LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w97 3/1 ts. 20-24
  • “Mo Boemong Jwa Gouta ke Bone Diteemane”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Mo Boemong Jwa Gouta ke Bone Diteemane”
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Sengwe se se Botlhokwatlhokwa
  • Bodiredi Jwa Nako e e Tletseng Kwa Gerika
  • Go Itshokela Kganetso
  • Go Direla Kwa Bethele
  • Go Itshokela Kganetso Gape
  • Go Itumelela Koketsego e e Tsweletseng Pele
  • Go Direla Kafa Tlase ga Tlhokomelo ya ga Jehofa e e Lorato
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Go Naya Jehofa Se se Mo Tshwanetseng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Dingwaga Tse di Fetang 50 ke Ntse ke ‘Kgabaganyetsa ka Kwa’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Ke Itumelela Seabe se ke Nnileng le Sone mo Tirong ya Lefatshe Lotlhe ya go Ruta Batho Baebele
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
w97 3/1 ts. 20-24

“Mo Boemong Jwa Gouta ke Bone Diteemane”

JAAKA GO BOLETSE MICHALIS KAMINARIS

Morago ga dingwaga tse tlhano ke ile go batla gouta kwa Afrika Borwa, ke ne ka boela gae ka sengwe se se botlhokwa thata. E re ke go bolelele ka dikhumo tse ke nang le tsone gone jaanong e bile ke batla go di abela ba bangwe.

KE TSHOTSWE ka 1904 kwa setlhaketlhakeng sa Gerika sa Cephalonia mo Lewatleng la Ionia. Batsadi ba me ka bobedi ba ne ba tlhokafala ka bonakonyana fela morago ga moo, ka jalo ke ne ka gola ke le khutsana. Ke ne ke tlhoka thuso, mme gantsi ke ne ke rapela Modimo. Lefa gone ke ne ke nna gone ka metlha kwa Kerekeng ya Greek Orthodox, ke ne ke sa itse Baebele gotlhelele. Ke ne ke sa bone kgomotso epe.

Ka 1929, ke ne ka swetsa go fuduga mme ke ye go batla botshelo jo bo botoka. Ke ne ka tlogela setlhaketlhake sa me se se neng se humanegile, ka ya kwa Afrika Borwa ka sekepe ke feta ka Engelane. Morago ga go nna malatsi a le 17 mo lewatleng, ke ne ka fitlha kwa Cape Town, kwa Afrika Borwa, koo ke neng ka hirwa ka bonako ke monna yo re neng re tswa nageng e le nngwe le ene. Lefa go ntse jalo, ga ke a bona kgomotso epe mo dikhumong.

Sengwe se se Botlhokwatlhokwa

Ke ne ke setse ke le kwa Afrika Borwa mo e ka nnang ka dingwaga tse pedi fa mongwe wa Basupi ba ga Jehofa a ne a etela kwa ke dirang gone mme a ntlogelela dibuka tsa Baebele ka puo ya Segerika. Di ne di akaretsa dibukana Where Are the Dead? le Oppression, When Will It End? Ke santse ke gakologelwa sentle ka fa ke neng ka di bala ka tlhoafalo ka gone, e bile ke ithuta go tshwara ditemana tsotlhe tse di nopotsweng moo ka tlhogo. Ka letsatsi le lengwe ke ne ka bua le monna yo ke neng ke dira le ene ka re: “Ke bone se ke ntseng ke se batla mo dingwageng tse tsotlhe. Ke tlile mo Afrika ke tla go batla gouta, mme mo boemong jwa gouta ke bone diteemane.”

Ke ne ke itumetse thata go ithuta gore Modimo o na le leina, e bong Jehofa, le gore Bogosi jwa gagwe bo setse bo tlhomilwe kwa legodimong, le gore re tshela mo metlheng ya bofelo ya tsamaiso eno ya dilo. (Pesalema 83:18; Daniele 2:44; Mathaio 6:9, 10; 24:3-12; 2 Timotheo 3:1-5; Tshenolo 12:7-12) A bo go ne go itumedisa jang ne go ithuta gore Bogosi jwa ga Jehofa bo tla tlisa masego a a sa feleng mo ditsong tsotlhe tsa batho! Ntlha e nngwe e e nkgatlhileng e ne e le gore boammaaruri jono jwa botlhokwa bo ne bo rerwa mo lefatsheng lotlhe.—Isaia 9:6, 7; 11:6-9; Mathaio 24:14; Tshenolo 21:3, 4.

