LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w96 4/15 ts. 3-4
  • Ditiragalo Tse di Oketsegang Tsa Dikgang Tse di Bosula

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ditiragalo Tse di Oketsegang Tsa Dikgang Tse di Bosula
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Di ne di Tletse mo Hisitoring Yotlhe
  • Koketsego mo Dingwageng Tsa Bosheng
  • Dikgang Tse di Monate di Etla!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • “Dikgang Tse di Molemo”!
    Opelelang Jehofa ka Boitumelo
  • ‘Go Tlisa Dikgang Tse di Molemo Tsa Sengwe se se Botoka’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
  • Efangele E Ka go Solegela Molemo Jang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
w96 4/15 ts. 3-4

Ditiragalo Tse di Oketsegang Tsa Dikgang Tse di Bosula

A O ILE wa ela tlhoko gore ditlhogo tse di bolelang ka dikgang tse di bosula di kgatlha babadi thata go gaisa tsa dikgang tse di monate? E ka tswa e le setlhogo se segolo sa pampiri ya dikgang se se buang ka kotsi ya masetlapelo a tlholego kana tshebo e e senyang e e gatisitsweng mo khabareng ya makasine o o phatsimang, go bonala dikgang tse di bosula e le tsone tse di dirang gore go rekisiwe dikgatiso tsa tsone tse dintsi go gaisa tsa dikgang tse di monate.

Gompieno dikgang tse di bosula di tletsetletse. Mme ka dinako tse dingwe motho o ipotsa gore a babegadikgang le bakwadi ba dikgang ba thapisitswe go senka dikgang tse di bosula fela—ba itlhokomolosa dikgang dipe tse di monate.

Di ne di Tletse mo Hisitoring Yotlhe

Ee ruri, dikgang tse di bosula di nnile dintsi thata mo makgolokgolong a dingwaga a a fetileng, di dira gore go seka ga utlwala dikgang dipe tse di monate. Mo dipegong tsa hisitori, go buiwa thata ka go boga ga batho, go kgobega marapo le go itlhoboga, e leng dilo tse batho ba sa bolong go tshela ka tsone.

A re sekasekeng dikai di le mmalwa. Buka ya Chronicle of the World, e e kwadilweng ke Jacques Legrand, e tlhalosa ditiragalo tse di farologaneng, nngwe le nngwe e kwadilwe ka letlha le le rileng le tiragalo e diragetseng ka lone mme e kwadilwe e kete e bolelwa ke mokwadi wa dikgang wa segompieno yo o begang tiragalo eo. Go tswa mo dipegong tse di sekasekilweng sentle, re kgona go tlhaloganya sentle dikgang tse di bosula tse motho a di utlwileng fa e sa le a ntse a tshela a lebana le matshwenyego mo polaneteng eno ya Lefatshe.

Sa ntlha, a akanya ka pego eno ya bogologolo e e tswang kwa Gerika ka 429 B.C.E. E tlhalosa ka ntwa e e neng e lowa ka nako eo ke Athene le Sparta: “Motsemogolo wa Potidaea o ne wa patelesega gore o ineele fa o tlhaselwa ke Baathene fa ba sena go fokotsega thata ka ntlha ya tlala e kgolo e e neng e wetse batho ba one mo e leng gore batho ba ne ba ja mebele ya baswi ba bone.” A bo e le dikgang tse di bosula ruri!

Fa re tla mo lekgolong la ntlha la dingwaga pele ga Motlha wa rona o o Tlwaelegileng, re utlwa pego e e tlhalosang loso lwa ga Julius Caesar sentle, go tlhalosiwa gore lo ne lwa nna kwa Roma ka March 15, 44 B.C. “Julius Caesar o bolailwe. O ne a tlhabiwa gore a bo a swe gompieno ka letsatsi la bo15 la March fa a ne a nna mo setulong sa gagwe kwa Senate House ke setlhopha sa batho ba ba neng ba rera loso lwa gagwe, bao bangwe ba bone e neng e le ditsala tsa gagwe tse dikgolo.”

Mo makgolong a dingwaga a a neng a latela, dikgang tse di bosula di ne tsa tswelela pele di oketsega. Sekai sengwe se se tshosang ke dikgang tseno tse di tswang kwa Mexico ka 1487: “Mo tiragalong e e tsitsibanyang mmele go gaisa tsotlhe tse di kileng tsa bonwa mo motsemoshateng wa Ba-Aztec wa Tenochtitlan, batho ba le 20 000 ba ile ba ntshiwa dipelo di isediwa Huitzilopochtli, modimo wa ntwa setlhabelo.”

Ga se bosetlhogo jwa batho fela jo bo dirang gore go nne le dikgang tse di bosula mme le go nna botlhaswa go a di oketsa. Go bonala fa molelo o mogolo wa kwa Lontone e ne ya nna masetlapelo a a ntseng jalo. Pego e e tswang kwa Lontone kwa Engelane, e e begilweng ka September 5, 1666, e balega jaana: “Kgabagare molelo wa kwa Lontone o emisitswe morago ga malatsi a le manè le masigo a le manè ke kgosana ya York, yo o neng a dira gore setlhopha sa masole a lewatle a garimetse dikago tse di neng di tlile go lailwa ke molemo ka go dirisa mosidi wa tlhobolo. Go ne ga repitliwa diakere di le 400 [diheketara di le 160] mme ga senngwa dikereke di le 87 le matlo a feta 13 000. Se se gakgamatsang ke gore, go ne ga swa batho ba le robongwe fela.”

Mo godimo ga dikai tseno tsa dikgang tse di bosula re tshwanetse go umaka le leroborobo la malwetse a a ileng a tlhasela go ralala dikontinente di le dintsi—ka sekai, leroborobo la kholera la masimologo a bo1830. Setlhogo se se gatisitsweng se se begang ka seno se balega jaana: “Sedimo sa kholera se tlhasetse Yuropa.” Pego e e tlhamaletseng e e neng ya latela morago ga foo e ne ya tlhalosa dikgang tse di bosula ka tsela e e tshosang thata: “Kholera e e neng e sa itsege kwa Yuropa go fitlha ka 1817, e anama go ya kwa bophirima go tswa kwa Asia. Baagi ba metse ya kwa Russia e leng Moscow le St. Petersburg ba setse ba bolailwe ke yone—bontsi e le bahumanegi ba ba tswang kwa ditoropong.”

Koketsego mo Dingwageng Tsa Bosheng

Ka jalo, lefa gone dikgang tse di bosula e nnile selo sa mmatota mo hisitoring yotlhe, masome a dingwaga a bosheng jaana a lekgolo leno la bo20 la dingwaga a supa gore dikgang tse di bosula di ntse di oketsega, ee di nna dintsi ka bonako.

Kwantle ga pelaelo, dikgang tse di malebana le ntwa ke tsone tse e nnileng dikgang tse di bosula le go feta tse di kileng tsa utlwala mo lekgolong leno la rona. Mo dintweng tse dikgolo tse pedi tse di kileng tsa lowa mo hisitoring—tse di bidiwang sentle go twe ke Ntwa ya Lefatshe I le Ntwa ya Lefatshe II—go ile ga begiwa dikgang tse di bosula ka selekanyo se se tshosang tota. Mme lefa go ntse jalo eo thata ke karolwana fela ya dikgang tse di bosula tse di ileng tsa utlwiwa mo lekgolong leno la dingwaga.

Akanya fela ka ditlhogo tsa dikgang tse di tlhophilweng fale le fale:

September 1, 1923: Thoromo ya lefatshe e senya Tokyo—go swa batho ba le 300 000; September 20, 1931: Bothata—Boleng jwa ponto ya kwa Boritane bo wela kwa tlase; June 25, 1950: Korea Bokone e gwantela kwa Borwa; October 26, 1956: Ba-Hungary ba tsogologela mmuso wa Soviet; November 22, 1963: John Kennedy o ne a thuntshiwa a bo a swa kwa Dallas; August 21, 1968: Ditanka tsa Russia di ne tsa tsena go fedisa khuduego ya kwa Prague; September 12, 1970: Dijete tse di gapilweng di phatlogantswe kwa sekakeng; December 25, 1974: Setsuatsue sa Tracy se senya Darwin—go swa batho ba le 66; April 17, 1975: Cambodia e gapiwa ke masole a Bakomonisi; November 18, 1978: Bontsi jwa batho ba a ipolaya kwa Guyana; October 31, 1984: Mmé Gandhi o bolawa ka go thuntshiwa; January 28, 1986: Sesutlhalefaufau se ne sa phatloga fa se tlhatloga; April 26, 1986: Selaola maatla a nuklea sa Soviet se a sha: October 19, 1987: Go phutlama ga kgwebisano mo mebarakeng ya madi; March 25, 1989: Go ne ga tshologa oli e e boitshegang kwa Alaska; June 4, 1989: Ditlhopha tsa masole di ne tsa bolaya diingaodi ka bosetlhogo kwa Tiananmen Square.

Ee, ditiragalo di bontsha gore dikgang tse di bosula di nnile dintsi thata mme dikgang tse di monate tsone di a tlhaela. Fa dikgang tse di bosula di ntse di oketsega mo masomeng a dingwaga a bosheng jaana, dikgang tse di monate tsone di ntse di fokotsega ngwaga nngwe le nngwe.

Ke ka ntlha yang fa go ntse jalo? A go tla nnela ruri jalo?

Setlhogo se se latelang se tla araba dipotso tse pedi tseno.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 3]

WHO/League of Red Cross

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela