Go Direla Kafa Tlase ga Tlhokomelo ya ga Jehofa e e Lorato
JAAKA GO BOLETSE LAMBROS ZOUMBOS
Ke ne ke lebanwe ke go dira tlhopho e e masisi: ya go dumela gore ke nne manejara wa dikago tse dikgolo thata tsa ga rangwane yo o humileng—ka go dira jalo ke rarabolola mathata a lelapa la gaetsho a go tlhoka madi—kana go nna modiredi wa nako e e tletseng wa ga Jehofa Modimo. E re ke tlhalose mabaka a a neng a ntlhotlheletsa go re ke dire tshwetso e kgabagare ke neng ka e dira.
KE TSHOLETSWE kwa toropong ya Volos, kwa Gerika ka 1919. Rre o ne a rekisa diaparo tsa banna, mme re ne re na le dithoto tse dintsi thata. Mme e re ka ikonomi e ne ya wela kwa tlase kwa bokhutlong jwa dingwaga tsa bo1920, Rre o ne a patelesega go ipolela ka fa molaong fa a sa kgone go duela melato mme kgwebo ya gagwe e ne ya wa. Ke ne ke hutsafala tota nako le nako fa ke bona sefatlhego sa ga rre se se bontshang go itlhoboga.
Lelapa la gaetsho le ne la tshelela mo lehumeng le le boitshegang ka nakwana. Letsatsi le letsatsi ke ne ke tswa kwa sekolong go setse ura gore ke ye go ema mo moleng wa dijo tse di abiwang. Lefa go ntse jalo, go sa kgathalesege lehuma la rona re ne re itumelela botshelo jwa lelapa jo bo ritibetseng. E ne e le boikaelelo jwa me gore ke nne ngaka, mme fa ke ne ke le fa gare ga dingwaga tsa bolesome ke ne ka tshwanelwa ke go tlogela sekolo mme ke simolole go bereka e le gore ke thuse go tlamela lelapa la gaetsho.
Morago ga moo, ka nako ya Ntwa ya Lefatshe II, Gerika e ne e laolwa ke Bajeremane le Bantariana, mme go ne go na le leuba le legolo. Gantsi ke ne ke bona ditsala le batho ba ke ba tlwaetseng ba bolawa ke tlala mo mebileng—pono e e tsitsibanyang mmele e ke ka sekang ka e lebala! Lelapa la gaetsho le kile la fetsa malatsi a le 40 le sena borotho, e leng sejo se se jewang thata kwa Gerika. Nna le morwarre yo motona re ne ra ya kwa metsaneng e e gaufi e le gore ditsala le ba lesika ba re neele makwele go re tlamela.
Bolwetse bo Nna Masego
Kwa tshimologong ya 1944, ke ne ka lwala thata e le mofuta mongwe wa bolwetse jwa pleurisy. Fa ke le kwa sepateleng dikgwedi tse tharo, ntsalake o ne a ntlela dibukana di le pedi mme o ne a re: “O di bale; ke tlhomamisa gore o tla di rata.” Dibukana tse di reng, Who Is God? le Protection, di ne di gatisitswe ke Watch Tower Bible and Tract Society. Fa ke sena go di bala, ke ne ka bolelela balwetsekanna dintlha tse di mo go tsone.
Fa ke sena go tswa mo sepateleng, ke ne ka simolola go kopanela le Phuthego ya Volos ya Basupi ba ga Jehofa. Lefa go ntse jalo, ke ne ke nna fela mo ntlong ke le molwetse yo o nnang kwa gae ka nako e e ka nnang kgwedi, mme go simolola ka diura di le thataro go ya go tse robedi ka letsatsi, ke ne ke bala dikgatiso tsa bogologolo tsa The Watchtower, mmogo le dikgatiso tse dingwe tse di gatisitsweng ke Mokgatlho wa Watch Tower. Ka ntlha ya seo, ke ne ke gatela pele thata semoyeng.
Go Falola ka Letshoba la Mogodu
Ka letsatsi lengwe mo gare ga ngwaga wa 1944, ke ne ke ntse mo setulong sa paraka nngwe kwa Volos. Ka tshoganetso fela setlhopha sengwe sa masole se se neng se eme masole a Jeremane nokeng se ne sa dikaganyetsa lefelo leo mme sa tshwara mongwe le mongwe yo o neng a le foo. Re ne re ka tshwara 24 ba re neng re gatelelwa mo mebileng e e neng e ya kwa dintlokgolong tsa Gestapo, tse di neng di le kwa ntlong e go neng go boloketswe motsoko mo go yone.