Ka bonako fela ke ne ka bona aterese ya ofisi ya lekala la Mokgatlho wa Watch Tower kwa Cape Town mme ka amogela dibuka tse di oketsegileng tsa Baebele. Ke ne ke itumeletse segolobogolo go amogela khopi ya me ka namana ya Baebele. Se ke neng ke se badile se ne sa ntlhotlheletsa gore ke batle go se bolelela ba bangwe. Ke ne ka simolola ka go romela dibuka tsa Baebele kwa go ba losika, ditsala, le ba ke neng ke ba tlwaetse kwa toropong ya gaetsho ya Lixoúrion. Fa ke ntse ke ithuta, ka iketlo ke ne ka tlhaloganya gore fa motho a batla go itumedisa Jehofa o tshwanetse a neela botshelo jwa gagwe mo go ene. Ka jalo ke ne ka dira jalo ka yone nako eo ka thapelo.

Ka lekgetlho le lengwe ke ne ka nna gone kwa pokanong ya Basupi ba ga Jehofa, mme e re ka ke ne ke sa itse Seesemane, ke ne ke sa tlhaloganye sepe. Fa ke utlwa gore go na le Bagerika ba bantsi ba ba nnang kwa Port Elizabeth, ke ne ka fudugela gone, mme ke ne ka retelelwa ke go bona Basupi ba ba neng ba bua Segerika. Ka gone, ke ne ka swetsa go boela kwa Gerika gore ke tle ke nne moreri wa nako e e tletseng. Ke gakologelwa ke bua ke le nosi ke re, ‘Ke tla boela kwa Gerika lefa go ne go bolela gore ke fitlhe teng ke sa apara.’

Bodiredi Jwa Nako e e Tletseng Kwa Gerika

Ka dikgakologo tsa 1934 ke ne ke le mo sekepeng sa Italy se se neng se bidiwa Duilio. Ke ne ka fitlha kwa Marseilles, kwa Fora, mme morago ga go nna koo ka malatsi a le lesome, ke ne ka leba Gerika ke palame sekepe sa bapalami sa Patris. Fa re ntse re le mo lewatleng, sekepe se ne sa nna le mathata mangwe, mme e rile go le bosigo go ne ga ntshiwa taolo ya gore mekoro e e falotsang e ntshetswe mo lewatleng. Ka nako eo ke ne ka gakologelwa fa ke ne ke akanya gore ke tla fitlha kwa Gerika ke sa apara. Lefa go ntse jalo, kgabagare mokoro o o nonofileng wa Italy o o gogang dikepe o ne wa fitlha mme wa re goga go fitlha kwa Naples, kwa Italy. Moragonyana re ne ra fitlha kwa Piraiévs (Piraeus), kwa Gerika.

Go tswa foo ke ne ka leba kwa Athene koo ke neng ka etela ofisi ya lekala la Mokgatlho wa Watch Tower gone. Fa ke ntse ke buisana le Athanassios Karanassios, molebedi wa lekala, ke ne ka kopa gore ke newe kabelo ya go rera ka nako e e tletseng. Ka letsatsi le le latelang ke le mo tseleng go leba Peloponnisos, kwa karolong e e kwa borwa ya nagakgolo ya Gerika. Ke ne ke abetswe kgaolo eno yotlhe gore e nne tshimo ya me ka namana!

Ka tlhagafalo e kgolo ke ne ka simolola tiro ya go rera, ke tsamaya toropo le toropo, motse le motse, polase le polase le matlo a a kwa thoko. Ka bonako fela ke ne ka dira le Michael Triantafilopoulos, yo o neng a nkolobetsa ka selemo sa 1935—mo e ka nnang nako e e fetang ngwaga ke simolotse bodiredi jwa nako e e tletseng! Go ne go se na dipalamo tsa botlhe, ka jalo re ne re tsamaya ka dinao gongwe le gongwe. Bothata jwa rona jo bogolo e ne e le go ganediwa ke baruti, ba ba neng ba dira sengwe le sengwe go re thibela. Ka ntlha ya seo, re ne ra tlhoiwa fela thata. Lefa go ntse jalo, go sa kgathalesege dikgoreletsi, re ne re neela bosupi, mme re ne re itsise leina la ga Jehofa gongwe le gongwe.

Go Itshokela Kganetso

Moso mongwe fa re ntse re rera mo kgaolong e e nang le dithaba ya Arcadia, ke ne ka fitlha kwa motsaneng wa Magouliana. Morago ga go rera ura, ke ne ka utlwa ditshipi tsa kereke mme ka bonako ke ne ka lemoga gore ba ne ba di leletsa nna! Segongwana sengwe se ne se phuthegile se eteletswe pele ke moruti wa Greek Orthodox (wa maemo a a kwa tlase ga a bishopo mo kerekeng). Ka bonako ke ne ka tswala kgetsana ya me ya go neela bosupi mme ka rapela Jehofa mo pelong. Moruti mmogo le boidiidi jwa bana jo bo neng bo mo latela, ba ne ba tla ba lebile mo go nna ka tlhamalalo. O ne a simolola go goa, “Ke ene! Ke ene!”

Bana ba ne ba ntikaganyetsa, mme moruti a tsena fa gare mme a simolola go nkgorometsa ka mpa ya gagwe e kgolo e e motopo, a re ga a batle go nkama ka letsogo la gagwe ‘e se re kgotsa ka tshwaetsega.’ O ne a goa a re, “Mo iteyeng! Mo iteyeng!” Mme ka yone nako eo modiredimogolo wa mapodise o ne a tla mme a re tsaya ka bobedi a re isa kwa seteisheneng sa mapodisi. Moruti o ne a sekisiwa ka go bo a tlhotlheleditse segongwana mme o ne a duedisiwa diderakema tse 300 le ditshenyegelo tsa kgotlhatshekelo. Ke ne ka gololwa.

Fa re goroga mo lefelong le lesha, re ne ra tlhopha toropo e kgolwane gore e nne motsemogolo o re dirang tlase ga one, mme go tloga foo re ne ra akaretsa tshimo eo yotlhe re tsamaya mo e ka nnang sekgala sa diura tse nnè. Se se bolelang gore re ne re tloga mo mosong go santse go le lefifi mme re bo re boela gae maitseboa go le lefitshwana, ka kakaretso re ne re etela motse kana e mebedi letsatsi lengwe le lengwe. Morago ga go akaretsa metse e e dikologileng, re ne re rera mo toropong e le ya motsemogolo re bo re fetela kwa karolong e nngwe. Gantsi re ne re tshwarwa gonne baruti ba ne ba tlhotlheletsa batho gore ba nne kgatlhanong le rona. Mo kgaolong ya Parnassus, mo bogare jwa Gerika, ke ne ka batliwa ke mapodisi ka sebaka sa dikgwedi di le dintsi. Lefa go ntse jalo ba ne ba sa kgone go ntshwara.

Ka letsatsi lengwe nna le Mokaulengwe Triantafilopoulos re ne re rera mo motsaneng wa Mouríki mo kgaolong ya Boeotia. Re ne ra kgaoganya motsana ka dikarolo tse pedi, mme ke ne ka simolola go dira matlo a a kwa thoteng, e re ka e ne e le nna yo mmonye. Ka tshoganyetso ke ne ka utlwa selelo kwa tlase. Fa ke tabogela kwa tlase, ke ne ka ipolelela gore, ‘Mokaulengwe Triantafilopoulos o a bidiwa.’ Batho ba motse ba ne ba phuthegetse kwa ntlong e go rekisiwang kofi kwa go yone mo lefelong leo, mme moruti a ntse a ya kwa le kwa jaaka poo e e galefileng. “Batho bano ba re bitsa ‘losika lwa Noga’” o ne a goa jalo.

Moperesiti o ne a setse a robeletse thobane ya gagwe mo tlhogong ya ga Mokaulengwe Triantafilopoulos, mme madi a ne a tshologa a elela mo sefatlhegong sa gagwe. Fa ke sena go mo phimola madi, re ne ra kgona go tshaba. Re ne ra tsamaya diura tse tharo go fitlha re fitlha kwa toropong ya Thebes. Ke gone kwa ntho ya gagwe e neng ya alafiwa kwa tlileniking ya teng. Re ne ra bega kgang kwa mapodiseng, mme kgetsi e ne ya tlhatlhelwa. Lefa go ntse jalo, moperesiti o ne a tlwaelane le mapodise mme ga a ka a bonwa molato.

Fa re ntse re dira kwa toropong ya Leukas, balatedi ba moeteledipele mongwe wa dipolotiki wa kgaolo eo ba ne ba re “tshwara” mme ba re isa kwa ntlong ya kofi ya motse, koo re neng ra iphitlhela re sekisiwa ke kgotlhatshekelo e e itiretsweng fela ke batho ba motse. Moeteledipele wa lekoko la dipolotiki le banna ba gagwe ba ne ba ntse ba hapaanisana ba tsamayatsamaya fa go rona e bile ba bua—ba bua sele le sele—mme ba re himisa ka mabole. Ba ne ba nole botlhe fela. Ba ne ba tswelela go re tlhasela jalo ka mafoko go tloga motshegare go fitlha fa letsatsi le phirima, mme re ne ra nna fela re didimetse e bile re ntse re nyenya fa re ntse re ba bontsha gore ga re na molato mme ka tidimalo re rapela Jehofa Modimo gore a re thuse.

E rile ka lotlatlana mapodise mangwe a mabedi a ne a re thusa. Ba ne ba re isa kwa seteisheneng sa mapodise mme ba re tshola sentle. E le go iphimola molato, moeteledipele wa lekoko la dipolotiki o ne a tla ka letsatsi le le latelang mme a re pega molato wa gore re bua dilo tse di senyang Kgosi ya Gerika leina. Ka jalo mapodise a ne a re romela kwa toropong ya Lamia re disitswe ke banna ba babedi, gore re ye go tlhatlhobiwa gape. Re ne ra disiwa ka malatsi a le supa mme morago ra isiwa kwa toropong ya Larissa re golegilwe matsogo re ya go seka.

Bakaulengwe ba rona ba Bakeresete kwa Larissa, ba ba neng ba itsisitswe go sa le gale ba ne ba letetse gore re fitlhe. Lorato lo logolo lo ba neng ba re bontsha lone e ne ya nna bosupi jo bo molemo go batlhokomedi. Agente ya rona, e leng mongwe wa Basupi ba ga Jehofa e bile e le yo o kileng ya ne e le lefotenentekolonele, o ne a itsege thata mo toropong. Fa a tlhagelela kwa kgotlhatshekelo mme a seka kgetsi ya rona, molato o re neng re latofadiwa ka one go ne ga bonala gore ke maaka, mme re ne ra gololwa.

Go atlega ka kakaretso ga go rera ga Basupi ba ga Jehofa go ne go felela ka gore go nne le kganetso e kgolwanyane. Ka 1938 le 1939 go ne ga bewa molao wa gore go se ka ga tlhola go rerelwa batho gore ba tlogele bodumedi jwa bone, mme nna le Michael re ne re na le dikgetsi di le dintsi tsa kgotlatshekelo mo kgannyeng eno. Morago ga foo, ofisi ya lekala e ne ya re gakolola gore re se ka ra dira re le babedi e le gore tiro ya rona e se ka ya lemogiwa. Ke go fitlhetse go le thata fa ke se na motho yo ke dirang le ene. Lefa go ntse jalo, ka go ikanya Jehofa, ke ne ka tsamaya ka dinao mme ke rera gongwe le gongwe mo dikgaolong tsa Attica, Boeotia, Phthiotis, Euboea, Aetolia, Acarnania, Eurytania, le kgaolo ya Peloponnisos.

Se se nthusitseng ka nako eno e ne e le mafoko a mantle a mopesalema a go ikanya Jehofa: “Gonne ke sotlhomela lesomo ka wena; ke ba ke tlola lorako ka Modimo wa me. E bong Modimo o o ntlamang ka nonofo, o bo o dire tsela ya me e nne boitekanelo. O dira dinao tsa me go nna jaaka maoto a tshephe; mme o mpeye mo mafelong a me a a godimo.”—Pesalema 18:29, 32, 33.

Ka 1940, Italy e ne ya simolola ntwa le Gerika, mme ka bonakonyana fela morago ga moo masole a Jeremane a ne a tlhasela naga. Go ne go busa sesole, mme dibuka tsa Mokgatlho wa Watch Tower di ne tsa thibelwa. Tseo e ne e le dinako tse di bokete go Basupi ba ga Jehofa mo Gerika; lefa go ntse jalo, palo ya bone e ne ya gola thata—go tloga ka Basupi ba le 178 ka 1940 go ya go ba le 1770 kwa bofelong jwa Ntwa ya Lefatshe II ka 1945!

Go Direla Kwa Bethele

Ka 1945, ke ne ka lalediwa go ya go direla kwa ofising ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa kwa Athene. Bethele, e e rayang “Ntlo ya Modimo,” ka nako eo e ne e le kwa tlung e e neng e hirilwe kwa Lombardou Street. Diofisi di ne di le mo boalong jwa ntlha, mme bogatisetso bo ne bo le kwa phaposing e e kwa tlase. Go ne go na le motšhini o monnye o o gatisang le o o segang dimakasine mo phaposing eo. Batho ba ba neng ba dira mo bogatisetsong kwa tshimologong ba ne ba le babedi fela, mme ka bonako baithaopi ba bangwe ba ne ba simolola go thusa ka tiro teng mme ba nna kwa magaeng a bone.

Go ne ga simololwa gape go dirisanwa le ntlokgolo ya Mokgatlho wa Watch Tower kwa Brooklyn, kwa New York, ka 1945, mme ka ngwaga oo re ne ra simolola gape go gatisa Tora ya Tebelo ka metlha kwa Gerika. Mme ka 1947, re ne ra fudusetsa lekala la rona kwa 16 Tenedou Street, mme bogatisetso bo ne jwa sala kwa Lombardou Street. Moragonyana bogatisetso bo ne jwa fudusiwa kwa Lombardou Street jwa isiwa kwa feketiring ya Mosupi mongwe mo e ka nnang bokgakala jwa dikilomitara di le tlhano. Ka jalo re ne ra fetsa nakonyana re tsamaya mafelo a mararo ano.

Ke gakologelwa re tswa kwa re neng re nna gone kwa Tenedou Street ka makuku mme re tsamaya re ya kwa bogatisetsong. Fa re sena go bereka go fitlha ka 1:00 p.m., ke ne ke ya kwa Lombardou Street kwa dipampiri tse re neng re di gatisitse di neng di isiwa gone. Ke koo dipampiri tseno di neng di menwa gone e nna dimakasine, di bo di kopanngwa, le go segwa ka letsogo. Morago ga moo re ne re tsaya dimakasine tse di feletseng re di isa kwa ofising ya poso, re di isa kwa boalong jwa boraro, re thusa badiri go di rulaganya, le go tsenya ditempe mo diemfolopong gore di romelwe.

Ka 1954 palo ya Basupi kwa Gerika e ne ya oketsega ya nna ba ba fetang 4000, mme go ne go tlhokega lefelo le legolwanyane. Ka lebaka leo, re ne ra fudugela kwa Bethele e ntšha ya matlhatlhaganyane a mararo kwa karolong e e kwa tlase ya Athene kwa Kartali Street. Ka 1958, ke ne ka kopiwa go nna motlhokomedi wa boapeelo, mme eo e ne ya nna tiro ya me go fitlha ka 1983. Kgabagare ka 1959, ke ne ka nyala Eleftheria, yo o itshupileng go nna mothusi yo o ikanyegang mo tirelong ya ga Jehofa.

Go Itshokela Kganetso Gape

Ka 1967 lekoko lengwe la sesole le ne la tsaya puso, mme tiro ya rona ya go rera e ne ya thibelwa gape. Lefa go ntse jalo, ka ntlha ya boitemogelo jwa rona jo bo fetileng jwa go lebana le go thibelwa ga ditiro tsa rona, ka bonako fela re ne ra tlwaela maemo mme ra tswelela ka katlego mo sephiring.

Re ne re tshwarela dipokano tsa rona mo matlong mme re dirisa botlhale mo bodireding jwa ntlo le ntlo. Lefa go ntse jalo, bakaulengwe ba rona ba ne ba tshwarwa ka metlha, mme ditsheko tsa kgotlhatshekelo di ne di oketsega. Baitsemolao ba rona ba ne ba tlhola ba tshwaregile ba ya go rarabolola ditsheko tse di tshwerweng mo dikarolong tse di farologaneng tsa naga. Go sa kgathalesege kganetso, bontsi jwa Basupi bo ne bo tswa ka metlha go ya tirong ya bone ya go rera, segolobogolo ka mafelobeke.

Ka metlha ka Matlhatso kana Sontaga fa re sena go rera, go ne go tlholwa gore ke mang yo o seyong mo ditlhopheng tsa rona. Gantsi ba ba neng ba seo ba ne ba tshwerwe kwa seteisheneng sa mapodise se se gautshwane. Ka jalo re ne re ba isetsa dikobo le dijo e bile re ba kgothatsa. Gape, re ne re itsise baitsemolao ba rona, bao ba tla tlhagelelang kwa pele ga mosekisi ka Mantaga go ya go buelela bao ba neng ba tshwerwe. Re ne ra lebana le boemo jono ka boitumelo gonne re ne re boga ka ntlha ya boammaaruri!

