Dikgang Tse di Monate di Etla!
ROTLHE re a hutsafala fa re utlwa dikgang tse di bosula tse di re amang ka namana. Kafa letlhakoreng le lengwe, re a itumela fa re utlwa dikgang tse di monate—mafoko a a itumedisang mo go rona kana baratiwa ba rona. Mme fa dikgang tse di bosula di ama batho ba bangwe, gantsi batho ba bangwe ba batla go itse ka gone; mme e bile ba bangwe ba itumelela go utlwa ka mahutsana a batho ba bangwe. Seno se ka tswa se tlhalosa lebaka la go bo dikgatiso tsa dikgang tse di bosula di rekwa ka bontsi!
Mo tshimologong ya Ntwa ya Lefatshe II, go ne ga nna le dikai tse di supang sentle gore batho bangwe ba kgatlhegela go bona masetlapelo. Sekepe sa ntwa se se rweleng dibetsa tsa boima jwa ditone di le 10 000 se se bidiwang Graf Spee e ne e le sekepe sa ntwa se Jeremane e neng e ikgantsha ka sone ka 1939. Sekepe seo se ne sa fetsa dibeke se tlhasela dikepe tsa barekisi ba dinaga tsa Allied kwa lewatleng la Borwa jwa Atlantic le la India. Kgabagare dikepe tse tharo tsa ntwa tsa Boritane di ne tsa kganela tsa bo tsa tlhasela Graf Spee, mme tsa bolaya batho tsa ba tsa pateletsa sekepe seno gore se tshabele kwa boemakepeng jwa Uruguay kwa Montevideo gore se ye go baakanngwa. Puso ya kwa Uruguay e ne ya laela gore sekepe seno sa ntwa se boele kwa lewatleng ka bonako, go sa nneng jalo se tla kganelwa. Ka jalo go ne ga bonala go tla tloga go nna le ntwa e e matlhomahibidu e e neng e tla fenngwa ke letlhakore le lengwe.
Fa setlhopha sengwe se se humileng sa borakgwebo sa kwa United States se utlwa ka gone, se ne sa rulaganya loeto lwa sefofane, lo lo neng lo ja mongwe le mongwe wa bone madi a a kana ka $2 500, gore ba tle ba fofele kwa Uruguay go ya go bona ntwa eno e e matlhomahibidu. Ka maswabi, ntwa eno ga e ya ka ya nna teng. Adolf Hitler o ne a laela gore Graf Spee e nwediwe. Go na le gore babogedi ba ba diketekete ba ba neng ba kgobokanetse kwa boemelakepeng joo ba lebeletse go bona ntwa e e maswe eno ya lewatle ba e bone, ba ne ba utlwa fela modumo o mogolo wa go thunya o o neng wa dira gore Graf Spee e nwele, e nwediwa ke beng ba yone. Kapotene e ne ya ipolaya ka go iphula mo tlhogong ka tlhobolo.
Lefa batho bangwe ba rata bosetlhogonyana, bontsi bo tla dumela gore bo rata go utlwa dikgang tse di monate go na le tse di bosula. A wena ga o ikutlwe jalo? Ke ka ntlha yang he, fa go na le dipego tse dintsi jaana mo hisitoring kaga dikgang tse di bosula mme go na le di le mmalwa fela ka dikgang tse di monate? A boemo jono bo ka kgona go fetolwa?
Mabaka a Dikgang Tsotlhe Tse di Bosula
Baebele e bua ka nako ya fa go ne go na le dikgang tse di monate fela. Go ne go sa itsiwe sepe ka dikgang tse di bosula e bile di sa utlwiwe gope. Fa Jehofa Modimo a sena go fetsa tiro ya gagwe ya go bopa, polanete ya Lefatshe e ne e siametse gore motho le diphologolo ba nne mo go yone. Pego e e mo go Genesise e re bolelela jaana: “Modimo wa bona sengwe le sengwe se o se dirileng, mme bonang, ga bo go le molemo thata.”—Genesise 1:31.
Dikgang tse di bosula ga di a ka tsa tlhokega ka lobaka lo loleele fa motho a sena go bopiwa. Pele ga Atame le Efa ba nna le bana, go ne ga utlwala dikgang tse di bosula tsa go tsuologela Modimo le thulaganyo ya gagwe ya lobopo lotlhe e e molemo. Morwa wa semoya yo o neng a na le maemo a a kwa godimo o ne a palelwa ke go ikanyega mo maemong a a neng a a filwe mme a atlega go tsietsa banyalani ba ntlha ba batho gore ba kopanele le ene mo botsuoloding jwa gagwe, mo tsietsong ya gagwe.—Genesise 3:1-6.
Batho ba ne ba simolola go bona dikgang tse di bosula di tlala go tloga ka nako eo. Ga go gakgamatse go bo lefatshe le tletse jaana ka tsietso, boferefere, maaka, go sa ikanyege le boammaaruri jo bo sa felelang tse go buiwang thata ka tsone mo dikgannyeng tse di bosula tse di neng tsa utlwala fa e sale ka nako eo. Jesu Keresete o ne a latofatsa Satane Diabolo ka tlhamalalo jaaka mosimolodi wa dikgang tse di bosula, a bolelela baeteledipele ba bodumedi ba motlha wa Gagwe jaana: “Lo ba ga rraeno diabolo, le dithato tsa ga rraeno ke tsone tse lo ratang go di dira. Ene o sa le a nna mmolai le mo tshimologong, mme a se ka a ema mo boammaaruring, ka go ne go se na boammaaruri mo go ene. E re fa a bua maaka, o bua mo e leng ga gagwe, gonne ke moaki le rra one maaka.”—Johane 8:44.
Fa palo ya batho e ntse e oketsega, dikgang tse di bosula le tsone di ne tsa oketsega jalo. Gone mme, seno ga se reye gore ga go ise go ke go nne le nako ya boipelo le boitumelo ka gonne go nnile le dilo tse dintsi mo botshelong tse di neng di dira gore go nne le boitumelo kana tse di neng di dira gore go nne le boipelo. Lefa go ntse jalo, matshwenyego le bohutsana di ile tsa nna teng go ralala kokomana nngwe le nngwe ya motho go fitlha jaanong.
Go na le lebaka le lengwe la go bo go na le boemo jo bo hutsafatsang jaana. Ke tshekamelo e re e ruileng ya go dira se se sa siamang le go rata masetlapelo. Jehofa ka boene o tlhalosa lebaka leno le re sa kgoneng go le tila le le dirang gore go nne le dikgang tse di bosula ka gore: ‘Go akanya ga pelo ya motho go bosula go tswa bokaung jwa gagwe.’—Genesise 8:21.
Ke Eng fa Dikgang Tse di Bosula di Oketsega?
Lefa go ntse jalo, go na le lebaka la go bo dikgang tse di bosula di ile tsa oketsega mo lekgolong leno la bo20 la dingwaga. Lebaka leno le tlhalosiwa sentle mo Baebeleng, e e ileng ya bolelela pele gore batho ba lekgolo la bo20 la dingwaga ba tla simolola nako e e tlhomologileng e e bidiwang “metlha ya bofelo” kana ‘metlha ya bokhutlo.’ (2 Timotheo 3:1; Daniele 12:4) Boporofeti jwa Baebele le tatelano ya ditiragalo tsa Baebele di supa “metlha ya bokhutlo” eno e e simologileng ka 1914. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng ya Dikwalo e e supang seno, tsweetswee bona kgaolo 11 ya buka ya Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
Metlha ya bofelo e ne e tla simologa ka tiragalo e e neng e tla dira gore dikgang tse di bosula di oketsege mo lefatsheng. E ne e tla nna eng? E ne e le go digwa ga Satane le badimona ba gagwe go tswa kwa legodimong. O ka bala tlhaloso e e utlwalang sentle ya go oketsega ga dikgang tse di bosula tse re sa kakeng ra di tila mo go Tshenolo 12:9, 12: “Kgogela e kgolo, noga ya bogologolo ya piriganngwa, yone e e bidiwang Diabolo le Satane, motsietsi wa lefatshe lotlhe; ya piriganngwa koo kwa lefatsheng, le baengele ba yone ba piriganngwa kwa tlase nayo. . . . ‘A bo go latlhega lefatshe le lewatle; ka diabolo a fologetse kwa go lona, a tletse bogale, ka a itse fa lobaka lwa gagwe lo setse lo le lokhutshwane.’”
Ka jalo, mo nakong e e setseng go fitlhela metlha ya bofelo e fela, re ka lebelela go bona dikgang tse di bosula di tswelela pele mme e bile di oketsega ka bontsi le go nna maswe thata.
Boemo ga bo Kitla bo Nnela Ruri Jalo
Batho ba ba nnang mo lefatsheng ba ka itumela ka gonne boemo jo bo hutsafatsang jo bo dirang gore go nne le dikgang tse dintsi jaana tse di bosula ga bo kitla bo nnela ruri. E bile tota, re ka bua re sa belaele gore metlha ya dikgang tse di bosula e tla tloga e fela. Boemo jono ga se jo bo ka se kang jwa rarabololwa jaaka go ka tswa go lebega. Dikgang tse di bosula di tla tloga di fela mme di tla fedisiwa ka nako e e beilweng ke Modimo.
Re ka tlhomamisega ka seno ka gonne go boleletswe pele gore metlha ya bofelo e tla konela kana e tla fela fa Modimo a fedisa kana a tlosa dilo tsotlhe tse di dirang gore go nne le dikgang tse di bosula. O tla fedisa batho ba ba bosula ba ba bakang dikgotlhang, ba ba ganang go fetoga le go tlogela ditsela tsa bone tse di sa siamang. Eno e tla nna tshimologo ya ntwa ya letsatsi le legolo la Modimo Mothatayotlhe, e e itsegeng thata e le ntwa ya Haramagetone. (Tshenolo 16:16) Ka bonako fela morago ga foo, Satane Diabolo le setlhopha sa gagwe sa masomosomo a meya ya badimona ba tla fedisiwa. Tshenolo 20:1-3 e tlhalosa go golegwa ga Satane mosimolodi wa dikgang tsotlhe tse di bosula jaana: “Ka bona moengele mongwe a fologa mo legodimong, mme ka seatla a tshotse sekopololo sa molete o o se nang bolekeletso, le keetane e kgolo. Mme a tshwara kgogela, noga ya bogologolo, e e leng Diabolo le Satane, a mo golega kgolego ya dinyaga di le sekete. A mo latlhela mo moleteng o o se nang bolekeletso, mme a o tswala, a ba a o kana mo godimo ga gagwe, gore a se ka a tlhola a tsietsa merafe.”
Morago ga ditiragalo tse di gakgamatsang tseno, go tla latela nako e lefatshe le baagi ba lone ba tla utlwang dikgang tse di monate tse di gaisang tsotlhe. Baagi bano ba tla akaretsa dimilione tsa batho ba ba tla falolang ntwa ya bofelo ya Haramagetone le dimilione di le diketekete tse di tla bong di tsositswe mo losong go tswa mo diphupung tsa bone. Dikgang tse di monatenate go gaisa tsotlhe di tlhalosiwa jaana mo bukeng ya bofelo ya Baebele: “Boago jwa Modimo bo mo bathong, o tlaa aga nabo, ba tlaa nna batho ba one, le Modimo ka osi o tlaa nna nabo, o tlaa nna Modimo wa bone. O tlaa phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone; ga go ketla go tlhola go le loso; le gone ga go ketla go tlhola go le bohutsana le fa e le selelo le fa e le botlhoko; dilo tsa pele di fetetse ruri.”—Tshenolo 21:3, 4.
A o ka kgona go bona nako e e itumedisang eo mo mogopolong wa gago? A bo e le isagwe e e itumedisang ruri e go tla bong go sa tlhole go na le dikgang tse di bosula. Ee, dikgang tsotlhe tse di bosula di tla bo di fedile mme ga di kitla di tlhola di utlwiwa. Go tla rena dikgang tse di monate fela e bile di tla nnela ruri.