa Tahiti mme re dire tiro ya potologo. Fa re le koo re ne ra kgothadiwa thata ke kamogelo e e bothitho ya bakaulengwe mmogo le go rata ga bone tiro ya go rera. Re ne ra fetsa dingwaga tse tharo re potologa kwa Tahiti.
Go Tswa Setlhaketlhakeng go ya Setlhaketlhakeng
Moragonyana re ne ra romelwa kwa legaeng la barongwa kwa Raïatéa, kwa setlhaketlhakeng se sengwe sa Pacific, mme re ne ra nna koo ka lobaka lo lo ka nnang dingwaga tse pedi. Morago ga Raïatéa, re ne ra abelwa go potologa kwa ditlhaketlhakeng tsa Tuamotu. Re ne ra etela ditlhaketlhake tse 25 mo go tse 80 ka mokoro. E ne e le selo se se thata mo go Babette. E ne e re nako le nako fa a tsamaya ka mokoro a bo a lwala.
Babette o ne a re: “Go ne go le maswe! Ke ne ke lwala ka nako yotlhe fa re le mo mokorong. Fa e le gore re ne re palame mokoro ka malatsi a le matlhano, ke ne ke lwala ka malatsi a matlhano. Go ne go sena melemo e e nthusang. Lefa gone ke ne ke lwala, ke akanya gore lewatle le ne le le lentle, le ne le lebega sentle thata. Ditolofine di ne di siana mo thoko ga mokoro. E ne e re fa o opa diatla, di be di tlolela kwantle ga metsi!”
Morago ga dingwaga tse tlhano re ntse re potologa, re ne ra abelwa gape go ya kwa Tahiti ka dingwaga tse pedi mme re ne ra itumelela gape tiro ya go rera. Phuthego ya rona e ne ya oketsega go tloga go baboledi ba le 35 go ya go ba le 70 mo ngwageng le halofo. Ba le 12 ke bao re ithutileng Baebele le bone, ba bo ba kolobediwa pele re tsamaya. Bangwe ba bone jaanong ke bagolwane mo phuthegong.
Re ne re feditse dingwaga tse 12 kwa Pacific Borwa. Mme re ne ra amogela lekwalo le le tswang kwa Mokgatlhong le le neng le re barongwa ga ba tlhole ba batlega kwa ditlhaketlhakeng tseno ka gonne diphuthego di ne di setse di nonofile. Go ne go na le baboledi ba ba ka nnang 450 fa re ne re fitlha kwa Tahiti, mme fa re tsamaya go ne go na le ba ba fetang 1 000.
Go ya Afrika Kgabagare!
Re ne ra boela kwa Fora, mme morago ga kgwedi le halofo, Mokgatlho o ne wa re naya kabelo e ntšha—kwa Benin, kwa Afrika Bophirima. Re ne ra itumela thata ka gonne re feditse dingwaga tse 13 re ntse re batla go ya Afrika.
Re ne ra goroga kwa Benin ka November 3, 1990, mme re ne re le bangwe ba barongwa ba ntlha bao ba neng ba goroga morago ga gore thibelo ya tiro ya go rera ka Bogosi ka dingwaga tse 14 e fedisiwe. Go ne go itumedisa thata. Ga re a ka ra nna le bothata jwa go tlwaela gonne botshelo jwa teng bo ne bo tshwana le jwa kwa ditlhaketlhakeng tsa Pacific. Batho ba teng ba ne ba le botsalano e bile ba amogela baeng fela thata. O ka ema mme wa bua le mongwe le mongwe yo o fetang ka tsela.
Morago fela ga dibeke di sekae re gorogile mo Benin, Babette o ne a lemoga gore o na le kuruga mo teng ga lebele la gagwe. Mme re ne ra ya kwa tliliniking e nnye e e neng e le fa gaufi le ofisi ya lekala e ntšha. Dingaka di ne tsa mo tlhatlhoba mme tsa re o tshwanetse go arwa ka bonako. Ka letsatsi le le latelang re ne ra ya kwa tliliniking e nngwe koo re neng ra feta ra bona ngaka e e tswang kwa Yuropa gone, e leng mankge wa malwetse a basadi yo o tswang Fora. Le ene o ne a re re tshwanetse go boela Fora ka bonako gore Babette a kgone go ariwa. Morago ga malatsi a mabedi re ne ra palama sefofane ra ya Fora.
Re ne re utlwile botlhoko fa re ne re tswa mo Benin. Bakaulengwe ba ne ba itumetse fela thata go bo ba ne ba na le barongwa ba basha, mme e bile le rona re itumeletse go bo re na le bone morago ga gore go nne le kgololesego ya bodumedi gape mo nageng eno. Ka jalo re ne re utlwile botlhoko go bo re ne re tshwanetse go tsamaya morago ga go nna mo nageng eno ka dibeke di se kae fela.
Fa re goroga kwa Fora, ngaka e e arang e ne ya tlhatlhoba Babette mme ya tlhomamisa gore o tshwanetse go ariwa. Dingaka di ne tsa dira ka bonako, mme tsa mo ara mo karolonyaneng e nnye fela, mme tsa ntsha Babette mo bookelong ka letsatsi le le latelang. Re ne ra akanya gore go fedile.
Morago ga malatsi a le robedi, re ne ra kopana le ngaka e e arang. Ke gone foo a neng a re itsise dikgang tsa gore Babette o na le kankere ya mabele.
A bontsha tsela eo a neng a ikutlwa ka yone ka nako eo, Babette a re: “La ntlha ke ne ke sa hutsafala thata jaaka Michel. Mme letsatsi morago ga go utlwa dikgang tseno, ke ne ka tlhakatlhakana. Ke sa kgone go lela. Ke sa kgone go tshega. Ke ne ke akanya fela gore ke tlile go swa. Mo go nna, kankere e ne e tshwana fela le loso. Kakanyo ya me e ne e le gore, Re tshwanetse go dira se re ka kgonang go se dira.”
Go Lwantshana Le Kankere
Re ne re utlwile dikgang tseno tse di seng monate ka Labotlhano, mme Babette o ne a tshwanetse go ya go ariwa lekgetlho la bobedi ka Labobedi. Re ne re nna le mogoloe Babette, mme le ene o ne a lwala, ka jalo re ne re se kitla re kgona go tswelelapele re nna le ene mo foleteng ya gagwe.
Re ne ra ipotsa gore tota re tla ya kae. Mme re ne ra gopola Yves le Brigitte Merda, banyalani ba re kileng ra nna le bone. Banyalani bano ba ne ba kile ba re amogela sentle thata. Ka jalo re ne ra leletsa Yves mogala mme ra mmolelela gore Babette o tshwanetse go ariwa mme e bile ga re itse gore re tla nna kae. Mme ra mmolelela le gore Michel o batla tiro.
Yves o ne a naya Michel tiro, gore a dire mo ga gagwe. Bakaulengwe ba ne ba re tlhokomela le go re kgothatsa ka ditiro tse dintsi thata tsa bopelonomi. E bile ba ne ba re thusa le ka madi. Mokgatlho o ne wa duelela ditshenyegelo tsa kalafi ya ga Babette.
Karo ya gagwe e ne e le kgolo. Dingaka di ne tsa tshwanela go ntsha dikgeleswa tse di mo go ene le lebele. Di ne tsa simolola go dirisa kalafi ya dikhemikale ka bonako. Morago ga beke Babette o ne a tswa mo bookelong, mme o ne a tshwanetse gore a nne a boa morago ga dibeke tse tharo go tla go tlhatlhobiwa.
Ka nako ya fa Babette a ne a amogela kalafi, bakaulengwe mo phuthegong ba ne ba re thusa thata. Kgaitsadi mongwe yo le ene a kileng a nna le kankere ya mabele o ne a re kgothatsa e le ruri. O ne a bolelela Babette gore ke eng seo a neng a tshwanetse go se lebelela mme a ba a mo gomotsa thata.
Lefa go ntse jalo, re ne re tlhobaela thata ka ga isagwe ya rona. E rile fa ba lemoga se, Michel le Jeanette Cellerier ba tsamaya ba ya go ja le rona kwa resetšhurenteng.
Re ne ra ba bolelela gore re tshwanetse go tlogela tirelo ya borongwa le gore ga re kitla re tlhola re kgona go boela kwa Afrika. Lefa go ntse jalo, Mokaulengwe Cellerier o ne a re: “Eng? Ke mang yo o rileng lo tshwanetse go tlogela? A ke Setlhopha se se Laolang? A ke bakaulengwe kwa Fora? Ke mang yo o buileng jalo?”
“Ga go na ope yo o buileng jalo,” ke ne ka araba, “ke nna ke buang jalo.”
“Nnyaa, le e seng!” ga bua Mokaulengwe Cellerier. “Lo tla boela teng!”
Morago ga kalafi ya dikhemikale go ne ga dirwa ya marang, e e neng ya fediwa ka August 1991. Dingaka di ne tsa re ga di bone bothata bope fa re ka boela Afrika, fela Babette o tshwanetse go nna a boela Fora go tla go tlhatlhobiwa ka metlha.
Go Boela Kwa Benin
Re ne ra kwalela kwa ntlokgolo kwa Brooklyn, re kopa tetla ya go boela mo tirelong ya borongwa. Re ne re gakaletse go utlwa karabo. Mme malatsi a ne a feta ka bonya. Michel a bona gore ga a kitla a kgona go leta, ka jalo o ne a leletsa mogala kwa Brooklyn a botsa gore a ba bone lekwalo la rona. Ba ne ba re ba le sekasekile—mme re ka nna ra boela kwa Benin! A bo re ne ra leboga Jehofa thata jang ne!
Ba lelapa la ga Merda ba ne ba dira moletlo o mogolo wa go itumelela dikgang tseno. Ka November 1991 re ne ra boela kwa Benin, mme bakaulengwe ba re amogela ka moletlo!
Babette o bonala a tokafala jaanong. Re boetse Fora nako le nako gore a ye go tlhatlhobiwa sentle ke dingaka, mme dingaka ga di a ka tsa bona lefa e le motlhalanyana wa kankere. Re itumeletse go boela mo kabelong ya rona ya borongwa. Re ikutlwa gore re a tlhokega mo Benin, mme Jehofa o segofaditse tiro ya rona. Fa e sale re boetse kwano re setse re thusitse batho ba le 14 gore ba bo ba kolobediwe. Ba batlhano mo go bone ke babulatsela ba ka metlha, mme a le mongwe o tlhophilwe go nna motlhanka wa bodiredi. Mme e bile re bone phuthego ya rona e potlana e gola e be e kgaoganngwa go nna diphuthego tse pedi.
Re diretse Jehofa jaaka monna le mosadi ka dingwaga tse dintsi e bile re itumeletse masego a mantsi ra ba ra itse batho ba bantsi ba ba molemo tota. Mme gape re katisitswe le go nonotshiwa ke Jehofa gore re itshokele mathata ano ka katlego. Jaaka Jobe, ga se ka metlha re ne re tlhaloganya gore ke ka ntlha yang fa dilo di ne di direga ka tsela e, mme re ne re itse gore Jehofa ka metlha o ne a re thusa. Ke fela jaaka fa Lefoko la Modimo le re: “Bonang, letsogo la ga Jehofa ga le a khutshwafala, go re ga le kake la boloka; le tsebe ya gagwe ga e a kabala, go re ga e kake ya utlwa.”—Isaia 59:1.
[Setshwantsho mo go tsebe 23]
Michel le Babette Muller ba apere diaparo tsa setso kwa Benin
[Ditshwantsho mo go tsebe 25]
Go dira tiro ya borongwa mo bathong ba Polynesia kwa Tahiti e e kwa boboatsatsi