Ka nako ya thibelo, tiro ya rona ya go gatisa e ne e tswetswe kwa Bethele. Ka jalo ntlo e nna le Eleftheria re neng re nna mo go yone mo karolong ya toropo ya Athene e ne e dirisiwa jaaka bogatisetso. Eleftheria o ne a tlanya dikhopi tsa ditlhogo tsa Tora ya Tebelo a dirisa motšhini o o tlanyang o o bokete. O ne a tsenya dipampiri di le lesome ka nako e le nngwe mo motšhining o o tlanyang mme a bo a tshwanela go tobetsa ka thata e le gore mafoko a gatisege. Mme morago ke bo ke phutha ditsebe mme ke bo ke di kopanya tsotlhe. Seno se ne se direga maitseboa mangwe le mangwe go fitlha bosigogare. Mo boalong jo bo ka fa tlase ga jwa rona go ne go nna lepodise, mme le gone jaanong re santse re ipotsa gore ke ka ntlha yang fa a ne a sa belaele sepe.

Go Itumelela Koketsego e e Tsweletseng Pele

Puso ya batho ka batho e ne ya busediwa gape kwa Gerika ka 1974, mme tiro ya rona ya go rera e ne ya tswelela gape ka kgololesego. Lefa go ntse jalo, ka dingwaga tse supa tsa dithibelo tsa tiro ya rona, re ne ra itumelela koketsego e ntle ya Basupi ba basha ba ba fetang 6000, ra fitlhelela palogotlhe ya baboledi ba Bogosi ba ba fetang 17000.

Gape re ne ra simolola tiro ya rona ya go gatisa ka metlha mo dikagong tsa lekala. Go ne ga felela ka gore ka bonakonyana fela dikago tsa Bethele mo Kartali Street di nne dinnye thata. Ka jalo go ne ga rekwa heketara e le nngwe ya karolo ya lefatshe mo Athene mo karolong ya toropo ya Marousi. Go ne ga agiwa dikago tse disha tsa Bethele tse di akaretsang diphaposi tsa borobalo tse 27, feketiri, diofisi, le dikago tse dingwe. Tseno di kgakotswe ka October 1979.

Fa nako e ntse e ya, re ne ra tlhoka lefelo le le oketsegileng. Ka jalo go ne ga rekwa diheketara tse 22 tsa lefatshe mo e ka nnang dikilometara tse 60 kwa bokone jwa Athene. Setsha se ne se le mo Eleona, mo godimo ga thotana e o kgonang go bona dithaba le mekgatšha e e nang le metsi a le mantsi. Ke koo ka April 1991 re neng ra kgakola teng lefelo le legolwane le le akaretsang matlo a le 22, ao nngwe le nngwe ya one e kgonang go nna batho ba le robedi mo go yone.

Morago ga go fetsa dingwaga tse di fetang 60 mo bodireding jwa nako e e tletseng, ke santse ke segofaditswe ka botsogo jo bo itekanetseng. Ka boitumelo ke “ungwa fela le mo botsofeng.” (Pesalema 92:14) Segolobogolo ke leboga Jehofa go bo ke bone ka matlho fa palo ya baobamedi ba gagwe ba boammaaruri e ntse e oketsega thata. Moporofeti Isaia o ne a bolelelapele ka koketsego e e ntseng jalo: “Dikgoro tsa gago le tsone di tlaa nna di bulegile ka gale le ka gale; ga di ketla di tswalwa motshegare le bosigo; gore batho ba tlise mo go wena mahumo a merafe.”—Isaia 60:11.

A bo go itumedisa jang ne go bona dimilione tsa batho di tswa mo merafeng yotlhe di ologela mo phuthegong ya ga Jehofa mme ba rutwa gore ba ka falola jang sepitla se segolo ba falolela mo lefatsheng le lesha la Modimo! (2 Petere 3:13) Eleruri nka bua ka re bodiredi jwa nako e e tletseng bo itshupile bo le botlhokwa thata mo go nna go feta lefa e le eng se lefatshe leno le ka se go nayang. Ee, ke bone e seng matlotlo a gauta, mme ke bone diteemane tsa semoya tse di humisitseng botshelo jwa me ka tsela e e ka se kang ya lekanngwa le epe.

[Ditshwantsho mo go tsebe 23]

Michalis le Eleftheria Kaminaris

(Ka fa mojeng) Bogatisetso kwa Lombardou Street

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela