A o A Gakologelwa?
A ditokololo tsa bosheng jaana tsa Tora ya Tebelo di go tswetse molemo? Fa go ntse jalo, ke ka ntlha yang fa o sa itlhatlhobe gore a o santse o gakologelwa ka go ipotsa dipotso tse di latelang:
◻ Ke thuto efe eo re ka e ithutang ka go wa ga Baamone? (Sefania 2:9, 10)
Jehofa ga a tseye go bosulosetsa bopelonomi jwa gagwe ka letlhoo e le selo se sepotlana, mme ka nako ya gagwe e a e beileng, o tla tsaya kgato, fela jaaka a ne a dira mo metlheng ya bogologolo. (Bapisa Pesalema 2:6-12.)—12/15, tsebe 10.
◻ Ke ka ditsela dife tse pedi tsa botlhokwa Bakeresete ba nang le kagiso?
Sa ntlha, ba na le “kagiso mo Modimong ka Morena wa [bone] Jesu Keresete.” (Baroma 5:1) Sa bobedi, ba na le kagiso mo gare ga bone ka go tlhagolela “botlhale jo bo tswang kwa godimo,” jo bo ‘simologang bo le boitsheko foo bo nne kagiso.’ (Jakobe 3:17)—1/1, tsebe 11.
◻ Ke dilo dife tse di tshwantshiwang le Lefoko la Modimo, mme tseno di re thusa jang?
Lefoko la Modimo le tshwantshiwa le mashi a a otlang, dijo tse di loileng, metsi a a lapolosang le a a phepafatsang, seipone le tšhaka e e bogale. Go tlhaloganya gore mafoko ano a kaya eng go thusa modiredi gore a dirise Baebele ka botswerere.—1/1, tsebe 29.
◻ Ke eng seo thuto e e tlwaelegileng e e lekalekaneng e tshwanetseng go re thusa gore re se dire?
Go bala ka thelelo, go kwala sentle, go gola mo tlhaloganyong le mo boitsholong, go bona thapiso e e mosola e e tlhokegang mo botshelong jwa letsatsi le letsatsi le go dira tirelo e e boitshepo.—2/1, tsebe 10.
◻ Ke thuto efe ya botlhokwa e re e ithutang go tswa mo go Jesu?
Thuto e tshwanetse ya dirisediwa go baka Morutisi yo mogolo, Jehofa Modimo, e seng go ikgalaletsa. (Johane 7:18)—2/1, tsebe 10.
◻ Bogosi jwa Modimo ke eng?
Bogosi ke puso e e tlhomilweng ke Modimo ya selegodimo e e diragatsang thato ya Modimo go tlosa ditlamorago tsa boleo le loso e bo e busetsa maemo a a siameng mo lefatsheng. (Daniele 2:44; Tshenolo 11:15; 12:10)—2/1, tsebe 16.
◻ Baebele e naya batho thuto efe e e ka thusang mo go fedisetseng thubakanyo ruri?
Ka Lefoko la gagwe Baebele, Jehofa o ruta batho ba gagwe gore e nne barati ba kagiso le tshiamo. (Isaia 48:17, 18) Lefoko la Modimo le na le maatla a go fitlhelela le go ama pelo ya motho, go fetola mogopolo le boitshwaro jwa gagwe. (Bahebere 4:12)—2/15, tsebe 6.
◻ Ke ka tsela efe go ka tweng boporofeti jwa Isaia kgaolo 35 bo diragadiwa gararo?
Boporofeti jwa ga Isaia bo ne jwa diragala la ntlha fa Bajuta ba ne ba boa go tswa bokgobeng kwa Babilone ka 537 B.C.E. Mme le gompieno bo santse bo tswela pele bo na le tiragatso ya semoya fa e sale Baiseraele ba moya ba gololwa mo bokgobeng jwa Babilone o Mogolo. Mme e tla diragala lekgetlho la boraro go dumalana le se Baebele e se tlhomamisang ka tsosoloso e e tlang ya maemo a mmatota a paradaise mo lefatsheng. (Pesalema 37:10, 11; Tshenolo 21:4, 5)—2/15, tsebe 17.
◻ Tsela e Modimo a neng a kgatlhegela batho ka yone e ne ya bontshiwa jang ke dikgakgamatso tse di neng tsa dirwa ke Morwawe, Jesu?
E re ka Jesu “[a ka se ka a] dira sepe ka esi, fa e se se o bonang Rara a se dira,” boutlwelobotlhoko jwa gagwe bo bontsha gore Jehofa o amega ka mongwe le mongwe wa batlhanka ba gagwe ka tsela e e lorato. (Johane 5:19)—3/1, tsebe 5.
◻ Ke eng se se kaiwang ke polelo ya ga Jesu e e reng “lebitla la kgakologelo” e e dirisitsweng mo go Johane 5:28, 29?
Lefoko la Segerika le le reng mne·mei’on (lebitla la kgakologelo) le le dirisitsweng fano le bontsha gore Jehofa o gakologelwa rekoto ya motho yo o suleng, go akaretsa le mekgwa ya gagwe e a neng a na le yone le gore motho a bo a kgona go gakologelwa sengwe le sengwe. Seno se re naya bosupi jo bo nonofileng jwa gore Modimo o amega ka motho yo mongwe le yo mongwe ka sebele sa gagwe!—3/1, tsebe 6.
◻ Ke molaetsa ofe wa tlhagiso o o mo boporofeting jwa Sefania o o re thusang thata?
Gompieno ga se nako ya gore re letle dipelaelo di itsetsepele mo dipelong tsa rona le go itebatsa go tla ga letsatsi la ga Jehofa. Gape re tshwanetse go itebela kgatlhanong le diphelelo tse di koafatsang tsa go tlhoka kgatlhego. (Sefania 1:12, 13; 3:8)—3/1, tsebe 17.
◻ Ke ka ntlha yang fa go ikanyega mo Modimong go tlisa kgwetlho?
Gonne boikanyego ga bo dumalane le ditshekamelo tsa bopelotshetlha tseo re di ruileng mo batsading ba rona. (Genesise 8:21; Baroma 7:19) Se se botlhokwa le go feta ke gore Satane le badimona ba iketleeditse go dira gore re se ka ra nna boikanyego mo Modimong. (Baefeso 6:12; 1 Petere 5:8)—3/15, tsebe 10.
◻ Ke mo dikarolong dife tse nne moo re tshwanetseng go fenya kgwetlho ya boikanyego, mme ke eng se se tla re thusang go dira jalo?
Dikarolo tse nne ke boikanyego mo go Jehofa, mo mokgatlhong wa gagwe, mo phuthegong ya gagwe le mo mothong yo re nyalaneng nae. Selo se segolo se se thusang ke go lemoga gore go fenya kgwetlho ya boikanyego go amana thata le go tlotlomadiwa ga bolaodi jwa ga Jehofa.—3/15, tsebe 20.
◻ Ke thuto efe e re ka e ithutang go tswa mo maitemogelong a ga Dafite fa a ne a leka go busetsa letlole la kgolagano kwa Jerusalema? (2 Samuele 6:2-7)
Dafite o ne a tlhokomologa ditaolo tseo Jehofa a neng a mo di neile malebana le go rwalwa ga Letlole, mme seno se ne sa ba tsenya mo diphatseng. Thuto e re e ithutang ke gore ga re a tshwanela go tshwaya Jehofa phoso ka ntlha ya mathata a re a ipakelang fa re tlhokomologa ditaelo tsa gagwe tse di phepafetseng. (Diane 19:3)—4/1, ditsebe 28, 29.