Morago ga metsotso e sekae, ke ne ka utlwa mongwe a goa leina la me le la motho yo ke neng ke bua le ene kwa parakeng. Lesole lengwe la Mogerika le ne la re bitsa mme la re bolelela gore fa mongwe wa ba lesika la gaetsho a ne a re bona re gatelelwa ke masole, o ne a mmolelela gore rona re Basupi ba ga Jehofa. Go tswa foo lesole la Mogerika le ne la bolela gore re ka gololesega ra ya gae, mme o ne a re neela karata ya gagwe ya bodirelapuso gore re e dirise fa e le gore re ka tshwarwa gape.
Mo letsatsing le le latelang re ne ra utlwa gore Bajeremane ba bolaile bontsi jwa batho ba ba neng ba tshwerwe e le go ipusolosetsa ka ntlha ya go bolawa ga masole a mabedi a Bajeremane ke batlhabani ba sephiri ba Bagerika. Kwantle ga gore gongwe ke ka bo ke bolailwe, ke ithutile ka botlhokwa jwa boitlhaodi jwa Bokeresete mo tiragalong eo.
Ka letlhabula la 1944, ke ne ka tshwantshetsa boineelo jwa me mo go Jehofa ka kolobetso ya metsi. Ka selemo se se latelang, Basupi ba ne ba ntirela dithulaganyo tsa gore ke kopanele le Phuthego ya Sklithro kwa dithabeng, koo ke neng ke ka nna botoka sentle teng. Ntwa ya selegae e e neng ya tlhagoga morago ga gore Jeremane e kgaotse go laola koo, e ne e setse e tsweletse kwa Gerika. Go ne ga diragala gore motsana o ke neng ke nna mo go one o nne bothibelelo jwa batlhabanelakgololesego. Moruti wa mo lefelong leo mmogo le monna mongwe yo o neng a le bogale thata ba ne ba ntatofatsa ka gore ke setlhola sa masole a goromente mme ba ne ba dira gore ke thamathamisiwe ka dipotso kwa kgotleng e e itlhometsweng ya masole a batlhabanelakgololesego.
Kwa tshekong ya kgotla eno e e itiretsweng go ne go na le moeteledipele wa batlhabanelakgololesego wa karolo eo. Fa ke sena go tlhalosa lebaka la go bo ke ne ke nna mo motsaneng le go bontsha gore jaaka Mokeresete, ga ke tseye letlhakore gotlhelele mo ntweng ya selegae, moeteledipele o ne a bolelela ba bangwe jaana: “Fa go ka nna le mongwe yo o ka utlwisang motho yono botlhoko, o tla ikarabelela!”
Morago ga moo ke ne ka boela kwa toropong ya gaetsho ya Volos e bile ke nonofile thata mo tumelong go gaisa botsogo jwa me jwa mmele.
Go Gatela Pele Semoyeng
Ka bonako fela morago ga moo ke ne ka tlhophiwa go nna motlhanka wa diakhaonto mo phuthegong ya rona. Go sa kgathalesege mathata a a bakilweng ke ntwa ya selegae—go akaretsa le go tshwarwa gantsinyana ka ntlha ya ditatofatso tse di neng di tlhotlhelediwa ke baruti tsa gore re sokololela batho mo bodumeding—go nna le seabe mo bodireding jwa Bokeresete go nteretse boitumelo jo bogolo le phuthego yotlhe ya rona.
Go tswa foo, mo masimologong a 1947, re ne ra etelwa ke molebedi yo o etang wa Basupi ba ga Jehofa. E ne e le loeto lwa ntlha morago ga Ntwa ya Lefatshe II. Ka nako eo phuthego ya rona e e neng e gola thata ya Volos e ne ya kgaoganngwa go nna tse pedi, mme ke ne ka tlhomiwa go nna molebedi yo o okamelang mo go e nngwe ya diphuthego tseno. Mekgatlho ya sesole le ya setšhaba e ne e dira gore batho ba boife thata ka nako eo. Baruti ba ne ba dirisa seemo seo. Ba ne ba dira gore badiredi ba puso ba ile Basupi ba ga Jehofa ka go gasa magatwe a maaka a gore re ne re le Bakomonise kana batshegetsi ba ditlhopha tsa batsuolodi.
Go Tshwarwa le go Tsenngwa mo Kgolegelong
Ka 1947, ke ne ka tshwarwa ka makgetlo a le lesome mme ka sekisiwa gararo kwa kgotleng. Nako yotlhe ke ne ke sa bonwe molato. Ka dikgakologo tsa 1948, ke ne ka atlholelwa dikgwedi di le nnè mo kgolegelong ka lebaka la gore ke sokololela batho mo bodumeding. Ke ne ka direla katlholo eo kwa kgolegelong ya Volos. Fa go ntse go le jalo palo ya baboledi ba Bogosi ba phuthego ya rona e ne ya menagana sebedi, mme dipelo tsa bakaulengwe di ne tsa tlala boitumelo.
Ka October 1948, fa ke ne ke tshwere pokano le ba bangwe ba ba eteletseng pele mo phuthegong ya rona ba le bararo, mapodise a le matlhano a ne a gatlhamela fela mo ntlong mme ba re tshwara ba re supile ka ditlhobolo. A ne a re isa kwa seteisheneng sa mapodise a sa re tlhalosetse gore re tshwarelwa eng, mme re ne ra fitlha ra itewa. Lepodise lengwe le le neng e le ramabole le ne la mpetsa mo sefatlhegong. Morago ga moo re ne ra latlhelwa mo ntlong ya kgolegelo.
Morago ga moo lepodise le le neng le okametse le ne la mpiletsa kwa ofising ya lone. Fa ke bula lebati, le ne la ntika ka lebotlele la inki, le le neng la mphosa mme la itaya lebota la thubega. Le ne la dira seno le leka go ntshosa. Go tswa foo le ne la nneela pampitshana le pene la bo la laela jaana: “Kwala maina a Basupi ba ga Jehofa botlhe ba Volos, mme o nneele lenaane la bone mo mosong. Fa o ka se ka wa dira jalo, o a itse se se tla go diragalelang!”
Ga ke a ka ka araba, mme fa ke sena go boela kwa ntlong ya kgolegelo, nna le bakaulengwe ba bangwe re ne ra rapela Jehofa. Ke ne ka kwala leina la me fela mo pampitshaneng eo mme ka emela gore ke bidiwe. Mme ga ke ise ke tlhole ke utlwa lepodise leo le mpitsa gape. Go ne go letse go tlile masole a magogelathoko bosigo, mme lone le ne le eteletse banna ba lone go ya go lwa le bone. Mo ntweng e e neng ya lowa, le ne la gobala mo go masisi, mme leoto le lengwe la lone le ne la tshwanelwa ke go kgaolwa. Kgabagare, kgetsi ya rona e ne ya sekwa, mme re ne ra pegwa molato wa go tshwara pokano e e seng kafa molaong. Rotlhe re le supa re ne ra atlholelwa dingwaga di le tlhano mo kgolegelong.
E re ka ke ne ke gana go nna teng kwa Mmiseng wa Sontaga kwa kgolegelong, ke ne ka isiwa kwa ntlong ya kgolegelo e go nnang motho a le mongwe fela. Mo letsatsing la boraro, ke ne ka kopa go bua le mokaedi wa kgolegelo. “Ntetle go bua tsweetswee,” ke ne ka mmolelela jalo, “go lebega e le boeleele go otlhaya motho yo o eletsang go nna dingwaga di le tlhano mo kgolegelong ka ntlha ya tumelo ya gagwe.” O ne a akanya thata ka seo, mme kgabagare o ne a bolela jaana: “Go tloga ka moso, o tla bo o bereka fano gaufi le nna mo ofising ya me.”
Kgabagare, ke ne ka neelwa tiro ya go thusa ngaka kwa kgolegelong. Ke gone ka moo ke neng ka ithuta go le gontsi ka kalafi, e leng sengwe se se neng sa nthusa thata mo dingwageng tse di neng tsa latela. Fa ke santse ke le kwa kgolegelong, ke ne ke na le sebaka se sentsi sa go rera, mme batho ba le bararo ba ne ba dumela mme ba nna Basupi ba ga Jehofa.
Fa ke sena go nna mo e ka nnang dingwaga di le nnè mo kgolegelong, kgabagare ke ne ka gololwa ka 1952, mme ke ntse ke beilwe leitlho. Morago ga moo, ke ne ka tshwanelwa ke go isiwa kwa kgotlatshekelong kwa Korintha ka lebaka la boitlhaodi. (Isaia 2:4) Gone koo ke ne ka tshwarwa ka nakwana fela kwa kgolegelong ya masole, mme gape ke ne ke sotliwa gangwe le gape. Masole a mangwe a ne a dirisa matshosetsi a masha, a re: “Ke tla ntsha pelo ya gago e le ditokitoki ka thipa e e magale mabedi,” kana a re, “O se ka wa ikanya gore o tla swa ka bonako ka marumo a marataro fela, ka gonne o tla swa ka bonya.”
Mofuta o o Farologaneng wa Teko
Lefa go ntse jalo, go ise go ye kae ke ne ka boela kwa gae, ke direla kwa Phuthegong ya Volos mme ke dira tiro e e seng ya letsatsi lotlhe. Ka letsatsi lengwe, ke ne ka amogela lekwalo le le neng le tswa kwa ofising ya lekala ya Mokgatlho wa Watch Tower kwa Athene, le ntaletsa gore ke tle go thapisiwa ka dibeke di le pedi mme go tswa foo ke simolole go etela diphuthego tsa Basupi ba ga Jehofa ke le molebedi wa potologo. Lefa go ntse jalo, rangwane yo o neng a sena bana mme a na le dikago tse dikgolo thata, o ne a nkopa gore ke nne manejara wa dikhumo tsa gagwe. Lelapa la gaetsho le ne le santse le le mo lehumeng, mme tiro eno e ne e tla rarabolola mathata a bone a ikonomi.
Ke ne ka etela rangwane ke lebogela tiro e a mphang yone, mme ke ne ka mo itsise gore ke setse ke sweditse ka gore ke tla amogela kabelo e e kgethegileng mo bodireding jwa Bokeresete. Fa a utlwa seo o ne a ema, a nteba thata, mme a tswa mo kamoreng eo ka bonako. O ne a boa a tshotse mpho e kgolo, ya madi a a ka kgonang go tlamela lelapa la gaetsho ka dikgwedi di le mmalwa. O ne a bolela jaana: “Tsaya madi ano, mme o a dirise mo go se o se batlang.” Le gompieno ga ke kgone go tlhalosa tsela e ke neng ke ikutlwa ka yone mo go one motsotso oo. E ne e kete ke utlwa lentswe la ga Jehofa le mpolelela gore ‘O dirile tlhopho e e siameng. Ke na le wena.’
Ke ne ka ya kwa Athene ka December 1953, ke engwe nokeng ke lelapa la gaetsho. Le mororo e ne e le mmè fela yo o neng a nna Mosupi, ba bangwe mo lelapeng la gaetsho ba ne ba sa ganetse tiro ya me ya Bokeresete. Fa ke ya kwa ofising ya lekala kwa Athene, ke ne ke emetswe ke kgakgamatso e nngwe e ke neng ke sa e lebelela. Kgaitsadiake o ne a nthomelela thelekerama, a nkitsise gore go kgaratlha ga ga Rre mo go mo tsereng dingwaga di le pedi gore a nne le penshene ya botsogo go setse go atlegile mo go lone letsatsi leo. Tota jaanong ke ne ke tla bo ke batlang gape? Ke ne ke ikutlwa jaaka e kete ke na le diphuka, ke ipaakanyeditse go fofela kwa godimo mo tirelong ya ga Jehofa!
Go Nna Podimatseba
Mo dingwageng tsa me tsa ntlha ke le mo tirong ya go potologa, ke ne ke tshwanetse go itlhokomela ka gonne Basupi ba ga Jehofa ba ne ba bogisiwa mo go setlhogo ke baeteledipele ba bodumedi le ba bopolotiki. Gore ke etele bakaulengwekarona ba Bakeresete, segolobogolo ba ba neng ba nna mo ditorotswaneng le mo metsaneng, ke ne ke tsamaya ka maoto diura di le dintsi bosigo. Bakaulengwe, ba ba neng ba itsenya mo kotsing ya go tshwarwa, ba ne ba kokoana le go nkemela ka bopelotelele kwa ntlong e ke neng ke gorogela kwa go yone. A bo maeto ao a ne a dira gore re kgothatsane rotlhe ka tsela e e molemo jang ne!—Baroma 1:11, 12.
Gore ke seka ka tshwarwa, ka dinako tse dingwe ke ne ke ikgakisa batho. Ka nako nngwe ke ile ka apara jaaka modisa gore ke fete mo molelwaneng mongwe gore ke kopane le bakaulengwe ba ba neng ba kokoane, ba tota ba neng ba tlhoka go disiwa semoyeng fela. Mo tiragalong e nngwe, ka 1955, Nna le Mosupi yo mongwe re ne ra itira e kete re barekisi ba garlic gore re seka ra belaetsa mapodise. Kabelo ya rona e ne e le go etela bakaulengwe bangwe ba Bakeresete ba ba neng ba sa tlhole ba le matlhagatlhaga kwa torotswaneng ya Árgos Orestikón.
Re ne ra baya dithoto tsa rona tse di rekisiwang kwa mmarakeng wa botlhe kwa toropong eo. Lefa go ntse jalo, lepodise lengwe la lekawana le le neng le beile leitlho mo karolong eo le ne la re belaela, mme nako le nako fa le feta, le ne le re leba thata ka go batla go itse gore re dira eng. Kgabagare, le ne la nthaya la re: “Ga o lebege jaaka motho yo o rekisang garlic.” Mo go one motsotso oo, go ne ga tla basadi bangwe ba babotlana ba le bararo mme ba bolela gore ba batla go reka garlic. Ke ne ka bolela jaana ke ntse ke ba bontsha tse di rekisiwang: “Lepodise leno la lekawana le ja garlic e e ntseng jaana, mme bonang tsela e le nonofileng ka yone le gone le le lentle!” Basadi bano ba ne ba leba lepodise mme ba tshega. Le lone le ne la nyenya mme go tswa foo la tsamaya.
Fa le sena go tsamaya ke ne ka kgona go bona sebaka sa go ya kwa lebenkeleng le bakaulengwe ba rona ba semoya ba neng ba direla teng e le baroki. Ke ne ka kopa mongwe wa bone gore a ntsenyetse konopo e ke neng ke e kgaotse mo baking ya me. Fa a ntse a dira jalo, ke ne ka ikaega ke bo ke mo sebetsa jaana: “Ke tswa kwa ofising ya lekala go tla go le bona.” La ntlha bakaulengwe ba ne ba tshogile, e re ka ba ne ba sa kopana le Basupi ba bangwe ka dingwagangwaga. Ke ne ka ba kgothatsa thata ka fa ke neng ke ka kgona ka teng mme ka rulaganya go kopana le bone moragonyana kwa mabitleng a toropo eo go ya go bua le bone gape. Se se itumedisang ke gore ketelo eo e ne e kgothatsa, mme ba ne ba simolola go nna tlhaga gape mo bodireding jwa Bokeresete.
Go Nna le Mopati yo o Ikanyegang
Ka 1956, morago ga dingwaga tse tharo ke ntse ke simolotse tiro ya go eta, ke ne ka kopana le Niki, mosadi yo mmotlana wa Mokeresete yo o neng a rata tiro ya go rera e bile a eletsa go nna mo bodireding jwa nako e e tletseng botshelo jwa gagwe jotlhe. Re ne ra ratana mme ra nyalana ka June 1957. Ke ne ke ipotsa gore a Niki o tla kgona go lebana le dilo tse di tlhokwang mo tirong ya go eta mo maemong ao a a sa jeseng diwelang a a neng a lebane Basupi ba ga Jehofa kwa Gerika ka nako eo. O ne a kgona ka a ne a thusiwa ke Jehofa, ka go dira jalo o ne a nna mosadi wa ntlha go tsamaya le monna wa gagwe mo tirong ya go potologa kwa Gerika.
Re ne ra tswelela pele mmogo mo tirong ya go eta ka dingwaga di le lesome, re direla bontsi jwa diphuthego tsa kwa Gerika. Gangwe le gape re ne re ikgakisa batho ka diaparo, re rwele morwalo wa rona, re tsamaya bosigo ka diura di le dintsi gore re fitlhe kwa phuthegong e nngwe. Go sa kgathalesege kganetso e kgolo e gantsi re neng re lebana le yone, re ne re itumelela go iponela ka matlho koketsego e kgolo ya palo ya Basupi.
Tirelo ya Bethele
Ka January 1967, nna le Niki re ne ra lalediwa go tla go direla kwa Bethele, jaaka ofisi ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa e bidiwa. Re ne re sa lebelela gore re ka lalediwa, mme re ne ra e amogela, re tlhatswegile pelo gore Jehofa ke ene a kaelang dilo. Fa nako e ntse e tsamaya, re ne ra simolola go lemoga gore tota ke tshiamelo e kgolo go direla mo lefelong leno leo tiro ya puso ya Modimo e kaelwang mo go lone.
Morago ga dikgwedi tse tharo re ntse re le mo tirelong ya Bethele, setlhopha sengwe sa masole se ne sa tsaya puso, mme Basupi ba ga Jehofa ba ne ba tshwanelwa ke go tswelela pele ba dira tiro ya bone mo sephiring go feta pele. Re ne ra simolola go tshwara dipokano re le ditlhotshwana, re tshwarela dikopano tsa rona tse dipotlana mo dikgweng, re rera ka botlhale le go gatisa le go anamisa dibuka tsa Baebele mo sephiring. Go ne go se thata go tlwaela maemo ano, e re ka re ne re tsosolosa fela ditsela tsa go tsamaisa ditiro tsa rona tse re neng re di dirisa mo dingwageng tse di fetileng. Go sa kgathalesege dithibelo tseno, palo ya Basupi e ne ya oketsega go tloga ka palo e e kwa tlase ga 11 000 ka 1967 go ya go e e fetang 17 000 ka 1974.
Morago ga go fetsa dingwaga tse di ka tshwarang 30 re le mo tirelong ya Bethele, nna le Niki re tswelela pele re ipelela masego a rona a semoya, go sa kgathalesege botsogo jo bo sa siamang le botsofe. Re ne re nna kwa dikagong tsa lekala tse di kwa Kartali Street kwa Athene ka dingwaga tse di fetang lesome. Ka 1979 go ne ga kgakolwa lekala le lesha kwa Marousi, e leng karolo ya toropo ya Athene. Mme fa e sa le ka 1991 re ntse re nna mo dikagong tsa lekala tse disha tse dikgolwane kwa Eleona, e leng dikilomitara di le 60 kwa bokone jwa Athene. Mo go lone ke direla mo kokelwaneng ya rona ya Bethele, koo thapiso e ke neng ka e amogela ke le mothusi wa ngaka ya kgolegelo e itshupang e thusa thata teng.
Mo nakong eno e ke setseng ke na le dingwaga tse di fetang masome a manè ke le mo bodireding jwa nako e e tletseng, fela jaaka Jeremia, ke setse ke lemogile gore tsholofetso eno ya ga Jehofa e boammaaruri: “Ba tlaa tlhabana nao; mme ga ba ketla ba go fenya; gonne ke na nao, go bua Jehofa, go go golola.” (Jeremia 1:19) Ee, nna le Niki re nnile le masego a mantsi thata a a tswang kwa go Jehofa. Re itumelela thata tsela e a amegang ka rona ka yone ka metlha le bopelonomi jwa gagwe jo bo sa tshwanelang.
Ke kgothatsa basha ba ba mo mokgatlhong wa ga Jehofa gore ba tseye bodiredi jwa nako e e tletseng. Ka tsela eno ba tla amogela taletso ya ga Jehofa ya go mo leka gore a o tla diragatsa tsholofetso eno ya gagwe ‘ya go bula dikgoro tsa legodimo, a ba goromeletsa lesego le go se ketlang go nna le bonno jo bo lekanyeng go le baya.’ (Malaki 3:10) Go ya ka se se ntiragaletseng, ke ka le tlhomamisetsa lona basha gore eleruri Jehofa o tla le segofatsa lotlhe lona ba lo mo ikanyang jalo ka botlalo.
[Setshwantsho mo go tsebe 26]
Lambros Zoumbos le mosadi wa gagwe, Niki